LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g90 10/8 ts. 14-26
  • Botshelo jwa Motho Bo Simologa Leng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Botshelo jwa Motho Bo Simologa Leng?
  • Tsogang!—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Botshelo Bo Simologa ka Nako ya go Ithwala
  • Botshelo jwa Ngwana Yo O Iseng A Tsalwe Bo Botlhokwa
  • Go Senya Mpa
    Go Fetolana ka Dikwalo
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Baebele e a Reng ka go Ntsha Mpa?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Botshelo Jwa Motho bo Simologa Leng?
    Tsogang!—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1990
g90 10/8 ts. 14-26

Maikutlo a Bibela

Botshelo jwa Motho Bo Simologa Leng?

SEPTEMBER 21, 1989, e ne e le letsatsi le le sa tlwaelegang go Fifth Judicial District of the State of Tennessee, U.S.A. Ka lone letsatsi leo kgotlatshekelo ya potologo eo e ne ya tlhagisa pono ya yone kaga kgang e e malebana le gore ke mang yo o tla newang dipelwana (embryos) tsa batho di le supa tseo di neng di tsentswe mo setsidifatsing. Kgotlatshekelo eno e ne e tshwanetse ya dira tshwetso ya gore ke ofe wa batsadi bao ba neng ba tlhalana yo o neng a tshwanetse go di newa. Lefa go ntse jalo, santlha kgang e nngwe e ne ya tshwanelwa ke gore e rarabololwe: A dipelwana di tshwanetse go tsewa jaaka dilwana tseo motho a nang le tsone kana jaaka batho?

Moperofesara Jerome Lejeune wa kwa Paris, eleng mankge yo o tumileng mo lefatsheng wa tsa ditogwanatsalo, o ne a neela bosupi fa pele ga kgotlatshekelo gore motho mongwe le mongwe o na le tsela eo a simologang ka yone eo eleng ya mofuta wa yone fela, eo e diragalang ka nako ya fa a imiwa le gore “ka bonako fela morago ga gore a imiwe, motho ke motho.” Ka mafoko a mangwe, go tloga fela ka nako ya fa dipelwana di fetoga disele di le tharo, dipelwana ke “batho ba bannye thata,” jaaka fa a ne a bolelela kgotlatshekelo eo!—Mokwalo o o sekameng ke wa rona.

Fa a ne a bodiwa gore a o ne a bolela gore pelwana e tshwanetse ya newa ditshwanelo tse di tshwanang le tsa mogolo, Dr. Lejeune o ne a araba jaana: “Ga ke rialo ka gonne ga ke itse. Seo ke lo bolelelang sone ke gore, ke motho, mme jaanong Moatlhodi ke ene yo o tlileng go bolela gore a motho yono o na le ditshwanelo tse di tshwanang le tsa ba bangwe. . . . Mme lefa go ntse jalo nna jaaka mankge mo go tsa ditogwanatsalo lo mpotsa gore a motho yo ke motho, mme ke ne nka lo raya jalo ka gonne ke motho mme ereka e le motho, ke motho.”

Ereka e ne e itshetletse thata mo bosuping jwa ga Dr. Lejeune joo go neng go sena yo o neng a ka bo ganetsa, ditshwetso di le tharo tse dikgolo tseo kgotlatshekelo eno e di dirileng ke tseno:

◻ “Go tloga fela ka nako ya fa peo e kopana le lee, disele tsa pelwana ya motho e nna tse di faroganeng, e nna tsa mofuta wa tsone fela ebile e le tse di kgethegileng ka tsela e e tlhomologileng thata eo di farologanang ka yone.”

◻ “Dipelwana tsa batho ga se dilwana tseo motho a nang natso.”

◻ “Botshelo jwa motho bo simologa ka nako ya fa motho a imiwa.”

A seno se dumalana le seo Bibela e se buang kaga tshimologo ya botshelo jwa motho?

Botshelo Bo Simologa ka Nako ya go Ithwala

Jehofa Modimo ke “mocwedi oa botshelō” ebile “mo go ōna rea tshela, mo go ōna rea tshikinyèga, re leeō ka ōna.” (Pesalema 36:9; Ditihō 17:28) Mmopi a re botshelo bo simologa leng? O leba botshelo jwa ngwana jaaka jo bo botlhokwa tota le eleng le mo dikgatong tsa pele morago fela ga gore a imiwe. Go feta dingwaga di le 3 000 pele ga tsheko e e umakilweng fa godimo, o ne a tlhotlheletsa Dafide, ebong moperofiti wa gagwe, gore a kwale jaana:

“Ua mpipa ke le mo sebopeloñ sa ga mmè. Ke tla gu ntshetsa malebogō; gonne ke dihilwe ka mo go boitshègañ le ka mo go gakgamatsañ: dia gakgamatsa, ditihō tsa gago: me go mo, mōea oa me oa go itse sentlè. Popègō ea me ga ea ka ea gu hitlhègèla, yale ka ke dihwa mo bosaitsiweñ [moteng ga sebopelo], ka ke bopiwa ka [ditogwa] [o bua ka ditshika tsa madi, tseo di itogileng mo mmeleng jaaka ekete o ka re ke ditlhale tse di mebalabala tsa lesela] kwa tlhatse tlhatse ga lehatshe [mokgwa wa poko wa go tlhalosa lefifi la mo sebopelong]. Matlhō a gago a na a bōna go nna ga me ke e se ke bopege, me mo lokwaloñ loa gago go no go kwadilwe ditokololō cotlhe tsa me.”—Pesalema 139:13-16.

Go tloga ka nako ya go imiwa, botshelo joo bo ntseng bo gola bo gola go ya ka mokgwa o o tlhomameng jaaka ekete bo utlwa ditaelo dingwe tse di kwadilweng mo bukeng, eleng buka e kgolo thata. “Tshedimosetso e e leng mo teng ga pelwana,” go rialo Dr. Lejeune, “fa e ne e ka kwalwa mme e bo e tsenngwa mo teng ga khomputara e ne e ka kgona go bolelela khomputara ka moo e ka bonang ka gone se se latelang seo se tlileng go diragala, tshedimosetso eno e kgolo mo eleng gore ga go na ope yo o ka kgonang go e lekanya.”

Botshelo jwa Ngwana Yo O Iseng A Tsalwe Bo Botlhokwa

Ka gone, ngwana yo o iseng a tsalwe yo o ntseng a gola a le mo teng ga sebopelo ke sengwe seo se gaisang setlhopha sa ditogwa tsa mmele fela kgakala. Bo botlhokwa thata, mme ka ntlha ya moo, Modimo o boletse gore motho o ne a tla ikarabela fa a ne a ka utlwisa ngwana yo o iseng a tsalwe botlhoko. Molao wa gagwe mo go Ekesodo 21:22, 23 e tlhagisa jaana: “Me e re ha banna ba lwa, me ba utlwisa mosadi moñwe eo o ithweleñ botlhoko, [mme bana ba gagwe ba bo ba tlhaga, NW], me a sa dihahalèlwe ke molato opè kwa moragō; rure a a lehisiwè, kaha monna oa mosadi eouō o tla lōpañ ka gōna, me a a duèlè kaha baatlhodi ba atlholañ ka gōna. Me e re ha molato o ka sala o mo dihahalèla kwa moragō, hoñ u beè botshelō mo boemoñ yoa botshelō.”

Dibibela dingwe di ranola ditemana tse di fa godimo ka tsela e e leng gore e dira gore go nne jaaka ekete molao ono o ne o lebisitse thata mo go seo se diragalelang mosadi. Lefa go ntse jalo, mokwalo wa ntlhantlha wa Sehebera o lebisa tlhokomelo go molato o o ka diragalelang mmè kana ngwana.a Ka ntlha ya moo, go senya mpa ka boomo e le gore o ke o tile go tsalwa ga ngwana yo o sa batlegeng ke go fedisa botshelo jwa motho ka boomo.

Batho bangwe ba ka nna ba bolela gore pelwana ya motho ga se botshelo jwa motho ka gonne ga e kake ya kgona go tshela fa e le kwa ntle ga popelo. Ono ke mokgwa o o lolea thata wa go akanya. Ga go na ope yo o belaelang gore ngwana yo o sa tswang go tsalwa—yo o nang le metsotso e se mekae fela a le gone—ke motho. Lefa go ntse jalo, fa ene ngwana yono a ne a ka ntshediwa kwa ntle a sa apara sepe, ngwana yono o ne a tla tshela lobaka lo lokae? Ga a na seo a ka se dirang ebile, fela jaaka pelwana, ga a kgone go itshireletsa. Ngwana yo o sa tswang go tsalwa o tlhoka mo a ka nnang gone, bothito, le dijo—tshireletso, le thuso tseo eleng mogolo fela, yo o ntseng jaaka mmaagwe, a ka kgonang go mo di neela.

Ka gone, tshwetso ya molao eo e neng ya umakiwa fa godimo e dumalana le pono ya Bibela ya gore botshelo jwa motho bo simologa ka nako ya fa a imiwa. Botshelo jwa ngwana yo a iseng a tsalwe ga e se selo fela seo se tlwaelegileng seo se ka senngwang fela ka boomo jaaka selo se sele seo se kgoreletsang. Botshelo jwa motho bo boitshepo eseng fela morago ga gore bo tswe mo sebopelong mme gape le fa bo santse bo le mo sebopelong.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Polelwana ‘go diragalelwa ke molato’ (Sehebera, ’a·sohnʹ) ga e amane ka mo go kgethegileng le “mosadi . . . eo o ithweleñ”; ka gone, molato o o masisi ono ga o lebise go mosadi fela mme o akaretsa ka tshwanelo le “bana ba gagwe” bao ba leng mo sebopelong.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 26]

Windsor Castle, Royal Library. © 1970 Her Majesty The Queen

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela