Basha Ba Botsa Jaana . . .
Ke Ka Ntlhayang Fa Ke Ikutlwa Ke Sa Itshepe Jaana?
“Fa ke le fa gare ga batho, gantsi ke tshwenyega ka tsela eo ke lebegang ka yone, seo ke se buang, tsela eo ke dirang dilo ka yone, le seo batho ba se akanyang ka nna. Ka dinako tsotlhe ke nna ke sa itshepe.”—Angelica wa dingwaga di le lesome le bosupa.
A GO tshaba gore o tla palelwa go go thibela go dira dilo tseo eleruri o ka ratang go di dira? A o fufegela go atlega ga ba bangwe? A o tshwenyega thata ka seo ba bangwe ba se akanyang ka wena? A o ikutlwa o etsaetsega go kopana le batho ba basha? A o kgobega marapo fa o tshwaiwa diphoso? He gongwe le wena o na le bothata jwa go sa itshepeng. Maikutlo ano a tswa kae? O ka a fenya jang?
O Mmotlana Ebile O Ka Nna Wa Tlhaselwa
Lantlha, lemoga gore go ikutlwa o sa itshepe ke selo se se leng mo lobopong lotlhe. Rotlhe re tshotswe re sa itekanela mme ka gone re ka nna ra ikutlwa re tlhaela kana ra ikutlwa re se ba sepe nako le nako. (Yakobe 3:2; bapisa Baroma 7:21-24.) Mo godimo ga moo, o mmotlana ebile ga o na boitemogelo. Ke ga tlholego fela go ikutlwa o etsaetsega mo maemong ao o sa a tlwaelang kana fa o kopiwa go dira sengwe seo se leng sesha mo go wena.
Ka sekai, Bibela e re bolelela ka monna mongwe yo mmotlana Jeremia fa Modimo o ne o mo tlhopha go nna moperofeti wa gagwe. Lefa go lebega a ne a setse a le mo dingwageng tsa bo 20, Jeremia o ne a ikutlwa a sa itshepe gore a o nonofile go dira kabelo eo, a bolela gore: “Ke ñwanyana hèla.” (Yeremia 1:6) Gongwe, monna yo mmotlana Timotheo le ene o ne a ikutlwa a tlhaela. Moaposetoloi Paulo o ne a tshwanelwa ke go mo naya kgakololo e e tlhamaletseng go mo thusa go fenya go sa itshepeng ga gagwe.—1 Timotheo 4:11-16; 2 Timotheo 1:6, 7.
Buka Talking With Your Teenager e bolela gore basha “fa ba tlhalosiwa ba mo boemong jwa go ka tlhaselwa. . . . Ba tshwenyega ka tebego ya bone, seo ba se buileng, gore a baa itsege, kana baa ratiwa. . . . Ba tshwenyegile thata ka bone le go tlhabiwa ke ditlhong le go utlwa botlhoko ka bonako.” Gantsi ba “nna le kgopolo e e sa tlhomamang ka seo ba leng sone.” Ke ka ntlhayang fa go ntse jalo?
Lebaka le lengwe ke gore basha ba mo nakong eo ba golang ka bonako ba bile ba fetogang mo go yone. Dr. Betty B. Youngs o tlhalosa gore “diphetogo tseno, tseo (mosha) a sa kgoneng go di laola, di boteng, di a gwetlha, di bile di a tshosa . . . Mosha ga a kgone go bona gore ke eng se se kwa pele mme ga a itse gore ke eng seo se tla mo tlelang morago. Ka tlholego fela, go etsaetsega gono go dira gore a ikutlwe a sa itshepa a bile a tshwenyegile thata.”
Tlhotlheletso ya Ditsala le Lelapa
Selo se sengwe gape ke tikologo ya lelapa. Lelapa le direla jaaka motswedi wa kaelo ya semoya le tshegetso ya boikutlo. (Baefesia 6:1-4) Bibela ebile e laela batsadi ka go re: “Borra bana, se chwenyeñ bana ba lona, gore ba se ka ba shulahala pelo.”—Bakolosa 3:21.
Se se utlwisang botlhoko ke gore batsadi ba bangwe ba tshwenya bana ba bone ka go nna ba ba sotla ka metlha, ba sa ba akgole le go ba neela lorato. Moithutatlhaloganyo Eleanor S. Field o tlhalosa jaana: “Go sotliwa ke batsadi gantsi go dira gore motho a ikutlwe a sa itshepe tota. . . . Mme fa e le gore o santse o amogela melaetsa eo [e e sa siamang] jaaka mosha, seno se tla nonotsha fela go ikutlwa ga gago o sa itshepe.”
Ditsala tsa gago le tsone di ka nna tsa koafatsa go itshepa ga gago fa ka metlha ba ntse ba go sotla kana ba go tshwaya diphoso ka tsela eo o lebegang ka yone kana e o itshwarang ka yone. O mo boemong jwa go amogela go tshwaiwa diphoso go go ntseng jalo segolobogolo fa o reetsa taolo ya ga Jesu ya gore o ‘se nne wa lefatshe.’ (Yohane 17:16) “Go tshwenya eleruri!” go ne ga tlhalosa jalo Andrew wa dingwaga di le 15. “O leka gore o tshwanele, mme gape o leka gore o se tshwanele. Ga o batle go nna yo o sa tshwaneng le ba bangwe, mme o leka go tsamaya mo melaometheong ya Bibela.” Mosetsana mongwe wa dingwaga tse 15 o ne a oketsa jaana: “Ga go motlhofo ka gonne ga o batle gore bana ba bangwe ba bolele gore wena ga o tshwane le bone. Mongwe le mongwe o batla gore batho ba mo rate.” Go boloka tekatekano ka tshwanelo ke ntwa e kgolo. Go ka go tlogela o ikutlwa o sa itshepe.
Lefa go le jalo, ka dinako dingwe, ba bangwe ke bone bao ba itsenyang boikutlo jwa go sa itshepe. “Fa ke le fa gare ga batho,” go ne ga ipolela jalo mongwe yo o dingwaga di 17, “ke ikutlwa ke se sepe ka gonne ga ke itse go dira sengwe le sengwe sentle. Ka jalo ke ikutlwa ke sa itshepe.” Maikutlo a a ntseng jalo a ka tswa e le ka gonne o itshwantshanya le ba bangwe ka mo go sa tshwanelang.
Go Lwa le Maikutlo A go Sa Itshepeng
Go sa kgathalesege gore bo bakiwa ke eng, boikutlo jwa go sa itshepeng ke karolo fela ya go gola mme bo ka seka jwa nyelela gotlhelele.a Go tshwenyega ka mo go sa tlhokafaleng ka tebego, leina le lentle, kana dinonofo go ka tswelela go ntse go kgoreletsa go itshepa ga motho le eleng lefa e setse e le mogolo yo o tlhomameng sentle.
Basha ba le bantsi ba leka go fitlha go sa itshepeng ga bone ka go leka go supa bopelokgale jo bo seong, ka diaparo tse dintle, kana ka go tsuologa. Mme go na le ditsela tse dingwe tse di molemo tsa go dirisana le dinako tsa fa o ikutlwa o sa itshepe.
Dumela Gore O na le Dinonofo tse di Siameng: O ka nna wa bo o sena mmele o montle kana o sa bopega sentle, mme o ka nna wa tswa o na le dinonofo tsa Bokeresete tsa “loratō, le boitumèlō, le kagishō, le bopelotelele, le bopelonomi, le molemō, le boikañō, Le boiñōtlō, le boikgapō.” (Bagalatia 5:22, 23) Dinonofo tseno di na le molemo o o tshwarelelang go na le ditebego fela tsa motho mme di ka go thusa le eleng gore o amogelwe ke Modimo.
O Seka Wa Itshwantsha le Ba Bangwe Kafa Go Sa Tshwanelang: Ke fela jaaka Eleanor Roosevelt, mosadi wa poresidente ya bo 32 ya United States, a kile a bua jaana: “Ga go ope yo o ka go dirang gore o ikutlwe o se wa sepe fa o sa go dumelele.” Ka gone Bagalatia 6:4 e re naya kgakololo e e molemo, fa e re: “Me a motho moñwe le moñwe a sekasekè e e leñ tihō ea gagwè, me hoñ o tla bōna go ipelahatsa kaga gagwè ka esi, me e señ kaga oa ga gabō.”
A ntlha ya gore mongwe o lebega botoka, o na le diaparo tse di botoka, kana o montle go go gaisa e mo dira motho yo o botoka go go gaisa? Boammaaruri ke gore Modimo ga o lebe ditebego tsa kafa ntle di le botlhokwa. Bibela e bua jaana: “Yehofa ga a bone yaka motho a bōna: gonne motho o leba bokahantlè, me Yehofa o leba pelo.”—1 Samuele 16:7.
Tila Seru sa go Nna Lefufa: “Bopelotshètlha ke podishō ea marapō,” mme go tsala go sa itshepeng. (Diane 14:30) Go na le moo, ithute go ‘itumela le ba ba itumelang’ mme o itumelele go atlega ga bone ka mmatota. (Baroma 12:15) Fa o dira jalo, ba bangwe ga ba kake ba dira dikakgelo tse di sa siamang ka tseo o di fitlhelelang.
Dirisana le Batho ba Bangwe: Dr. Allan Fromme o ne a tlhokomela gore “batho bao ba itebang ba siame ba ipelela kagiso, ka gonne ba tlhokomela batho ba bangwe . . . Batho bao ba itebelang kwa tlase ke magolegwa ka bobone. Ba itotleletse ka go tlhola ba ntse ba itlhokometse.” Tswa mo kgolegelong eo ka go ‘se tlhokomele dilo tse e leng tsa gago fela, fa e se gore o tlhokomele le tse eleng tsa ba bangwe.’ (Bafilipi 2:4) Fa o ntse o dira le ba bangwe, ga o kitla o tshwenyega ka maikutlo a gago a go sa itshepeng thata.
Se Kgobege Marapo Fa O Tshwaiwa Phoso: “U se ka ua tlhōkomèla mahoko aotlhe a a buiwañ,” segolobogolo fa a go utlwisa botlhoko. (Moreri 7:21) Kafa letlhakoreng le lengwe, fa go tshwanetse gore o tshwaiwe diphoso senka ditsela tsa go go dirisa. “Motho eo o botlhale a utlwè, a totahalè mo go ithuteñ; . . . Masilo a nyatsa botlhale le thutō.” (Diane 1:5, 7) O ka nna wa nna le bokoa mo karolong nngwe, mme seo ga se reye gore o a bo o le motho yo o paletsweng.
Lefa go le jalo, go tweng fa batsadi ba gago e le bone ba go tshwayang diphoso? Ke tiro ya batsadi go kgalema bana ba bone. (Baefesia 6:4) Mme fa o akanya gore e dirwa ka go feteletsa, ga e a tshwanela, kana e a kgoba, gongwe o ka nna wa batla nako ya go tlotla seno le batsadi ba gago mme wa ba bolelela gore mafoko a bone a go ama jang.
Ipeele Mekgele E O Ka E Fitlhelelang: Ga go tlhoke gore o bo o le yo o botlhaletlhale mo tlelaseng gore o nne moithuti yo o molemo kana motshameki wa diolimpiki gore o ipelele metshameko. “Botlhale bo nna le eo o ikgōbalatsañ,” mme gore o ikobe o tshwanetse wa itse kafa o tlhaelang ka gone. (Diane 11:2) Lefa go le jalo, o seka wa ipeela mekgele e e kwa tlase thata ka gonne o boifa gore o tla palelwa. Go palelwa ke tsela ya go ithuta. Mo godimo ga moo, o kgona go itse go tsamaya fa o sena go nna o rata go wa!
O Seka Wa Boifa Go Nna Yo O Farologaneng: Basha bao ba letlang balekane ba bone go laola go bua ga bone, go apara ga bone, le go ikgabisa ba tshwana fela le makgoba. (Baroma 6:16) Go na le moo, ‘direla Morena.’ (Baroma 12:11) Fa o sotlelwa go dira se se siameng, go a gomotsa go itse gore ditiro tsa gago tsa bopelokgale di itumedisa pelo ya ga Jehofa.—Diane 27:11.
Ga go belaetse gore dikakantsho tseno di tla thusa. Mme o seka wa lebelela gore go ikutlwa o itshepa go tla tla ka bonako. Nna pelotelele. Lebelela dilo tse di kgobang marapo, mme leka go sa akanye ka go ikutlwela botlhoko thata. Fa nako e ntse e tsamaya o tla iphitlhela o ikutlwa o itshepa go gaisa pele.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Fano ga re tlotle ka boikutlo jwa go ikutlwa o sa itshepe goo go tlang ka go sotliwa kana go go bakilweng ke tlhakanelodikobo e e patelelwang. Lefa mengwe ya melaometheo e e tlotliwang fano e ka thusa, batho bao ba ileng ba sotliwa ka ditsela tse di farologaneng ba ka tlhoka thuso ka bopelotelele gore ba kgone go fodisa dintho tseo di bakilweng ke go sa tsholweng sentle tsa boikutlo.
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Batsadi ba ka baka go sa itshepeng ka go sa akgole le ka go tshwaya diphoso thata