Karolo 5
Mpho E E Molemo Ya Go Ikgethela
1, 2. Ke mpho efe e e molemo thata e eleng karolo ya kafa re dirilweng ka teng?
GO TLHALOGANYA gore ke ka ntlha yang fa Modimo o letleletse pogo gore e nne teng le gore o tla dirang ka gone, re tlhoka go tlhaloganya kafa o re dirileng ka teng. O dirile mo go fetang fela go re bopa re na le mmele le boboko. O ile gape wa re bopa re na le dinonofo tse di kgethegileng tsa tlhaloganyo le tsa maikutlo.
2 Karolo ya konokono ya megopolo le maikutlo a rona ke go ikgethela. Ee, Modimo o tsentse mo go rona go kgona go itlhophela ka kgololesego. Ka boammaaruri e ne e le mpho e e molemo thata e e tswang kwa go one.
Kafa Re Dirilweng ka Teng
3-5. Ke ka ntlha yang fa re anaanela go ikgethela?
3 A re boneng kafa go ikgethela go amegang ka teng mo lebakeng la go bo Modimo o ile wa letlelela pogo gore e nne teng. Sa ntlha, akanya ka seno: A o itumelela go bo o na le kgololesego ya go tlhopha se o tla se dirang le se o tla se buang, se o tla se jang le se o tla se aparang, le gore ke tiro ya mofuta mang e o tla e dirang, le gore o tla nna kae le gone jang? Kgotsa a o ne o ka batla gore mongwe a go laole mo lefokong lengwe le lengwe le o le buang le mo go sengwe le sengwe se o se dirang mo botshelong jwa gago jotlhe?
4 Ga go motho ope yo o itekanetseng sentle yo o batlang gore a tseelwe taolo yotlhe ya botshelo jwa gagwe. Ka ntlha yang? Ka ntlha ya tsela e Modimo o re dirileng ka yone. Bibela e re bolelela gore Modimo o bopile motho mo ‘setshwanong sa one,’ mme nngwe ya dinonofo tse Modimo ka boone o nang natso ke go tlhopha ka kgololesego. (Genesise 1:26; Duteronome 7:6) Fa o ne o bopa batho, o ne wa ba neela nonofo e e molemo eo—mpho ya go ikgethela. Leo ke lengwe la mabaka a a dirang gore re ikutlwe re hutsafadiwa thata ke go nna makgoba a babusi ba ba gatelelang.
5 Ka jalo keletso ya go gololesega ga se kotsi, ka gonne Modimo ke Modimo wa kgololesego. Bibela e a re: “Me kwa Mōea oa Morèna o gōna, ke gōna kwa go nañ le kgololèsegō.” (2 Bakorintha 3:17) Ka jalo, Modimo o re neetse kgololesego ya go ikgethela jaaka karolo ya kafa re dirilweng ka teng. Ereka o ne o itse kafa megopolo le maikutlo a rona a tla dirang ka teng, o ne o itse gore re ne re tla itumela thata fa re kgona go ikgethela.
6. Modimo o dirile boboko jwa rona jang gore bo dire tumalanong le go kgona ga rona go ikgethela?
6 Mo godimo ga mpho ya go ikgethela, Modimo o re file nonofo ya go akanya, ya go sekaseka mabaka, ya go dira ditshwetso, le ya go itse pharologanyo gareng ga molemo le bosula. (Bahebera 5:14) Ka jalo, go ikgethela go ne go tla bo go thailwe mo go tlhopheng ka botlhale. Ga re a dirwa gore re nne jaaka diroboto tse di senang sepe se di se ikakanyetsang. Ebile gape ga re a bopiwa jaaka diphologolo re dira dilo ka tlholego. Go na le moo, boboko jwa rona jo bo gakgamatsang bo tlhamilwe go dira dilo tumalanong le kgololesego ya rona ya go itlhophela.
Tsela E E Molemolemo ya go Simolola Dilo
7, 8. Modimo o simolotse dilo sentle jang mo batsading ba rona ba ntlha?
7 Go bontsha kafa Modimo o neng o amega ka teng, mo godimo ga mpho ya go ikgethela, batsadi ba rona ba ntlha ebong Adame le Efa, ba ne ba neelwa sengwe le sengwe se motho mongwe le mongwe yo o seng segagapa o neng a ka se batla. Ba ne ba bewa mo parakeng e tona ya sekaparadaise. Dilo tsa senama e ne e le ntletsentletse mo go bone. Ba ne ba na le megopolo le mebele e e itekanetseng, ka jalo ba ne ba ka se ke ba tsofale kgotsa ba lwale kgotsa ba swe—ba ne ba ka bo ba ile ba tshelela ruri. Ba ne ba ka bo ba ile ba nna le bana ba ba itekanetseng ba le bone ba ka bong ba ile ba ipelela isagwe e e sa khutleng, e e itumedisang. Mme palo ya batho e e neng e tla bo e gola e ne e tla nna le tiro e e itumedisang ya go re kgabagare ba fetole lefatshe le lotlhe ba le dire paradaise.—Genesise 1:26-30; 2:15.
8 Bibela e tlhalosa jaana mabapi le se ba neng ba se neelwa: “Me Modimo oa bōna señwe le señwe se o se dihileñ, me, bōnañ, ga bo go le molemō thata.” (Genesise 1:31) Bibela gape e bua jaana ka Modimo: “Tihō ea gagwè e itekanetse.” (Duteronome 32:4) Ee, Mmopi o ne a simolola dilo sentle mo lelapeng la setho. Go ne go sena se se neng se ka nna botoka go gaisa seo. Abo o itshupile e le Modimo o o amegang ka ba bangwe jang ne!
Kgololesego E E Segetsweng Melelwane
9, 10. Ke ka ntlha yang fa go ikgethela go tshwanetse go laolwa sentle?
9 Lefa go le jalo, a Modimo o ne o ikaeletse gore go ikgethela ga rona e nne mo go senang melelwane? Akanya fela ka toropo e kgolo e e tletseng pharakano mme e sena melao epe ya tsela, e mo go yone mongwe le mongwe a kgweeletsang kwa a ratang teng ka lobelo le a le ratang. A o ne o ka rata go kgweetsa mo maemong a a ntseng jalo? Nnyaa, seo e ne e tla bo e le tlhakantsuke mo tseleng mme kwantle ga pelaelo ka phepafalo go ne go tla baka dikotsi tse dintsi.
10 Go ntse fela jalo le ka mpho ya Modimo ya go ikgethela. Kgololesego fa e sena melelwane e ka tsala tlhakatlhakano mo setšhabeng. Go tshwanetse ga nna le melao e e kaelang batho mo go se ba se dirang. Lefoko la Modimo le a re: “Itseyeng jaaka batho ba ba gololesegileng, mme lefa go le jalo lo se ka lwa dirisa kgololesego ya lona jaaka seipato sa go dira boikepo.” (1 Petere 2:16, The Jerusalem Bible) Modimo o batla gore go ikgethela ga rona go laolwe gore rotlhe re solegelwe molemo. E ne e se boikaelelo jwa one gore re nne le kgololesego e e feletseng mme go na le moo o ne o batla gore e lekanyediwe, re laolwe ke molao.
Melao ya ga Mang?
11. Ke melao ya ga mang eo re neng re bopetswe go e obamela?
11 Ke melao ya ga mang e re neng re diretswe gore re e obamele? Karolo e nngwe ya lokwalo lwa ga 1 Petere 2:16 (JB) e a re: “Ga lo makgoba a ga ope fa e se a Modimo.” Seno ga se reye bokgoba jwa go kgokgontshiwa, mme go na le moo, go raya gore re ne re diretswe go itumelela go nna kafa tlase ga melao ya Modimo. (Mathaio 22:35-40) Melao ya gagwe e e gaisang melao epe e e kileng ya dirwa ke batho, e neela kaelo e e molemo go di gaisa tsotlhe. “Ke Nna Yehofa, Modimo oa gago, eo ke gu rutañ go itemohalèla, eo ke gu gōgañ mo tseleñ e u chwanetseñ go tsamaea ka eōna.”—Isaia 48:17.
12. Re na le kgololesego ya go itlhophela eng mo melelwaneng ya melao ya Modimo?
12 Mo godimo ga moo, melao ya Modimo e letlelela kgololesego e kgolo fa fela o tsamaya mo melelwaneng ya yone. Seno se ne sa dira gore go nne le mefutafuta e e dirang gore lelapa la setho le kgatlhe. Akanya fela ka mefuta e e farologaneng ya dijo, ya go apara, ya mmino, ya bothakga, le magae a a farologaneng go dikologa lefatshe. Ka phepafalo re rata go itirela tlhopho mo dilong tse di ntseng jaaka tseo go na le gore mongwe a re direle tshwetso mo go tsone.
13. Ke melao efe ya tlholego eo re tshwanetseng gore re iikobele go itsholegela molemo?
13 Ka jalo re ne re bopetswe gore re itumelele go laolwa ke melao ya Modimo e e laolang kafa batho ba itshwarang ka teng. Go tshwana le go laolwa ke melao ya tlholego ya Modimo. Ka sekai, fa re ka itlhokomolosa molao wa kgogedi mme re bo re itatlha go tswa kwa lefelong lengwe le le kwa godimo, re ne re ka gobala kgotsa raa swa. Fa re ne re ka itlhokomolosa melao e e mo mebeleng ya rona mme re bo re emisa go ja, go nwa metsi, kgotsa go hema moya, re ne re tla swa.
14. Re itse jang gore batho ba ne ba sa bopelwa go itaola ba se kafa tlase ga Modimo?
14 Fela jaaka go papametse gore re ne re bopetswe gore re ikobele melao ya Modimo ya tlholego, re ne gape re bopetswe gore re ikobele melao ya Modimo ya boitsholo le ya loago. (Mathaio 4:4) Batho ba ne ba sa bopelwa gore ba ka tswa mo taolong ya Mmopi mme ba atlega. Moperofeti Yeremia a re: “Ga goeō mo mothuñ eo o tsamaeañ ka dinaō go siamisa dikgatō tsa gagwè. Yehofa, a u ko u nkoatlhaeè.” (Yeremia 10:23, 24) Ka jalo motho o ne a bopetswe gore a nne kafa tlase ga bolaodi jwa Modimo, go na le go ipusa.
15. A melao ya Modimo e ka bo e ile ya nna mokgweleo mo go Adame le Efa?
15 Go ikobela Modimo e ne e ka se ka ya nna mokgweleo mo batsading ba rona ba ntlha. Go na le moo, go ka bo go ile ga ba solegela molemo ka bobone le lelapa la setho ka kakaretso. Fa batho ba ntlha ba babedi ba ne ba se ka ba tlola melelwane ya molao wa Modimo, tsotlhe di ka bo di apere tshiamo. Ebu, re ka bo re tshela mo lefatsheng la paradaise le le itumedisang jaaka lelapa le le kopaneng le le lorato la setho! Go ka bo go sa ka ga nna le boikepo, pogo, le loso.
[Setshwantsho mo go tsebe 11]
Mmopi o ne a simolola dilo sentle mo bathong
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
A o ne o ka rata go kgweetsa mo dikoloing tse dintsintsi fa go ka bo go ne go sena melao ya tsela?