Go Tlhaloganya go Khutla ga Modikologo wa go Bona Kgwedi Botoka
“TOTA ga nkake ka re ke paka e e itumedisang mo botshelong jwa mosadi,” go ne ga dumela jalo mosadi mongwe yo modikologo wa gagwe wa go bona kgwedi o neng o setse o khutlile, “mme ke akanya gore o ka ithuta go le gontsi ka gone. Ke ile ka ithuta go akanyetsa dilo tse mmele wa me o sa nonofang go di dira. Fa ke utlwa mmele wa me o batla go nenekediwa kana go ikhutsa, ke dira jalo mme ke o tlotla ka tsela eo.”
Patlisiso e e neng ya dirwa mo basading e e neng ya begiwa mo makasineng wa Canadian Family Physician e ne ya senola gore selo se se botlhoko thata ke “fa o sa itse gore o ka lebelela eng” fa modikologo wa go bona kgwedi o khutla. Lefa go ntse jalo, basadi ba ba ileng ba tlhaloganya gore go khutla ga modikologo wa go bona kgwedi ke phetogo fela ya tlholego ba ne ba “sa tlhobaele thata, ba sa tshwenyege maikutlo thata gape ba sena mathata ape e bile ba na le tsholofelo tota mo botshelong.”
Se go Leng Sone
Webster’s Ninth New Collegiate Dictionary e tlhalosa go khutla ga modikologo wa go bona kgwedi ka tsela eno: “Paka ya fa go bona kgwedi go khutla ka tlholego fela gantsi fa gare ga dingwaga tsa 45 le 50.” Batho bangwe ba ile ba bolela gore seno ke go khutla go bona kgwedi gotlhelele.
Basadi ba bangwe bone ba khutla go bona kgwedi ka tshoganetso fela; o bona kgwedi a bo a sa tlhole a e bona gape. Mo go ba bangwe kgwedi e itlela fela e sa tlhomama, e tla morago ga dibeke di le tharo kana dikgwedi di le mmalwa. Fa ngwaga o o tletseng o ka fela mosadi a sa bone kgwedi, a ka swetsa ka tlhomamo gore modikologo wa go bona kgwedi o ne wa khutla ka nako ya fa a ne a e bona la bofelo.
Paka e go Diragalang ka Yone le Lebaka la Gone
Dilo tse o di ruileng mo batsading, bolwetsi, go ngomoga pelo, kalafi, le go ariwa go ka ama nako e seno se diragalang ka yone. Kwa Amerika Bokone modikologo wa go bona kgwedi ka palogare o khutla fa motho a na le dingwaga tse di ka nnang 51. Nako e go tlang ka yone gantsi e simolola ka dingwaga tsa bo40 go ya mo bogareng ga tsa bo50 mme ke ka sewelo go diragalang pele ga nako eno kana moragonyana. Dipalopalo di supa gore modikologo wa go bona kgwedi wa basadi ba ba gogang motsoko o khutla ka bonako mme wa basadi ba bokete jwa bone jwa mmele bo leng kwa godimo o khutla moragonyana.
Fa mosadi a tsalwa, dikgeleswa tsa mae a gagwe di na le mae otlhe ao a tlileng go nna nao, palo ya one ke dikete di le makgolo a le mmalwa. Mo modikologong mongwe le mongwe wa kgwedi, go gola mae a a ka tlogang go 20 go ya go 1 000. Go tswa foo, go tswa le le lengwe kana ka sewelo a a fetang le le lengwe mo kgelesweng ya mae mme le a bo le siametse go ka kopana le peo. Mae a mangwe a a godileng a a senyega. Fa mae a ntse a gola jaana, selekanyo sa dihoromone tsa eseterojene le porojeseterone se nna se oketsega le go fokotsega.
Fa mosadi a fitlha mo dingwageng tsa bofelo tsa bo30, selekanyo sa eseterojene le porojeseterone se fokotsega ka bonya ka bonya kana fela thata, mme lee le ka nna la se ka la tswa mo modikologong mongwe le mongwe. A ka nna a se ka a bona kgwedi ka dinako tse di tlhomameng, gantsi e bile a e bona morago ga lobaka lo loleele; go elela ga yone le gone go a fetoga, go ka tswa go le gonnye kana go le gontsi thata. Kgabagare mae ga a tlhole a tswa, mme modikologo wa go bona kgwedi o a khutla.
Go fetoga ga selekanyo sa dihoromone le go dira ga dikgeleswa tsa mae go go ka tswang go ile ga diragala ka dingwaga tse di fitlhang go tse di lesome go a fela fa o bona kgwedi la bofelo. Lefa go ntse jalo, dikgeleswa tsa mae di tswelela di ntsha eseterojene e potlana ka dingwaga tse di ka nnang 10 go ya go 20 fa modikologo wa go bona kgwedi o sena go khutla. Dikgeleswa tse di fa thoko ga diphilo le disele tsa mafura le tsone di ntsha eseterojene.
Diphetogo Tse Dikgolo mo Botshelong
Fa selekanyo sa eseterojene se ntse se fokotsega, dithishu tse di amegang ka bonako fa e le teng kana tse di ikaegileng thata ka yone di a amega. Go akanngwa gore go gotela ga mmele go bakiwa ke tsela e dihoromone di amang ka teng karolo ya boboko e e laolang themperetšha ya mmele. Ga go itsiwe tota gore go diragala eng, mme go lebega selaolamogote sa mmele se a bo se isitswe kwa tlase mo e leng gore dithemperetšha tse pele di neng di siame fela ka tshoganetso di utlwala di le mogote mme mmele o tswelela o ntsha metsi le go fufula gore o itsidifatse.
Gail Sheehy o akgela jaana mo bukeng ya gagwe, The Silent Passage—Menopause: “Halofo ya basadi ba mebele ya bone e gotelang ba simolola go utlwa seno ba santse ba bona kgwedi fela ka tsela e ba e tlwaetseng, ka bonako fela go simolola ba santse ba na le dingwaga di le masomeamane. Dipatlisiso di supa gore basadi ba bantsi ba gotela mmele ka lobaka lwa dingwaga tse pedi. Kwatara e le nngwe ya basadi e diragalelwa ke seno ka dingwaga tse tlhano. Mme 10 lekgolong yone e diragalelwa ke seno botshelo jotlhe.”
Mo nakong eno ya botshelo jwa mosadi, dithishu tsa serwe sa sesadi di nna ditshesane e bile ga di tlhole di nna bongola thata fa selekanyo sa eseterojene se ntse se fokotsega. Jaaka Gail Sheehy a bolela, ditshupo tse dingwe tse basadi ba di bonang di ka akaretsa “go fufulelwa bosigo, go tlhoka boroko, go sa kgone go laola setlha, go nona letheka ka tshoganetso fela, go iteela ka bonako ga pelo, go lela fela kwa ntle ga lebaka, go galefa, go opiwa ke tlhogo thata, go baba letlalo, go sisibana letlalo, [le] go lebala thata.”
Dipaka Tsa go Tshwenyega Thata mo Maikutlong
A go fokotsega ga eseterojene go dira gore motho a tshwenyege thata mo maikutlong? Go ile ga ganetsanwa thata ka potso eno. Karabo ke gore go dira jalo mo basading ba bangwe, jaaka ba maikutlo a bone a neng a fetofetoga thata pele ba simolola go bona kgwedi le ba ba sa kgoneng go robala ka ntlha ya go fufulelwa bosigo. Basadi ba ba welang mo setlhopheng seno ba lebega ba tshwenngwa thata ke kafa go fetofetoga gono ga dihoromone go amang maikutlo ka teng. Go ya ka Gail Sheehy, basadi bano gantsi “ba gololesega thata fa ba sena go feta paka eno ya go khutla ga modikologo wa go bona kgwedi” le fa selekanyo sa dihoromone se sa tlhole se fetofetoga.
Basadi bao modikologo wa bone wa go bona kgwedi o emang ka tshoganetso ka ntlha ya kalafi, kalafi ya dikhemikale kana fa dikgeleswa tsoopedi tsa mae di sena go ntshiwa ba tlile go nna le ditshupo tse di maswe thata. Dilo tseno di ka dira gore selekanyo sa eseterojene se wele kwa tlase ka bonako mme ka gone ditshupo tsa gore modikologo wa go bona kgwedi o a khutla di bonale. Motho a ka nna a newa kalafi e e busetsang eseterojene mo mabakeng mangwe go ya ka gore mosadi o itekanetse go le kana kang.
Ditshupo tseno di ka nna maswe e bile di ka farologana thata mo basading ba ba farologaneng, le mo basading ba e leng ba losika lo le longwe. Seno ke ka gore selekanyo sa dihoromone sa mosadi yo mongwe ga se lekane le sa yo mongwe e bile di fokotsega ka selekanyo se se sa lekaneng. Mo godimo ga moo, maikutlo a basadi, go ngomoga pelo, nonofo ya bone ya go itshoka le dilo tse ba lebileng pele gore di tla diragala fa modikologo wa go bona kgwedi o tla go khutla ga di tshwane.
Nako e modikologo wa mosadi wa go bona kgwedi o khutlang ka yone gantsi e lebagana le maemo mangwe a a ngomolang maikutlo thata mo botshelong jwa mosadi, jaaka go tlhokomela batsadi ba ba godileng, go simolola tiro, go bona bana ba gola ba bo ba tswa mo gae le dilo dingwe tse di bakang diphetogo fa botshelo jwa gagwe bo fetoga jaana. Dilo tseno tse di ngomolang pelo di ka dira gore go nne le ditshupo mo mmeleng le mo maikutlong go akaretsa le go lebala thata, go sa kgone go tlhoma mogopolo mo go sepe, go tlhobaela, go tenega ka bonako le go tshwenyega thata mo maikutlong, goo ka phoso go ka tweng go bakiwa ke go khutla ga modikologo wa go bona kgwedi.
Paka ya Botshelo
Fa modikologo wa go bona kgwedi o khutla seo ga se reye gore mosadi ga a kake a tlhola a dira sepe se se molemo mo botshelong—go raya fela gore ga a kake a tlhola a tshola bana. Fa mosadi a sena go bona kgwedi la bofelo, gantsi maikutlo a gagwe a tlhomama, ga a tlhole a fetofetolwa ke medikologo ya kgwedi le kgwedi ya dihoromone.
Le mororo re ile ra bua thata ka go khutla ga go bona kgwedi gonne e le phetogo e e lemotshegang ka bonako, tota ga se gone sesupo fela sa phetogo e e tlelang mosadi fa jaanong a se kitla a tlhola a tshola bana. Go tsena mo bokgarebeng, go ima le go tshola bana le tsone ke dinako tse dihoromone, mmele le maikutlo di fetogang ka tsone. Go khutla ga modikologo wa go bona kgwedi ke kgato ya bofelo, mme ga se gone fela nako e le yosi e dihoromone di fetogang ka yone mo botshelong jwa mosadi.
Ka jalo go khutla ga modikologo wa go bona kgwedi ke paka mo botshelong. “Gongwe,” go ne ga kwala jalo tlhogo ya bakwaladikgang ya Journal of the American Medical Women’s Association, “batho ba tla tlogela go leba go khutla ga modikologo wa go bona kgwedi jaaka bothata jo bogolo kana le eleng jaaka ‘phetogo e kgolo thata,’ mme ba go lebe sentle jaaka ‘phetogo e nngwe gape.’”
Buka ya Women Coming of Age e a re nametsa gonne e bolela gore fa mosadi a khutla go tshola bana “ke selo sa tlholego e bile ga go kake ga tilwa ka go laoletswe gale go tswa fela kwa tshimologong. Go fitlha mo pakeng ya fa modikologo wa go bona kgwedi o khutla go supa gore o itekanetse sentle mo mmeleng—go supa gore tshupanako ya [mosadi] ya mmele e tsamaya sentle.”
Gone mme ke eng se se ka dirwang gore paka eno ya phetogo e se ka ya nna le mathata a mantsi? Mme gone monna wa motho kana balelapa la gagwe ba ka thusa jang mo pakeng eno ya fa botshelo bo fetoga? Setlhogo se se latelang se tla sekaseka dikgang tseno.
[Setshwantsho mo go tsebe 14]
Go khutla ga modikologo wa go bona kgwedi gantsi go tlela motho a lebane le maemo mangwe a a ngomolang pelo a a akaretsang go tlhokomela batsadi ba ba godileng