LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g98 11/8 ts. 10
  • Ga a Ka a Ineela

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ga a Ka a Ineela
  • Tsogang!—1998
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tumelo E Nthusitse Go Lebana le Karo ya Boboko
    Tsogang!—1990
  • Go Lebana le Maemo a Tshoganetso a Kalafi
    Tsogang!—1996
  • Ga Re Maselamose E Bile Ga Re Medimo
    Tsogang!—1994
  • “O Tlile go Swa!”
    Tsogang!—2000
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1998
g98 11/8 ts. 10

Ga a Ka a Ineela

KA October 5, 1995, Matt Tapio wa dingwaga di le 14 o ne a arelwa tlhagala e e neng e le mo thitong ya boboko. E ne e le tlhagala e e kotsi thata. Karo eno e ne e le ya ntlha ya dikaro di le dintsi tse a neng a tla di dirwa mo dingwageng di le pedi le sephatlo tse di latelang. Go ne ga latela kalafi ya dikhemikale le ya marang.

Matt o ne a nna kwa Michigan, U.S.A. koo a neng a tsena sekolo teng le go ya dipokanong tsa Bokeresete. O ne a dirisa ditshono tse di tlhagang go bua le barutabana le barutwanammogo ka ditumelo tsa gagwe mmogo le go nna le seabe mo go eteleng ba bangwe mo bodireding jwa phatlalatsa. Fa a ntse a boaboela kwa bookelong—o ne a fetsa dikgwedi di le 18 tsa dingwaga tse pedi le sephatlo tsa bofelo tsa botshelo jwa gagwe kwa maokelong—o ne a tsamaisetsa batho ba a neng a kopana le bone koo dibuka tsa Baebele di le makgolokgolo.

Ka makgetlo a le mantsi e ne e kete Matt ga a kitla a tshela, mme nako le nako o ne a boela a nna botoka. Ka nako nngwe fa a ne a le mo tseleng go ya kwa bookelong, o ne a idibala mme a emisa go hema. Ba ne ba simolola go mo budulela moya mo dinkong ba ntse ba mo gatelela mo sehubeng mme o ne a thathamologelwa. Fa a thathamologelwa, o ne a simolola go lela le go goa a re: “Ke motlhabani! Ke motlhabani! Ga ke na go ineela!” Batho ba ne ba bolela gore tumelo e Matt a neng a na le yone mo Modimong ke yone e e mo thusitseng gore a tswelele a tshela lobakanyana lo loleele jaana.

Ka January 13, 1996, Matt o ne a fitlhelela se a neng a ntse a eletsa go se dira, fa a ne a kolobediwa e le go supa boineelo jwa gagwe go Jehofa Modimo. O ne a kolobediwa mo lekadibeng le le kwa thoko ka gonne go ne go boifiwa gore o tla tshwaetsa ba bangwe. Malatsi a le mmalwa fela morago ga moo, o ne a boela gape kwa bookelong go ya go ariwa. Ka August 1997, Matt o ne a tlhatsa a sa kgaotse ka dibeke di le mmalwa, mme o ne a nna botoka fa a sena go ariwa gape.

Mo maemong ano otlhe, Matt o ne a ntse a itumetse ka metlha, a rata go tshegisa dingaka le baoki. Ba ne ba sa tlhaloganye gore ke ka ntlha yang fa a tlhola a itumetse ka metlha jaana. Nngwe ya dingaka e ne ya mmolelela jaana: “Matt, fa ke ne ke le mo boemong jwa gago, ke ne ke tla nna ke tswetse garetene, ke ikhurumeditse tlhogo mme ke bolelele mongwe le mongwe gore a tloge gaufi le nna.”

Ka February 1998, Matt o ne a boela gae go tswa kwa bookelong ka lekgetlo la bofelo. O ne a itumetse thata go bo a tshela e bile a le kwa gae mo e leng gore fa a tsena fela ka kgoro, o ne a re: “Ke itumetse tota! A re rapeleng.” Mme o ne a rapela Jehofa go mo tlhalosetsa kafa a itumetseng ka teng. Dikgwedi di le pedi moragonyana, ka April 19, o ne a bolawa ke kankere.

Pelenyana ga moo, go ne ga tshamekiwa potsolotso e e neng e tshwerwe le Matt kwa pokanong ya Basupi ba ga Jehofa kwa Holong ya Bogosi ya mo lefelong la bone. O ne a bodiwa jaana: “O ka re bolelelang rona ba re tsogileng sentle malebana le bodiredi jwa rona le dipokano tsa Bokeresete?”

Matt o ne a araba jaana: “Dirang sotlhe se lo ka se kgonang gone jaanong. . . . Ga lo kitla lo itse gore go tla diragalang. . . . Mme le fa go ka diragala eng, lo se ka lwa bo lwa tlogela go rera kaga Jehofa.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela