A Ke Tla Tsaya Sentle Ereka Ke Na le Motsadi A Le Mongwe Fela?
PELE ga ba ba fetang sephatlo mo baneng botlhe ba kwa United States ba tshwara letsatsi la bone la matsalo la bo 18, ba tla nna dingwe tsa dingwaga tsa bone ba le mo legaeng le le nang le motsadi a le mongwe. Gone jaanong, basha ba le dimilione di le 12—a le 1 mo go ba le 5 kwa United States—ba setse ba nna mo go one. Lelapa le le nang le motsadi a le mongwe ka gone le ile la bidiwa “mokgwa wa lelapa o o golang ka lebelo go gaisa otlhe” kwa United States. Ereka dipalopalo tse di tswang kwa merafeng e mengwe di se kwa morago ga tseno go le kalo, seno se ka nna sa itshupa se ntse jalo le lefatshe ka bophara.
Go anama ga malapa ao a nang le motsadi a le mongwe go dirile go le gontsi go fokotsa leina le le seng monate leo a neng a na le lone mo metlheng ya pele. Lefa go ntse jalo, jaaka fa mosha mongwe a ile a tlhalosa seno, basha ba le bantsi ba tshwanelwa ke gore ba “lwe le maikutlo a a seng kana ka sepe” gore ba ke ba lebane le botshelo mo legaeng le le nang le motsadi a le mongwe ka katlego. Ba bangwe ebile ba boifa gore ba tla golafala kana ba sa tseye sentle ka tsela e e rileng ka ntlha ya gore ba na le motsadi a le mongwe fela kwa gae. A dipoifo tse di ntseng jalo di tshwanetse?
Lebaka la Go Bo Malapa A A Nang le Motsadi A Le Mongwe A Le Teng
Ga se ba le bantsi bao ba ka ganelang gore fa o na le rre le mmè ba ba lorato kwa gae ke boemo joo mongwe le mongwe a ka ratang go nna le jone. Mmopi wa rona o ne a ikaeletse gore go nne jalo. (Genesise 1:27, 28) Baefesia 6:1 e tlhalosa seno go ya pele ka phepafalo fa e bolela jaana: “Bana, utlwañ batsadi ba lona mo Moreneñ: gonne mo, go siame. Tlotla rrago le mmago.”
Mme lefa go ntse jalo ka ntlha ya mabaka a a rileng, o ka nna wa tswa o timilwe boemo joo jo bo batliwang ke mang le mang. Ka ntlha ya maemo mangwe a a sa lebelelwang, mongwe wa batsadi ba gago a ka tswa a sule. (Moreri 9:11) Matlhotlhapelo a a ntseng jalo a ne a diragala le eleng mo metlheng ya Bibela, lefoko le le reng “lesiela” le tlhaga makgetlo a le 40 mo Dikwalong. (Bapisa Duteronome 24:19-21.) Kana mongwe wa batsadi ba gago a ka nna a tswa a seo mo gae ka ntlha ya go bo a bereka kwa moseja ga mawatle. Kafa letlhakoreng le lengwe, maemo a mangwe, a a ntseng jaaka go sa ikanyege mo maikanong a lenyalo, e ka nna ya tswa e le one a bakileng gore batsadi ba gago ba kgaogane kana ba tlhalane. (Mathaio 19:3-6, 9) Go ka nna ga diragala gore mmaago, pele ga e nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o ne a ithwala a ise a nyalwe mme a itlhophela gore a go godise a le esi.
Lefa go ntse jalo, ga go na sepe seo o ka se dirang ka boemo jwa lenyalo jwa batsadi ba gago, mme ebile ga go tlhokafale gore o sikare mokgweleo wa molato jaaka ekete ke molato wa gago; le gone ebile ga o a tshwanela go tlhabiwa ke ditlhong fa e le gore o ile wa ithwalwa batsadi ba gago ba sa nyalana. Fa e le gore mmago ke motlhanka yo o ineetseng wa ga Jehofa Modimo, ke kgale a itshwaretswe diphoso tsa gagwe tsa mo nakong e e fetileng. (Bapisa Baefesia 2:2, 4.) Mme le eleng fa e le gore ga a ise a kope Modimo gore o mo itshwarele, seno ga se go thibele gore o seka wa nna phepa mo matlhong a Modimo.—1 Bakorintha 8:3.
Gone ke boammaaruri, o ka nna wa lebana le mathata ao e leng a mofuta wa one fela mmogo le dikgwetlho tseo eleng tsa mofuta wa tsone fela fa o golela mo legaeng le le nang le motsadi a le mongwe fela. Mme lefa go ntse jalo jaaka fa buka ya How to Live With a Single Parent e akgela jaana: “Bontsi jwa mathata ao bana [ba ba nang le motsadi a le mongwe] ba nang le one . . . a ka nna a bakiwa ke tsela e e sa siamang le ya go ikgobatsa eo ba itebang ka yone.” Go akanya go go ntseng jalo ga ka tsela e e sa siamang go tswa kae, mme o ka go fedisa jang?
A Fa Magae A Thubegile Matshelo le One A A Thubega?
‘Diphelelo tsa legae le le thubegileng,’ ‘lelapa le le kgaoganeng,’ ‘lelapa le le sa felelang,’ ‘lelapa le le makgaoganyane’—gongwe o ile wa utlwa lelapa la lona le bidiwa ka maina ano a a sa siamang. Mme lemororo dikakgelo tse di ntseng jalo di timogile bogale ka ntlha ya go dirisiwa kgapetsa kgapetsa, di santse di ka go tlhaba mo go botlhoko.
Tsela eo ba bangwe ba go tshwarang ka yone le yone e ka dira gore o nne le maikutlo a a sa siamang ka lelapa la lona. Ka sekai, barutabana bangwe ba ile ba bontsha go sa amege ka gope ka baithuti bao ba nang le motsadi a le mongwe. Ba bangwe ebile go itsege gore ba dumela gore ke selo se se itiragalelang fela gore basha ba ba ntseng jalo botshelo jwa bone jwa lelapa e nne jo eseng jwa tlholego le gore ba bonako go bona boemo jwa legae la bana bao molato fa bana bao ba nna le bothata lefa e ka nna bofe fela jwa boitshwaro. Go a utlwala gore fa ka gale o dirwa gore o ikutlwe gore lelapa la lona ke leo e seng la tlholego go ka go tlatsa ka ditlhobaelo malebana le pholo e e molemo ya maikutlo a gago ka namana.
Mme lefa go ntse jalo a ke selo se se itiragalelang fela gore o nne mo kotsing ya gore o nne le mogopolo kana maikutlo a boleng jo bo kwa tlase e le fela ka ntlha ya gore o nna mo legaeng le le nang le motsadi a le mongwe? Le eseng! Journal of Marriage and the Family e dumela gore “go latlhegelwa ke motsadi go ka nna ga tlisa lobaka loo o golang ka iketlo ka lone” kwa tshimologong. Lefa go ntse jalo, gantsi lobaka lono lo “salwa morago ke nako eo ka yone ngwana a golang go fitlha a tshwara dithaka tsa gagwe mo go lone, kana le eleng go di feta.” (Mokwalo o sekameng ke wa rona.) Setlhogo seno se ne sa konela ka go re: “Go dumela ka kakaretso fela gore lelapa le le nang le motsadi a le mongwe ka kakaretso le nna le diphelelo tse di sa siamang, tse di tsayang lobaka lo lotelele mo baneng botlhe ga go na mabaka a a go tshegetsang.” Setlhogo se sengwe mo go lone lekwalopaka leno le sone ka mo go tshwanang se ne sa bega gore patlisiso “ga e tshegetse ka gope kgopolo e e tumileng ya gore ‘magae a a thubegileng a tlhagisa basha ba matshelo a bone a thubegileng.’”
Lemororo dintlha tse di ntseng jalo di ka nna tsa go kgothatsa ka tsela e e rileng, maikutlo a a sa siamang a ka nna a nna a tlhaga nako le nako. O ka a lwantsha jang ka katlego?
Go Lwantsha Maikutlo A A Sa Siamang ka Katlego
Kgato ya ntlha e tla nna ya gore o ithute go amogela boemo jo o leng mo go jone. Ke boammaaruri, ke selo sa tlholego gore o utlwe botlhoko le go ikutlwa gore o latlhegetswe fa e le gore batsadi ba gago ba tlhalane kana fa e le gore motsadi yo o rategang o sule. Sarah yo o nang le dingwaga di le lesome le boraro, yoo batsadi ba gagwe ba neng ba tlhalana fa a ne a na le dingwaga di le lesome, o kgothaletsa seno: “O seka wa tlhola o ratharatha ka pelo ka boemo joo o leng mo go jone, o na le matshwenyego a ‘go tweng fa,’ kana wa akanya gore mathata ao o nang le one o na le one ka ntlha ya legae la gago le le nang le motsadi a le mongwe, kana le eleng gore bana bao ba leng mo magaeng a a nang le batsadi ba le babedi ba tlhaba kgobe ka mmutlwa.”
Ntlha ke gore, le eleng lelapa “leo botlhe ba ratang go ka nna le lone” ga go ke go diragala gore le seka la nna le mathata. Mme go na le gore o lebe lelapa la lona jaaka le eseng la tlholego, o ka le leba fela jaaka le le farologaneng le a mangwe, jaaka sengwe seo go senang lebaka la gore ke se se sa siamang mme e le fela gore ga le tshwane le a mangwe. Se sengwe seo le sone se leng botlhokwa ke gore o seka wa letla gore dikakgelo—kana go sa nneng teng ga tsone—tseo di dirwang ke batho bao ba di dirang ka maikaelelo a mantle gore di tsose maikutlo a a sa siamang mo go wena. Ka sekai, ba bangwe ba a etsaetsega go dirisa mafoko a a ntseng jaaka “rre,” “lenyalo,” “tlhalo,” kana gongwe “loso” fa o na le bone, ba boifa gore mafoko ano a tla go kgopisa kana a tla go tlhabisa ditlhong. O seka wa dira jaaka ba dira. Tony yo o nang le dingwaga di le lesome le bonè, yoo a iseng a ke a tsamaye a itse rragwe wa mmatota, o bolela jaana: “Fa ke na le bao go lebegang ba itoma maleme fa ba tshwanela go dirisa mafoko a a rileng, ke ne ke atisa go tlhamalala fela mme ke bo ke a dirisa.” O oketsa jaana: “Ke batla gore ba itse gore boemo joo ke leng mo go jone ga bo ntlhabise ditlhong.”
Go Bona Melemo ya Lone
Gape go botlhokwa gore o tile go tlhola o ratharatha ka pelo malebana le kafa dilo di ka bong di ntse ka gone kana kafa di neng di ntse ka gone pele. (Moreri 7:10) Go na le moo tlhoma mogopolo wa gago mo dikarolong tse di molemo tsa botshelo. Ka sekai, gongwe mmaago o tshwanela go dira tiro ya boitshediso.a Ka ntlha ya seo, gongwe o rwele maikarabelo a le mantsi mo gae. “Go rwala maikarabelo mo legaeng,” go bolela jalo Melanie yo o nang le dingwaga di le 17, “go dira gore o nne le maikutlo a segolo ka bonako go feta bana ba bangwe ba ba nang le dingwaga tse di lekanang le tsa gago bao ba leng mo malapeng a a nang le batsadi ba le babedi, bao ba ka tswang ba na le boikarabelo jo bo kwa tlase ga joo.” Bomankge ba dumalana le seno. Moithutaloago wa kwa Harvard University ebong Robert S. Weiss o bolela gore basha ba ba tswang mo magaeng a a nang le motsadi a le mongwe “gantsi o fitlhela ba godile mo maikutlong go feta ba bangwe, ba kgona go ikemela ka bobone,” ebile “ba na le maitseo.” Tseno ke dinonofo tse di botlhokwa, mme boemo jwa lelapa la gago bo ka go thusa gore o nne le tsone.
Gape o ka nna wa nna le lefoko mo ditshwetsong tseo lelapa le di dirang, ereka gantsi batsadi bao ba leng bangwe ba leba bana ba bone jaaka batho bao ba ba tshepang bao ba ka ba ntshetsang mafatlha a bone. Lefa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe o ka nna wa tshwanelwa ke gore o gakolole motsadi wa gago gore o santse o le ngwana le gore dikgang tse di leng boima go sekae go ka nna botoka fa di tlotlwa le mongwe yo o nang le boitemogelo go go feta, yo o ntseng jaaka mogolwane wa Mokeresete. Le fa go ntse jalo, go na le dikgang di le dintsi tseo lo ka di tlotlang mmogo ka tshwanelo, go akaretsa le mathata ao o ka lebanang le one ka namana. Go dira jalo go go dira gore o atamalane le motsadi wa gago go ka nna ga leleka maikutlo a a sa siamang. Melanie, yo o ileng a umakiwa pelenyana, o bolela jaana: “Fa e sale ka batsadi ba me ba tlhalana, nna le mama re kgona go buisana eletota; re fetogile ditsala tse di ntshanang se inong.”
Seno ga se bolele gore ga o kitla o lebana le mathata. Mme lefa go ntse jalo o ka bona molemo ka go lebana le masetlana. Bibela e bolela jaana: “Go molemō mo monneñ [kana mo mosading] go rwala yokwe mo bokauñ [kana mo bokgarebeng] yoa gagwè.” (Dikhutsahalō 3:27) Fa o rwala jokwe ya gago, kana morwalo wa mathata a gago, seo se ka kopanyeletsa go lebana le masetlana ao o lebanang le one mo legaeng le le nang le motsadi a le mongwe. Lefa go ntse jalo, gakologelwa gore ga o a rwala jokwe eo o le esi. Kgosi Dafide yo o ikanyegang o ne a bolela jaana: “Gonne [“lefa,” NW] rrè le mmè ba [ka ntatlha, NW], . . . Yehofa o tla nchola.”—Pesalema 27:10.
Lefa go ntse jalo, se se kgatlhisang ke gore thuso e e ntseng jalo e e tswang kwa Modimong motsadi wa gago yo o setseng a ka kgona go go e neela. Fa o mo reetsa mo maitekong a a ntseng jalo, o ka kgona go gola o tsaya sentle mme wa tshela botshelo jo bo busetsang jwa Bokeresete. Wayne, yoo jaanong eleng mogolwane wa Mokeresete, o gakologelwa jaana: “Ke ne ke na le dingwaga di le robedi fa rre a ne a swa, mme Mmè o ne a tshwanelwa ke gore a ye mmerekong. Gantsi o ne a tla gae a lapile ebile a feletswe ke maatla. Mme lefa go ntse jalo ka metlha o ne a tlhomamisa gore re nne le dithuto tsa ka metlha tsa lelapa tsa Bibela le gore re nne gone kwa dipokanong tsa Bokeresete re le mmogo. Fa ke leba kwa morago, se nka se dirang fela ke go leboga Jehofa go bo ke nnile le mmè yo o ntseng jalo yo o intshang setlhabelo.”b
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Go feta 90 lekgolong ya malapa a a nang le motsadi a le mongwe kwa United States ditlhogo tsa one ke bommè.
b Ditlhogo tsa mo isagweng di tlile go sekaseka dikgwetlho tse dingwe tseo go lebanwang le tsone mo legaeng leo le nang le motsadi a le mongwe.
[Setshwantsho mo go tsebe 21]
Ga go tlhokafale gore lelapa le le nang le motsadi a le mongwe e nne le le sa itumelang