LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w12 6/15 ts. 19
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jehofa o Senola se se Tla ‘Akofang se Diragala’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Tlhakatlhakano ya Dipolotiki e e Diragatsang Boporofeti Jwa Baebele
    Ditlhogo Tse Dingwe
  • Go Ema Le go Wa ga Setshwantsho se se Boitshegang
    Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!
  • Ithute Boporofeti
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2023
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
w12 6/15 ts. 19

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Mmuso wa Lefatshe Lotlhe wa Maesemane le Maamerika o ne wa nna leng mmuso wa lefatshe wa bosupa o boporofeti jwa Baebele bo buileng ka one?

▪ Setshwantsho se segolo sa metale se Kgosi Nebukadenesare a se boneng, ga se emele mebuso yotlhe ya lefatshe. (Dan. 2:31-45) Se bontsha mebuso e le metlhano fela e e neng e busa go simolola mo motlheng wa ga Daniele go ya pele le e e neng ya nna le dikamano tse di rileng le batho ba Modimo.

Tlhaloso ya ga Daniele ya setshwantsho sa metale e bontsha ntlha ya gore Mmuso wa Lefatshe Lotlhe wa Maesemane le Maamerika o ne o tla tswa mo go Roma, e seng gore o ne o tla e fenya. Mo setshwantshong seo, Daniele o bona tshipi e e mo maotong e tswelela go fitlha kwa dinaong le kwa menwaneng ya maoto. (Mo dinaong le mo menwaneng ya maoto, tshipi e kopantswe le letsopa.)a Tlhaloso eo e bontsha gore Mmuso wa Lefatshe Lotlhe wa Maesemane le Maamerika o tla tlhaga mo maotong a tshipi. Hisitori e bontsha go nepa ga tlhaloso eo. Boritane, e e neng e le karolo ya Mmusomogolo wa Roma e ne ya simolola go tlhagelela kwa bofelong jwa dingwaga tsa bo1700. Moragonyana, United States of America le yone e ne ya simolola go nna setšhaba se se maatla. Le fa go ntse jalo, mmuso wa lefatshe lotlhe wa bosupa o Baebele e porofetileng ka one o ne o ise o nne gone. Ka ntlha yang? Boritane le United States di ne di ise di simolole go dirisana mmogo ka tsela e e kgethegileng. Seo se ne sa direga ka nako ya Ntwa ya Lefatshe ya I.

Ka nako eo, “bana ba bogosi” ba ne ba tsweletse ka tiro ya bone, bontsi jwa bone ba ne ba le kwa United States, ntlokgolo ya bone e ne e le kwa Brooklyn, New York. (Math. 13:36-43) Maloko a setlhopha sa batlodiwa a ne a rera ka tlhoafalo mo dinageng tse di neng di laolwa ke Mmusomogolo wa Boritane. Ka nako ya Ntwa ya Lefatshe ya I, Boritane le Amerika di ne tsa nna le kamano e e kgethegileng fa di ne di lwa le baba ba tsone ba dipolotiki. Gape di ne tsa nna le boipelafatso jwa bomorafe ka ntlha ya ntwa eo mme tsa bontsha bobaba kgatlhanong le ba e neng e le karolo ya losika lwa “mosadi” wa Modimo, tsa thibela dikgatiso tse ba neng ba di gatisitse, mme ba ba neng ba etelelapele mo tirong ya go rera ba ne ba tsenngwa mo dikgolegelong.—Tshen. 12:17.

Ka jalo, go ya ka se re se balang mo boporofeting jwa Baebele, mmuso wa lefatshe wa bosupa ga o a tlhomiwa kwa bofelong jwa dingwaga tsa bo1700 fa Boritane e ne e simolola go tlhagelela la ntlha. Go na le moo, o ne wa tlhomiwa kwa tshimologong ya letsatsi la Morena.b

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Letsopa le le kopaneng le tshipi le emela dilo dingwe mo Mmusong wa Lefatshe Lotlhe wa Maesemane le Maamerika o o jaaka tshipi. Fa nako e ntse e ya, letsopa leno le ne la thatafaletsa mmuso ono gore o nonofe jaaka o ne o ka batla.

b Tlhaloso eno e baakanya tshedimosetso e re tlotlileng ka yone mo go tsebe 57, serapa 24 sa buka ya Boporofeti Jwa ga Daniele, le e e bontshitsweng mo tšhateng e e mo go tsebe 56 le 139.

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Bakaulengwe ba le robedi ba ba tswang kwa ntlokgolo ya Watchtower ba ne ba tsenngwa mo kgolegelong ka June 1918

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela