LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g90 6/8 ts. 10-11
  • A Bakeresete Ba Tshwanetse go Dirisa Rosara?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Bakeresete Ba Tshwanetse go Dirisa Rosara?
  • Tsogang!—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Maria le Rosara
  • Thapelo le Rosara
  • Tsela Eo go Ka Buisanwang le Modimo ka Yone
  • A o Tshwanetse go Rapela Lekgarebana Marea?
    Tsogang!—2005
  • “Re Rute go Rapela”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • “Bona! Lelata la ga Jehofa!”
    Etsa Tumelo ya Bone
  • “Bona! Lelata la ga Jehofa!”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1990
g90 6/8 ts. 10-11

Maikutlo a Bibela

A Bakeresete Ba Tshwanetse go Dirisa Rosara?

“MARIA le Rosara ke ditsela tse di molemo go gaisa tsotlhe tseo go ka buisanwang le Modimo Mothatayotlhe ka thapelo ka tsone.”—Jean.

“Fa o ne o tlhoka thuso epe go tswa mo go Maria, tsela e e nang le katlego thata eo o neng o ka e bona ka yone e ne e tla nna fa o dirisa Rosara. Ke ne ke seka ke ya gope ke sa e tsenya!”—Kevin.

“Re ne re rutilwe gore o tshwanetse go rapela Modimo ka Maria.”—Jeannine, yo e neng e le moitlami wa Katoliki mo nakong e fetileng.

A go na le lebaka la mmatota la motheo la go ka nna le tsholofelo e e ntse jalo mo Rosareng? A Modimo, Keresete, kana Maria ba ile ba kgothaletsa gore e dirisiwe? Ke eng seo hisitori mmogo le Lefoko Le Le Boitshepo la Modimo di se bolelang ka yone?

Batho ba le bantsi bao ba dirisang Rosara ba dumela gore tlwaelo eno e simologile mo Bokereseteng. Lefa go le jalo, bosupi jwa hisitori bo bontsha gore tlwaelo ya go bua dithapelo tse o di tshwereng ka tlhogo le go di bala mo godimo ga sebaga sa ditalama e ne e le teng pele ga Bokeresete bo simologa. Fa The World Book Encyclopedia e akgela malebana le kafa Rosara e simologileng ka gone, e bega jaana: “Ditalama tse go rapelwang ka tsone di simologile bogologolo tala, mme gongwe ba ntlha go di dirisa ke Babuda. Babuda mmogo le Bamoselema ba a di dirisa mo dithapelong tsa bone.” The Catholic Encyclopedia e dumalana gore ditalama tse go rapelwang ka tsone di ne di tlwaelegile mo go bao e neng e se Bakeresete ka kakaretso ka makgolo a dingwaga mme di ne di na le nako e telele di dirisiwa pele ga Kereke ya Katoliki e simolola go dirisa Rosara.

Maria le Rosara

Maria o bidiwa “Kgosigadi ya Rosara E E Boitshepo.” O lebiwa jaaka yo o kgothaletsang Makatoliki gore ba “Rapele Rosara.” Rosara e e tlwaelegileng thata, eleng “Rosara ya ga Maria Kgarejana ya Mosegofadiwa,” e simologile ka lekgolo la bo 12 la dingwaga C.E. mme ya fitlhelela popego ya yone e e tlhomameng mo lekgolong la bo 15 la dingwaga. Rosara le Maria di a tsamaisana, ereka a lebiwa jaaka yo o etleetsang Rosara le yo o tsewang a le botlhokwa thata mo thapelong.

Ke ka ntlhayang fa Maria le Rosara di tsewa jaaka dilo tsa botlhokwa thata jaana? Baeteledipele ba Katoliki ba araba seno ka go supa go seno seo moengele Gabariele a neng a se mmolelela: “Dumèla wèna eo u segō thata, Morèna o na nau.” (Luke 1:28) Maria o ne a lemoga gore seabe seo a neng a na naso mo go ithwalweng ga ga Jesu mmogo le mo go tsalweng ga gagwe, lemororo se ne se le botlhokwa, e ne e se sepe fa se bapisiwa le boemo jo bo kwa godimodimo joo Morwa yoo a neng a tlile go mo tshola a neng a tlile go bo amogela. Malebana le ene morwa yoo, moengele Gabariele o ne a tswelela pele ka go bolela jaana: “O tla nna mogolo, me o tla bidiwa Morwa Mogodimodimo; me Morèna Modimo o tla mo naea setulō sa bogosi sa ga Dafide rragwè: . . . Bogosi yoa gagwè ga bo ketla bo na le bokhutlō.”—Luke 1:32, 33.

Tlhokomela gore tlhokomelo e ne e tshwanetse go lebisiwa mo go Morwa yoo a neng a tla mo ithwala—ebong Jesu, eseng mo go Maria. E ne e le ena yo o neng a tla nna mogolo ebile a tla busa jaaka Kgosi. (Bafilipi 2:9, 10) Ga go bolelwe sepe malebana le gore Maria o ne a tlhomiwa go nna “Kgosigadi ya Rosara E E Boitshepo.” Lefa go le jalo, Maria o ne a segofadiwa; o ne a nna mmagwe Jesu.—Luke 1:42.

Maria e ne e se mosadi yo o boikgogomoso, yo o batlang maemo. O ne a itumetse ebile a kgotsofetse ka go nna moobamedi yo o boikokobetso wa Modimo Mogodimodimo. Go nna boingotlo, le go nna boikobo ga gagwe go bontshiwa ke tsela eo a neng a araba moengele Gabariele ka yone fa a ne a bolela jaana: “[Ke] lelata ya Morèna.” (Luke 1:38) Mo botshelong jwa gagwe jotlhe, Maria o ile a itshupa e le mosadi yo o peloephepa yo o nang le tumelo, e le motho yo o ratang tshiamo, e le morutwa yo o thokgameng le yo o ikanyegang wa ga Jesu Keresete yo o neng a kopanela le baobamedi ka ene mo go rapeleng Modimo Mothatayotlhe ka boikokobetso. Bakeresete ba bogologolo ba ne ba rapela mmogo le Maria, ba ne ba sa rapele ene.—Ditihō 1:13, 14.

Thapelo le Rosara

Bakeresete ba leba thapelo jaaka paakanyetso e e tlhotlhwakgolo thata e e dirilweng ke Mmopi—e le mpho ya boammaaruri eo e tshwanetseng go anaanelwa thata. Thapelo ke go buisana ka tlotlo le Modimo Mothatayotlhe. E tshwanetse go bontsha maikutlo a rona a a boteng le dikakanyo tsa rona tse di tswang pelong. “Thapelo e tshwanetse go nna tsela eo motho a bontshang botsalano jwa gagwe le Modimo ka yone,” New Catholic Encyclopedia e bolela jalo. Go kokotlela Modimo le ka motlha ga e a tshwanela go fetoga tlwaelo fela e e sa boleleng sepe, ebile ga re a tshwanela go ngaparela mafoko mangwe ao re a ratang thata ao re a ithutileng ka tlhogo.—Mathaio 6:7, 8.

A Rosara e re thusa gore re dire dithapelo tse di ntseng jalo tse di nang le bokao? Jeannine o ne a akgela gore go nna a re “Dumela Maria” eleng seo se leng mo Rosareng “go ile ga fetoga selo se se boaboelediwang motho a sa lemoge.” Go boaboeletsa mafoko a le mangwe a a mo Rosareng ga go a ka ga mo atametsa gaufi le Modimo. Lydia, eleng yo mongwe yo e neng e le moitlami wa Katoliki mo nakong e e fetileng, o ne a bolela jaana: “Ga ke a ka ka bona sepe se se rutang sengwe mo go nneng ke boeletsa se se mo Rosareng. Nka bo bogolo ke ile ka itlhophela go bala dibuka tse di malebana le bodumedi.” Ga go thuse sepe go boaboeletsa dithapelo, ereka Modimo a ile a solofetsa jaana: “Pele ba e se ba bitse, ke tla araba.” (Isaia 65:24; Mathaio 6:7, 8, 32) Modimo Mothatayotlhe o anaanela mekokotlelo eo e dirwang ka maitlhomo a a siameng le eo e tswang pelong e e ikanyegang mme e dirwa ka bopeloephepa ebile o a e araba. Rosara ga e thuse motho gore a buisane le Modimo ka dithapelo tse di nang le bokao, tse di tswang pelong.—Pesalema 119:145; Bahebera 10:22.

Tsela Eo go Ka Buisanwang le Modimo ka Yone

Tsela e le nngwe fela eo e amogelesegang eo go ka buisanngwang le “Eo o utlwañ thapèlō” ka yone ke ka Jesu Keresete. (Pesalema 65:2) Jesu o ne a ruta jaana ka phepafalo: “Ke nna tsela, le boamarure, le botshelō: ga go tle opè mo go Rara ha e se ka nna.” (Yohane 14:6) Maria ga a ka a kopiwa gore a kopanele boikarabelo jono le ene mme a direle jaaka motsereganyi. Fa Maria a ka bo a ile a newa tshiamelo eno e e leng ya mofuta wa yone fela, eleruri Jehofa o ka bo a ile a itsise seo.—Bahebera 4:14-16; 1 Yohane 2:1, 2.

Rosara le go buiwa ga dithapelo tseo di ithutilweng ka tlhogo go simologile kwa mafatsheng a sele eseng ao go tweng ke a Bokeresete. Go rapela Maria ke go itlhokomolosa seo Jesu a ileng a se ruta, eleng gore “ga go tle opè mo go Rara ha e se ka [ene].” Ka jalo, Rosara le Maria ga se tsela ya Modimo ya go ka buisana le Ene ka thapelo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela