Puso ya Motho E Beilwe mo Dikaleng tsa Katlholo
Karolo 4—“Rona Batho”
Puso ya Temokeratiki: Puso ka batho, eo ba busang ka tlhamalalo mo go yone kana ba busa ka baemedi ba ba tlhophilweng.
“RONA BATHO ba United States . . . re tlhomamisa Molaotheo ono le go o tlhoma.” Mafoko ano a a bulang a ketapele ya Molaotheo wa U. S. a tshwanetse, ereka borara bao eleng bone ba o tlhomileng maikaelelo a bone e ne e le gore United States e nne naga ya temokeratiki. Lefoko leno le le tswang mo Segerikeng, eleng “temokerasi” le bolela “puso ka batho,” kana jaaka fa Abraham Lincoln, eleng tautona ya United States ya bo 16, a ne a le tlhalosa jaana: “puso ya batho, ka batho, mo boemong jwa batho.”
Greece wa bogologolo, eo gantsi e bidiwang thari ya puso ya temokeratiki, e ipelafatsa ka gore puso ya temokeratiki e ne e dirisiwa mo metsesetoropong ya yone, segolobogolo kwa Athena, bogologolo ka bo lekgolo la botlhano la dingwaga B.C.E. Mme lefa go ntse jalo puso ya temokeratiki ya ka nako eo e ne e sa tshwane le jaaka fa e ntse gompieno. Ka sekai, baagi ba Greece ba ne ba na le seabe se segolo ka tlhamalalo mo tirong ya go busa. Moagi mongwe le mongwe yoo eleng monna e ne e le leloko la setlhopha seo se neng se kopana go ralala ngwaga yotlhe go tlotla ka mathata a a diragalang. Ka tlhopho fela e e dirwang ke bontsi, setlhopha seno e ne e le sone seo dipolotiki tsa metsesetoropo eno, kana polis, di neng di ikaegile ka sone.
Lefa go ntse jalo, basadi, malata, le baagi ba bajaki, ba ne ba idiwa go nna le ditshwanelo tsa sepolotiki. Ka gone, puso ya temokeratiki ya kwa Athena e ne e le mofuta wa puso ya temokeratiki ya puso ya batlotlegi ya ba sekae fela ba ba lesego. Sephatlo se le sengwe go ya go nnetlhanong ya baagi gongwe ba ne ba sena se ba ka se buang gotlhelele mo dikgannyeng tsa sepolotiki.
Lefa go ntse jalo, thulaganyo eno gone e ne ya rotloetsa kgololesego ya go bua, ereka baagi ba ba neng ba dira ditlhopho ba ne ba fiwa tshwanelo ya gore ba ntshe maikutlo a bone pele ga go dirwa ditshwetso. Tiro ya sepolotiki e ne e bulegetse moagi mongwe le mongwe yoo e leng monna, e ne e sa felele fela mo go ba sekae ba batshwanelegi. Tsamaiso ya gore go nne le ditaodi e ne e diretswe go thibela gore batho kana ditlhopha tsa batho ba seka ba dirisa maatla a sepolotiki ka tsela e e sa tshwanelang.
“Baathena ka bobone ba ne ba ipelafatsa ka puso ya bone ya temokeratiki,” go bolela jalo rahisitori ebong D. B. Heater. “Ba ne ba dumela gore e ne e le kgato e e gautshwane le botshelo jo bo kgotsofatsang le jo bo itekanetseng go phala puso ya mofuta o mongwe e leng ya bo-monarch kana ya batlotlegi.” Go bonala puso ya temokeratiki e ne e simolotse dilo sentle.
Puso ya Temokeratiki Ga E Tlhole E Lekanwa ke Thari ya Yone
Kwantle ga puso eo e dirisiwang ka selekanyo se se kwa tlase kwa New England, U.S.A., kwa dikokoanong tsa toropo le go sekae kwa diporofenseng dingwe tsa kwa Switzerland, puso ya temokeratiki ya ka tlhamalalo, kana eo e sa tswakwang le epe, ga e tlhole e le teng. Fa motho a akanya kafa dinaga tsa segompieno di leng dikgolo ka gone le ka baagi ba tsone bao ba leng dimilionemilione, go di busa ka tsela eno go ne go se kitla go kgonega gotlhelele. Mo godimo ga moo, ke baagi ba le ba kae mo lefatsheng la segompieno leo go nang le ditshwarego di le dintsi fela thata bao ba neng ba tla nna le sebaka sa gore ba senye nako e ntsintsi ya bone ba le mo dikgannyeng tsa dipolotiki?
Puso ya temokeratiki e godile go fetoga mogolo yo go nang le dikganetsano tseo di seng kana ka sepe ka ene—yo o nang le difatlhego di le mmalwa. Jaaka fa makasine wa Time o tlhalosa jaana: “Ga go kgonege le go ka kgaoganya lefatshe ka tsela eo go ka bonwang ke mang le mang gore mohama o mongwe wa lone e nne wa dipuso tsa temokeratiki mme o mongwe e nne wa dipuso tseo eseng tsa temokeratiki. Gone mo teng ga dipuso tseo go tweng ke tsa temokeratiki, go na le mefuta e e farologaneng ya kgololesego ya batho ka namana, go nna le ditiro di le dintsi o le esi mmogo le ditshwanelo tsa batho, fela jaaka fa go na le ditsela tse di farologaneng tsa go gatelela ba bangwe mo dipusong tsa bokgokgontshi.” Lefa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba lebelela go bona dilo tse di rileng tsa konokono mo dipusong tsa temokeratiki, dilo tse di ntseng jaaka kgololesego ya motho ka namana, go lekana, go tlotla ditshwanelo tsa batho, mmogo le gore molao o dire tshiamo.
Puso ya temokeratiki ya maabane eo go neng go busiwa ka tlhamalalo mo go yone gompieno e fetogile puso ya temokeratiki eo batho ba emelwang ke ba bangwe mo go yone. Ditlhopha tsa theomolao, e ka tswa e le tse di nang le kgotlapeomolao e le nngwe kana tse di nang le di le pedi, di bopilwe ka batho bao ba tlhophiwang ke batho—kana kwantle ga moo ba supiwa ke bone—gore ba ba emele le gore ba dire melao, eo e tshwanetseng ya nna e e ba tswelang molemo.
Mokgwa ono wa puso ya temokeratiki eo mo go yone batho ba emelwang ke ba bangwe mo go yone e simolotse mo Dingwageng tsa Bogareng. Mo lekgolong la dingwaga la bo 17 le la bo 18, ditheo tsa puso tsa mo lekgolong la dingwaga la bo 13, tsa go tshwana le Magna Charta le Palamente ya kwa Engelane, mmogo le dikgopolo tsa sepolotiki tse di leng malebana le go lekalekana ga batho, ditshwanelo tsa tlholego, le maatla a magolo ao batho ba nang le one, di ne di ntse di tuma go ya pele.
Mo karolong ya bofelo ya lekgolo la bo 18 la dingwaga, lefoko “temokerasi” le ne le dirisiwa ka kakaretso, lemororo le ne le lebiwa ka pelaelo go sekae. The New Encyclopœdia Britannica e bolela jaana: “Le eleng bakwadi ba Molaotheo wa United States ka 1787 ba ne ba boifa go kopanyeletsa batho ka kakaretso mo tirong ya dipolotiki. Mongwe wa bone, ebong Elbridge Gerry, o ne a bitsa puso ya temokeratiki a re ‘bosula jwa yone bo gaisa otlhe a sepolotiki.’” Go sa kgathalesege seo, banna ba go tshwana le monna wa Moesemane ebong John Locke ba ne ba tswela pele ba bolela gore puso e ikaegile ka seo batho ba se dumelang, bao ditshwanelo tsa bone tsa tlholego di leng boitshepotshepo.
Diripaboliki
Dinaga di le dintsi tsa puso ya temokeratiki ke diripaboliki, ke gore ke dipuso tseo di nang le moeteledipele wa naga yo mongwe kwantle ga kgosi ya bo-monarch, yoo jaanong gantsi eleng tautona. Nngwe ya diripaboliki tsa ntlha mo lefatsheng e ne e le Roma wa bogologolo, lemororo puso ya yone ya temokeratiki go ne go dumelwa gore e ne e le potlana. Lefa go ntse jalo, ripaboliki eo e bontlhanngwe jwa yone e neng e le ya puso ya temokeratiki e ne ya tsaya dingwaga di le 400 e le teng pele ga e tloga mme go itatlhela puso ya bo-monarch mmogo le Pusotona ya Roma.
Diripaboliki jaanong ke tsone mofuta o o tumileng thata wa puso. Mo dipusong di le 219 mmogo le mekgatlho ya boditšhabatšhaba tseo di neng di thathamisitswe mo bukeng nngwe ya tshupiso ya ka 1989, di le 127 tsa tsone di thathamisitswe jaaka diripaboliki, lemororo e se tsotlhe tsa tsone tseo eleng dipuso tsa temokeratiki tse batho ba emelwang ke ba bangwe mo go tsone. Tota, mefuta ya dipuso tsa mo diripaboliking e mentsi thata.
Diripaboliki dingwe ke tseo di nang le puso e le nngwe fela e kgolo eo e di busang. Tse dingwe ke tse di nang le ditsamaiso tsa puso di le mmalwa, eleng seo se bolelang gore taolo e kgaogantswe magareng ga dipuso tse di mo maemong a mabedi. Jaaka fa leina leno le bontsha, United States of America e na le mofuta ono oo o boletsweng la bobedi wa puso oo o bidiwang tsamaiso e e nang le dipuso di le mmalwa. Pusokakaretso e tlhokomela dikgatlhego tsa morafe otlhe, fa dipusosetoropo tsone di berekana le ditlhokafalo tsa mo tulong ya tsone fela. Gone ke boammaaruri, mo teng ga ditsela tseno tse di akaretsang tseo di kgaoganngwang ka tsone, go na le dipharologano di le dintsi.
Diripaboliki dingwe di nna le ditlhopho tseo di bulegetseng botlhe. Baagi ba tsone gape ba ka nna ba bewa pele makoko a le mantsi mmogo le bontlhopheng gore ba kgone go itlhophela se ba se ratang. Diripaboliki tse dingwe di tsaya ditlhopho tseo di bulegetseng botlhe jaaka tse di sa tlhokafaleng, di bolela gore thato ya setemokeratiki ya batho e ka diragadiwa ka ditsela tse dingwe, tse di ntseng jaaka go rotloetsa gore dilo tsa ntshodikuno e nne tseo di tlhakanetsweng ke batho. Greece ya bogologolo ke sekai sa seno sa mo nakong e e fetileng, ereka koo le gone ditlhopho tseo di bulegetseng botlhe di ne di sa itsiwe. Balaodi ba ne ba tlhophiwa la loto mme ebile ba ne ba dumelelwa ka kakaretso gore ba direle ka lobaka lwa ngwaga o le mongwe fela kana di le pedi. Aristotle o ne a le kgatlhanong le ditlhopho, a bolela gore di ne di tlhagisa mokgwa wa puso ya batlotlegi wa go tlhopha “batho ba ba botoka go phala botlhe.” Lefa go ntse jalo, puso ya temokeratiki e ne e tshwanetse ya nna puso ya batho botlhe, eseng ya “ba ba phalang botlhe” fela.
A Ke E E Phalang Tsotlhe Fela Fa E Bapisiwa le Tse Dingwe
Le eleng kwa Athena wa bogologolo, puso ya temokeratiki e ne e le selo seo go ngangisanwang ka sone. Plato o ne a na le dipelaelo. Puso ya temokeratiki e ne e tsewa jaaka e e bokoa ka gonne e ne e le mo diatleng tsa batho fela ba ba sa itseng sepe bao ba kgonwang bonolo fela ke mafoko a a ikuelang mo maikutlong a bao go neng go ka kgonega gore e nne baeteledipele ba batho fela ba ba tlwaelegileng. Socrates o ne a bolela gore puso ya temokeratiki e ne e se sepe fela fa e se puso ya digopa. Mme Aristotle, eleng wa boraro mo setlhopheng se se tumileng seno sa batho ba ba bararo sa boramatlhale ba bogologolo ba Bagerika, o ne a bolela, go kaya jalo buka ya A History of Political Theory, gore “fa puso ya setemokeratiki e ntse e nnela ya setemokeratiki go ya pele, gantsi go busiwa ke digopa mo go yone le gone go a etegela, . . . e bo e senyega go fetoga ya bokgokgontshi.”
Batho ba bangwe le bone ba ile ba ntsha maikutlo a a ntseng jalo a go nna le dipelaelo mo go yone. Jawaharlal Nehru, eleng tonakgolo ya pele ya India, o ne a bitsa puso ya temokeratiki a re ke e e siameng, mme lefa go ntse jalo morago ga moo a bo a oketsa ka mafoko ano go tlhalosa seo: “Ke bolela seno ka gonne ditsamaiso tse dingwe tsone di maswe go e feta.” Mme William Ralph Inge, rrabodumedi yo mogolo wa Moesemane ebile e le mokwadi, o kile a kwala a re: “Puso ya temokeratiki ke puso ya mofuta oo e ka femelwang ka tsela e e nang le tlhaloganyo, e sa femelwe jaaka e e siameng, mme go na le moo e femelwa jaaka e e seng bosula go gaisa epe e nngwe.”
Puso ya temokeratiki e na le makoa a le mantsi. Jwa ntlha, gore e ke e kgone go nna le katlego, batho ba tshwanetse ba iketleeletsa go eteletsa pholo ya bontsi kwa pele ga dikgatlhego tsa bone ka namana. Seno se ka nna sa bolela gore ba tshegetse melao ya lekgetho kana melao e mengwe eo ba ka nnang ba tswa ba sa e batle ka namana mme lefa go ntse jalo e le e eleng molemo mo morafeng ka kakaretso. Go boima go bona kgatlhego e e ntseng jalo e e senang bogagapa, le eleng gone mo merafeng ya “Bokeresete” ya puso ya temokeratiki.
Bokoa jo bongwe bo ne jwa bonwa ke Plato. Go ya ka A History of Political Theory, o ne a tlhasela “go tlhoka kitso mmogo le go tlhoka bokgoni ga boradipolotiki, eo eleng phutso e e kgethegileng ya dipuso tsa temokeratiki.” Boradipolotiki ba le bantsi ba ba nang le thutego ya sepolotiki ba swabisiwa ke kafa go leng boima ka gone go bona batho ba ba tshwanelegang le ba ba nang le bokgoni gore ba direle mo pusong. Le eleng bone batlhankedi ba puso ba ba tlhophilweng e ka nna ya tswa e le bomagogorwane fela mo go tsa dipolotiki. Mme mo motlheng ono wa dithelebishene, ditebego tse dintle tsa ntlhopheng kana maatla ao a nang le one a go kgona go tlhotlheletsa batho di ka mo dira gore a kgone go fenya mo ditlhophong tseo dikgono tseo a nang le tsone tsa go busa di neng di se kake tsa bo tsa dira gore a di bone le ka motlha.
Bokoa jo bongwe jo bo bonwang ke mang le mang jwa dipuso tsa temokeratiki ke gore di dira dilo ka bonya. Mokgokgontshi o a bua, mme dilo di bo di dirwa! Kgatelopele mo pusong ya temokeratiki e ka nna ya dirwa bonya ke dikganetsano tse di ganang go fela. Gone ke boammaaruri, go tlotla ka botlalo ka dikgang tseo go sa dumalanweng ka tsone go ka nna le melemo ya mmatota. Lefa go ntse jalo, jaaka fa Clement Attlee, eleng yoo e neng e le tonakgolo ya Borithane pele, a kile a latlhela tlhware legonyana jaana: “Puso ya temokeratiki e bolela puso eo go busiwang ka go tshwara dipuisano mo go yone mme lefa go ntse jalo e nna le katlego fela fa o ka kgona go didimatsa batho.”
Le eleng gone fa batho ba sena go didimadiwa, gore ditshwetso tseo di dirwang ke tse eleruri di emelang seo “batho” ba se batlang go ya bokgakaleng jo bo kae ke kgang e nngwe. A baemedi bano ba tshegetsa dilo tseo di dumelwang ke batho ka bontsi ba ba leng mo dikgaolotlhophong tsa bone kana, a gantsi, ba tshegetsa tsa bone ka namana? Kana a seo ba se tshegetsang fela ke tsamaiso ya semmuso ya lekoko la bone?
Molaomotheo wa puso wa temokeratiki wa gore go nne le tsamaiso ya gore go nne go tlhatlhobiwe mmogo le gore go nnele ditaodi go ka thibela boikanyologi o tsewa jaaka selo se se molemo mme lefa go ntse jalo ga se gantsi o nna le katlego. Ka 1989 makasine wa Time o ne wa bua ka “puso gore e bodile mo maphateng otlhe a yone,” o bitsa puso nngwe e e tumileng ya temokeratiki o re ke “seganka se se boitshegang mahala, se se senang bokgoni, se se sa thuseng ka sepe.” Modulasetulo wa setlhopha sengwe seo se neng se tlhomilwe mo magareng a bo 1980 gore se batlisise malebana le go senngwa ga dilo mo pusong e nngwe o ne a patelesega go bolela jaana ka kutlobotlhoko: “Puso e tsamaisiwa ka tsela e e maswemaswe thata.”
Ka ntlha ya mabaka ano le a mangwe a le mmalwa, dipuso tsa temokeratiki go thata gore go ka twe ke dipuso tse di molemolemo go ka nna le tsone. Boammaaruri jo bo leng mo pepeneneng ke gore, jaaka fa bo ile jwa bontshiwa ke John Dryden, yo eleng mmoki wa Moesemane wa mo lekgolong la bo 17 la dingwaga, ke gore “bontsi bo ka dira diphoso tseo di leng maswe thata fela jaaka fa ba sekae le bone ba ka dira jalo.” Henry Miller, yoo eleng mokwadi wa Moamerika, o ne a bua a sa potologe, mme lefa go ntse jalo a opile kgomo lonaka, fa a ne a kgala jaana: “Difofu di goga difofu. Eo ke tsela ya puso ya temokeratiki.”
A E Ya Lebitleng la Yone?
Puso ya temokeratiki e amogelwa ke bontsi mo lekgolong leno la dingwaga go feta le fa e le leng pele. Dikgoberego tsa bosheng jaana tsa sepolotiki tsa kwa Yuropa Botlhaba di tshegetsa seno. Lefa go ntse jalo, “puso e e gololesegileng ya temokeratiki jaanong e mo dipharagobeng mo lefatsheng,” go ne ga kwala jalo mmegadikgang ebong James Reston mo dingwageng di sekae tse di fetileng. Daniel Moynihan o ne a tlhagisa gore “puso e e gololesegileng ya temokeratiki ga se kgopolo e e nang le katlego” le gore “go lebega dipuso tsa temokeratiki di nyelela.” Rahisitori wa Borithane ebong Alexander Tyler o ne a bolela gore puso ya temokeratiki ga e kake ya nnela ruri e le teng ka ntlha ya gore “gantsi e digwa ke melao e e sa gagamalang ya tsa itsholelo.” Gone ke boammaaruri, kgopolo eno ya gagwe ga se botlhe bao ba dumalanang le yone.
Lefa go ntse jalo, puso ya temokeratiki go mo pepeneneng gore e tsweletsa pele tlwaelo eo e ileng ya simologa kwa Edena, fa batho ba ne ba dira tshwetso ya gore ba dire dilo ka tsela ya bone fela, eseng ka tsela ya Modimo. Ke selo sa konokono mo pusong ya motho, ereka e otlolola matsogo a yone gore e akaretse, bobotlana go ya ka kgopolo ya yone, mongwe le mongwe mo tirong ya go busa. Mme lefa go ntse jalo seane sa Selatina se se reng Vox populi, vox Dei, “lentswe la batho ke lentswe la Modimo,” ga se boammaaruri. Ka gone, bao ba emang puso ya batho ya temokeratiki nokeng ba tshwanetse ba iketleeletsa go ikarabela mo ditirong tsa yone.—Bapisa 1 Timotheo 5:22.
Ntlha eno e ile ya nna masisi thata fa esale go tloga ka 1914. Mo ngwageng oo wa matlhotlhapelo, puso ya Modimo e ne ya simolola go dira ka tsela nngwe e e tlhomologileng. Bogosi jwa Modimo jwa Bomesia jaanong bo eme fela bo emetse go tsaya marapo ka mo go feletseng mo mererong ya lefatshe. Mefuta yotlhe ya puso ya motho—go akaretsa le dipuso tsa temokeratiki—di beilwe mo dikaleng tsa katlholo. Selekanyo seo re di tshegetsang ka sone ka namana, le rona re beilwe mmogo le tsone mo dikaleng tsa katlholo.—Daniele 2:44; Tshenolō 19:11-21.
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 24]
“Ga goeō mo mothuñ eo o tsamaeañ ka dinaō go siamisa dikgatō tsa gagwè.”—Yeremia 10:23
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 26]
“Go na le tsela e eketeñ e siame mo mothuñ, me bokhutlō yoa eōna ke ditsela tsa losho.”—Diane 14:12
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Bao ba emang puso ya batho ya temokeratiki nokeng ba tshwanetse ba iketleeletsa go ikarabela mo ditirong tsa yone
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 23]
U.S. National Archives photo