Puso ya Motho E Beilwe mo Dikaleng tsa Katlholo
Karolo 8—Motswako wa Sepolotiki wa Tshipi E E Tlhakaneng le Mmopa
Bomorafe: boikutlo jwa go amega ka merafe motho a tlotlomatsa morafe o mongwe go feta e mengwe yotlhe le go godisa dingwao le dikgatlhego tsa one go feta tsa e mengwe; mogopolo ono o ne wa lemogiwa e le la ntlha kwa bokhutlong jwa lekgolo la bo 18 la dingwaga mme o ne wa fitlhelela tlhora ya one mo lekgolong la bo 20 la dingwaga.
EREKA dipuso tsa batho di akgelwa kwa le kwa ke mathata, ga di kgone go naya batho thetebalo. Go ya ka Zbigniew Brzezinski, mogakolodi wa setšhaba mo go tsa polokego wa ga tautona ya pele ya U.S. Jimmy Carter, seemo ga se na go fetoga mo bogautshwaneng.
Brzezinski, mmogo le baeteledipele ba bangwe ba lefatshe, ba ne ba botsolotswa ke Georgie Anne Geyer wa mokwaladikgang fa a ne a ntse a baakanya setlhogo sengwe se se neng sa phasaladiwa ka 1985 se se reng “Lefatshe la Rona le le Kgaoganang.” Mo go sone o ne a bolela gore Brzezinski o ne a re: “Mabaka ao a dirang gore go seka ga nna le thetebalo mo merafeng yotlhe a fekeetsa maatla a a dirang gore go nne le tirisanommogo e e rulagantsweng sentle. Phelelo e e ka sekeng ya tilwa ya tshekatsheko epe fela e e ikemetseng ka nosi ya tshekamelo ya lefatshe lotlhe ke gore dikhuduego tsa loago, mekubukubu ya sepolotiki, mathata a tsa itsholelo, le kgotlhang ya meraferafe go lebega di tla anama thata mo karolong eno e e setseng ya lekgolo leno la dingwaga.”
Eleruri ke polelelopele e e senang tsholofelo mme ga e gakgamatse baithuti ba Bibela. Jone boemo jono bo sa le ka bo boleletswepele bogologolo. Leng? Kae?
O Ne A Tshwenngwa ke Toro
Nebukadenesare, kgosi ya Babelona e e neng ya busa go tloga ka 624 go ya go 582 B.C.E., o ne a tshwenngwa ke toro nngwe. Mo go yone o ne a bona setshwantsho se segolo se na le tlhogo ya gouda, sehuba le mabogo e le a selefera, mpa ya sone le dirope e le kgotlho, maoto e le a tshipi, mme dinao le menwana ya maoto e le tshipi e tlhakantswe le mmopa. Moperofeti wa Modimo Daniele o ne a tlhalosetsa Nebukadenesare botlhokwa jwa setshwantsho seo, a mo raya a re: “Wèna kgosi, . . . ke wèna tlhōgō ya gouda. Me moragō ga gago go tla coga bogosi yo boñwe yo bobōtlana mo go wèna; le bogosi yo boñwe yoa boraro e le yoa kgōtlhō, yo bo tla nañ le taolō mo lehatshiñ yeotlhe.” Ka jalo, go phepafetse gore setshwantsho seno se ne se raya puso ya motho.—Daniele 2:37-39.
Pele ga motlha wa ga Daniele, Egepeto le Asiria ka bobedi di ne di bogisa Baiseraele, batho ba ba neng ba kgethegile ba Mokwadi wa Bibela. (Ekesodo 19:5) Go ya ka kgang ya Bibela, seno se ile sa ba dira mebuso ya lefatshe, tota, e le yone ya ntlha mo metseletseleng e supa eo Bibela e buang ka yone. (Tshenolō 17:10) Go tswa foo, mo motlheng wa ga Daniele, Babelona o ne a fenya Jerusalema, a patelela Baiseraela go ya botshwarwa. Ka jalo Babelona o ne a nna wa boraro mo mebusong eno ya lefatshe, eo e bidiwang sentle go twe “tlhōgō ea gouda.” Bibela le hisitori ya lefatshe di re bontsha gore mebuso ya lefatshe eo e neng e santse e tla tla e ne e le ya Media le Peresia, Gerika, Roma, le, ya bofelo, Boritane le Amerika.a
Merafe eno e bidiwa ka leina le le lengwe fela mo Bibeleng go twe mebuso ya lefatshe ka gobo e ne e dirisana le batho ba Modimo mme e ganetsana le puso ya Modimo eo batlhanka bano ba Modimo ba neng ba e buelela. Ka gone, setshwantsho seo se neng sa bonwa ke Nebukadenesare se ne sa bontsha sentle kafa puso ya motho e neng e tla tswelela e ntse e le kgatlhanong le bolaodi jwa Modimo le eleng morago ga go khutla ga bogosi jwa ga Nebukadenesare. Go tlhomagana ga mebuso ya lefatshe mo go neng go supiwa ke dikarolo tse di farologaneng tsa setshwantsho go ne go simolola ka tlhogo mme go fologela kwa tlase. Ka mo go utlwalang he, maoto le menwana ya maoto di ne di tla tshwantshetsa ponalo ya bofelo ya puso ya motho eo e neng e tla nna gone mo “motlheñ oa bohèlō” jaaka Daniele a ne a e tlhalosa. Jaanong, ke eng se re tshwanetseng ra se lebelela?—Daniele 2:41, 42; 12:4.
‘Menwana E E Some ya Maoto’
Batlhanka ba Modimo ga ba sa tlhole ba le morafe o le mongwe fela ebile ga ba mo lefelong le le lengwe fela, mo ba ka kgonang go gatelelwa ke mmuso wa lefatshe o le mongwe fela. (Ditihō 1:8; 10:34, 35) Jaaka maloko a merafe yotlhe, baagedi ba mofuta mongwe le mongwe wa puso ya motho, ba tlhwaafetse mo go itsiseng gore motlha wa bofelo o simologile le gore puso ya motho e feletswe ke nako—mo bogautshwaneng e tla tseelwa sebaka ke puso ya Modimo.b Ka gone, molaetsa wa bopelokgale oo ba o bolelang o lebane le mebuso yotlhe ya sepolotiki e e leng teng. Ka mo go tshwanetseng, palo eo ya “lesome” jaaka e dirisitswe mo Bibeleng e supa botlalo malebana le dilo tsa lefatshe. Ka jalo puso yotlhe ya motho ya sepolotiki, e e ileng ya tshwaraganela go nna kgatlhanong le bolaodi jwa Modimo mo motlheng wa bofelo, ke yone e go ka utlwalang gore e emelwa ke ‘menwana e e some ya maoto’ ya setshwantsho.
Seemo sa dipolotiki se ile sa nna sefe kwa tshimologong ya motlha ono o o neng wa bolelelwapele? Ka ngwaga wa 1800, merafe ya Yuropa e ne e busa 35 lekgolong ya lefatshe, mme ka 1914 palo eo e ne ya gola go feta 84 lekgolong! The Collins Atlas of World History e lemotsha gore “pele ga ntwa ya 1914, go ne go lebega ekete go kgaoganngwa ga lefatshe gareng ga mebuso e megolo e le mmalwa go ne go setse go fedile.” Tota, Hugh Brogan, e leng motlhatlheledi wa hisitori kwa Yunibesething ya Essex, Engelane, o bolela gore go ne go lebega ekete “go ise go ye kae lefatshe lotlhe le ne le tla busiwa ke mebuso e merataro.”
Lefa go ntse jalo, go ne go ka seke go utlwale go dirisa ‘menwana e e some ya maoto’ go tshwantshetsa dipuso tsotlhe tsa lefatshe tseo ka mmatota palo ya tsone e neng e ka seke e fete “mebuso e merataro.” Ka jalo, e le gore ‘menwana e e some ya maoto’ e tle e nne le bokao jwa mmatota, e le go diragatsa boperofeti, seemo sa dipolotiki seo se neng se le gone ka 1914 se ne se tla tshwanelwa ke gore se fetoge.
Fa dingwaga tsa bo 1900 di ne di simologa, Mmuso wa Boritane, o e neng e le one o mogolo go feta yotlhe eo e kile ya tsamaya ya nna teng mo lefatsheng, o ne o busa nngwenneng ya batho botlhe bao ba neng ba le teng mo lefatsheng. Mebusomegolo e mengwe ya Yuropa e ne e laola batho ba palo e e fetang eo ka dimilione. Mme Ntwa ya Lefatshe I e ne ya dira gore bomorafe bo fenye. Paul Kennedy, porofesara ya hisitori kwa Yunibesithing ya Yale, o tlhalosa jaana: “Phetogo e e neng e gakgamatsa go di feta tsotlhe mo Yuropa, e e neng e lekanyediwa go ya ka melao ya boatlhodi ya lefelo, e ne e le go simologa ga lesomo la dinaga tsa merafe—Poland, Czechoslovakia, Austria, Hungary, Yugoslavia, Finland, Estonia, Latvia, le Lithuania—mo mafelong a mafatshe ao pele e neng e le karolo ya mebusomegolo ya Habsburg, Romanov, le Hohenzollern.”
Morago ga Ntwa ya Lefatshe II, tsela eno e ne ya ya magoletsa. Bomorafe bo ne jwa gola ka bogolo jo bo gakgamatsang. Bogolo jang morago ga bogare jwa dingwaga tsa bo 1950, tsela eo e ne e ka se busediwe gape kwa morago. Makgolo a matlhano a dingwaga a go gola ga Yuropa a ne a felela ka tlhakatlhakanyo ya mebuso ya koloni e e fentsweng. Merafe e le mmalwa mo Afrika, Asia, le Middle East e ne ya gola ka mo go gakgamatsang.
The New Encyclopœedia Britannica e bolela gore “tiragalo eno e ne e tsamaisana le megopolo eo e neng e laola kgopolo ya boradipolotiki mo dingwageng tse 2 000 tse di fetileng.” Lemororo “go tla go fitlha mo nakong eno batho ka mo go tlwaelegileng ba ne ba ntse ba gatelela kakaretso le lobopo lotlhe ebile ba ne ba leba kutlwano jaaka mokgele o o eletsegang” bomorafe jaanong bo ne bo gatelela go sa tshwaneng ga merafe. Go na le gore e utlwane, e ne e na le go kgaogana.
Tshipi le Letsopa le le Loraga
Elatlhoko gore Bibela e tlhalosa maoto a setshwantsho seo le menwana ya maoto “ntlha ñwe e ne e le tshipi, ntlha ñwe lecopa,” e oketsa ka gore: “E tla nna bogosi jo bo kgaoganeng, . . . bo tla nna thata ntlha e ñwe, le ntlha ñwe bo nne sepha . . . , me ga ba ketla ba ñaparèlana.” (Daniele 2:33, 41-43) Go tlhoka go kgomaragana mmogo gono ka kutlwano go ne ga bonala fa bokoloni bo ne bo fela, fa bomorafe bo ne bo ya magoletsa, lefa dinaga tse di tlhabologang di ne di ikemela ka nosi. Lefatshe lotlhe le ne le setse le wela mo go kgaoganeng ka bopolotiki.
Go tshwana le motswako o o sa tlhomamang wa tshipi le letsopa mo maotong le mo menwaneng ya maoto ya setshwantsho, dipuso dingwe di ne di ntse jaaka tshipi—e le tsa babusaesi kana badipa—mme tse dingwe di ne di tshwana le letsopa—e le tse di fetofetogang kana tsa puso ya batho ka batho. Ka mo go tlhaloganyesegang, ga ba ise ba kgone go tshwaragana mmogo mo kutlwanong ya lefatshe. Go tlhomolola seno mo motlheng wa rona, buka ya Jeremane ya Unsere Welt—Gestern, Heute, Morgen; 1800-2000 (Lefatshe la Rona—Maabane, Gompieno, Kamoso; 1800-2000), ya re: “Ka nako ya lekgolo la bo 19 la dingwaga, kgololesego ya puso ya batho ka batho e ne ya anama mo e ka nnang mo dinageng tsotlhe tse di tlhabologileng, mme ka nako ya Ntwa ya Lefatshe I, go ne go lebega ekete seo se bakang kgololesego se ne se setse se le gaufi le go bona phenyo ya bofelo. . . . Ka menolopuso ya Russia ka 1917, bobusaesi bo ne jwa tlhagoga sesha. Fa e sale ka nako eo lekgolo la bo 20 la dingwaga le ne la itsege ka go busa mmogo le go thulana ga puso ya bobusaesi le ya batho ka batho.”—Mokwalo o o sekameng ke wa rona.
Thata ya Batho ya go Busa
Lemoga gape gore mo pusong ya ‘menwana e some ya maoto,’ batho ba ba tlwaelegileng “losika loa batho,” ba ne ba tla tsenelela mo pusong ka mo go oketsegileng. A mabaka a hisitori a tshegetsa ponelopele eno?—Daniele 2:43.
Puso ya temokeratiki, eleng puso ya batho ka batho, e ne ya tuma thata morago fela ga Ntwa ya Lefatshe I, lefa gone mo dingwageng tsa bo 1920 le bo 1930, dipuso tsa puso ya batho ka batho mo dikarolong di le dintsi tsa lefatshe di ne tsa tseelwa sebaka ke dipuso tsa babusaesi. Morago ga Ntwa ya Lefatshe II, go fela ga dikoloni gape go ne ga dira gore go nne le dipuso tsa batho ka batho tse disha di le mmalwa. Lefa go ntse jalo, moragonyana mo dingwageng tsa bo 1960 le bo 1970, bontsi jwa mafatshe a e neng e le dikoloni a ne a tlhopha mefuta ya puso ya bobusaesi.
Lefa go ntse jalo, mo lekgolong la bo 20 la dingwaga, tshekamelo e ile ya nna go emisediwa ga dipuso tsa dikgosi le tsa bagateledi ka dipuso tsa batho ka batho. Makasine wa Time o ne wa tlhalosa mekubukubu ya dipolotiki ya ngwaga o o fetileng kwa Yuropa o o kwa Botlhabatsatsi jaaka “Ngwaga wa Batho.” Mme fa lebota la Berlin le ne le wa la bofelo, makasine wa dikgang wa Jeremane wa Der Spiegel o ne wa kwalwa ka ditlhaka tse ditona kafa ntle ga one ka mafoko a a reng “Das Volk siegt”—batho ba fentse!
Di Buela Ruri mme Di Bonya go Tsaya Kgato
Mo dinageng tsotlhe tsa Yuropa Botlhaba koo thata ya batho ya go busa e ileng ya dira gore go dirwe diphetogo mo dipolotiking, batho ba ile ba batla gore mongwe le mongwe a nne le seabe mo ditlhophong le gone ditlhopho di tsenelwe ke makoko otlhe a sepolotiki di le dintsi. Makoko a sepolotiki a mofuta o o leng gone jaanong a ile a simologa kwa Yuropa le kwa Amerika Bokone mo lekgolong la bo 19 la dingwaga. Fa esale ka bogare jwa lekgolo la bo 20 la dingwaga, di ile tsa anama le lefatshe lotlhe. Gompieno, di dikgolo, di nonofile, ebile di rulagantswe botoka go feta lefa e le leng pele. Ka thuso ya tsone, mmogo le ka thuso ya makgotla a babereki, dikago tsa peomelao, ditlhopha tsa tikologo, le ditlhopha tse dingwe tsa baagi tse di senang palo le tsa batho ba dikgatlhego tse di kgethegileng, mmuso wa batho jaanong o bua kgapetsa kgapetsa le ka mo go utlwalang go feta lefa e le leng pele.
Lefa go ntse jalo, fela jaaka palo ya batho ba ba tsenelelang mo polotiking e ntse e oketsega, bothata jwa go fitlhelela tumalano mmogo mo dipolotiking le jone bo a oketsega. Mo gare ga megopolo le dikgatlhego tse dintsi tse di sa tshwaneng, gantsi go felela ka dipuso tsa ditlhopha tse di palopotlana, eleng dipuso tse di senang kgatelopele tse di buelang ruri mme di le bonya go tsaya kgato.
Fela jaaka tshipi le letsopa le le loraga, motswako wa polotiki mo lefatsheng lotlhe fa e sale ka 1914 e ntse e le o o sa tiang. Ka sekai, ga go sa tlhola go diragala gore batho ba batle kaelo ya Modimo mo dikgannyeng tsa puso. The Columbia History of the World e fetsa jaana, “ka gone batho kwa Bophirima jaanong ba setse ba ikaegile gotlhelele ka bobone, mme ba iphitlhela ba tlhaela.”
A Go Na le Sebaka sa go Nna le Tsholofelo?
“Ke ka ntlhayang fa ditiragalo tseno tsotlhe tse di sa tshwaneng mme di tsamaisana di diragetse tsotlhe mo sephatlong sa bofelo sa lekgolo la bo 20 la dingwaga? Ke ka ntlhayang fa matshosetsi ano a go senyega ga lefatshe a tlhagogile mo motlheng ono o motho a setseng a kgonne dilo di le dintsi tsa saense a bile a na le kitso e ntsi go gaisa epe e e kileng ya na teng mo hisitoring yotlhe ya motho ya mo nakong e e fetileng?” Dipotso tseno tse di neng tsa akanyediwa thata ke mokwala dikgang Geyer di dira gore motho a akanye. A mme go na le mongwe yo o ka di arabang?
Mo e ka nnang dingwaga tse di lesome tse di fetileng, The World Book Encyclopedia ka tsholofelo e ne ya lemotsha jaana: “Go lebega re na le sebaka se segolwane sa go rarabolola mathata a metlha ya rona go gaisa kokomana epe ya nako e e fetileng.” Mme jaanong, dingwaga tse di lesome moragonyana, kwa tshimologong ya dingwaga tsa bo 1990, a go santse go na le sebaka sa tsholofelo? ‘Ee,’ o ka rialo, o bua o lebisitse go go khutla ga Ntwa ya Molomo, go tirisanommogo e kgolwane gareng ga Mafatshe a Botlhaba le a Bophirima, le kgatelopele e e bonalang e e dirwang ke lefatshe ya go dira peomarumofatshe.
Bibela e ne ya bolelelapele gore ba ne ba tla dira jalo. E supa gore mo nakong ya fa go ne go busa mmuso wa lefatshe wa bosupa wa hisitori ya Bibela, ka nako e e tshwanang mmuso wa borobabobedi o ne o tla tlhomiwa ka mo go kgethegileng go kopanya merafe. (Tshenolō 17:11) A mme o tla atlega? Karolo 9 ya “Puso ya Motho e Beilwe mo Dikaleng tsa Katlholo” e tla araba.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Tora ya Tebelo e ne ya tlhalosa ka botlalo ka nngwe le nngwe ya mebuso eno ya lefatshe ya hisitori ya Bibela ka bongwe ka bongwe mo ditokololong tsa yone tsa February 1 go ya go June 1, 1988.
b Go bona bosupi jwa Bibela, bona kgaolo 16 le 18 ya buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise, e e neng ya phasaladiwa ka 1982 ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 21]
“Bogosi boñwe le boñwe yo bo ikgaogantseñ bo a shwahala.”—Mathaio 12:25
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 21]
“Merafe e ne ea shakgala, magosi a ne a tsebeetsèga.”—Pesalema 46:6