Botshelo Jwa Motho bo Simologa Leng?
GIANNA o tlhalosa jaana: “Mmè yo o ntshotseng o ne a le dingwaga di le 17 mme a na le dikgwedi di le 7 1/2 a imile fa a ne a dira tshwetso ya gore a senye mpa ka motswako wa letswai.”a Mme o ne a oketsa jaana: “Ke nna motho yo mmè a neng a leka go mmolaya. Go na le gore ke swe, ke ne ka tshela.”
Bosupi jono bo ne jwa neelwa ke Gianna wa dingwaga di le 19, ka 1996 fa pele ga komiti ya puso ya United States e e dirang dipatlisiso malebana le kgang ya go senya mpa. Ka nako ya fa Gianna a ne a le mo popelong ya ga mmaagwe ka dikgwedi di le supa le sephatlho, dikarolo tsa mmele wa gagwe di ne di bopegile sentle. Gongwe o tla dumela gore tota e ne e setse e le motho, e re ka a ile a tswelela a tshela ka kwa ntle ga popelo.
Mme gone go tweng ka nako ya fa Gianna a ne a le leseanyana le le iseng le tsholwe la dibeke di le tlhano le le boleele jwa sentimetara e le nngwe? Gone ke boammaaruri gore, dikarolo tsa mmele wa gagwe di ne di ise di bopege sentle, mme motheo wa thulaganyo ya ditshika tsa mmele, go akaretsa le boboko jwa gagwe, di ne di setse di le teng. O ne a na le pelo e e itayang ka makgetlho a le 80 ka motsotso e e neng e pateletsa madi go feta mo ditshikeng. Ka jalo, fa e le gore Gianna e ne e le motho morago ga dikgwedi di le supa le sephatlho mo popelong, a go tla bo go sa utlwale gore motho a swetse ka gore e ne e le motho fa a ne a le dibeke di le tlhano—le fa gone a ne a ise a bopege sentle?
Kgakgamatso ya Tshimologo ya Boimana
Go bopega ga dikarolo tsotlhe tsa lesea le le iseng le tsholwe go simologa fa lee la mosadi le kopana le sele ya peo ya monna. Kgatelopele e ntšha e e dirilweng mo botegeniking e thusitse baitsesaense gore ba kgone go bona diphetogo tse di gakgamatsang tseno fa di ntse di direga mo teng ga nucleus ya lee la sele e le nngwe le le kopaneng le peo. Dimolekhule tse di bopang DNA (deoxyribonucleic acid) ya ga rre le mmè di kopana go bopa botshelo jwa motho jo bo iseng bo ke bo nne teng.
Sele eo ya ntlhantlha e le nngwe e simolola thulaganyo e e gakgamatsang tota ya go bopiwa ga motho yo o feletseng. Go “bopega” ga thulaganyo eno go ikaegile ka dijini tsa rona, tse e leng dikarolwana tsa DNA. Di-DNA tsone di laola mo e ka nnang sengwe le sengwe ka rona. Di laola gore re tla nna baleele go le kana kang, dipopego tsa rona tsa sefatlhego, mmala wa matlho le moriri wa rona le dilo tse dingwe tse dintsi.
Go tswa foo, sele eo ya ntlhantlha e a kgaogana mme “ditaelo” tse di feletseng tsa dijini di boelediwa mo seleng nngwe le nngwe e ntšha. Se se kgatlhang ke gore, nngwe le nngwe ya disele tseno e rulagantswe gore e nne mofuta wa sele le fa e le efe e e tlhokegang. Seno se akaretsa dithishu tsa pelo, disele tsa boboko, tsa marapo, tsa letlalo le e leng thishu e e bonaletsang ya matlho a rona. Go a utlwala go bo thulaganyo ya ntlha e e tsentsweng mo teng ga sele ya ntlhantlha ya gore go bopege motho yo mosha yo o sa tshwaneng le ope gantsi e ile ya tlhalosiwa e le “kgakgamatso.”
Dr. David Fu-Chi Mark yo e leng moitsethutotshelo yo o tumileng o ne a bega jaana: “Fa motho e sa ntse e le sele e le nngwe fela, o setse a na le thulaganyo e e feletseng ya go gola le ya gore o tla lebega jang.” O ne a konela jaana: “Ga go tlhole go na le pelaelo epe ya gore motho mongwe le mongwe o tlhomologile gotlhelele go tloga fela ka nako ya fa botshelo jwa gagwe bo simologa fa lee le kopana le peo.”
A ke Motho Yo o Mo Popelong?
Go tloga fela ka nako ya fa ngwana a imiwa mo popelong, ga se fela karolo nngwe ya thishu ya ga mmè mme ke motho yo o farologaneng. Mmele wa ga mmè o tsaya ngwana yono jaaka sengwe se se sa batlegeng. Mme o ne o ka nna wa mo ntsha ka bonako fa e ne e se ka tshireletso e e kgethegileng e e leng mo popelong ya ga mmè. Motho yo mosha yono—yo o kgaogantsweng le mmè ke legae le le sireletsang—ke motho yo o nang le DNA e e tlhomologileng.
Bangwe ba bolela gore mmele wa mosadi ka boone fela o senya mae a mantsi a a kopaneng le dipeo ka ntlha ya mathata a a rileng, ka jalo, ke ka ntlha yang fa ngaka yone e sa tshwanela go fedisa boimana? Gone mme, go na le pharologano e kgolo fa gare ga loso lo lo itiragalelang ka bo lone le go bolaya ka boomo. Kwa nageng nngwe ya kwa Amerika Borwa, bana ba le 71 mo go ba le 1 000 ba swa mo ngwageng wa bone wa ntlha. A mme go tla bo go siame go bolaya ngwana yo o kafa tlase ga ngwaga fela ka go bo ba le bantsi jaana ba swa pele ga nako? Nnyaa le e seng!
Sa botlhokwa ke gore, Baebele e tlhalosa gore go na le botshelo mo popelong. Mopesalema Dafide o ne a kwala jaana malebana le Modimo: “Matlho a gago a ne a mpona fa ke ne ke sa ntse ke bopega mo popelong, mme dikarolo tsotlhe tsa go bopega ga me di ne di kwadilwe mo bukeng ya gago.” (Pesalema 139:16, NW) Dafide ga a re fela “go bopega” mme a re “fa KE NE KE bopega,” seo se supa sentle gore botshelo jwa ga Dafide bo simologile fa a ne a imiwa, nako e telele pele ga a tsholwa. Ka tlhotlheletso ya Modimo, Dafide o ne a bontsha gape gore ka nako ya fa a imiwa, dikarolo tsa mmele wa gagwe di ne di bopega go ya ka thulaganyo kgotsa go ya ka ditaelo tse di ‘kwadilweng’ tse di neng tsa dira gore e nne motho yo a neng a le ene.
Tsweetswee, ela tlhoko gape gore Baebele ga e bolele gore mosadi o ima karolwana fela ya thishu. Go na le moo ya re: “Go imilwe monna yo o nonofileng!” (Jobe 3:3) Seno le sone se bontsha gore, go ya ka Baebele, ngwana e nna motho go tloga ka nako ya fa a imiwa. Ee, botshelo jwa motho bo simologa ka yone nako eo.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go senya mpa ka motswako wa letswai go akaretsa go tsenya motswako o o botlhole wa letswai mo popelong ya ga mmè ka lomao, mme lesea le metsa motswako oo, o gantsi o le bolayang mo diureng di ka nna pedi. Diura di le 24 moragonyana mmè o nna mo ditlhabing mme a bo a belega lesea le le suleng kgotsa—mo makgetlhong a le mmalwa—lesea le le swang.
[Ditshwantsho mo go tsebe 6, 7]
Leseanyana le le sa ntseng le bopega la dibeke di le tlhano ga se karolwana ya thishu fela—le na le motheo wa dirwe tsotlhe tsa motho yo o godileng
(bogolo jwa lone)