Go Senola Masaitseweng a go Khutla ga Modikologo wa go Bona Kgwedi
FA BASADI ba ntse ba gola, modikologo wa bone wa go bona kgwedi o a khutla. Lefa go ntse jalo, selo seno ga se bolo go nna se sa tlhaloganngwe. Go ya ka buka ya The Silent Passage—Menopause, mo lekgolong la bo19 la dingwaga dingaka tsa pelegi di ne di dumela gore go khutla ga modikologo wa go bona kgwedi go ne go “tlhakatlhakanya thulaganyo ya methapo ya mosadi e bile go dira gore mosadi a se ka a tlhola a kgatlha.”
Dikgopolo tse di ntseng jalo tse di phoso di santse di le teng. Seno se dira gore basadi ba bantsi ba boife ba bo ba tshwenyege thata ka go khutla ga modikologo wa go bona kgwedi. Mo bukeng ya Natural Menopause—The Complete Guide to a Woman’s Most Misunderstood Passage, go ile ga bolelwa gore go fenya mathata a go tshwenyega mo tlhaloganyong a a leriwang ke seno ke “nngwe ya ditiro tse di thata tota mo botshelong jwa mosadi.”
Mo mafelong a go dira dilo jaaka mosha le go lebega o le mosha go ratiwang thata, go nna le ditshupo tsa gore modikologo wa go bona kgwedi o tla tloga o khutla go dira gore batho ba nne le dikgopolo tse di phoso: gore go ikutlwa a le mosha go a fela mme jaanong o simolola go tsofala. Ka gone, basadi bangwe ba boifa go khutla ga modikologo wa go bona kgwedi gonne go lebega go supa gore ba tsena mo pakeng nngwe e ntšha ya botshelo, paka e e sa itumediseng. Bangwe e bile ba ile ba go leba e le “go swa ka bontlhanngwe.”
Ga go tlhokege gore basadi ba segompieno ba bogisege ka ntlha ya go tlhoka kitso fa ba le mo pakeng eno ya botshelo. Masaitseweng a go khutla ga modikologo wa go bona kgwedi a a senolwa. Go ntse go dirwa dipatlisiso go ya pele, e bile go ntse go dirwa dikalafi tsa gore phetogo eno e se ka ya nna bokete thata. Dimakasine, makwalodikgang le dibuka di bua thata ka kgang eno, di tlhalosa dipotso tse bangwe ba kileng ba bo ba tlhabiwa ke ditlhong go di botsa. Ba lephata la kalafi le bone, ba itse botoka ka mathata a basadi ba ka nnang ba nna nao.
Ke eng fa kgang eno e etswe tlhoko thata jaana? Gonne fa go khutla ga modikologo wa go bona kgwedi go tlhaloganngwa botoka, seno se tla nyeletsa poifo, botlhodi le go tlalelwa ga basadi ba bantsi. Basadi mo dinageng tse dintsi ba tshela lobaka lo loleelenyana mme ba batla gore selo seno se se ntseng se dirilwe sephiri se senolwe mme ba newe tshedimosetso. Ba batla dikarabo tse di motlhofo, tse di tlhamaletseng. Tota e bile go tshwanetse, ka jaana bontsi jwa bone bo santse bo tla tshela nngwetharong ya botshelo jwa bone morago ga go khutla ga modikologo wa go bona kgwedi.
Fa go ntse go batlisisiwa mo baaging kwa United States go ile ga fopholediwa gore mo dingwageng tse di lesome tse di latelang, palo ya basadi ba ba mo dingwageng tsa fa modikologo wa go bona kgwedi o khutla, e tla oketsega ka 50 lekgolong. Basadi bano ba batla go itse kaga mathata a gone mo boitekanelong, kaga go gotela ga mmele, le go fetofetoga ga maikutlo, dilo tse di seng monate tsa gone, le kafa mmele le maikutlo di fetogang ka teng. Ke eng fa dilo tseno di diragala? A mosadi o khutla go tshela botshelo jo bo monate fa modikologo wa go bona kgwedi o khutla? A botho jwa mosadi bo a fetoga fa modikologo wa go bona kgwedi o khutla? Ditlhogo tse di latelang di tla sekaseka dipotso tseno.