Go Senya Mpa
Tlhaloso: Go senya mpa ke go bolaya loseanyana kana ngwananyana yo o iseng a tsalwe ebile gantsi a ka se kgone go tshela ka kwantle ga sebopelo. Go fetelwa ga tshoganetso kana go senyegelwa go ka nna gone ka ntlha ya bosaitekanelang jwa batho kana ka ntlha ya kotsi. Go senya mpa mo go dirwang fela ka maikaelelo e le go leka go tila lotsalo lwa ngwana yo o sa batlegeng ke go bolaya motho ka bomo.
Motswedi wa botshelo jwa setho o tshwanetse go ama jang pono ya rona ka kgang eno?
Dit. 17:28: “Mo go ōna [Modimo] rea tshela, mo go ōna rea tshikinyèga, re leeō ka ōna.”
Pes. 36:9: “Gonne mocwedi oa botshelō o nntse nau [Jehofa Modimo].”
Bar. 14:12: “Moñwe le moñwe oa rona o tla ikarabèla Modimo.”
A Jehofa o leba botshelo jwa ngwana jaaka jo bo tlhokegang le eleng fela fa bo sa ntse bo simologa?
Pes. 139:13-16: “[Jehofa] ua mpipa ke le mo sebopeloñ sa ga mmè. . . . Matlhō a gago a na a bōna go nna ga me ke e se ke bopege, me mo lokwaloñ loa gago go no go kwadilwe ditokololō cotlhe tsa me.”
A Modimo le ka motlha o kile wa tlhalosa gore motho o tla ikarabelela kgobalo ya ngwana yo o iseng a tsalwe?
Ekes. 21:22, 23: “Me e re ha banna ba lwa, me ba utlwisa mosadi moñwe eo o ithweleñ botlhoko, me a senyègèlwa, me a sa dihahalèlwe ke molato opè kwa moragō; rure a a lehisiwè, kaha monna oa mosadi eouō o tla lōpañ ka gōna, me a a duèlè kaha baatlhodi ba atlholañ ka gōna. Me e re ha molato o ka sala o mo dihahalèla kwa moragō, hoñ u beè botshelō mo boemoñ yoa botshelō.” (Dithanolo dingwe di dira gore go bonale ekete mo molaong ono kwa Iseraele kgang kgolo e ne e le seo se neng se diragalela mmè, eseng loseanyana. Lefa go ntse jalo, mokwalo wa kwa tshimologong wa Sehebera, o lebisa go kotsi e e maswe e ka tswa e le ya ga mmè kana ngwana.)
Go senya botshelo jwa motho ka bomo kwa ntle ga go laelwa ke Modimo go masisi go le kana-kang?
Gen. 9:6: “Leha e le mañ eo o chololañ madi a motho, madi a gagwè le èna a tla chololwa ke motho; gonne Modimo o dihile motho mo sechwanoñ sa ōna.”
1 Yoh. 3:15: “Lo itse ha go se mmolai opè eo botshelō yo bo sa khutleñ bo nntseñ mo go èna.”
Ekes. 20:13: “U se ka ua bolaea motho.”
A maikutlo a ngaka a gore go tlogela mmè a ima fela go fitlhelela lobaka lo lo tletseng go tla gobatsa botsogo jwa gagwe go dumelela go senya mpa?
Maikutlo a tsa kalafi ka dinako tse dingwe a phoso. A go tla bo go siame go bolaya wa gaeno fela ka go bo yoo o ka nna a gobatsa mongwe ka ene? Fa e ka re ka nako ya botsalo ga dirwa tlhopho magareng ga botshelo jwa mmè le joo jwa ngwana, go ikaegile ka batho ka bongwe ba ba kopanyelediwang mo tlhophong eo. Lefa go ntse jalo, dikgatelo pele tsa dithulaganyo tsa kalafi mo mafatsheng a le mantsi di ile tsa dira gore seemo se se se nne se ntsi mo go kalo.
Fa Mongwe A Re—
‘Ke na le tshwanelo ya go itirela diphetso mo dikgannyeng tse di amang mmele wa me.’
O ka nna wa araba ka gore: ‘Ke tlhaloganya kafa o ikutlwang ka teng. Go ntse jalo gantsi gompieno ditshwanelo tsa rona di gatakiwa ke ba le bantsi; ba bangwe ga ba kgathale le eseng ka seo se diragalelang ba bangwe. Mme Bibela e baakanyetsa ka kaelo eo e ka re sireletsang. Lefa go le jalo, go amogela melemo ya teng, re tshwanetse go amogela maikarabelo gape.’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: (1) ‘Bommè ba bantsi ba ile ba tlogelwa ke banna bao ba ileng ba ba ithwadisa. Mme mo legaeng jeo rre le mmè ba tshelang ka ditekanyetso tsa Bibela, monna eleruri o tla rata mosadi wa gagwe le bana ba gagwe mme ka boikanyego a nne le bone le go ba baakanyetsa ka dijo. (1 Tim. 5:8; Baef. 5:28-31)’ (2) ‘Fa e le gore rona ka borona re ka amogela mofuta wa lorato le tlotlo tse di ntseng jalo, le rona gape re tshwanetse go dirisa ditekanyetso tsa Bibela mo boikutlong jwa rona malebana le maloko a rona a lelapa. Bibela e re re tshwanetse ra leba bana ba rona bao re ba tsalang jang? (Pes. 127:3; bapisa Isaia 49:15.)’