“Re Rute go Rapela”
“MORENA, re rute go rapela.” Kopo eo e ne ya dirwa ke mongwe wa barutwa ba ga Jesu Keresete. (Luke 11:1) Go bonala gore morutwa yono yo o sa bolelwang ka leina e ne e le motho yo o tseelang thapelo kwa godimo thata. Baobamedi ba boammaaruri gompieno le bone ba lemoga kafa e leng botlhokwa ka gone. Kana gone, thapelo ke yone tsela e re kgonang go reediwa ke Motho yo Mogolo thata mo lobopong ka yone! A o ko o akanye fela! “Moutlwi wa thapelo” o reetsa ka kelotlhoko dilo tse di re amang le tse re tshwenyegang ka tsone. (Pesalema 65:2, NW) Sa botlhokwa le go feta, re dirisa thapelo go leboga le go baka Modimo.—Bafilipi 4:6.
Lefa go ntse jalo, mafoko a a reng “re rute go rapela” a tsosa dipotso dingwe tse di masisi. Mo lefatsheng lotlhe ditumelo tse di farologaneng di bua le Modimo ka ditsela tse dintsi. A mme go na le tsela e e tshwanetseng le tsela e e phoso ya go rapela? Go araba seo, a re sekasekeng pele dingwe tsa dingwao tse di tlwaelegileng tse di amanang le thapelo. Re tla tlhatlhoba thata tse di dirisiwang kwa Latin America.
Ditshwantsho le “Baitshepi ba ba Sireletsang”
Bontsi jwa dinaga tsa kwa Latin America di tseneletse thata mo bodumeding. Ka sekai, kwa Mexico yotlhe motho a ka bona kafa go tlwaelegileng thata ka teng go rapela “baitshepi ba ba sireletsang.” E bile tota, go tlwaelegile gore ditoropo tsa kwa Mexico di nne le “baitshepi ba ba sireletsang” ba ba tshwarelwang meletlo ka malatsi a a rileng. Bakatoliki ba kwa Mexico gape ba rapela mefuta e mentsintsi ya ditshwantsho. Lefa go ntse jalo, gore go kopiwa “moitshepi” ofe go ikaegile ka gore moobamedi o batla go dira kopo e e ntseng jang. Fa mongwe a batla motho yo a ka nyalanang le ene, a ka tshubela “Moitshepi” Anthony kerese. Mongwe yo o tlogang a tsaya mosepele ka sejanaga a ka kopa “Moitshepi” Christopher gore a mmabalele, yo e leng moitshepi yo o sireletsang batsamai, bogolo jang ba ba tsamayang ka dikoloi.
Lefa go ntse jalo, gone dingwao tse di ntseng jalo di simologile kae? Hisitori e bontsha gore fa Ba-Spain ba ne ba goroga kwa Mexico, ba ne ba fitlhela setšhaba sa batho ba ba ineetseng mo kobamelong ya medimo ya boheitane. Mo bukeng ya gagwe ya Los Aztecas, Hombre y Tribu (Aztecs, the Man and the Tribe), Victor Wolfgang von Hagen a re: “Go ne go na le medimo ya motho ka namana, sejalo sengwe le sengwe se ne se na le modimo wa sone, tiro nngwe le nngwe e na le modimo wa yone kana modimo wa sesadi, tota le go ipolaya go ne go na le modimo wa gone. Yacatecuhtli e ne e le modimo wa bagwebi. Mo setšhabeng seno se se nang le medimo e mentsi, modimo mongwe le mongwe o ne o na le mekgwa le ditiro tse di o lebaneng.”
Medimo eno e ne e tshwana thata le “baitshepi” ba Katoliki mo e leng gore fa Ba-Spain ba sena go fenya ba ne ba leka go dira gore baagi ba koo ba “fetogele mo Bokereseteng,” mme bone ba ne ba tlogela fela go obamela ditshwantsho tsa bone mme ba obamela “baitshepi” ba kereke. Kgang nngwe ya lokwalopaka lwa The Wall Street Journal e ne ya bolela gore mekgwa ya Bokatoliki e e dirisiwang kwa dikarolong dingwe tsa Mexico e tswa mo boheitaneng. E ne ya bolela gore mo lefelong lengwe, bontsi jwa “baitshepi” ba le 64 ba ba neng ba obamelwa ke setšhaba sa koo ba ne ba tsamaisana le “medimo mengwe ya Bamaya.”
New Catholic Encyclopedia e bolela gore “moitshepi le ba ba mo obamelang ba simolola go nna le kgolagano ya go atamalana le go tshepana, . . . kgolagano eo e sa fokotseng botsalano le Keresete le Modimo mme e bo oketsa le go bo nonotsha.” Mme tota kgolagano e go bonalang sentle gore e tswa kwa boheitaneng e ka nonotsha jang botsalano jwa motho le Modimo wa boammaaruri? A dithapelo tse di isediwang “baitshepi” ba ba ntseng jalo tota di ka itumedisa Modimo?
Kwa Rosari e Simologileng Teng
Ngwao e nngwe e e tlwaelegileng e amana le go dirisiwa ga rosari. Diccionario Enciclopédico Hispano-Americano (Hispanic-American Encyclopedic Dictionary) e tlhalosa gore rosari ke “sebaga sa ditalama di le masome a matlhano kana lekgolo le masome a matlhano tse mo go tsone go tsentsweng talama e kgolwane morago ga dingwe le dingwe tse some mme sebaga seno se gokeletswe mo dintlheng ka sefapaano, mme pele ga sefapaano go tla ditalama tse tharo.”
Kgatiso nngwe ya Katoliki fa e tlhalosa kafa rosari e dirisiwang ka teng ya re: “Rosari e e Boitshepo ke mofuta wa thapelo e e buiwang e bile e le mo mogopolong kaga Masaitseweng a thekololo ya rona. E bopilwe ka ditlhopha di le lesome le botlhano tsa dithapelo. Setlhopha sengwe le sengwe se akaretsa go boeletsa Thapelo ya Morena, go rapela Hail Mary ga lesome, le Gloria Patri gangwe. Batho ba tlhatlhanya ka bosaitseweng bongwe mo setlhopheng sengwe le sengwe sa dithapelo.” Masaitseweng ano ke dithuto tsa motheo, kana dithuto, tse Bakatoliki ba tshwanetseng go di itse, tse fano di kayang botshelo, go boga, le go swa ga ga Keresete Jesu.
The World Book Encyclopedia ya re: “Mefuta ya bogologolo ya go rapela ka rosari e simologile mo Bokereseteng mo Metlheng ya Bogare, mme ya tla go anama fela mo dingwageng tsa bo1400 le bo1500.” A rosari e dirisiwa mo Bokatoliking fela? Nnyaa. Diccionario Enciclopédico Hispano-Americano e bolela jaana: “Go dirisiwa ditalama tse di tshwanang mo kobamelong ya Boiselamo, Bolama le Bobuda.” E bile tota, Encyclopedia of Religion and Religions e bolela jaana: “Go ile ga akantshiwa gore baobamedi ba ga Mohammed ba ne ba etsa Babuda ka go dirisa rosari, Bakeresete le bone ba ne ba tsaya mokgwa oo mo baobameding ba ga Mohammed ka motlha wa Botlhabanelatumelo.”
Bangwe ba ntsha mabaka a gore rosari e thusa motho fela go gakologelwa fa a tshwanetse go boaboeletsa dithapelo di le mmalwa. A mme Modimo o amogela go dirisiwa ga yone?
Ga re tlhoke go fopholetsa kana go ngangisana ka gore a dingwao tse di ntseng jalo di a tshwanela kana di a utlwala. Jesu o ne a neela karabo e re ka utlwang ka yone fa a ne a kopiwa go ruta balatedi ba gagwe go rapela. Se a neng a se bolela se tla re fa lesedi gongwe e bile se gakgamatse babadi bangwe.
[Ditshwantsho mo go tsebe 3]
Bakatoliki ba le bantsi ba dirisa ditalama tsa rosari. Di simologile kae?