LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g90 6/8 ts. 20-22
  • Ditlhobolo—Ke Tsela Eo go Tshelwang ka Yone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ditlhobolo—Ke Tsela Eo go Tshelwang ka Yone
  • Tsogang!—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Masaitsiweng a Tlhobolo
  • Ditlhobolo—Tsela Eo E Isang Losong
    Tsogang!—1990
  • Dibetsa Tse Dinnye, Mathata a Magolo
    Tsogang!—2001
  • Ditlhobolo—Ga Se tsa Banna Fela
    Tsogang!—1990
  • Dibetsa di Tla Laolwa Jang mo Isagweng?
    Tsogang!—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1990
g90 6/8 ts. 20-22

Ditlhobolo—Ke Tsela Eo go Tshelwang ka Yone

MOKOLOKO o moleele wa matlo a mahibidu ao batho ba nnang mo go one dilo di boetse meriting mo go one. Ga go tlhole go utlwala modumo wa leratla oo o itsegeng sentle wa tlhobolo eo e itirisang ka boyone le eo e dirisiwang ka letsogo. Molelo o o benyang nako le nako fa sebetsa se thunya ga o tlhole o bonesa meriti eo e e boifisang ya fa go le bosigo, ga o tlhole o thusa go bonesa mebila e e kgantshitsweng ka mabone a a letobo a a sa bonaleng sentle. Go na le maroba mo diteneng tsa bogologolo tse di nnang kwa pele ga meago moo marumo a iphitlhileng gone kwa tengteng mo dikagong tse di agilweng ka maje a iphitlhile gone ka nako ya fa go ne go lowa ka ditlhobolo mo nakong e e fetileng le mo nakong ya jaanong.

Mapodise le batlhatlhobi ba tsa kalafi ba itse mebila jaaka fa ba ikitse. Bobolokelo jwa dibetsa jo bo nang le dibetsa tse di lekaneng go ka tlhomelela setlhopha sa mapodise se sebotlana bo ile jwa gapiwa ka dikgoka—e le ka ntlha ya go bo batho ba bolaya ba bangwe, ba ipolaya, ba thuntsha ba bangwe e se ka boomo, le ka ntlha ya go utswetsa ba bangwe. Batho ba ba tsamaisang poso le bao ba olelang matlakala ba gana go direla setšhaba ka gonne ba boifa go iphitlhela ba le mo gare ga sefako sa marumo. Bana ba bolokwa ba tswaletswe mo magaeng a bone, mme lefa go ntse jalo bangwe bone ba santse ba thuntshiwa ka nako ya fa marumo a a thuntshiwang ka boomo kana ao a sa lebaganwang sentle a tsenelela mo teng ga matlo ka matlhabaphefo le ka dipota.

Fa e le gore o nna mo motseng o mogolo, go ka diragala gore o be o tlwaelane le ditiragalo tse di tlhalosiwang fano, e ka tswa e le gore o di bone ka matlho, kana fa go sa nna jalo o di bone o bogetse dikgang tsa maitseboa tsa thelebishene. Mo ditoropong di le dintsi go thuntsha ba bangwe ke selo se se tlwaelegileng mo eleng gore gantsi ga go begiwe ka gone mo makwalodikgannyeng a lefelo leo. Gantsi, dipolao tse dingwe tse dintsintsi tsa masetladibete tseo eleng tsone go buiwang thata ka tsone mo dikgannyeng tsa letsatsi le letsatsi tsa kwa ditoropong tse dingwe kana tsa kwa dikarolong tse dingwe tsa lefatshe di tsewa jaaka tse di seng botlhokwa go le kalo.

Ka sekai, polao nngwe e e setlhogo ya kwa California e ne ya begiwa mo dikgannyeng mo dikarolong di le dintsi tsa lefatshe ya fa monna mongwe yo o neng a tshotse tlhobolo a ne a thuntsha makgetlo a le lekgolo ka tlhobolo e e tlhaselang ka bofefo jo bogolo a thuntsha setlhopha sa bana ba sekolo se sebotlana, a bolaya barutwana ba le 5 mo go bone mme a gobatsa ba bangwe ba le 29 pele ga a itobela dintshi ka tlhobolo e potlana. Kwa Yuropa le kwa United States le gone go ne ga balwa ka dikgang tse di tsitsibanyang mmele tsa fa monna mongwe yo o neng a sa tseye sentle mo tlhogong a ne a bolaya batho ba le 16 kwa Engelane ka tlhobolo e e tlhaselang ya AK-47. Kwa Canada monna mongwe yo o neng a tlhoile basadi o ne a ya kwa Yunibesithing ya Montreal mme a thuntsha le go bolaya basadi ba le 14. Lefa go le jalo, ntle le fa palo ya ba ba suleng e le e e tshosang, bontsi jwa dipolao tse di dirwang ka ditlhobolo, e se tsa ka boomo kana e le tsa ka boomo, ga se gantsi di begiwa mo ditulong tse dingwe tse di kwa ntle ga motse o di diragetseng mo go one.

Masaitsiweng a Tlhobolo

Badiragatsamolao ba selegae, ba puso, ba morafe, le ba meraferafe mmogo le baeteledipele ba gakgamadiwa thata ke go tlhatlhoga ga dintsho tseo di bakiwang ke ditlhobolo le dibetsa tse dikgolwane tseo di itirisang le tseo di dirisiwang ka seatla tseo di setseng di le mo diatleng tsa disenyi le batho bao ba sa itekanelang mo tlhaloganyong. Mokgatlho wa Meraferafe wa Baeteledipele ba Mapodise o lekanyetsa gore dibolao tse di tlogang go di ka nna 650 000 go ya go di le 2 000 000 tse di dirisiwang ka seatla le tseo di itirisang ka botsone “di ka nna tsa tswa di le mo diatleng tsa disenyi mo morafeng otlhe [wa U.S.A.]—setlhopha sa batho ba ba bosula se se nang le dibetsa tseo go ka diragalang gore ba thuntshane ka tsone ba na le tsone mo go bone mo e ka nnang ka metlha,” go ne ga bega jalo U.S.News & World Report.

Go lekanyetswa gore kwa United States fela, mo e ka nnang lelapa lengwe le lengwe le na le tlhobolo. Lemororo palo e e tlhomameng ya ditlhobolo tseo Maamerika ba nang le tsone e ka seka ya itsiwe ka tlhomamo, ditekanyetso tsa bosheng jaana di bontsha gore Maamerika a le dimilione di le 70 a na le mo e ka nnang ditlhobolo tse dikgolo di le dimilione di le 140 le ditlhobolo tse dipotlana di le dimilione di le 60. “Mabolokelo a morafe a dibetsa ao eseng a puso a magolo ka mo go lekaneng go ka neela mo e ka nnang monna mongwe le mongwe, mosadi mongwe le mongwe le ngwana mongwe le mongwe mo nageng eno tlhobolo e le nngwe,” go ne ga kwala jalo U.S.News & World Report. A seno se a go tshosa?

Kwa Yuropa le gone bonno jwa baagi bo fetogile go nna jo bo tshwanang le bothibelo jwa sesole. Engelane e leka go rarabolola bothata jwa yone jwa dibetsa ereka fa bontsi jwa batho ba ba sa eletsegeng ba tlhomeletse ka botlalo dibetsa. Kwa Jeremane Bophirima go fopholediwa gore bobolokelo jwa bokukuntshwane jo bo seng kafa molaong bo rekisa mo e ka nnang go feta 80 lekgolong ya dibetsa tsotlhe tse di rekisiwang. Go begwa gore di le mmalwa tsa tseno di utswilwe go tswa mo “mabolokelong a dibetsa a mapodise a Jeremane, mo mapodiseng a a disang molelwane, mo sesoleng sa Jeremane le mo mabolokelong a NATO.” Go begwa gore Switzerland e na le palo ya batho ba ba nang le dibetsa tseo eleng tsa bone ka namana e e kwa godimo go gaisa mo lefatsheng lotlhe. “Motho mongwe le mongwe wa kwa Switzerland yo o ikobelang molao a ka nna a nna le tlhobolo e eleng ya gagwe, mme monna mongwe le mongwe yo o nang le dingwaga tse di lekaneng go ya bosole o tshwanetse a nna le tlhobolo kwa gae eo e leng maatla go gaisa eo e neng ya dirisiwa go gaila batho kwa Stockton [California],” go ne ga bega jalo The New York Times ya February 4, 1989.

Malatsi a se makae pelenyana ga moo, The New York Times e ne ya bega gore kwa San Salvador, “ditlhobolo di setse di atiswa go bonwa mo dinokeng tsa banna go tshwana fela le dikgwama. Disupamakete, tseo badisa ba tsone ba lebelang mekgotha ya tsone ba tlhomeletse ka ditlhobolo, ba batla gore bareki ba tlogele dibetsa ba bone mo go bewang dilo gone mo mejakong.” Go ya ka makasine wa Asiaweek wa February 1989, puso ya Philippines “e dumalana gore naga e na le bobotlana ditlhobolo tse di senang lekwalotetla di le 189 000. Tseo, fa di kopana le di le 439 000 tse di nang le lekwalotetla, go raya gore ditlhobolo tse di mo diatleng tsa batho fela di feta kgakala tseo masole a nang le tsone, ao a nang le di ka nna 165 000 tsa ka metlha. Mme beke le beke go gapiwa dibetsa tseo eseng tsa kafa molaong tseo di romelwang kwa maemeladifofaneng a meraferafe le kwa nageng e e gaufi le metsi ya Manila.”

Canada e e nang le kagiso, koo Molao wa gone O O Thibelang Bokebekwa o gagametseng thata malebana le go nna le ditlhobolo le go di dirisa, e na le koketsego e e sa kgaotseng ya ditlolomolao tse di amanang le go dirisiwa ga ditlhobolo. Fa 1986 e ne e ya bokhutlong, go ne go na le ditlhobolo di le 860-000 kwa Canada tse di kwadisitsweng tse di leng kafa tlase ga thibelo. Seno se ne se sa akaretse dibetsa tseo di itirisang ka botsone tsa batho fela tseo ba di boneng pele ga 1978 tseo ba di ikgobokanyeditseng ka namana. Mongwe yo pele e neng e le motlhankedi wa mapodise a Canada o ne a bolela jaana: “Seo ke neng ke ka rata go se itse ke gore ke ka ntlhayang fa batho ba Canada ba ikutlwa ba tshwanelwa ke gore ba nne le tlhobolo e potlana, tlhobolo e kgolo, kana sethunya.”

Fa maloba jaana mmuso wa U.S. o ne o dirile thibelo ya nakwana ya go romelwa teng ga dibetsa tse di dirisiwang ka seatla, ditlamorago tsa seo e ne ya nna tse di neng di sa lebelelwa. Bareki ba ba tlhontseng difatlhego ba ne ba leta diuraura ba letetse go reka tseo di neng di setse di le mo mabenkeleng a ditlhobolo mo nageng eo yotlhe. “Go tshwana le semphete ke go fete ya kwa Oklahoma ya go batla ditsha,” go ne ga rialo moreki mongwe yo o neng a eme mo moleng a letetse go reka e le nngwe ya tsa bofelo mo setokong. Tseno di ne di ka rekwa ka bokana ka R260 pele ga thibelo eo. Mo letsatsing leno ba ne ba di rekisa ka mo e ka nnang R2 600 e le nngwe. “Ditlhobolo tseno di tsena le go tswa di le 30 ka letsatsi” go ne ga rialo monna mongwe yo o nang le lebenkele la tsone a itumetse. “Ba di reka tsotlhe, sengwe le sengwe lefa e ka nna eng fela seo ba ka kgonang go se tshwara,” o ne a rialo. “Seo ba se dirileng ke gore ba beile e le nngwe mo legaeng la mongwe le mongwe,” go ne ga rialo monna yo mongwe yo o nang le lebenkele la ditlhobolo.

Molao wa kwa nageng ya Florida, kwa United States, o ile wa letlelela gore ba ba nang le ditlhobolo ba ka tsamaya ka tlhobolo ba e tsentse mo lethekeng kana ba e fitlhile mo go bone. Bangwe ba boifa gore seno se tla felela ka gore go nne le dintwa tseo go thuntshanwang mo go tsone mo mebileng, e le seo se re gakologelang ka motlha wa boganana wa Bophirima. Moemedi mongwe wa Naga ya Florida o ne a bolela jaana: “Molaetsa o re o neelang batho ke wa gore, ‘Ga re tlhole re kgona go lo sireletsa, ka jalo tsamaya o ye go ithekela tlhobolo ya gago mme o dire bojotlhe jwa gago.’” Mme go ya ka tsela eo ditlhobolo di rekwang ka yone, diketekete tsa batho di dira fela jalo.

Batho ba tsenwe ke eng fa ba tsentshwa ke ditlhobolo jaana—tse dingwe tsa tsone e le tse di maatla mo eleng gore marumo a a tswang mo go tsone a ka kgona go thunyeletsa dipota tsa konkereite mme tsa thuntsha ga 900 ka motsotso, tseo di dirilweng ka boikaelelo bo le bongwe fela eleng jwa go tlhabana kwa ntweng? Batho bangwe ba bolela gore ditlhobolo di na le “masaitsiweng mangwe a go ikuela mo bathong” ao a di dirang gore di ikuele segolo setonna mo banneng. “Go na le maatla mangwe a go ikutlwa o le monna fa o na le sebetsa se se segolo go gaisa tsotlhe, se se maswe go gaisa tsotlhe le se se maatla go di gaisa tsotlhe tse di leng gone,” go ne ga rialo motlhankedi mongwe wa puso. “Thatathata mo banneng, ditlhobolo di ba dira gore ba ikutlwe ekete ba boetse bosheng jwa bone ka tsela ya masaitsiweng,” go ne ga kwala jalo mmegadikgang mongwe. Ditheo dingwe tsa dibanka di ile tsa amogela masaitsiweng ano a ditlhobolo ka go fa batho ditlhobolo tse dipotlana mo boemong jwa go duela morokotso mo makwalong a bone a go banka. Dipego di bontsha gore seno se ratwa thata ke bao ba bankang.

Lefatshe ka bophara, go rekisiwa ga ditlhobolo go ya magoletsa. Seno se tla felela kae? A e tla nna fa monna mongwe le mongwe mo setšhabeng a na le bobotlana tlhobolo e le nngwe kana tse di fetang moo? Kana a ditlhobolo ke tsa banna fela? A o ke o bone dintlha dingwe tse di kgatlhisang tse di mo setlhogong se se latelang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela