Mpho E E Molemo Thata ya Kgololesego ya Boikgethelo
A O ITUMELELA go bo o na le kgololesego ya go ka ikgethela kafa o tla tshelang botshelo jwa gago ka gone, ya gore ke eng seo o tla se dirang le seo o tla se bolelang? Kana a o ne o tla batla gore go nne le mongwe yo o go laelang sengwe le sengwe seo o tshwanetseng go se bolela le seo o tshwanetseng go se dira, a dira jalo motsotso mongwe le mongwe wa letsatsi lengwe le lengwe, fa fela o santse o tshedile?
Ga go na motho ope yo tlhogo ya gagwe e tsayang sentle yoo o batlang gore botshelo jwa gagwe bo tsewe mo go ene mme bo laolwe gotlhelele ka tsela e e ntseng jalo ke motho mongwe o sele. Go tshela ka tsela e e ntseng jalo go ne go tla nna go go gatelelang thata ebile go tlhakanya tlhogo. Re batla kgololesego.
Mme lefa go ntse jalo ke ka ntlha yang fa re na le keletso e e ntseng jalo ya kgololesego? Go utlwisisa lebaka la go bo re anaanela thata kgololesego eo re nang le yone ya boikgethelo ke sone selo sa konokono seo se ka re thusang gore re tlhaloganye kafa boikepo le pogo di neng di ka simologa ka gone. Gape go tla re thusa gore re tlhaloganye gore ke ka ntlha yang fa Modimo o ile wa leta go tla go fitlha jaanong pele ga o tsaya kgato go ka nyeletsa boikepo mmogo le pogo.
Tsela Eo Re Dirilweng ka Yone
Fa Modimo o ne o bopa batho, magareng ga dimpho tse dintsi tse di molemo thata tseo a ileng a di ba naya e ne e le kgololesego ya boikgethelo. Bibela e re bolelela gore Modimo o bopile motho mo ‘tshwanong’ ya one, mme nngwe ya dinonofo tseo Modimo o nang le tsone ke kgololesego ya boikgethelo. (Genesise 1:26; Duteronome 7:6) Ka gone, fa a ne a bopa batho, o ne a ba naya yone nonofo eo e e molemolemo—eleng mpho ya kgololesego ya boikgethelo.
Ke ka lebaka leo re ratang kgololesego go na le go dirwa makgoba ke babusi ba ba gatelelang. Ke ka lebaka leo ba le bantsi jaana ba nnang kgatlhanong le puso fa e le makgwakgwa ebile e gatelela mo eleng gore gantsi batho ba e tsogela kgatlhanong gore ba ke ba bone kgololesego.
Go eletsa kgololesego ga se selo seo se diragalang ka kotsi fela. Bibela e neela lebaka la konokono la seno. E bolela jaana: “Kwa Mōea oa Morèna o gōna, ke gōna kwa go nañ le kgololèsegō.” (2 Bakorintha 3:17) Jalo he go batla kgololesego ke bontlhanngwe jwa kafa re dirilweng ka gone ka gonne Modimo o re bopile ka tsela eo. Ke sengwe seo a batlang re nna le sone ka gonne ene ka sebele sa gagwe ke Modimo wa kgololesego.—2 Bakorintha 3:17.
Gape Modimo o re neile dikgono tsa go akanya, tse di ntseng jaaka dikgono tsa go lemoga, go dirisa tlhaloganyo, le go dira ditshwetso, eleng tseo di dirang mmogo le kgololesego ya boikgethelo. Dilo tseno di re kgonisa gore re akanye, re sekaseke dilo, re dire ditshwetso, le gore re farologanye se se molemo mo go se se bosula. (Bahebera 5:14) Ga re a bopelwa gore re nne jaaka diroboto tse di senang tlhaloganyo tseo go senang sepe seo eleng tsone di se ikgethetseng ka namana; kana gone gore re ne re bopetswe gore re dire dilo re kaelwa segolobogolo ke tlwaelo ya tlholego, jaaka fa go ntse ka diphologolo.
Mo godimo ga kgololesego ya boikgethelo, batsadi ba rona ba ntlha ba ne ba filwe sengwe le sengwe seo motho ope fela a neng a ka se batla ka mo go utlwalang: Ba ne ba beilwe mo paradaiseng ya sekatshingwana; ba ne ba na le dilo di le dintsi tse di bonalang; ba ne ba na le megopolo mmogo le mebele e e itekanetseng eo e neng e sa kgone go ka tsofala kana go ka lwala le go swa; ba ne ba tlile go nna le bana bao le bone ba neng ba tlile go nna le isagwe e e itumedisang; mme baagi bao ba ba neng ba oketsega ka palo ba ne ba tlile go nna le tiro e e kgotsofatsang ya go fetola lefatshe lotlhe gore e nne paradaise.—Genesise 1:26-30; 2:15.
Bibela e bolela jaana malebana le seo Modimo o neng o se simolotse: “Modimo oa bōna señwe le señwe se o se dihileñ, me, bōnañ, ga bo go le molemō thata.” (Genesise 1:31) Bibela gape e bolela jaana ka Mmopi: “Tihō ea gagwè e itekanetse.” (Duteronome 32:4) Ee, o ne a simolola lelapa la motho le itekanetse. Go ne go sena lepe leo le neng le ka le phala.
Kgololesego Eo E Nang le Moo E Felelang Teng
Lefa go ntse jalo, a mpho eno e e molemolemo ya kgololesego ya boikgethelo ba ne ba tla nna nayo e sena moo e felelang teng? A nke re re, a o ne o ka leka go kgweetsa sejanaga mo go nang le pharakano e ntsi gone fa e le gore go ne go sena melao e e laolang pharakano, koo o neng o gololesegile gone go ka kgweetsa mo moleng le fa e ka nna ofe fela, o ya ntlheng lefa e ka nna efe fela, o kgweetsa ka lebelo lefa e ka nna lefe fela? Jaaka fa re itse, diphelelo tsa kgololesego e e ntseng jalo e e senang moo e felelang teng mo pharakanong e ne e tla nna tsa matlhotlhapelo.
Go ntse jalo le ka dikamano tsa batho. Fa ba bangwe ba na le kgololesego e e senang mo e felelang teng seo se tla bolela go tlhoka kgololesego mo go ba bangwe. Kgololesego e e senang mo e felelang teng e ka felela ka tlhakatlhakano, eleng seo se senyetsang mongwe le mongwe kgololesego ya gagwe. Go tshwanetse ga nna le moo e felelang teng. Ka gone, mpho ya Modimo ya kgololesego ga e bolele gore o ne a ikaeletse gore batho ba itshware ka mokgwa ope fela ba sa kgathalele pholo ya ba bangwe.
Lefoko la Modimo le bolela jaana malebana le ntlha eno: “Itshwareng jaaka batho ba ba gololesegileng, mme le ka motlha ope lo seka lwa dirisa kgololesego ya lona jaaka seipato sa go dira boikepo.” (1 Petere 2:16, The Jerusalem Bible) Ka gone Modimo o batla gore kgololesego ya rona ya boikgethelo e laolwe e le gore botlhe ba ke ba solegelwe molemo mo go seo. Maikaelelo a gagwe e ne e se gore batho ba nne le kgololesego e e senang moo e felelang teng, mme go na le moo gore ba nne le kgololesego e e nang le moo e felelang teng, eo e leng kafa tlase ga taolo ya molao.
Melao ya ga Mang?
Ke melao ya ga mang eo re neng re bopetswe gore re e ikobele? Ke melao ya ga mang eo e re tswelang molemo botoka go gaisa yotlhe? Karolo e nngwe ya lekwalo la 1 Petere 2:16 leo le bontshitsweng fa godimo e bolela jaana: “Ga lo batlhanka ba ga ope fa e se ba Modimo fela.” (NW) Seno ga se bolele botlhanka jwa go gatelelwa mme, mo boemong jwa seo, se bolela gore re bopetswe gore re nne kafa tlase ga melao ya Modimo. Re nna ba ba itumetseng thata fa re nna re le kafa tlase ga yone.
Melao ya Modimo, go gaisa setlhopha sepe fela sa melao eo e neng e ka dirwa ke batho, e neela mongwe le mongwe kaelo e e botoka thata go gaisa yotlhe. Jaaka fa Isaia 48:17 e bolela jaana: “Ke Nna Yehofa, Modimo oa gago, eo ke gu rutañ go itemohalèla, eo ke gu gōgañ mo tseleñ e u chwanetseñ go tsamaea ka eōna.” Lefa go ntse jalo, mo godimo ga moo, melao ya Modimo e letla gore go nne le kgololesego e e boitshegang mo teng ga melelwane ya yone. Seno se letla gore go nne le boikgethelo jo bontsi jwa motho ka namana le gore go nne le pharologanyo, seno se dira gore ditshedi tse e leng batho e nne tse di kgatlhisang go gaisa, ee ruri, e nne tse di itumedisang fela thata.
Gape batho ba kafa tlase ga melao ya tlhago ya Modimo. Ka sekai, fa re itlhokomolosa molao wa maatlakgogedi mme re bo re iphosa go tswa kwa lefelong le le kwa godimo, re tla gobala kana re tla swa. Fa re nna kafa tlase ga metsi re sena sedirisiwa sepe se se kgethegileng sa go hema, re tla swa ka metsotswana e sekae fela. Mme fa re itlhokomolosa melao eo e leng mo teng ga rona ya mmele mme re bo re kgaotsa go tlhola re ja dijo kana re nwa metsi, le gone re tla swa.
Ka jalo, batsadi ba rona ba ntlha, mmogo le botlhe bao ba duleng mo go bone, ba ne ba bopiwa ba na le tlhokafalo ya gore ba ikobele melao ya Modimo ya boitshwaro mmogo le ya loago mmogo le melao ya one ya tlhago. Mme go ikobela melao ya Modimo e ne e se kitla e nna selo se se imelang. Mo boemong jwa seo, go ne go tla ba tswela molemo mmogo le go tswela molemo ditshedi tsotlhe tse e leng batho tseo di neng di tla nna gone. Fa batsadi ba rona ba ntlha ba ka bo ba ile ba nna mo teng ga melelwane ya melao ya Modimo, tsotlhe di ka bo di ile tsa apara tshiamo.
Ke eng seo se ileng sa diragala seo se ileng sa senya tsela e e molemo eo e dilo di neng di simologile ka yone? Ke ka ntlha yang fa, mo boemong jwa moo, go ile ga anama boikepo mmogo le pogo jaana? Ke ka ntlha yang fa Modimo o ile wa di letla gore di nne teng ka lobaka lo lo teleletelele jaana?
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Mpho e e molemo thata ya kgololesego ya boikgethelo e re dira gore re farologane le diroboto tseo di senang tlhaloganyo mmogo le diphologolo tseo di dirang dilo e le segolobogolo ka ntlha ya tlwaelo ya tlholego