LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g90 5/8 ts. 13-15
  • Tumelo E Nthusitse Go Lebana le Karo ya Boboko

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tumelo E Nthusitse Go Lebana le Karo ya Boboko
  • Tsogang!—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tshwetso ya Me E Ema E Ntse E Le Jalo
  • Go Ipaakanyetsa Karo
  • Go Fola Morago ga Karo
  • Go Rulaganyediwa ga Ditirelo tsa Phitlho
  • Botshelo Jwa Me Jaanong Bo Boetse mo Tseleng ya Jone
  • Ga Re Maselamose E Bile Ga Re Medimo
    Tsogang!—1994
  • Ga a Ka a Ineela
    Tsogang!—1998
  • Go Lebana le Maemo a Tshoganetso a Kalafi
    Tsogang!—1996
  • Dikai Tsa Malapa a a Atlegileng—Karolo 1
    Tsogang!—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1990
g90 5/8 ts. 13-15

Tumelo E Nthusitse Go Lebana le Karo ya Boboko

“O NA le tlhagala kafa morago ga leitlho la gago la molema.” Mafoko ano, a a neng a buiwa ke Dr. Stewart, ngaka ya disele tsa boboko, a ne a ntira gore ke ikutlwe ekete ke ne ke lora toro e e maswe. Mafoko a gagwe a a latelang a ne a fetola toro eo go nna e e tshosang: “Ke tshwanetse go golagana le balelapa la gago gore ke tle ke go tsenye mo kokelong ka bonako.”

Ke ne ke tshogile tota. Seno se ka se nne boammaaruri. Ke ne ke ikutlwa fela ke siame! Go tla jang gore mosetsana wa dingwaga di le 22 a nne le tlhagala e e tlhogileng mo bobokong? Tlhaloganyo ya me e ne e ganetsana le mafoko a ngaka ao a neng a ntlosa mo tseleng eo ke neng ke e ipeetse ya botshelo. Ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, mme mo mosong o o fetileng, ke ne ka amogela mogala o o neng wa ntaleletsa go tla go dira kwa ntlokgolong ya Mokgatlho wa Watchtower kwa Brooklyn ka dikgwedi di le tharo. E ne e le seo ke neng ke se solofetse ebile ke se rapelela. Fa ke ne ke tloga kwa gae mo mosong oo go ya go bona ngaka ya matlho, ke ne ke ikutlwa ke siame sentle.

Jaanong, dioura di le 29 moragonyana, boikutlo joo bo ne bo tswile mo mogopolong wa me. Go ne go sena pelaelo epe gore ke ne ke dulwe ke tlhagala. Ke ne ke feditse metsotso e le 50 ke tswaletswe mo motšhining wa MRI (Magnetic Resonance Imagery), ke ntse jaaka motšhine o o thuntshang dikepe tsa ntwa mo teng ga fa go thuntshetswang gone, o letetse fela go dirisiwa. Ka dinako dingwe ke na le go ikutlwa ke pitlagana, mme fa ke ntse ke ntse ka foo, ke ne ka ikutlwa ke tshoga. Ke ne ka rapela gore ke ritibale, ka opela dipina tsa Bogosi ke di opelela kwa tlase, ka ba ka boeletsa ditemana tsa Bibela. Ke ne ka ritibala. Go ise go e kae ke ne ke setse ke boela gape kwa ofising ya ngaka ya disele tsa boboko ka filimi. E ne e supa tlhagala e e tlhogileng e e bogolo jwa namune, mme ke ka yone nako eno a neng a bua selo se se tshosang seo—ke ne ke tshwanetse go tsena mo kokelong ka bonako. O ne a tswa mo kamoreng eo go ya go leletsa batsadi ba me mogala.

Tshwetso ya Me E Ema E Ntse E Le Jalo

“Batsadi ba gago ba mo tseleng,” o ne a bua jalo fa a boa. “Ga o a mpolelela gore o mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Re tla tshwanelwa ke go bua ka seno. Karo eno eleruri e tla tlhoka gore o tshelwe madi.”

“Ga go sepe seo re ka buang ka sone,” ke ne ka rialo. “Tshwetso e setse e dirilwe. Ga ke batle madi.”

“Fa go le jalo, re tla bua ka seo fa batsadi ba gago ba goroga fano.”

“Nnyaa,” ke ne ka bua jalo ke tshikinya tlhogo. “E ema e ntse fela jalo.”

Fa batsadi ba me ba goroga, ba ne ba tlhomamisa boemo jwa me ka madi. Ngaka eno ya disele tsa boboko e ne ya amogela tshwetso ya rona mme a bolela gore o ne a akantse ka ngaka nngwe eo e ka dirang tumalanong le tshwetso ya rona. Ka jalo re ne ra ya go kopana le ngaka nngwe ya disele tsa boboko, Dr. H. Dale Richardson.

Re ne ra kopana le ene kwa ofising ya gagwe ka Labone maitseboa, September 30, 1988, ene monna yo a neng a tlile go nna karolo e kgolo le e e tlotlegang mo matshelong a rona mo dikgweding di le mmalwa tse di latelang. O ne a setse a buile le Dr. Stewart mme o ne a itse boemo jwa rona ka madi.

“Re tla bo re sega mo karolong e e tletseng ditshikana di le dintsi tsa madi,” o ne a bua jalo. “Tlhagala eno e apesitse sagittal sinus (tshika e kgolo ya madi mo bobokong), gore e e apesitse go le kana kang ga re kitla re itse go fitlha fa re setse re le fa go yone.”

“Le eleng lefa go ka tlhaga kotsi,” ke ne ka bua jalo, “mme ke tlhaloganya gore e ka nna ya nna gone, lefa go le jalo ga ke batle gore o ntshele madi.” Mmè le rre ba ne ba gatelela gore ba ne ba bua fela jaaka nna. Re ne ra bona matlho a gagwe a itsheka dikeledi, mme moragonyana re ne ra lemoga gore o na le barwa ba le babedi le morwadi a le mongwe.

“Nka tswa ke sa dumalane le tumelo ya lona,” o ne a bua jalo, “mme ke tla dira jaaka lo kopa. Fa re sa dirise madi, re na le gone gore re ka atlega ka 70 lekgolong. Lo tshwanetse go tlhaloganya gore re ka nna ra seka ra kgona go tlosa tlhagala e e tlhogileng eno yotlhe ka lekgetlo la ntlha. Go tlwaelegile gore tlhagala e e tlhogileng ya bogolo jono e ntshiwe ka dikaro di le pedi kana di le tharo.”

Go Ipaakanyetsa Karo

Ke ne ka tsena mo kokelong ka Sontaga, ka October 2. Mantaga le Labobedi go ne go dirwa dilo dingwe tseo di neng di mpaakanyetsa karo, sa ntlha e ne e le go kanoka le go fokotsa madi ao a neng a tsena mo tlhagaleng eo. Mo letsatsing lotlhe la Labobedi ditsala tsa me di ne tsa nteletsa mogala, mme mo maitseboeng ao ba le mmalwa ba ne ba nketela. Botlhe ba ne ba itse seo se neng se tla diragala mo letsatsing le le latelang, mme re ne re itumetse.

Ke ne ka robala fela ka bonako mo bosigong joo mme ka thanya bosigogare mme ka simolola go tlhobaela. Seo se ne se sa siama. Ke ne ka tshameka ditheipe di sekae tsa ditlhogo tsa makasine wa Tora ya Tebelo. Ka 5:30 mo mosong, mooki o ne a tla mme a gakgamadiwa ke go mpona ke ritibetse ke bile ke na le tsholofelo. Ditsala tsa me tse pedi tseo ke atamalaneng thata natso di ne tsa tla morago ga foo, rre a ba setse morago. “Se leleng,” ke ne ka rialo, jaaka ba ne ba nkatla ba tsamaya.

Kwa tlase ba ne ba setse ba simolotse go mpaakanyetsa karo, ba somela dimao, ba mpeola tlhogo. Fa ke ntse ke letse foo, ke ne ka rapela Jehofa jaana: “Ke go lebogela go nthusa go supa Satane gore ga a kake a fenya ka metlha. Ke a itse gore ke tla tsoga, ekane e le gompieno kana mo lefatsheng le lesha. Tsweetswee, a go nne ka bonako.” Fa ba ne ba ntsenya mo kamoreng e go arelwang mo go yone, ke ne ka bona Dr. Richardson a ntse a sekaseka filimi.

“Dumela, Bethel,” o ne a rialo. “O robetse jang?”

“Ke robetse sentle,” ke ne ka araba jalo, “mme ke tshwenyegile thata gore wena o robetse jang.”

Morago Dr. Ronald Pace, yo a dirang ka ditlhare tsa kidibatso, o ne a apesa sefatlhego sa me mme a mpolelela gore ke hemele kwa teng mme ke balele ditlhaka go ya kwa morago. Ke ne ke sa tlhole ke tla leta; mme rre o ne a simolola go leta.

Go Fola Morago ga Karo

Ke ne ka itemoga moragonyana ke sitilwe. Ke ne ke leka go tswa mo lootong lwa go idibadiwa ke diokobatsi. E ne e le 10:10 p.m. e le Laboraro, dioura tse di ka nnang 15 moragonyana. Rre o ne a le mo kamoreng e mo go yone go nnang balwetsi ba maemo a a tlhobaetsang, mme a ntse a nkgomotsa. Ke ne ke amegile ka gore a tlhaloganyo ya me e dira sentle. “Rre, nteka,” ke ne ka rialo, mme ka simolola go bala dipalo: “Pedi le pedi ke nnè, nnè le nnè ke robedi, . . . ” Fa ke fitlha kwa go 512, o ne a re, “Ijoo! O di balela ka bofefo go nkgaisa!” Mmè o ne a ntlamparela ka moo a neng a ka kgona, mme kgaitsadiake, Jonathan, o ne a mpolelela ka dikgang tsa motshameko wa baseball.

Dr. Richardson o ne a bega gore o kgonne go ntsha 80 lekgolong ya tlhagala eo. O ne a lebega a lapile—goo ga go gakgamatse, ka go bo e ne e le morago ga dioura di le 13 le sephatlo tseo di neng di gwetlha boitseanape jwa gagwe! Morago ke ne ka itse gore o ne a raya rre a re: “O batlile a re latlhegela. Fa re fitlha fa tshikeng e kgolo e e isang madi kwa bobokong, o ne a tshologa madi tota. Ka lesego re ne ra kgona go a emisa.” Lefa go le jalo, o tla tshwanelwa ke go tla gape, ka gongwe ka lekgetlo le le fetang le le lengwe. “Balwetsi bangwe ba meningioma [mofuta wa tlhagala eo ke neng ke na le yone] ba tshwanelwa ke go ariwa dingwaga dingwe le dingwe di le tharo go ya go di le tlhano,” o ne a rialo. “E ka nna ya nna gore ga re kitla re kgona go e tlosa yotlhe.”

Dikgang tseno di ne tsa nkgoba marapo! Ke ne ka bona tsholofelo ya me ya botshelo jwa tirelo ya nako e e tletseng ya Bokeresete e senyega. Ke ne ka simolola go lela, ke setse ke sisa pelo. Rre o ne a re kampa le Mmè mme ra simolola go rapela. E ne ekete ke khurumediwa ke kobo ya thetebalo. “Kagishō ea Modimo e e hetañ tlhaloganyō eotlhe” e ne ya tla mo go nna. (Bafilipi 4:7) Ke ne ke badile ka batho bangwe bao ba neng ba kile ba utlwa kagiso eno ya Modimo e ba apesa mme ka ipotsa gore eleruri go ne go utlwala jang. Jaanong ke ne ke itse. Ke ne ke sa batle gore bosigo joo bo nne gone gape, mme seo ke neng ka se ithuta go tswa mo boitemogelong joo ke sengwe seo ke tla nnang ke ntse ke se gakologelwa ka metlha.

Fa ke le kwa kokelong, ke ne ke bua le batho ba le bantsi ka tsholofelo ya me ya Bogosi jwa Modimo le botshelo jo bosakhutleng mo lefatsheng la paradaise. Ke ne ka tsamaisa dibukana di le 20 tsa Jehovah’s Witnesses and the Question of Blood le dibuka di le tlhano tsa O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise. Fa ke setse ke tsamaya, ke ne ke setse ke amogetse dikarata di le 330 le megala e le mentsi, mmogo le dithunya le dibalunu tsa mebalabala. Abo seno se ne sa nnametsa jang ne mme sa ntira gore ke anaanele bokaulengwe jwa rona jwa lefatshe ka bophara jang ne!

Ke ne ka tswa kwa kokelong ka October 16, 1988. Seo se neng sa simolola e le letsatsi le lentle jaanong le ne la lebega le le lentle le go feta ka jaanong ke ne ke bona phatsimo ya letsatsi gape le moya o o phepa. Loapi lo ne lo lebega lo le botala le go feta, tlhaga e le tala le go feta. E ne ya ntira gore ke akanye ka moo lefatshe la paradaise le neng le tla nna lentle ka gone: go sena ntwa, go sena tlala, go se kgotlelo—go bile go sena ditlhagala dipe tse di tla tlhogang mo bobokong! Kgabagare lefatshe le le phepafaditsweng!

Go Rulaganyediwa ga Ditirelo tsa Phitlho

Ke ne ka bona Dr. Richardson gape ka December. Tlhagala ele e ne e gola gape. Tsela fela eo e neng e ka alafiwa ka yone e ne e le ka go ariwa ka bonako. Ke ne ka leba karo eno ya bobedi jaaka lobota lwa mmatota, selo se segolo seo se neng se thiba tsela eo ke neng ke e ipeetse mo botshelong. Ke ne ka akanya thata ka Pesalema 119:165 e e reng: “Ba ba ratañ molaō oa [Modimo] ba na le kagishō e kgolo.” Seno se ne sa dira gore ke ritibale ka bonya ka bonya mme go na le gore karo e e neng e latela ke e bone jaaka lobota, ke ne ke e bona jaaka sekgoreletsi se ke tla se fenyang. Mme fa go ka direga, ke ne ka kwalela tsala ya me kwa ntlokgolong ya Watchtower ke mo kopa gore a tle go tshwara tirelo ya phitlho fa go ka tlhokega jalo. (Moragonyana ke ne ka utlwa gore Rre o ne a mo kopile se se tshwanang.)

Ke ne ka tsena gape mo kokelong ka January 31, 1989. E ne e lebega e le botoka, mme e ne e lebega e le kotsi. A ba ne ba tla kgona go ntsha tlhagala eno yotlhe ka nako eno, kana a ke tla tshwanelwa gore ke tle go ariwa gape moragonyana? Dingaka di ne di gomotsa tota.

Fa ke tsena, Dr. Pace, yo a neng a mpha melemo ya kidibatso pele, o ne a tla go mpatla, o ne a nna le nna ka lobaka lwa oura fa go ntse go kwalwa dipampiri, mme o ne a tsaya kgetsi ya me ya diaparo a e isa kwa kamoreng ya me. Dr. Richardson o ne a ntlhomamisetsa jaana: “Ke tla go tshwara fela jaaka mongwe wa lelapa la me, tsela eo ke neng ke tla batla ba tshwarwa ka yone.” Ke ne ke sa tshwarwa fela ka tsela ya tlwaelo. Ke ne ke na le maikutlo a a bothitho a tsholofelo jaaka ke ne ke ipaya mo diatleng tsa bone.

Megala le dikarata tseo di neng di nkgomotsa di ne tsa thelesegela gape, mme tsone ditsala tse di lorato tseo di neng tsa nthusa mo bothateng jwa me jwa ntlha di ne di le fano gape go ntshegetsa le go ntira gore ke nne ke ntse ke nyenya. Re ne ra fetsa maitseboa ao re tlotla re tshega re bile re tshameka.

Botshelo Jwa Me Jaanong Bo Boetse mo Tseleng ya Jone

Mo mosong o o latelang mooki o ne a tla ka bonako go tla go ntlhaba lomao. E ne e le lo lo ritibatsang, mme go ne go lebega go sa feta nako e telele pele ke tsena gape mo kamoreng eo o tsenang mo go yone fa morago ga karo. Karo e ne e sa tsaya lobaka lo loleele—dioura di le lesome—mme go dumedisiwa ga me le lelapa la me e ne ya nna molemo o o fodisang. Dr. Richardson yo jaanong a neng a nyenya o ne a bolela gore o kgonne go tlosa tlhagala ele yotlhe, mme re ne re ka lebelela gore ke tla fola gotlhelele. Moragonyana, fa a hapolola ntho eo, o ne a ntira gore ke tshege fa a ne a re: “Bethel, re tla tshwanela gore re emise go kopana ka tsela eno.” Abo re ne re ikutlwa re leboga Jehofa jang ne le dingaka tseno tsa ditswerere!

Ke ne ke tsamaisitse dibuka di le dintsi le dibukana kaga Bogosi jwa Modimo le ba le bantsi bao ke neng ke bua nabo. Nngwe ya dibuka, O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise, ke ne ka e naya Dr. Richardson. Ke ne ka kwala jaana mo tsebeng ya ntlhantlha:

“Go na le makgetlo ao a seng mantsi ao mo go one re tlhokang go leboga mongwe yo o bolokileng botshelo jwa rona. Lemororo go sena pelaelo ya gore ka dinako di le dintsi wa bo o ntse o amogela ditebogo tseo, ke ne ke batla go tlhomamisa gore o itse kafa sotlhe seo o re se diretseng se se kayang mo go nna le mo go balelapa la me. Lemororo ke lemoga gore ga o na nako e ntsi ya go bala, fa ka nako nngwe o ka dirisana le Basupi ba ga Jehofa mo isagweng gape, ke solofela gore buka eno e tla go solegela molemo mo go tlhaloganyeng gore ke ka ntlhayang ke dumela ka tsela eno. Lorato lo logolo le ditebogo di le dintsi, Bethel Leibensperger.”

Ke ne ka rebolwa go tsamaya malatsi a le robedi morago ga karo ya me ya bobedi me ke ne ka ya kwa Holong ya Bogosi mo maitsiboeng ao. Dikgwedi di le pedi moragonyana ke ne ka simolola go kgweetsa koloi ya me. Ke ne ka simolola bodihedi jwa me jwa nako e e tletseng jaaka mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ka kgona le go ya kwa dikopanong tse dikgolo tsa Basupi ba ga Jehofa kwa Poland ka August 1989.

Botshelo jwa me jaanong bo boetse mo tseleng ya jone.

[Lebokoso mo go tsebe 14]

Dilo Tse Mmè A Neng A Di Gopola

Mo bosigong joo Bethel le rraagwe ba ne ba ya kwa thutong ya Bibela. Ke ne ke tshwenyegile thata; mme ke sa kgone go itshwara. Ke ne ka felelwa ke nonofo mme ka robala. Moso o o latelang go ne go le maswe tota. Ke ne ke sa kgone go itshwara mme ke ne ka simolola go lela. Monna wa me o ne a gatelela jaana: “Re tshwanetse go nna maatla mme re nne re itumetse fela ka ntlha ya ga Bethel.” O ne a nkampa mme a rapela thapelo e khutshwane, re ipaya mo go Jehofa re bo re baya isagwe ya rona gotlhelele mo diatleng tsa gagwe mme re bo re mo kopa gore a re nonotshe mo malatsing a a tlang. Seo e ne ya nna kgothatso e kgolo fela thata eo e neng ya ntira gore ke tlogele go nna mpopi fela wa matsela mme ke nne mmè yo o tshegetsang.—Judith Leibensperger.

[Lebokoso mo go tsebe 15]

Dilo Tse Rre A Neng A di Gopola

Morwadiake Bethel, ke mpho e e tswang kwa go Jehofa eo ke e boneng morago thata mo botshelong jwa me. Kamano ya rona e ne e le ya mofuta o o sa tlwaelegang. Go tloga ka nako ya fa Bethel a ne a santse a le lesea, re ne re dira sengwe le sengwe mmogo. Re ne re tsamaya mo dinageng go ithuta ka botswerere jwa ga Jehofa Modimo jaaka motaki jaaka re ne re leba dithunya tse di tlhogang mo nageng. Re ne ra bopa batho ka semathana. Re ne re bua ka dilo tse di boteng le tse di tshegisang. Re ne re khubama rotlhe ka mangole re rapela ka nako ya go robala a apere diaparo tsa gagwe tsa go robala a ntse fa gare ga me le mmaagwe. Re ne re etela batsofe le bao ba tlhokang mmogo. Re ne re kampa Basupi mmogo le rona bao ba neng ba nna kwa dinageng tse di kwa kgakala. Mo legaeng la rona re ne re laletsa barongwa le banna le basadi ba ba ineetseng tota bao ba direlang Modimo ba tsamaya mo dikgatong tsa ga Jesu Keresete. Re ne re na le tumelo e le nngwe, mme re ne re lebeletse Paradaise rotlhe. O ne a gola a rata batho mme ebile a tlhoka gore ba mo rate. Botshelo jwa rona jwa lelapa bo ne bo le molemo—le go fitlha jaanong. ‘Motlha le bokhutlo’ tseo Moreri a bolelang gore di wela batho botlhe di ne tsa re wela. Mo letsatsing le le lengwe fela, kalafi eno e e tsosang mathata e ne ya re wela ka poitshego ya yone. Kwantle ga go re tlhagisa, loso—mmaba o mogolo wa batho—lo ne lo re okame.—Charles Leibensperger.

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Bethel le batsadi ba gagwe fela pele ga karo ya bobedi

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela