LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • wt kgao. 5 ts. 41-49
  • Kgololesego e Baobamedi ba ga Jehofa ba Nang Nayo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kgololesego e Baobamedi ba ga Jehofa ba Nang Nayo
  • Obamela Modimo yo o Esi wa Boammaaruri
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kwa Kgololesego e ka Bonwang Teng
  • Ba Batla Mofuta o Mongwe wa Kgololesego
  • Kwa Mathata a Simologang Teng
  • O ka Bona Jang Kgololesego ya Mmatota?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2018
  • Batho Ba Ba Gololesegileng mme Ba Ikarabela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Lo Se Ka lwa Dirisa Kgololesego E Lo E Filweng Ke Modimo ka Tsela E E Phoso
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Direla Modimo wa Kgololesego e Bong Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2018
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Obamela Modimo yo o Esi wa Boammaaruri
wt kgao. 5 ts. 41-49

Kgaolo Ya Botlhano

Kgololesego e Baobamedi ba ga Jehofa ba Nang Nayo

1, 2. (a) Modimo o ne a naya batho ba ntlha ba babedi kgololesego e e ntseng jang? (b) Umaka mengwe ya melao e e neng e laola ditiro tsa ga Adame le Efa.

FA Jehofa a sena go bopa monna le mosadi ba ntlha, ba ne ba na le kgololesego e e fetang epe fela e batho ba nang le yone gompieno. Legae la bone e ne e le Paradaise, Tshingwana e ntle ya Edene. Ga go na bolwetse bope jo bo neng bo ba kgoreletsa go itumelela botshelo ka gonne ba ne ba na le megopolo le mebele e e itekanetseng. Ba ne ba sa letela go swa nako nngwe le nngwe jaaka batho botlhe ba nna ba letile fa e sa le ka nako eo. Gape e ne e se diroboto, mme ba ne ba na le mpho e e gakgamatsang ya go itlhophela, ba kgona go itirela ditshwetso. Le fa go ntse jalo, gore ba tswelele pele ba na le kgololesego e ntle jalo, ba ne ba tshwanetse go tlotla melao ya Modimo.

2 Ka sekai, akanya ka melao ya tlholego e Modimo a e beileng. Ee gone, melao eno e ka tswa e sa buiwa ka tlhamalalo, mme Adame le Efa ba ne ba dirilwe ka tsela e e leng gore go ne go tla itlela fela gore ba e ikobele. Tlala e ne e supa gore ba tshwanetse go ja; lenyora le ne le bontsha gore ba tshwanetse go nwa metsi; letsatsi fa le phirima le ne le bontsha gore ba tshwanetse go robala. Gape Jehofa o ne a ba abela tiro e ba tshwanetseng go e dira. Tiro eo re ka re e ne e le molao ka gonne e ne e tla laola se ba se dirang. Ba ne ba tshwanetse gore ba tshole bana, ba laole mefuta e mentsintsi ya ditshedi e e mo lefatsheng, ba bo ba atolose melelwane ya Paradaise go fitlha e apesa lefatshe lotlhe. (Genesise 1:28; 2:15) A bo e ne e le molao wa bopelontle le o o mosola jang ne! O ne o ba naya tiro e e kgotsofatsang tota, o dira gore ba kgone go dirisa dinonofo tsa bone ka botlalo, ka ditsela tse di mosola. Gape ba ne ba na le kgololesego e ntsi ya go dira ditshwetso tsa gore ba ne ba tla diragatsa kabelo ya bone jang. Tota motho o ne a ka tlhoka eng gape?

3. Adame le Efa ba ne ba ka ithuta jang gore ba dirise kgololesego ya bone ka botlhale go dira ditshwetso?

3 Mme gone fa Adame le Efa ba ne ba newa tshiamelo ya go itirela ditshwetso, seno se ne se sa reye gore tshwetso nngwe le nngwe fela e ba neng ba ka e dira e ne e tla nna le matswela a a molemo. Kgololesego e ba neng ba na nayo ya go dira ditshwetso ba ne ba tshwanetse ba e dirisa ba ntse ba laolwa ke melao le melaometheo ya Modimo. Ba ne ba ka e ithuta jang? Ka go reetsa Modiri wa bone le go ela ditiro tsa gagwe tlhoko. Modimo o ne a naya Adame le Efa botlhale jo ba neng ba bo tlhoka go diragatsa se ba se ithutang. E re ka ba ne ba bopilwe ba itekanetse, ka tlholego fela ba ne ba tla bontsha dinonofo tsa Modimo fa ba dira ditshwetso. Eleruri, ba ne ba tla tlhomamisa gore ba dira jalo fa e le gore tota ba anaanela se Modimo a neng a se ba diretse e bile ba batla go mo itumedisa.—Genesise 1:26, 27; Johane 8:29.

4. (a) A taelo e Adame le Efa ba neng ba e neilwe ya gore ba se ka ba ja leungo la setlhare sengwe e ne e ba tima kgololesego? (b) Ke eng fa taelo eno e ne e tshwanela?

4 Ka jalo, go ne go tshwanela gore Modimo a ba leke go bona gore ba ne ba ineetse go le kana kang mo go ene jaaka Moneibotshelo wa bone le gore ba iketleeditse go le kana kang go dira fela se a se ba laetseng. Jehofa o ne a naya Adame taelo eno: “O ka nna wa ja mo setlhareng sengwe le sengwe sa tshingwana gore o bo o kgotsofale. Mme fa e le setlhare sa kitso ya molemo le bosula sone o se ka wa ja mo go sone, gonne ka letsatsi le o jang mo go sone ruri o tla swa.” (Genesise 2:16, 17) Fa Efa a sena go bopiwa, le ene o ne a itsisiwe molao ono. (Genesise 3:2, 3) A thibelo eno e ne e ba tima kgololesego? Le eseng. Ba ne ba na le mefutafuta ya dijo tse dintsintsi tse di monate tse ba neng ba ka di ja go sa tlhokege gore ba je leungo la setlhare sele se le sosi. (Genesise 2:8, 9) Eleruri go ne go tshwanela gore ba lemoge gore lefatshe ke la Modimo ka gonne le bopilwe ke ene. Ka jalo o na le tshwanelo ya go dira melao e e tsamaisanang le boikaelelo jwa gagwe le e e solegelang batho molemo.—Pesalema 24:1, 10.

5. (a) Adame le Efa ba ne ba latlhegelwa jang ke kgololesego e e molemolemo e ba neng ba na le yone? (b) Kgololesego e Adame le Efa ba neng ba na le yone e ne ya tseelwa sebaka ke eng, mme seno se re amile jang?

5 Mme go ne ga diregang? Moengele mongwe o ne a tlhotlhelediwa ke go rata maemo ka bopelotshetlha mme a dirisa kgololesego ya gagwe ka tsela e e sa siamang, a nna Satane, mo go rayang gore “Moganetsi.” O ne a tsietsa Efa ka go mo solofetsa sengwe se se kgatlhanong le thato ya Modimo. (Genesise 3:4, 5) Adame o ne a kopanela le Efa mo go robeng molao wa Modimo. Kgololesego ya bone e e molemolemo e ne ya ba tswa dinaleng ka gonne ba ne ba tsaya se e seng sa bone. Ba ne ba simolola go laolwa ke boleo, mme fela jaaka Modimo a ne a tlhagisitse, kgabagare go ne ga latela loso. Ba ne ba naya bana ba bone boswa jwa boleo—jo bo bonalang ka go lemalela go dira phoso mo ba tsalwang ka gone. Gape boleo bo ne jwa tlisa makoa a a neng a felela ka bolwetse, go tsofala le loso. Go lemalela go dira phoso, go etegediwa ke tlhotlheletso ya ga Satane, go ne ga dira gore go nne le setšhaba sa batho ba ba nang le hisitori ya letlhoo, tlolomolao, kgatelelo le dintwa tse di bolaileng batho ba le dimilionemilione. A bo seno se farologane jang le kgololesego e Modimo a neng a e neile batho kwa tshimologong!—Duteronome 32:4, 5; Jobe 14:1, 2; Baroma 5:12; Tshenolo 12:9.

Kwa Kgololesego e ka Bonwang Teng

6. (a) Kgololesego ya boammaaruri e ka bonwa kae? (b) Jesu o ne a bua ka kgololesego ya mofuta ofe?

6 Ka ntlha ya maemo a a maswe a a leng teng gongwe le gongwe gompieno, ga go gakgamatse go bo batho ba eletsa kgololesego e kgolwane. Mme kgololesego ya mmatota e ka bonwa kae? Jesu o ne a re: “Fa lo nnela ruri mo lefokong la me, ruri lo barutwa ba me, mme lo tla itse boammaaruri, mme boammaaruri bo tla lo golola.” (Johane 8:31, 32) Kgololesego eno ga e tshwane le e batho ba solofelang go nna le yone fa ba tlogela mmusi mongwe kgotsa mofuta o o rileng wa puso ba tsaya o mongwe. Go na le moo, kgololesego eno e fitlha kwa moding wa mathata a batho. Se Jesu a neng a bua ka sone e ne e le go gololwa mo bokgobeng jwa boleo. (Johane 8:24, 34-36) Ka jalo, fa motho a nna morutwa wa boammaaruri wa ga Jesu Keresete, o bona phetogo e kgolo mo botshelong jwa gagwe, kgololesego!

7. (a) Re ka nna ba ba gololesegileng mo boleong ka tsela efe gone jaanong? (b) Gore re nne le kgololesego eo, re tshwanetse ra dira eng?

7 Seno ga se bolele gore gone jaanong Bakeresete ba boammaaruri ga ba tlhole ba utlwa ditlamorago tsa go lemalela go dira boleo mo ba tsalwang ba na le gone. Ka gonne ba ruile boleo, ba sa ntse ba goga bokete ka ntlha ya jone. (Baroma 7:21-25) Le fa go ntse jalo, fa motho a tshela tumalanong le dithuto tsa ga Jesu tota, ga a ne a tlhola a nna lekgoba la boleo. Boleo ga bo ne bo tlhola bo nna jaaka mokgokgontshi mo go ene bo mo naya ditaelo tse a tshwanetseng a di latela fela a sa akanye. Ga a kitla a iphitlhela a tshela fela a sa itse se a se tshelelang mme a tshela ka segakolodi se se molato. O tla nna le segakolodi se se phepa fa pele ga Modimo ka gonne maleo a gagwe a nako e e fetileng a itshwaretswe ka lebaka la go bo a dumela mo setlhabelong sa ga Keresete. Ditlwaelo tsa boleo di ka nna tsa leka go mo laola, mme fa a gana go di diragatsa ka gonne a gopola dithuto tse di phepa tsa ga Keresete, o bontsha gore boleo ga bo tlhole bo mo laola.—Baroma 6:12-17.

8. (a) Bokeresete jwa boammaaruri bo re golola ka ditsela dife? (b) Re tshwanetse ra ikutlwa jang ka babusi ba lefatshe?

8 Akanya ka kgololesego e rona Bakeresete re nang le yone. Re golotswe mo diphelelong tsa dithuto tsa maaka, mo bokgobeng jwa tumelobotlhodi, le mo botlhankeng jwa boleo. Boammaaruri jo bo itumedisang kaga boemo jwa baswi le tsogo bo re golotse gore re se ka ra boifa loso mo go sa utlwaleng. Go itse gore dipuso tsa batho ba ba sa itekanelang di tla tloga di tseelwa sebaka ke Bogosi jwa Modimo jo bo siameng go re golola mo go tlhokeng tsholofelo. (Daniele 2:44; Mathaio 6:10) Le fa go ntse jalo, go nna le kgololesego e e ntseng jalo ga go re neye tetla ya go tlontlolola babusi le melao ya bone.—Tito 3:1, 2; 1 Petere 2:16, 17.

9. (a) Jehofa o re thusa jang ka lorato gore re nne le kgololesego e kgolo go gaisa tsotlhe e batho gompieno ba ka kgonang go nna le yone? (b) Re ka dira ditshwetso tse di botlhale jang?

9 Jehofa ga a dire gore re iponele ka go lekeletsa gore tsela e e molemolemo ya go tshela ke efe. O itse kafa re dirilweng ka teng, se se re kgotsofatsang eletota, le gore ke eng se se tla re solegelang molemo go ya go ile. O itse dikakanyo le boitshwaro tse di ka senyang kamano ya motho le Ene le batho ba bangwe, gongwe tsa ba tsa dira gore motho yoo a se ka a tsena mo lefatsheng le lesha. Jehofa ka lorato o re itsise dilo tseno tsotlhe a dirisa Baebele le phuthego ya gagwe e e bonalang. (Mareko 13:10; Bagalatia 5:19-23; 1 Timotheo 1:12, 13 ) Go tswa foo ke boikarabelo jwa rona go dirisa kgololesego e re e neilweng ke Modimo go dira tshwetso ya gore re tla arabela jang. Re tla fapaana le Adame ka gonne fa re tsere tsia se Baebele e se re bolelelang, re tla dira ditshwetso tse di botlhale. Re tla bontsha gore re amegile thata ka go nna le kamano e ntle le Jehofa mo botshelong.

Ba Batla Mofuta o Mongwe wa Kgololesego

10. Bangwe ba e leng Basupi ba ga Jehofa ba ile ba leka go nna le kgololesego ya mofuta ofe?

10 Ka dinako tse dingwe, bangwe ba basha ba e leng Basupi ba ga Jehofa—mmogo le ba bangwe ba ba golagodileng—ba ka nna ba ikutlwa ba batla kgololesego ya mofuta o mongwe. Lefatshe le ka lebega le gogela, mme fa ba ntse ba akanya ka lone, keletso ya bone e a gola ya gore ba dire dilo tse e seng tsa Bokeresete tse di rategang mo lefatsheng. Ba ka nna ba bo ba sa ikaelela go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang, go nwa mo go feteletseng, kgotsa go gokafala. Mme ba simolola go itsalanya le bangwe ba e seng Bakeresete ba boammaaruri, ba batla gore ba ba amogele. Ba ka nna ba bo ba simolola go bua le go itshwara jaaka bone.—3 Johane 11.

11. Ka dinako tse dingwe thaelo ya go dira se se phoso e tswa kae?

11 Ka dinako tse dingwe thaelo ya go itshwara ka tsela e e seng ya Bokeresete e tswa mo mothong yo o ipolelang gore o direla Jehofa. Go ne ga direga jalo le ka bangwe ba Bakeresete ba bogologolo, mme go ka direga se se tshwanang le mo motlheng wa rona. Batho bano gantsi ba batla go dira dilo tse ba akanyang gore di tla ba itumedisa, mme dilo tseno ga di dumalane le melao ya Modimo. Ba rotloetsa ba bangwe gore ba “ijese monate.” Ba ‘solofetsa kgololesego, bone ka bobone e le batlhanka ba go bola.’—2 Petere 2:19.

12. Matswela a a botlhoko a boitshwaro jo bo sa dumalaneng le melao le melaometheo ya Modimo ke afe?

12 Matswela a seno se go tweng ke kgololesego a nna a le bosula ka dinako tsotlhe, ka gonne ke go sa utlwe melao ya Modimo. Ka sekai, tlhakanelodikobo e e seng kafa molaong e ka felela ka go tlhakatlhakana maikutlo, bolwetse, loso, go ima motho a sa ikaelela, gongwe le go thubega ga lenyalo. (1 Bakorintha 6:18; 1 Bathesalonika 4:3-8) Go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang go ka baka go tenegatenega fela, go se bue sentle, go se bone sentle, go tsewa ke sedidi, go palelwa ke go hema sentle, go bona dipono le go swa. Go ka felela ka go tshwakgoga mo go ka bakang gore motho a dire bokebekwa gore a kgone go tswelela pele le mokgwa wa gagwe. Go nwa bojalwa ka go feteletsa le gone go na le diphelelo tse di batlang di tshwana le tseo. (Diane 23:29-35) Ba ba itshwarang ka tsela eno ba ka akanya gore ba gololesegile, mme ba lemoge go setse go le thari gore ba fetogile makgoba a boleo. Mme boleo bo laola setlhogo tota! Go akanya ka kgang eno gone jaanong go ka thusa go re sireletsa gore re se ka ra diragalelwa ke dilo tseno.—Bagalatia 6:7, 8.

Kwa Mathata a Simologang Teng

13. (a) Gantsi dikeletso tse di felelang ka mathata di nna teng jang? (b) Fa re batla go tlhaloganya gore “ba ba bosula” ke bomang, re tlhoka go itse pono ya ga mang? (c) Fa o ntse o araba dipotso tse di mo serapeng sa 13, bontsha gore Jehofa ene o leba dilo jang.

13 Akanya fela gore gantsi mathata a simologa kae. Baebele e tlhalosa jaana: “Mongwe le mongwe o lekwa ka go gogelwa a ba a hepisiwa ke keletso ya gagwe. Go tswa foo keletso, fa e sena go emera, e tshola boleo; boleo le jone, fa bo sena go diragadiwa, bo tsala loso.” (Jakobe 1:14, 15) Keletso e nna teng jang? Ka se se tsenang mo mogopolong. Gantsi seno se bakwa ke go itlwaelanya le batho ba ba sa tsheleng ka melaometheo ya Baebele. Gone ke boammaaruri, rotlhe re a itse gore ga re a tshwanela “go itlwaelanya le ba ba bosula.” (1 Bakorintha 15:33) Mme ba ba bosula ke bomang? Jehofa o leba kgang eno jang? Go akanya ka dipotso tse di latelang le go leba ditemana tse di umakilweng go tshwanetse ga re thusa go dira ditshwetso tse di tshwanetseng.

A lebaka la go bo batho bangwe ba lebega ba tlotlega le raya gore ke ditsala tse di siameng? (Genesise 34:1, 2, 18, 19)

A motlotlo wa bone, gongwe metlae ya bone, e ka supa gore a go a tshwanela gore re ka nna ditsala tsa bone? (Baefeso 5:3, 4)

Jehofa o ikutlwa jang fa re tlhopha go nna ditsala tse di gaufi le batho ba ba sa mo rateng? (2 Ditiragalo 19:1, 2)

Le mororo re ka nna ra bereka kgotsa ra tsena sekolo le batho ba ba sa dumeleng se re se dumelang, ke eng fa re tshwanetse go nna kelotlhoko? (1 Petere 4:3, 4)

Go lebelela thelebishene le dibaesekopo, go dirisa Internet le go bala dibuka, dimakasine le makwalodikgang ke ditsela tsa go tsalana le ba bangwe. Re tshwanetse ra itisa mo dikgannyeng tsa mofuta ofe mo metsweding eo ya tshedimosetso? (Diane 3:31; Isaia 8:19; Baefeso 4:17-19)

Jehofa o re tsaya re le batho ba mofuta ofe fa a leba ditsala tse re di tlhophang? (Pesalema 26:1, 4, 5; 97:10)

14. Batho ba ba tshelang go ya ka kgakololo ya Lefoko la Modimo ka boikanyegi gone jaanong ba tla nna le kgololesego efe e e molemolemo mo isagweng?

14 Lefatshe le lesha la Modimo le fela fa pele ga rona. Modimo o tla dirisa puso ya Bogosi jwa gagwe jwa selegodimo go golola batho mo tlhotlheletsong ya ga Satane le ya tsamaiso yotlhe ya gagwe e e boikepo ya dilo. Ka iketlo, diphelelo tsotlhe tsa boleo di tla tlosiwa mo bathong ba ba kutlo, mme go tla felela ka gore mogopolo le mmele o itekanele, gore re kgone go tshelela ruri mo Paradaiseng. Kgabagare popo yotlhe e tla nna le kgololesego e e dumalanang ka botlalo le “moya wa ga Jehofa.” (2 Bakorintha 3:17) A go tla bo go utlwala go ipaya mo kotsing ya go latlhegelwa ke sotlhe seo ka ntlha ya go tlhokomologa kgakololo ya Lefoko la Modimo gone jaanong? Ka go dirisa kgololesego ya rona ya Bokeresete ka botlhale gompieno, a rotlhe re bontsheng ka phepafalo gore se tota re se batlang ke “kgololesego e e galalelang ya bana ba Modimo.”—Baroma 8:21.

Motlotlo wa Poeletso

• Batho ba ntlha ba babedi ba ne ba na le kgololesego ya mofuta ofe? E ntse jang fa e bapisiwa le se se diragalelang batho gompieno?

• Bakeresete ba boammaaruri ba na le kgololesego ya mofuta ofe? Seo se fapaana jang le se lefatshe le se lebang e le kgololesego?

• Ke eng fa go le botlhokwa thata gore re se ka ra itsalanya le ba ba bosula? Go fapaana le Adame, re amogela ditshwetso tsa ga mang malebana le gore ke eng se se bosula?

[Ditshwantsho mo go tsebe 46]

Lefoko la Modimo le tlhagisa jaana: “Lo se ka lwa tsiediwa. Go itlwaelanya le ba ba bosula go senya mekgwa e e molemo”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela