LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g90 6/8 ts. 25-26
  • Ditlhobolo—Tsela Eo E Isang Losong

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ditlhobolo—Tsela Eo E Isang Losong
  • Tsogang!—1990
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ditlhobolo—Ke Tsela Eo go Tshelwang ka Yone
    Tsogang!—1990
  • Ditlhobolo—Ga Se tsa Banna Fela
    Tsogang!—1990
  • Ditiragalo Tsa Lefatshe
    Tsogang!—2010
  • Dibetsa di Tla Laolwa Jang mo Isagweng?
    Tsogang!—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1990
g90 6/8 ts. 25-26

Ditlhobolo—Tsela Eo E Isang Losong

“BA IKAKETSA ka gore,” go ne ga rialo motlhankedi mongwe wa mapodise yo o tumileng thata, “ba tla supa mongwe ka tlhobolo mme ba tla kgona go mo thuntsha mme fa go sa diragale jalo, ba a okaoka, fela jaaka fa baofisiri ba le bantsi ba mapodise ba ke ba okaoke ka ponyo ya leitlho, mme ba duelele seo ka matshelo a bone.” Mokomisenara mongwe yo o itsegeng thata wa ipabalelo ya setšhaba kwa U.S. o ne a akgela jaana: “Batho ba le bantsi ga ba kgone go tlhaloganya ntlha ya gore go nna le tlhobolo go raya gore o nne o iketleeleditse go tshela ka ditlamorago tsa go bolaya motho yo mongwe. Fa go ka diragala gore o seka wa thuntsha mme serukhutlhi e nne sone se go thuntshang, go kotsi thata go nna le sebetsa go gaisa fa o sena sone gotlhelele.”

Kwa bofelong, go diragala seno: “Tota le eleng fa o akanya go sekae fela seo se tshwanetse sa re ruta gore go dirwa gotlhe gono ga dibetsa go tla re gogela kwa mathateng a mantsi, eseng a mannye,” go ne ga kwala jalo mosadi mongwe yo eleng mmegadikgang—ebong leloko la lelapa la monna mongwe wa lepodise mme ene ka boene e le mankge mo go thuntsheng. “A basadi bao ba rekang ditlhobolo tse di fa tse ‘dintle’ ba kile ba bona kafa boboko jo bo phampholotsweng bo leng bontle ka gone? Phelelo ya seo ga e ntle. A o kile wa bona monna yo o phampholotsweng sefatlhego ka tlhobolo?” Kana, o botsa jaana, “a o ne a ka lebisa tlhobolo kwa pelong?”

O ne o ka tabogela ka bonako go le kana kang kwa tlhobolong ya gago eo o e fitlhileng fa o ne o kgogogelwa ke senokwane ka tshoganyetso? A o ke o tlhatlhobe seo se neng sa mo diragalela ka namana: “Ka nako ya fa ke ne ke tlhaselwa—ke tlhaselwa ke monna mongwe yo o neng a sa tseye sentle mo tlhogong yo o neng a tshwakgotswe ke diokobatsi a tshwere thipa e e segang nama—e ne ya re ke ise ke bone motho yoo yo o neng a ntlhasela le pele ga ke mo utlwa ke fa thipa e setse e le mo mometsong wa me. Fa nka bo ke lekile go ya kwa tlhobolong, ke mang yo o ka bong a fentse kgaisano eno ya se mphete o a nkgagola?” Mme o oketsa ka go re: “Nka se lore le go lora ke nna le tlhobolo gore ke itshireletse ka yone. Eno ga se kgang ya gore ke eng se se siametseng go dirwa; ke kgang ya gore ke eng se se leng mosola go ka dirwa.”

Jaanong a o ke o tlhatlhobe dintlha tseno tseo di kgatlhisang thata. Mo “ntweng eo go lwanwang ka ditlhobolo mo go yone eo e diragalang sewelo ya magareng ga beng ba matlo le magodu, go diragala bonolo fela gore e nne legodu leo le itshupang le le setswerere mo go diriseng tlhobolo ya lone mme mong wa ntlo a feleletse a le mo mmotšhwareng,” go ne ga bega jalo makasine wa Time wa February 6, 1989. Go sa kgathalesege gore go nna le tlhobolo go thusa go le kana kang mo go thibelweng ga bokebekwa, mosola wa yone o koafadiwa ke dilo di le dintsi tse di tsitlisang marapo. Ka sekai, a o ke o akanye ka dipalo tsa go ipolaya. Kwa United States fela, mo lobakeng lo le longwe lwa dikgwedi di le 12, batho ba feta 18 000 ba ile ba ipolaya ka go ithuntsha.

Ga go itsiwe gore ke di le kae tsa ditiragalo tseno tseo di diragetseng ka sebaka sa nko le molomo tseo di ka bong di sa diragala fa tlhobolo e ne e seo mo sepatšheng kana mo laeng ya sepilekase. Lefa go le jalo, ke boammaaruri gore lebaka la go bo e nna e le fa gaufi ka metlha le ile la thibela batho bangwe ba ba ipolaileng ka go ithuntsha gore ba nne le nako e e lekaneng ya go akanya sentle mme gongwe ka go dira jalo ba boloka matshelo a bone. A o ke o tlhakanye palo ya batho bao ba ipolayang ka ditlhobolo ba U.S. o e tlhakanye le ya batho bao ba ipolayang jalo ba lefatshe lotlhe mme kwantle ga pelaelo palogotlhe ya bone e tla nna eo e tshosang eleruri.

Makasine wa Time wa July 17, 1989, o ne wa bega gore mo bekeng ya ntlha ya May 1989, batho ba le 464 ba ne ba bolawa ka go thuntshiwa kwa United States fela. “Monongwaga ba bangwe ba ba fetang 30 000 ba tla bolawa ka tsela e e tshwanang le ya bao,” Time e boletse jalo. Makasine ono o ne wa bega gore “batho ba le bantsi ba Amerika ba swa ka ntlha ya dintho tse di ntshitsweng ke go thuntshiwa ka tlhobolo mo dingwageng dingwe le dingwe tse pedi go gaisa bao ba suleng go tla go fitlha jaanong ba bolawa ke AIDS. Ka mo go tshwanang, ditlhobolo di lobela batho ba le bantsi ba Amerika dintshi mo dingwageng di le pedi go feta bao ba bolailweng ke ntwa yotlhe ya kwa Viet Nam.”

Batsadi bao ba nang le ditlhobolo ba tshwanetse ba ikarabelela mo baneng ba bone bao ba di dirisang go ipolaya kana go bolaya ba bangwe ka tsone. “Go tlhatloga ga palo ya batho ba basha bao ba ileng ba ipolaya ka 1988,” go ne ga kwala jalo lekwalodikgang lengwe, “go ka nyalanngwa ka tsela nngwe le lebaka la go bo go le bonolo fela jaana go nna le tlhobolo ereka bontsi jwa beng ba magae ba kgobokanya dibetsa go sireletsa magae a bone ka tsone, lepodise le ne la bolela jalo. . . . Fa e le gore o na le sebetsa mo ntlong, go na le kgonagalo ya gore ngwana o tlile go fitlha kwa se leng teng ka tsatsi lengwe.” “Ngogola [ka 1988], bana bao ba fetang 3 000 ba ile ba thuntsha bana ba bangwe,” go ne ga bega jalo pego nngwe ya dikgang ya thelebishene ya U.S. ya ka June 1989.

Batsadi, a lo itse koo ditlhobolo tsa lona di leng gone? Motsadi mongwe o ne a itse koo tsa gagwe di leng gone, mme morwawe wa dingwaga di le lesome le ene o ne a itse. “O ne a tlhatlhela tlhobolo ya ga rraagwe ya go tsoma e e maatla thata,” go ne ga bega New York Times ya ka August 26, 1989, “mme a bolaya mosetsana mongwe ka go mo thuntsha yo o neng a ikgantsha ka gore o a mo gaisa mo metshamekong ya video.” A lo itse gore ke eng se se mo selwaneng seo ngwana wa lona a kgwatlhang ka sone dijo tsa motshegare re sa balele borotho le dikukunyana fa lo mo romela kwa sekolong? A lo ka dumela gore go ka tswa go na le tlhobolo mo go sone? Batsadi ba ngwana mongwe yo o tsenang keretšhe yo o nang le dingwaga di le tlhano ba ne ba ka akanyang fa batlhankedi ba sekolo ba ne ba ba itsise gore ba ne ba tsere tlhobolo ya 6,35-calibre eo e neng e tlhatlhetswe marumo mo go morwabone kwa lebenkeleng la dijo leo le neng le tletse ka batho ba le bantsi, ka nako ya fa ba baithuti ba bangwe ba ba makgolokgolo ba ne ba ja borotho jwa bone, mashi, le dikukunyana?

Moragonyana ga moo ka 1989, ngwana mongwe wa dingwaga di le thataro yo o leng mo ngwageng wa gagwe wa ntlha kwa sekolong o ne a tshwarwa a bontsha ditsala tsa gagwe tlhobolo eo e neng e tlhatlhetswe ka marumo. Mo go yone kgwedi eo ngwana mongwe wa dingwaga di le 12 o ne a tshwarwa ka ntlha ya go bo a ne a tsamaya ka tlhobolo e e neng e tlhatlhetswe ka marumo kwa sekolong. Seno sotlhe se diragetse kwa kgaolong e le nngwe ya sekolo. Kwa Florida, moithuti mongwe ka go tlhoka lesego o ne a seka a falola matlhotlhapelo a tlhobolo eo e neng e tlhatlhetswe ka marumo eo e neng e le mo diatleng tsa ngwana. O ne a thuntshiwa mo mokokotlong ka nako ya fa mosetsana mongwe wa dingwaga di le 11 a ne a thuntsha tlhobolo e se ka boomo eo a neng a tlile ka yone kwa sekolong go tla go e bontsha ditsala tsa gagwe.

“Bana ba rona ba bannye ba ba nang le dingwaga di le thataro ba ya gae mme mo e ka nnang botlhe ba bone ba itse gore go na le tlhobolo mo legaeng la bone,” go ne ga rialo mogokgo mongwe wa sekolo. “Ba le bantsi ba bone ba ile ba bona ditlamorago tsa tlhobolo,” go ne ga rialo morutabana mongwe wa setlhopha sa mophato wa boraro. “Gongwe rre, malome kana morwarraabone ga a tlhole a le gone mo ntlong ya bone ka ntlha ya tlhobolo,” o ne a bolela jalo. Ditsamaiso dingwe tsa sekolo di ile tsa bo tsa bona fa go tlhokafala gore di tsenye dilo tsa tshipi tse di tlhatlhobang gore ba ke ba tsome ka tsone ditlhobolo tseo di tlang le bana ba bannye thata, re sa bue sepe ka tseo di tlang le bana ba bagolwane! A batsadi ga ba tshwanela go ikarabelela mo dilong tseo di dirwang ke bana ba bone, segolobogolo batsadi bao ba bonang go tshwanela gore go nne le tlhobolo mo magaeng a bone moo bana ba bone ba ka kgonang go e bona gone?

Batsadi ba ka nna ba ikgomotsa ka gore ditlhobolo tsa bone di fitlhilwe koo bana ba bone kana ba bangwe ba se kitlang ba kgona go di bona gone. Lefa go le jalo, sebe sa phiri ke gore bana ba ba suleng ba ile ba bontsha gore batsadi ba bone ba ne ba ikaketsa. Gape, a o ke o akanye ka lebaka leno le le bonwang ke mang le mang. “Ga o kake wa atlega mo go diriseng ditsela tseno ka bobedi jwa tsone,” go ne ga rialo tlhogo nngwe ya mapodise. “Fa e le gore eletota o fitlha tlhobolo ya gago gore batho bape bao ba senang molato mo legaeng la gago, bana ba gago kana baeti kana mongwe o sele, ba seka ba utlwisiwa botlhoko ke yone, he ga [o] kitla o kgona go ka fitlhelela tlhobolo eo ka nako ya maemo a tshoganyetso ao erileng fa o ne o e reka [o] neng o e rekela gore o e dirise mo go one.”

Mapodise a lekanyetsa gore fa e le gore go na le nako eo tlhobolo ya mo lelapeng e a keng e dirisiwe ka yone, “go na le makgetlo a le marataro ao go ka kgonagalang gore e bo e le fa go thuntshiwa leloko lengwe la lelapa kana tsala nngwe ka yone go feta fa go thuntshiwa senokwane ka yone,” go ne ga bega jalo makasine wa Time. “Mosadi kana mmè o ithaya a re o utlwa legodu mme o feleletsa a thuntshitse monna wa gagwe kana morwawe yo o tlileng gae thari,” go ne ga rialo mokomosasa mongwe wa ipabalelo ya setšhaba. ‘Mme he, batho ba tshwanetse ba sireletsa magae a bone jang?’ o ne a bodiwa jalo. “Gongwe tsela e e molemo go di gaisa tsotlhe eo lo ka itshireletsang ka yone ke ka go baya dilwana tsa lona mo kotsing go na le gore lo beye matshelo a lona mo kotsing. Batho ba le bantsi ba eleng dinokwane le magodu ba tletse moo go tla go utswa, eseng go bolaya. Dintsho di le dintsi tseo di nnang gone mo magaeng di bakiwa ke tlhobolo di nna gone go dirisiwa tlhobolo ya mong wa ntlo. Lefa go ntse jalo, baagi ba metsesetoropo ba tshwanetse ba leka go oketsa ipabalelo ka go bopa ditlhopha tsa ‘go disa’ tsa go thibela bosenyi.” Mme, sa bofelo, batho ba ba nang le ditlhobolo ba tshwanetse ba ipotsa gore a ba rata go bolaya motho yo mongwe e le gore ba ke ba sireletse dilo tse di mo teng ga sepatšhe kana dilo dingwe di sekae tse di tlhotlhwakgolo tse di mo legaeng.

Fa o le botlhale, ga o kitla o ganela motho yo o tshosetsang botshelo jwa gago o mo ganela ka dilo tsa gago tse di tlhotlhwakgolo. Botshelo jwa gago bo botlhokwa go gaisa dilo tseno.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela