Go Itshokela go Khutla ga Modikologo wa go Bona Kgwedi
GO KHUTLA ga modikologo wa go bona kgwedi “ga go ame batho ka go tshwana” e bile “ke tshimologo ya paka e ntšha le e o gololesegang ka yone mo botshelong jwa gago,” go bolela jalo bakwadi ba Natural Menopause—The Complete Guide to a Woman’s Most Misunderstood Passage. Babatlisisi ba bolela gore fa o ikgotsofalela e bile o kgotsofalela botshelo jwa gago—se o leng sone tota le gore o mang—paka eno ya phetogo e tla nna motlhofo.
Go boammaaruri gore nako eno ya botshelo e bokete mo basading ba bangwe go na le mo go ba bangwe. Fa e le gore o na le mathata, seno ga se reye gore o na le bothata jwa go tlhaela boitlotlo kana gore o latlhegelwa ke tlhaloganyo, go kgatlha ga gago jaaka mosadi, botlhale kana go kgatlhegela ga gago tlhakanelodikobo. Go na le moo, bothata fela ke gore go na le dilo tse di diragalang mo mmeleng wa gago.
“Le basadi ba ba neng ba lwala thata fa modikologo wa kgwedi o khutla ba bolela gore e ne ya re morago ga seno ba bo ba na le boikaelelo le nonofo,” go bega jalo Newsweek. Mongwe yo o nang le dingwaga di le 42 o ne a bolela mafoko ano: “Ke lebile pele go ikutlwa ke ritibetse, gore mmele wa me o tlile go khutla go ntsietsa.”
Fa Basadi ba Itshokela Seno Botoka
Tsela e basadi ba ba godileng ba lejwang ka yone e botlhokwa thata mo go itshokeleng ga bone go khutla ga modikologo wa go bona kgwedi. Mo mafelong a dingwaga tsa bone, botlhale le maitemogelo di tseelwang kwa godimo, fa nako ya go khutla ga modikologo wa go bona kgwedi e tla ba nna le mathata a mannye tota a mmele le a maikutlo.
Ka sekai, The Woman’s Encyclopedia of Health and Natural Healing e bega gore mo merafeng ya Seafrika “koo go khutla ga modikologo wa go bona kgwedi go lejwang jaaka paka e e siameng fela ya botshelo, le koo basadi ba ba setseng ba fetile paka ya go khutla ga modikologo wa go bona kgwedi ba tlotliwang ka ntlha ya boitemogelo le botlhale jwa bone, ke ka sewelo basadi ba teng ba ngongoregang ka ditshupo tsa go khutla ga modikologo wa go bona kgwedi.” Ka tsela e e tshwanang, The Silent Passage—Menopause e bolela jaana: “Basadi ba Baindia ba lotso lwa Rajput ga ba ke ba ngongorega ka gore ba tshwenyegile thata mo maikutlong kana ba tshwenyegile mo tlhaloganyong” fa modikologo wa go bona kgwedi o khutla.
Kwa Japane, koo basadi ba ba godileng ba tlotliwang thata teng, kalafi ya dihoromone e e dirisediwang go khutla ga modikologo wa go bona kgwedi ga e itsewe gotlhelele. Mo godimo ga moo, basadi ba kwa Asia go lebega ba na le ditshupo tsa go khutla ga modikologo wa go bona kgwedi di sekae e bile di se masisi thata go na le basadi ba Bophirima. Dijo tse ba di jang go lebega di thusa thata mo go seno.
Dipatlisiso tsa moithutathutomotho mongwe di ne tsa supa gore basadi ba Bamaya tota bone ba ne ba nna ba lebile ka boitumelo go tla ga paka ya go khutla ga modikologo wa go bona kgwedi. Mo basading bao go khutla ga modikologo wa go bona kgwedi go ne go ba imolola mo go tsholeng bana. Kwantle ga pelaelo go ne go dira gore ba gololesege go dira dilo dingwe tse di kgatlhang mo botshelong.
Mme gone, dilo tse di boifiwang ka go khutla ga modikologo wa go bona kgwedi ga di a tshwanela go tlodisiwa matlho. Mo mafelong a bosha le go lebega o le mosha di ratiwang thata, basadi ba modikologo wa bone wa go bona kgwedi o iseng o khutle gantsi ba a go boifa. Go ka dirwa eng go thusa batho ba ba ntseng jalo go fokotsa mathata a phetogo eo?
Se Basadi ba se Tlhokang
Janine O’Leary Cobb, mokwadi le mmulatsela mo dithutong tsa go khutla ga modikologo wa go bona kgwedi, o tlhalosa jaana: “Se basadi ba bantsi ba se tlhokang ke go tlhomamisediwa gore ruri ba ikutlwa jalo—gore ga se bone fela.”
Go botlhokwa thata gore motho a go tlhaloganye a bo a nne a itumetse. Mmè mongwe wa dingwaga tse 51 yo modikologo wa gagwe wa go bona kgwedi o neng o khutla o ne a re: “Totatota ke dumela gore tsela e o lebang botshelo fela ka kakaretso ka yone e tla go thusa fa modikologo wa gago wa go bona kgwedi o khutla. . . . Ke a itse gore re a tsofala. Go tlile go diragala re rata le fa re sa rate. . . . Ke ne ka swetsa gore [go khutla ga modikologo wa go bona kgwedi] ga se bolwetsi. Seno ke botshelo jwa me.”
Ka jalo fa karolo eno e ntšha ya botshelo jwa gago e ntse e atamela, akanya thata ka dilo tse disha tse di kgatlhang le tse di gwetlhang. Ga o a tshwanela go itlhokomolosa tsela e go khutla ga modikologo wa go bona kgwedi go amang mmele ka yone. Dingaka le metswedi ya tshedimosetso ba akantsha gore motho a latele melaometheo e e tlwaelegileng fela ya botsogo jo bo siameng fa a ipaakanyetsa paka eno ya phetogo—ja dijo tse di siameng, ikhutse ka mo go lekaneng o bo o itshidile mmele.
Dijo le Boitshidilo
Go tlhoka dikotla (diporoteine, dikhabohaedereite, mafura, dibithamine, diminerale) ga go fokotsege fa mosadi a ntse a gola mme lefa go ntse jalo ga a tlhole a tlhoka dikilojoule tse dintsi. Ka gone, go botlhokwa gore a je dijo tse di tletseng dikotla mme a tile dijo tse di sukiri thata, tse di tletseng mafura tse di “senang dikilojoule.”
Go itshidila mmele ka metlha go dira gore o kgone go itshokela go ngomoga pelo le go tshwenyega thata mo maikutlong botoka. Go oketsa nonofo ya gago e bile go dira gore o se ka wa nona. Lobelo lwa motheo lo mmele o silang dijo ka lone lo fokotsega ka bonya ka bonya fa o ntse o gola, mme fa o sa le ise kwa godimo ka go itshidila mmele, o tlile go nona ka iketlo.
Go botlhokwa thata gore basadi ba itse gore go itshidila mmele le go oketsa khalesiamo e e mo mmeleng go ka dira gore go sesafala ga marapo goo go dirang gore dithishu di nne le diphatlha le gore marapo a robege motlhofo go se ka ga diragala ka bonako. Buka ya Women Coming of Age e bolela gore “go itshidila mmele ka tsela e e siameng kwa lefelong la teng, go tsamaya, go siana, go pagama baesekele le metshameko mengwe, mmogo le go tsholetsa ditshipi,” go akanngwa gore go siame thata. Se se kgatlhang ke gore, go sesafala ga marapo ga go fitlhelwe mo mafelong a batho ba teng ba dirang go fitlha ba tsofala thata. Mo mafelong a a ntseng jalo, gantsi go tlwaelegile gore basadi ba tshele go fitlha ba nna 80 kana 90. Lefa go ntse jalo, pele o simolola go itshidila mmele ka tsela epe fela, go tla nna botlhale gore o ye go bona ngaka ya gago.
Go Itshokela go Gotela ga Mmele
Go gotela mmele go tshwenya basadi ba bantsi. Ba bangwe go ba tshwenya fela thata gonne go tla kgapetsakgapetsa kana go ba tlhora boroko. Ke eng se se ka dirwang?
Sa ntlha, o se ka wa tshoga. Go tshwenyega thata ka seno go tla gakatsa dilo fela thata. Go itshidila mmele thata ka metlha go mosola ka gore go thusa mmele go tlwaela mogote le go itsidifatsa ka bonako. Gape leka le mokgwa o o motlhofo wa go nwa metsi a a tsididi kana go tsenya diatla tsa gago mo metsing a a tsididi.
Mo godimo ga moo, itlwaetse go apara diaparo tse o ka kgonang go di apola motlhofo kana go apara tse dingwe mo godimo. Mofufutso o oma ka bonako mo diaparong tsa katune le tsa leloba go na le tsa matsela a a relelang. Fa go le bosigo apesa dikobo di le mmalwa tse o ka kgonang go di oketsa kana go di fokotsa fa go tlhokega. Nna le diaparo tse dingwe tse di robalang fa gaufi.
Leka go bona gore ke eng se se dirang gore o gotele thata. Bojalwa, khafeine, sukiri le dijo tse di babang kana tse di lokilweng thata di ka nna tsa dira jalo, mmogo le go goga. Fa o ka nna le bukana e o kwalang mo go yone nako ya fa o gotela mmele thata le gore o ne o le kae o ka kgona go lemoga dijo le ditiro tse di go gakatsang. O bo o tila dilo tseno.
Dingaka tse di dirang thata ka melemo e e nang le dikotla di akantsha dikalafi tse dintsi tse di fokotsang go gotela ga mmele, jaaka bithamine E, oli ya evening primrose le ditlhatshana tsa ginseng, don quai, le black cohosh. Dingaka tse dingwe di bolela gore kalafi ya Bellergal le clonidine e a thusa, mme dipilisi tsa eseterojene kana setlolo sa yone di thusa thata.a
O ka alafa go omelela ga serwe sa sesadi sa tlhakanelodikobo ka go tshasa dioli tsa merogo kana tsa maungo, oli ya bithamine E le dijele tse di kolobetsang. Fa di sa thuse, setlolo sa eseterojene se tla thusa bokafagare jwa serwe sa sesadi sa tlhakanelodikobo go nna thata le go nna mongola. Pele o simolola go dirisa molemo ope, go tla nna botlhale gore o botse ngaka pele.
Go Tweng Kaga go Ngomoga Pelo?
Ka nako e e tshwanang mosadi o tshwanetse go itshokela go fetoga ga dihoromone le ponalo ya gagwe ya kafa ntle go go diragalang fa modikologo wa go bona kgwedi o khutla, e bile gantsi o tshwanetse go lebana le dilo tse di ngomolang pelo tota, tseo di sekae tsa tsone di neng tsa umakiwa mo setlhogong se se fetileng. Kafa letlhakoreng le lengwe, dilo tse di itumedisang jaaka go tsalelwa setlogolwana kana go dira tiro nngwe e ntšha fa bana ba sena go tswa mo gae go ka nna ga fokotsa go ngomoga pelo go go tlisiwang ke dilo tse di sa itumediseng.
Mo bukeng ya bone, Natural Menopause, Susan Perry le Dr. Katherine A. O’Hanlan ba akantsha dilo dingwe tse di molemo tse motho a ka di dirang fa a ngomogile pelo. Ba bolela botlhokwa jwa go batla se se bakang go ngomoga pelo le go ikhutsa nako le nako. Seno se ka raya gore o senke ba ba ka go thusang go tlhokomela maloko a a lwaletseng ruri a lelapa. Ba bolela jaana: “Dira dilo go ya ka nonofo ya gago. Leka go tila go ipeela ditiro tse dintsi . . . Ela tlhoko mmele wa gago.” Ba oketsa jaana: “Go direla ba bangwe dilo . . . go ka fokotsa go ngomoga pelo thata. . . . Itshidile mmele ka metlha. . . . Batla thuso ya baitse fa o ngomoga pelo thata mo botshelong e bile o sa kgone go go laola.”
Lelapa le ka Thusa
Maikutlo a mosadi yo o mo nakong e modikologo wa go bona kgwedi o khutlang ka yone a tlhoka go tlhaloganngwa e bile o tlhoka go engwa nokeng. Mosadi mongwe yo o nyetsweng o ne a bolela jaana fa a ne a tlhalosa se a neng a se dira fa a tshwenyegile: “Ke ne ke bua le monna wa me mme fa a sena go supa gore o a tlhaloganya le gore o nkutlwela botlhoko, ke ne ke bona gore mathata ano a ne a se magolo jaaka tlhaloganyo ya me e e tshwenyegileng e ne e a dira.”
Monna yo o lemogang maikutlo a mosadi wa gagwe o tla lemoga gore mosadi wa gagwe ga a kitla a dira dilo ka tsela e e tshwanang fa a le mo pakeng eno ya go khutla ga modikologo wa go bona kgwedi. Ka jalo o tla nna a ntse a ipaakanyeditse go thusa ka maikarabelo a mo lelapeng, gongwe a tlhatswa diaparo, a ya go reka dijo, jalo le jalo. O tla nna kutlwelobotlhoko a baya dilo tse di tlhokwang ke mosadi wa gagwe kwa pele. (Bafilipi 2:4) A ka nna a akantsha gore ba intshe nako le nako go ya go ja kana a dira gore ba dire sengwe se se monate se se ba ikhutsisang ditiro tsa letsatsi le letsatsi. O tla tila go tsosa dikgang kafa a ka kgonang ka teng mme a mo eme nokeng fa a ntse a leka go ja ka tsela e e tshwanetseng.
Mme se segolo go feta, monna o tla direla mosadi wa gagwe selo se se botlhokwa thata ka go nna a mo tlhomamisetsa ka metlha gore o a mo rata. O tshwanetse go lemoga dilo mme a bone gore eno ga se nako ya go bua dilo tse di tshwenyang mosadi wa gagwe. Monna yo o dirisanang le mosadi wa gagwe ka lorato o latela kgakololo ya Dikwalo ya go ‘aga le mosadi ka fa kitsong le go naya mosadi tlotlo.’—1 Petere 3:7.
Ka tsela e e tshwanang, bana le bone ba ka leka thata go tlhaloganya lebaka la go bo maikutlo a mmaabone a fetofetoga. Ba tlhoka go lemoga gore o tlhoka go nna le nako e a nnang fela a le nosi. Go supa gore ba lemoga kafa mmaabo a ikutlwang ka teng go tla mo dira gore a tlhomamise tota gore ba amega thata ka ene. Kafa letlhakoreng le lengwe, go dira metlae ka go fetofetoga ga gagwe go tla senyetsa maemo kwa pele. Botsa dipotso tse di tshwanetseng gore o kgone go tlhaloganya se se diragalang, mme o thuse ka ditiro tsa mo lelapeng o sa kopiwa. Tseno ke ditsela di sekae fela tse mmè a ka engwang nokeng ka tsone mo nakong eno ya botshelo jwa gagwe.
Botshelo Morago ga go Khutla ga Modikologo wa go Bona Kgwedi
Fa kgaolo eno ya botshelo jwa mosadi e khutla, gantsi o a bo a santse a saletswe ke dingwaga tse dintsi. Botlhale le boitemogelo jo a nang najo bo tlhwatlhwakgolo thata. Patlisiso ya mokwadi, Gail Sheehy ya “bagolo ba Baamerika ba le dikete di le masomemarataro e ne ya supa gore basadi ba ba mo dingwageng tsa bomasomeamatlhano ba bolela gore ba ikutlwa botoka thata go feta mo pakeng epe fela ya botshelo jwa bone.”
Ee, basadi ba bantsi ba ba fetileng mo dingwageng tseno tsa phetogo ba ne ba iphitlhela ba leba botshelo ka tsela e nngwe e ntšha. Nonofo ya bone ya go dira dilo e ne ya shafadiwa. Ba tswelela ka botshelo, ba dira ditiro tse di nang le maungo tota. “Ke tshola tlhaloganyo ya me e ntse e dira thata. Ke nna ke tlhatlhoba dilo tse disha le go di ithuta,” go ne ga bolela mosadi mongwe yo a fetileng mo pakeng ya go khutla ga modikologo wa go bona kgwedi. O ne a oketsa jaana: “Nka nna ka tswa ke le bonya, mme ga ke akanye gore botshelo jwa me bo khutla fano. Tota ke lebile pele go tshela dingwaga tse dintsi.”
Selo se se botlhokwa thata se Sheehy a neng a se lemoga fa a ne a botsolotsa basadi e ne e le gore “bao ba neng ba ikutlwa ba tlotlometse le go itlotla botoka morago ga go khutla ga modikologo wa go bona kgwedi ke ba ba neng ba dira ditiro tse di botlhale, go atlhola dilo sentle, go itlhamela dilo, kana go nonofa semoyeng, go neng go le botlhokwa thata mo go tsone.” Go na le bontsintsi jwa basadi ba ba ntseng jalo ba ba ineetseng ka boitumelo mo go oketseng kitso ya bone le go tlhaloganya ga bone Baebele mmogo le go ruta batho ba bangwe dilo tsa botlhokwa.—Pesalema 68:11.
Kwa ntle ga go lebelela dilo tse di molemo mo botshelong le go dira tiro e e itumedisang, basadi ba dingwaga tsotlhe ba tla bo ba le botlhale fa ba ka nna ba gakologetswe gore Mmopi wa rona yo o lorato o itse kafa re ikutlwang ka teng le gore ruri o amega ka rona. (1 Petere 5:7) Eleruri, Jehofa Modimo o baakanyeditse botlhe ba ba mo direlang gore kgabagare ba itumelele botshelo mo lefatsheng le lesha la tshiamo koo go se kitlang go tlhola go nna le bolwetsi, go boga, kana le lone loso.—2 Petere 3:13; Tshenolo 21:3, 4.
Ka gone, lona ba lo leng mo pakeng ya go khutla ga modikologo wa go bona kgwedi, gakologelwang gore seno ke paka nngwe fela ya botshelo. E tla feta, e go tlogela ka dingwaga tsa botshelo tse di tla nnang le maungo a mantsi fa di dirisiwa mo go direleng Mmopi wa rona yo o lorato.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Tsogang! ga e buelele mofuta ope fela wa kalafi.
[Lebokoso mo go tsebe 16]
Go Tweng ka Kalafi ya go Busetsa Eseterojene?
Eseterojene e ka go sireletsa mo bolwetsing jwa pelo le mo go sesafaleng ga marapo, eleng dilo tse pedi tse dikgolo tse di bakang bolwetsi mo basading ba ba setseng ba fetile paka ya go khutla ga modikologo wa go bona kgwedi. Malwetsi ano a simolola fa selekanyo sa eseterojene se ntse se fokotsega mme a itshupa morago ga dingwaga tse tlhano go ya go tse di lesome. Kalafi ya go busetsa eseterojene kana ya go busetsa dihoromone (eseterojene le porojeseterone) e ile ya buelelwa thata gore e thibela malwetsi ano.
Go busetsa eseterojene go ka fokotsa selekanyo se marapo a sesafalang ka sone le go thibela bolwetsi jwa pelo gore bo se ka jwa simolola. Go tsenya porojeseterone mo kalafing ya go busetsa dihoromone go fokotsa go tlhaga ga kankere ya mabele le ya popelo mme go thibela eseterojene gore e se ka ya thusa go thibela bolwetsi jwa pelo.
Tshwetso ya go se dirise kalafi ya go busetsa dihoromone kana go e dirisa e tshwanetse ya dirwa go ikaegilwe ka maemo, boitekanelo, le hisitori ya lelapa la mosadi mongwe le mongwe.b
[Ntlha e e kwa tlase]
b Bona Awake!, September 22, 1991, ditsebe 14-16.
[Lebokoso mo go tsebe 17]
Ke Dijo Dife Tse di Siameng Thata?
Dikakantsho tse di latelang di tserwe mo bukeng ya Natural Menopause—The Complete Guide to a Woman’s Most Misunderstood Passage, e e kwadilweng ke Susan Perry le Dr. Katherine A. O’Hanlan.
Diporoteine
• Fokotsa diporoteine tse o di jang di se ka tsa feta 15 lekgolong ya dikilojoule tse o di jang.
• Ja thata diporoteine tse di tswang mo merogong e seng tse di tswang mo diphologolong.
Dikhabohaedereite
• Ja dikhabohaedereite tse di jaaka dijo tsa dithoro, dinkgwe le di-pasta, dinawa, manoko, reisi, merogo le maungo.
• Fokotsa go ja sukiri le dijo tse di nang le sukiri e ntsi.
• Ja dijo tse di nang le faeba e ntsi.
Mafura
• Fokotsa mafura a o a jang gore a se ka a feta 25 go ya go 30 lekgolong ya dikilojoule tse o di jang.
• Fa o ntse o fokotsa mafura a o a jang, oketsa selekanyo sa ‘mafura a a siameng’ (a dimela) gore a fete ‘mafura a a sa siamang’ (a diphologolo).
Metsi
• Nwa digalase di le thataro go ya go tse robedi tsa dimilimetara di le 250 tsa metsi letsatsi le letsatsi.
Dibithamine le Diminerale
• Ja merogo le maungo a a farologaneng letsatsi le letsatsi.
• Mashi, dilo tse di dirilweng ka mashi, borokholi le merogo e metala e e nang le matlhare e na le khalesiamo e ntsi.
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Se balelapa ba ka se dirang go thusa: Supang lorato, thusang ka tiro ya mo gae, reetsang ka kelotlhoko, mo direleng sengwe se se farologaneng ka dinako dingwe