LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g91 1/8 ts. 19-21
  • Ke Ka Itumela Jang Ke Nna le Motsadi A Le Mongwe Felafela?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Ka Itumela Jang Ke Nna le Motsadi A Le Mongwe Felafela?
  • Tsogang!—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Boleng—Eseng Palo
  • Go Mametlelela ka Se Sennye
  • Kafa O Ka Rwalang Mokgweleo ka Gone
  • A Nka Itumela Le fa Ke Nna mo Lelapeng la Motsadi yo o Esi?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo ya 2
  • A Ke Tla Tsaya Sentle Ereka Ke Na le Motsadi A Le Mongwe Fela?
    Tsogang!—1990
  • Ke ka Kgona Jang go Thusa Motsadi Wa Me Yo O Mongwe Fela?
    Tsogang!—1991
  • Nka Tshwara Jang Motsadi Wa me Yoo A Tlogetseng Legae?
    Tsogang!—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1991
g91 1/8 ts. 19-21

Basha ba Botsa Jaana . . .

Ke Ka Itumela Jang Ke Nna le Motsadi A Le Mongwe Felafela?

“Bana ba ba nang le batsadi ba le babedi ba ka kgona go nna le diphaposi tsa bone tsa borobalo le go reka diaparo tse dintšha. Mme nna ke tshwanela go kopanela phaposi ya borobalo; ga se gantsi ke nna le mofuta o ke o ratang wa diaparo. Mmè a re a ka seke a kgone go di reka. Ka ntlha ya ditiro tsotlhe tse ke tshwanetseng go di dira mo ntlong fa a ile tirong, ke ikutlwa o kare ke mmereki—jaaka ekete ke tsiediwa karolo ya me ya bongwana.”—Shalonda, yo o dingwaga di 13.

LEGAE le le nang le batsadi ba babedi le a eletsega. Batsadi ba babedi ba ba lorato gantsi ba ka neela kaelo, pabalelo, le tshegetso tse di oketsegileng go feta la a le mongwe. “Batho go nna babedi go molemo bogolo go a le mongwe fela,” go rialo Bibela, “ka gonne ba ka dira tiro e e molemo go gaisa mmogo.”—Moreri 4:9, Today’s English Version.

Ga go gakgamatse, he, gore lemororo malapa a a nang le motsadi a le mongwe fela a ntsifala ka bofefo jaana, basha ba le bantsi ba ikutlwa ba tlhabiwa ke ditlhong go nna mo malapeng a a ntseng jalo. Ba ka ikutlwa e le gore ga ba ipaakanyetsa go emelelana le dikgatelelo le mathata ao botshelo jo bo ntseng jalo bo ba thulanyang le one. Go tweng, he, fa maemo a o ka se keng wa a laola a go rontsha lorato le tlhokomelo tsa mongwe wa batsadi ba gago? A o lebanwe fela ke matlhomolapelo? Eseng jalo tota.

Seno se amana thata le kafa o lebang boemo ka gone. Diane 15:15 ya re: “Malatsi aotlhe a ba ba patikwañ a boshula: me eo pelo ea gagwè e yañ monate o na le modihō o o sa khutleñ.” Tumalanong le molaomotheo ono, Dr. Helen Mendes a re: “Malapa a a nang le motsadi a le mongwe a tshwanetse gore a itsee e le ditlhopha mme ba itebe jaaka malapa a a bopaganeng,” eseng magae a a thubegileng. O oketsa ka gore: “Malapa a a ntseng jalo a nna le boikutlo le pono tse di farologaneng gotlhelele ka botshelo fa a simolola go itsaya e le dikarolo tse di amogelesegang mo setšhabeng.” A mme go a utlwala go nna le pono e e tlhomameng jalo?

Boleng—Eseng Palo

Babatlisisi ba lekwalopaka la Family Relations ba re gakolola jaana: “Go nna gone ga batsadi ba babedi mo legaeng ga se tlhomamisetso ya gore lorato, kgodiso e e tshwanetseng le kaelo e e botlhale di a neelwa.” Gape ba re: “Motsadi a ka nna teng mo gae ka mmele mme gantsi a seo ka tlhaloganyo [mogopolo].” Ka jalo, boitumelo jwa gago bo ikaegile, eseng ka palo ya batsadi ba o nnang le bone, mme ka mofuta wa motsadi kana batsadi ba o nang le bone mo gae le kgatlhego le kamego e ba e bontshang mo boitekanelong jwa gago. Jaaka fa moithutatlhaloganyo Richard A. Gardner a ile a akgela: “Batsadi ba ba bosula, e ka ne a le mongwe kana ba le babedi, ba dira gore bana ba seka ba itumela; mme batsadi ba ba molemo, e ka ne a le mongwe kana ba le babedi, ba thusa bana gore ba gole ba itekanetse ebile ba itumetse.” Mme batsadi ba bangwe fela gantsi ba dira maiteko a a kgatlhisang go neela bana ba bone tlhokomelo e e tlhokegang.

Melanie wa dingwaga tse 17 a re: “Ga go ise go ke go nne motlhofo fa e sale ka Rre a re tlogela. Go ile ga nna bokete tota mo go mmè ka gore jaanong o a bereka. Mme lefa go ntse jalo re ya dipokanong tsa Bokeresete le go nna le dithuto tsa Bibela tsa ka metlha, eleng sengwe seo re neng re sa se dire ka metlha ka nako ya fa rre a ne a nna le rona.” O oketsa jaana: “Re dira dilo tse di oketsegileng jaaka lelapa, mme re bopagane tota. Gone ke boammaaruri, ke tlhoafalela rre, mme ke itumelela thata go nna le mmè.” Fa e le gore motsadi wa gago yo mongwe fela o dira maiteko a a tshwanang le ano go go godisetsa “mo koatlhaoñ le mo taoñ ea Morèna,” o santse o ka gola mme wa tswelela pele le fa lelapa la lona le sa bopega ka tsela e e eletsegang.—Baefesia 6:4.

Go Mametlelela ka Se Sennye

Lefa go ntse jalo, go na le ditlhobaelo dingwe tsa mmatota tse di ka tsogang. Patlisiso nngwe e bontshitse gore ka bonako fela morago ga tlhalo, lelapa la motsadi a le mongwe le ka nna le kwelotlase ya 73 lekgolong mo maemong a lone a go tshela. Ka mo go utlwalang, he, madi ke tlhobaelo e kgolo mo malapeng a motsadi a le mongwe fela ka bontsi.a

O ka dira eng? Gongwe ga o na taolo e ntsi go le kalo mo mading a lelapa. Mme lefa go ntse jalo o ka kgona go thusa go boloka le go nonotsha metswedi e lo nang nayo ka go tila go senya ka dilo. (Bapisa Yohane 6:12.) Rodney yo mmotlana a re: “Mo lapeng, ke leka gore ke nne kelotlhoko gore ke se ka ka thuba dilo kana ka di latlha, ereka go lopa madi go baakanya dilo kana go di reka gape. Ke leka go tima didirisiwa tsa motlakase kana dipone tse di sa dirisiweng. Seno se thusa go fokotsa madi a re a duelelang motlakase.”

Tony wa dingwaga tse 14 o leka ka tsela e nngwe. A re: “Bana ba sekolo sa rona ba pateletsa batsadi ba bone gore ba ba rekele ditlhako le diaparo tsa marata go lejwa. Ba gana go ya sekolong ba sena tsone.” Tony o oketsa jaana: “Ga ke na diaparo tsa bosheng tsa marata go lejwa, mme lefa go ntse jalo ke nna ke iphapile ke le phepa, mme ke tlhokomela seo ke nang le sone. Mmè o dira gotlhe mo a ka go kgonang; ga ke batle go mo ketefaletsa le go feta.” Moya wa go akanyetsa o o ntseng jalo ga o boloke madinyana a a seng kae fela mme ebile gape ke motswedi wa mmatota wa kgothatso mo motsading.—1 Petere 3:8, NW.

Go fokotsa dijonyana tse di motlhoswana le tse di jelwang monate fela mme di sa otle mmele kana go kgaotsa go tlhola o di ja le gone go ka thusa. Rita yo mmotlana o akgela jaana: “Go ja kwa gae go ka nna ga bo go sa kgatlhise jaaka go ntse ka go ja mo marekisetsong a dijo tse di apeilweng, mme lefa go ntse jalo go boloka madi.” Phetso e e botlhale eleruri! Basha ba bangwe ba ntsha karolo ya madi ao ba a amogelang mo ditirong tsa nakwana moneelo go letlole la lelapa. Danny wa dingwaga tse 13 o neela mmagwe madi ao a a bonang fa a rekisa dipampiri. Mmaagwe o tlhalosa jaana: “Fa ke sena go duela sekoloto sa ntlo, motlakase, mogala, dijo, le go reka diaparo, ke one madi a re tshwanelang go tshela ka one. Mme bana ba go tshwana le Danny ruri ba a tlhokwa; tota ga a tshwenyege.” Go dirisana mo ntlheng eno ke tsela e nngwe ya go ‘tlotla motsadi wa gago.’—Mathaio 15:4.

Lefa go ntse jalo, pele ga fa o ka batla tiro ya nakwana sekaseka seno le motsadi wa gago.b Tiro ya nakwana e ka kgoreletsa tiro ya gago ya sekolo, ditiro tsa mo lapeng, le dipokano tsa Bokeresete. (Bahebera 10:24, 25) Batsadi gantsi ba kgona go bona tsela nngwe ya go godisa bana ba bone go sa tlhokege gore bana ba bone ba sikare karolo e kgolo ya boikarabelo. Mme gone, o santse o ka tshwanelwa ke go itshokela go nna le madi a mannye. Mme lefa go ntse jalo gakologelwa gore lefa dilo tse di bonalang le madi di le mosola, Bakeresete ba gakololwa gore ba kgotsofalele “diyō le diaparō.”—1 Timotheo 6:8-10; Luke 12:15.

Ka sekai, lelapa la gaeno le ka nna la tshwanelwa ke go fuduga mo legaeng le legolwane go ya go le lebotlana kana go ya kwa ntlwaneng e potlana, seo se ka tlhokang gore jaanong o kopanele phaposi ya borobalo le leloko le lengwe la lelapa. Mme lefa go ntse jalo o santse o ka kgotsofala. Mme ka botlhalenyana bo sekae fela, o ka kgona go boloka selekanyo se se rileng sa bokwathoko. Malapa a mangwe, ka sekai, a agile mafelonyana a go robala mo phaposing ya bonno, a sirilwe ka dishelofo tsa go baya dibuka. Go rulaganya sebaka se se leng teng fela kana go dirisa searolaphaposi le gone go ka lekana go go dira gore bobotlana o nne le boikutlo jwa bokwathoko.

Lefa go ntse jalo, moithutatlhaloganyo ebong Richard A. Gardner o gakolola basha ba ba nang le motsadi a le mongwe fela jaana: “Go botlhokwa go gakologelwa gore madi—le dilo tse di ka rekwang ka madi—ga se tsone dilo tsa botlhokwatlhokwa mo botshelong. Ke . . . dilo tse di ntseng jaaka gore o motho wa mofuta mang le gore o tshwara batho ba bangwe jang tse di tla laolang gore o tla itumela go le kana kang mo botshelong.” (Bapisa Ditihō 20:35.) Mo ntlheng eno, moaposetoloi Paulo o ne a bolela jaana: “Ke ithutile go kgotsofalela seo ke nang naso . . . gore gongwe le gongwe, nako nngwe le nngwe, ke bo ke kgotsofetse.”—Bafilipi 4:11, 12, TEV.

O ka nna wa tshwanelwa gape ke go tsaya karolo e kgolwane ya boikarabelo mo tsamaisong ya legae la gaeno go na le fa o ne o nna mo legaeng la batsadi ba babedi. Mme lefa go ntse jalo go na le gore o lebe seno ka tsela e e maswe, leka go se tsaya e le sebaka sa gore o thuse motsadi wa gago o bo o ithutuntshetse maikarabelo a nako e e tlang.

Kafa O Ka Rwalang Mokgweleo ka Gone

Lefa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe mosha o felela a na le boikarabelo jo bontsi mo a sa kgoneng go bo sikara. Thatathata seno se ka diragala fa e le gore ke wena ngwana yo mogolo. O tshwanetse go dirang? Leka go bua le motsadi wa gago o mmolelele kafa bothata jono bo go amang ka gone. Gongwe o ka akantsha gore ditiro di abiwe ka tekatekanyo ka mo go oketsegileng. Ka sekai, malapa mangwe a manega lenaane le le bontshang ditiro tsotlhe tse leloko lengwe le lengwe la lelapa le tshwanetseng go di dira. E le gore ope a seka a tshwanelwa ke go dira dikabelo tse di boima ka nako tsotlhe, malapa mangwe ka metlha a refosanya ditiro mo gare ga maloko a lelapa a a ka kgonang.

Dikakantsho tse di fa godimo tseno di ka go tswa thuso gore o dire bojotlhe jwa gago ka boemo jo o leng mo go jone. Legale, seno ga se reye gore ga o kitla gangwe le gape o eletsa gore o kabo o na le motsadi wa gago wa bobedi mo gae. Mme lefa go ntse jalo mosha mongwe yo o bidiwang Carrie o tlhalosa jaana: “Botlhoko jo ga bo ke bo go tlogela gotlhelele, mme lefa go ntse jalo bo a fokotsega. Go tshwana fela le lebadi le legolo le le mo seatleng sa gago. Le nna le le foo, mme lefa go ntse jalo ka dinako dingwe ga o lemoge gore le teng.”

Legale, go amana thata le gore o iteka ka natla go le kae go emelelana le boemo jo o leng mo go jone. Ka gonne lemororo go nna mo legaeng la motsadi a le mongwe fela go na le masula mangwe o ka thusa go dira gore botshelo jwa gago koo bo atlege bo bo bo itumedise!

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Malapa a motsadi a le mongwe a a eteletsweng pele ke borre a tshela botoka mo go tsa itsholelo go na le ao a eteletsweng pele ke bommè ka gonne (1) banna ba amogela tuelo e e kwa godimo mme gape (2) borre ba ba sa newang bana ke kgotlatshekelo gantsi ga ba duele katlholo kana dituelo tsa go godisa ngwana.

b Tokololo ya Tsogang! ya December 8, 1990, e sekaseka kgang eno ya tiro ya boitshediso ya fa sekolo se tswa ka botlalo.

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Go itirela dijo tsa gago tsa motshegare ke tsela e nngwe ya go boloka nako le madi tsa motsadi wa gago

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela