Ka Moo O Ka Dirang go Le Gontsi ka Gone mo Nakong E Sekae Fela
‘Nako e ile kae?’
Ke makgetlo a le kae o iphitlhela o botsa potso eo? Fa e le gore o ntse jaaka batho ka bontsi, gongwe o e botsa gantsi thata go feta kafa o ka gakologelwang ka gone.
Mo kgannyeng e e latelang go neelwa dikakantsho tsa go ya ka tsela eo mosadi a lebang dilo ka gone, mme lefa go ntse jalo ereka basadi le banna ba na le nako e e lekanang mo bekeng nngwe le nngwe, potso e e reng, ‘Ke ka dira jang gore ke dire go le gontsi mo nakong eo ke nang le yone?’ ke eo banna le basadi ba neng ba ka rata gore e arabiwe.
Dira Gore Dilo Tseo Eleng tsa Botlhokwatlhokwa E Nne Tsone Tse Di Tlang Pele
Ereka tiro nngwe le nngwe mo botshelong e batla nako, go na le dilo tseo ka tlholego fela di tshwanetseng tsa tla kwa pele ga tse dingwe. Ka sekai, mo mosong o o tsididi wa mariga, ga go na sepe seo mmè a ka ratang go se dira fa e se gore a nne lobakanyana mo dikobong tsa gagwe tse di bothitho fela. Mme tshupanako e bontsha gore ke nako ya gore a baakanye sefitlholo le go baakanyetsa monna wa gagwe gore a ye tirong le gore bana ba ye sekolong.
Dilo tse di botlhokwatlhokwa di tshwanetse tsa bewa kwa pele e le gore dilo di tsamaye ka tshwanelo mo lelapeng la gago. Go na le nako ya go ya go reka dijo le ya go di apaya; go na le nako ya go phepafatsa ntlo le nako ya go tlhatswa diaparo; go na le nako ya go ikhutsa le nako ya go ithuta; nako ya go lebelela tiro ya bana ya sekolo le ya go dira ditiro tsa mo gae—jalo le jalo.
A o dira tiro ya boitshediso? Fa go le jalo, ereka o na le ditiro tse di oketsegileng tseo o tshwanetseng wa di dira, nako e nna botlhokwatlhokwa le go feta mo go wena. Ga o kake wa batla go e senya, mme ebile ga o kake wa tlhola o buseditse dilo kwa morago o re o tla di dira letsatsi lengwe. Ke ka ntlha ya moo basadi ba le bantsi ba dumalanang gore eleruri go tlhokega gore ba nne le thulaganyo fa e le gore ba batla gore tiro ya bone e dirwe.
“Fa e le gore ke ne ke sena thulaganyo eo ke e latelang letsatsi le letsatsi,” go rialo Josephine yo eleng mmè wa bana ba le barataro bao dingwaga tsa bone di tlogang go di le 2 go ya go di le 15, “ke ne ke sa kake ka kgona go fitlhelela mekgele ya me ya letsatsi le letsatsi.” Sandra, yo o nang le bana ba le bararo, o dira tiro ya boitshediso ka diura di le 25 ka beke, mme o dumalana jaana: “Aitsane, fa e le gore nkabo ke sena thulaganyo, ke akanya gore ke ne ke tla feletsa ke ja ditlhare ka meno.”
Mo godimo ga moo, dilo tsa botlhokwatlhokwa tse di tshwanetseng tsa tla pele kwantle ga pelaelo o di rulaganya go ya ka tsela eo o lebang botlhokwa jwa nako ka boyone ka gone. Go ntse jalo ka Lola. Ga a tlhokomele monna wa gagwe fela mme gape o senya diura di ka nna 90 go ya go di le 100 ka kgwedi mo tirong ya gagwe ya go ruta Bibela. O tlhalosa jaana: “Nako e botlhokwa thata mo go nna. Ke akanya gore ke selo se se siameng gore ke seka ka dira gore batho ba eme ka nna. Mme fa bao ba ka tswang ba le botlhaswa ka nako ba bona gore ke tsaya nako jaaka selo sa botlhokwatlhokwa, ba simolola go tlotla nako ya me thata.”
Rulaganya Dilo Tseo O Di Dirang
Ke ka ntlhayang fa basadi bangwe go sena nako epe eo go bonalang ba swetsa seo ba se dirang ka yone? Kana ke ka ntlhayang fa bangwe ka metlha ba ngongorega ka gore ga ba na nako? A lebaka le lengwe la seno e ka tswa e le gore ga ba kgone go rulaganya tiro ya bone? Mo metlheng e e fetileng go ne go tsaya basadi letsatsi lotlhe go tlhatswa diaparo mme la bobedi a le dirisetsa go di sedila, mme mo godimo ga moo ba ntse ba ya go reka le go apaya letsatsi le letsatsi. Lefa go le jalo, mo dinageng di le dintsi gompieno mosadi a ka kgona go phepafatsa ntlo, a tlhatswa diaparo le go di omisa a bo a apaya ka nako e le nngwe fa a rulagantse dilo. Dilo tsa segompieno tse di tlhofofatsang tiro di ile tsa golola basadi ba le bantsi gore ba dire tiro ya boitshediso mme ba santse ba kgona go tlhokomela dilo tse lelapa le di tlhokang.
Mme go tweng ka nako eo o e dirisang o seo mo gae? Karolo e kgolo ya yone, go sa balelwe nako eo o e senyang o le mo tirong tota, o e senya o le mo tseleng o ya tirong kana o tswa kwa go yone, o letile mo diofising tsa dingaka kana tsa dingaka tsa meno le o le gongwe go sele. A o ka dirisetsa bontsi jwa nako eno sengwe? Ka sekai, a o itse go loga, go roka, kana go kgabisa? A o ka rulaganyetsa gore dingwe tsa ditalente tseno o di dire ka dinako tseno le kwa mafelong ano? Basadi ba le bantsi ba a bala, ba dira manaane a dilo tseo ba batlang go di reka, kana ba kwala makwalo. Totatota, nako e e tlang fa o dula o bogela thelebishene, ke ka ntlhayang fa o sa nne o ntse o roka sengwenyana kana wa nna o ntse o direla lelapa sengwe? Ba ka nna ba anaanela dilo tseno go gaisa tse di rekilweng kwa mabenkeleng, mme o tla nna le bosupi jo bo utlwalang jwa gore ga o senye nako ka gope!
Lefa go le jalo, go na le se sengwe gape seo se leng malebana le kgang eno. Motho o tshwanetse a tila go gagamatsa dilo thata a leka go dirisa motsotso mongwe le mongwe. O ka tloga wa fetoga lekgoba la nako, mme seno se tla go tseela boipelo. Go na le dinako tseo ka tsone motho a batlang go dula fela a didimetse mme a tlhatlhanya ka seo a se dirileng. Dinako tse di ntseng jalo e ka nna tse di botlhokwa eleruri!
Molaomotheo one ono o ka dira fa go tsenwa mo go bolokeng madi. Go tlhokega tekatekano. O ka nna wa tsamaya toropo yotlhe o leka go boloka madinyana a sekae, mme o bo o senya nako e ntsi le peterolo o dira jalo. Legale, fa e le ka nako eo o batlang go somarela thata mo go yone, go botlhokwa gore o boloke madi. Ka jalo gongwe fa o reka mo lebenkeleng lengwe le go rekwang ka metlha kwa go lone seno se ka thusa. O itse kwa dilwana tse di rekwang di leng gone (eleng seo se go bolokelang nako), mme o itse le nako eo dithekisosesolo di nnang gone ka yone (eleng seo se go bolokelang madi).
Go Tlhopha Nako E E Molemolemo
Mosadi mongwe le mongwe o na le nako e eleng ya gagwe e e mo teng ga gagwe. Bangwe ba bereka botoka fa go le mo mosong; ba bangwe ga ba kgone go bereka sentle go fitlhelela ka thapama. Fa e le gore o motho yo o berekang botoka mo mosong, dira gotlhe mo o ka go kgonang gore o rulaganyetse ditiro tsa gago tse di boima tsa mo gae ka nako eo. Ntsha bojotlhe jwa gago ka dinako tseo o kgonang go bereka botoka ka tsone. Fa e le gore o dira tiro ya boitshediso, ke ka ntlhayang fa o sa buisane le mothapi wa gago? Seo se tla go tswela molemo mme le ene se tla mo tswela molemo fa o rulaganyetsa nako ya gago go ya ka seo. Fa, kafa letlhakoreng le lengwe, o bereka ka go ikgoga mo mosong, beela tiro ya gago e e botlhokwatlhokwa mo nakong ya moragonyana fa o kgona go bereka botoka.
Mary ke motho yo o kgonang go bereka botoka mo mosong. O tsaya nako eo a e dirisang a le mo bodiheding jwa gagwe jaaka karolo e e botlhokwatlhokwa ya letsatsi la gagwe. Ka jalo o na le tiro eo a e dirang ya boitshediso e e sa tseyeng letsatsi lotlhe ya mo thapameng. Seno se mo kgontsha gore a dirise diura tsa gagwe tse di molemolemo mo tirong ya gagwe ya go ruta Bibela. A o ka dira sengwe se se tshwanang le seno ka thulaganyo ya gago?
O Seka Wa Batla go Dira Dilo Tse Di Sa Kgonegeng
Gore thulaganyo ya gago e nne mosola go ka dirisiwa, ga ya tshwanela go nna le dilo tse dintsintsi thata tse di tshwanetseng go dirwa. Fa o batla go nna Mmè wa Maemo A A kwa Godimo, Mosadi, kana Modiri wa Maemo A A kwa Godimo seno se ka felela ka gore o kgobege marapo le ka gore o tseane fela o sa itse gore o direng. Go ntse jalo segolobogolo fa e le gore o na le mathata a pholo. Ithute go dira seo o ka kgonang go se dira.
Dolly, yo o nang le bolwetsi bongwe jo bo ganang go fola, o tlhalosa jaana: “Nako ya me ke e rulagantse go ya ka seo monna wa me a se dirang. Ke modihedi yo o etang. Ereka re nna mo ntlwaneng e e tsamayang, fa a fetsa go dira tiro ya gagwe, ke dira ya me. Bolwetsi jwa me bo nkganela go dira sotlhe seo ke ratang go se dira. Mme ka nako eo ke kgonang ka yone, bodihedi jwa me ke jone bo tlang pele. Dilo tse dingwe tse di mo gae di tlogelwa di sa dirwa mo tsatsing leo.”
Nna Motho Yo O Fetofetogang
Selo seo se tsenyang maikatlapelo ao mosadi a nang le one mo tekong ke tsela eo a berekang ka yone fa a le kafa tlase ga kgatelelo mo maikutlong. Fa a ka kgona go nna a ritibetse maikutlo fa a le mo mathateng, o tla kgona go dira go le gontsi go gaisa fa ba rwala matsogo mo tlhogong.
Sandra o ne a bona sephiri sa go laola kgatelelo ya mo maikutlong. O bolela jaana: “Fa maemo a tshoganyetso a tlhaga mme ke ikutlwa ke faraferwe, ke diga moya fela. Ke a itse gore seno se utlwala jaaka selo se se sa tlwaelegang, mme se a thusa. Fa ke sena go ipaya kafa tlase ga taolo, morago ga moo ke tlhomamisa gore ke eng seo se tlhokang go dirwa pele. Fa ke sa dige moya, ga nkake ka kgona go baya dilo tse di tshwanetseng go tla pele kwa pele. Fa ke setse ke rulagantse dilo tseno, jaanong ke dira ditiro tsa me ka bofefo gore ke kgone go ka rarabolola boemo joo jwa tshoganyetso mme ke kgona go fetsa tiro. Ka sekai, ka nako nngwe baeng ba ne ba goroga diura di sekae pele ga nako ya dijo. Mo boemong jwa gore ke rwale matsogo mo tlhogong, ke ne ka apaya mme ke ntse ke dira bojotlhe kafa ke neng ka kgona ka gone go ba ntsha bodutu. Botlhe ba ne ba phuthologile mme ba itumetse.”
Bona Thuso
Motho mongwe o kile a bolela gore motsamaise wa tiro yo o ba gaisang botlhe ke yo o dirang gore a nne le ba le bantsi bao ba nang le bokgoni ba ba mo thusang. A o letla ba bangwe gore ba go thuse mo tirong? Fa ba ba dirang mmogo le wena ba itse gore o anaanela thuso ya bone, ba ithaopela seo kwantle ga go etsaetsega. Go ntse jalo le kwa gae. Sebe sa phiri ke gore, basadi bangwe ke bommamalapa le baapei ba ba ditswerere thata mo eleng gore ga ba batle go thusiwa. Mme jone boikutlo joo e ka nna ya nna jone jo bo bakang gore basadi bangwe le bommè bangwe ba a bo ba ntse ba faraferwe ke tiro fela mme maloko a malapa a bone one a dutse fela go bonala seo se sa ba tshwenye.
Mme go tweng ka wena? Fa o tlhoka thuso, a o kgothaletsa ba bangwe gore ba go thuse? A o kopa thuso, kana o e batla ka kgang? “Ke kopa gore o . . . tswee tswee” e utlwala e ikuela thata go gaisa “Ke batla gore o”—go sa kgathalesege gore a o bua le bana ba gago kana le monna wa gago.
Mosadi mongwe, fa a ne a akgola monna wa gagwe a mo akgolela tsela eo a tleng a mo thuse ka yone, o bolela jaana: “Eleruri ke a mo akgola mo go seo. Fa ke sa ikutlwe sentle, o nthaya a re ke ye go robala, mme o apaya dijo tsa maitsiboa; ene le bana botlhe ba tsenya letsogo mme ba thusa go dira ditiro tsa mo gae. Eleruri ke anaanela seo!”
Abo seno e le boikutlo jo bo molemo jang ne jo lelapa le tshwanetseng la nna le jone! Mme motho wa konokono mo boemong jono ke mmè. A ka thapisa bana ba gagwe gore ba lemoge ka moo nako eleng botlhokwa ka gone le gore ba nne le boikutlo jo bo molemo ka tiro. Bana ba ba ntseng jalo gantsi ba tla rata go thusa gonne ba ipelela go nna le seabe mo mokgeleng oo lelapa le lwelang go o fitlhelela.
Lefa go le jalo, batho bangwe ba tlile go nna ba senya nako go sa kgathalesege gore ba bangwe ba a reng kana gore ba dirang. Ga re kake ra ba fetola; seo re ka se dirang fela ke go itokafatsa rona ka borona. Re ka ikemisetsa go tsaya nako kafa e ntseng ka gone, re rulaganye dilo ka tsela e e botoka, re rulaganye dilo tse di tshwanetseng tsa tla pele ka tshwanelo, mme re bone thuso fa e tlhokafala.
[Ditshwantsho mo go tsebe 30]
O tshwanetse wa baya dilo tse di tshwanetseng tsa tla pele kwa pele fa o batla gore dilo di tsamaye ka tshwanelo mo lelapeng la gago