LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g90 12/8 ts. 4-7
  • Seo Re Se Itseng Kaga Lotso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Seo Re Se Itseng Kaga Lotso
  • Tsogang!—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Baya Batho ka Ditlhopha
  • Dipolelo tsa UNESCO
  • Sebetso sa Bomorafe
  • Lotso Ke Eng?
    Tsogang!—1993
  • Fa Ditso Tsotlhe Di Tshela Mmogo ka Kagiso
    Tsogang!—1993
  • Go Tlhaola Batho ka Lotso
    Tsogang!—2014
  • Ke Eng fa Lotso e le Kgang ya Moruthutha Jaana?
    Tsogang!—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1990
g90 12/8 ts. 4-7

Seo Re Se Itseng Kaga Lotso

FA Bayuropa ba ne ba tsamaya ka dikepe go ya go batlisisa kaga lefatshe dingwaga tse 500 tse di fetileng, ba ne ba ipotsa gore ba ne ba tla kopana le batho ba mofuta ofe. Go ne go na le ditlhamane kaga bodimo bao ba ka kgonang go gobua mo lewatleng ba bo ba thubaganya sekepe ka seatla se le sengwe fela. Go ne go na le mainane kaga batho ba ba ditlhogo tse di tshwanang le tsa dintša ba ba hemang kgabo ya molelo. A ba ne ba tla kopana le “batho ba ba seng botsalano” ba ba tumileng ba ba jang nama e e sa butswang le ba dipounama tsa bone tse dikgolo, tse di penologileng di ba direlang moriti fa go le letsatsi? Kana a ba ne ba tla bona batho ba ba senang melomo, ba ba tshelang ka go nkga diapole fela? Mme go tweng ka bao ba nang le ditsebe tse dikgolo thata mo di ka nnang tsa dirisiwa jaaka diphuka kana bao ba gotweng ba kanama kafa tlase ga moriti wa leoto la bone le lengwe fela, le legolo?

Batho ba ne ba tsamaya ka dikepe mo mawatleng, ba palama dithaba, ba kgaola ditlhare go bula tsela mo dikgweng, ba ne ba tsamaya loeto lo loleele mo dikakeng, mme ga gona gope koo ba ileng ba bona ditshedi tseo tse di sa tlwaelegang gone. Go na le moo, batlhotlhomisi ba ne ba gakgamalela go fitlhela batho ba ba tshwanang le bone fela thata. Christopher Columbus o ne a kwala jaana: “Mo ditlhaketlhakeng tseno [tsa West Indies] go fitlha jaanong ga ke ise ke bone dilalome tsa batho, jaaka bontsi jwa batho bo ne bo lebeletse, se se fapaaneng le seo, gareng ga batho bano botlhe ditebego tse dintle di tseelwa kwa godimo . . . ka gone ga ke ise ke bone dilalome kana pego epe fela kaga tsone, kwantle fela . . . ga batho bangwe . . . ba ba jang nama ya motho . . . Ga ba na dipopego dipe tse dingwe tse ba sa tshwaneng le batho ba bangwe ka tsone.”

Go Baya Batho ka Ditlhopha

Ka gone, ka ntlha ya patlisiso kaga lefatshe, go sa tshwaneng ga batho e ne ya seka ya tlhola e le mainane le ditlhamane fela. Batho ba ne ba ka elwatlhoko ba bo ba ithutiwe. Fa nako e ntse e tsamaya borasaense ba ne ba leka go kgaoganya batho ka ditlhopha.

Ka 1735 moithutadimela wa Mo-Sweden Carolus Linnaeus o ne a gatisa Systema Naturae ya gagwe. Mo go yone motho o ne a simolola go bidiwa Homo sapiens, se se rayang gore “motho yo o botlhale,” lereo le mokwadi mongwe a neng a bolela gore e ka nna ya bo e le tlhaloso ya boikgantsho jo bo sa utlwaleng go feta lepe le le kileng la fiwa losika lope lwa diphologolo! Linnaeus o ne a kgaoganya batho ka ditlhopha tse tlhano, tseo a neng a di tlhalosa ka tsela e e latelang:

MOAFRIKA: O montsho, ga a kgatlhege, o wetse dibete, o moriri o montsho, o o dikgobe; letlalo le borethe; nko e sephara; dipounama di dikima; o leferefere, o setshwakga, o botlhaswa; o itshasa mafura; o laolwa ke megopolo e e fetofetogang.

MOAMERIKA: O mmala wa kopore, o kgopisega motlhofo, o tlhamaletse; moriri o montsho, o o tlhamaletseng, o o lesuthu; o dinko di atlhameng thata; sefatlhego se magwata, ditedu di dinyenyane; o tlhogoethata, ga a kgotsofale; o ikgabisa ka go itshasa mela e mesesane e mehibidu; o laolwa ke ngwao.

MOASIA: O nna a hutsafetse, o tlhoko; moriri o montsho; matlho matshwana; o setlhogo, o boikgodiso, o pelotshetlha; o apara diaparo tse di sa mo tshwareng; o laolwa ke megopolo.

MOYUROPA: Ba bantle, ba bahibidu, ba nonofile mo mmeleng; ba meriri e mesetlha, e merokwa, e e lepelelang; matlho a botala jwa legodimo; ba botsalano, ba bogale, ba itlhamela dilo, ba apara diaparo tse di ba tshwarang; ba laolwa ke melao.

MOTHO WA NAGA: O maoto manè, ga a bue, o boboa.

Lemoga gore lefa Linnaeus a ne a kgaoganya batho ka ditlhopha go ya ka dipopego tsa bone tsa tlholego (mmala wa letlalo, boleng jwa moriri, le tse dingwe fela jalo), gape o ne a dira tshekatsheko e e nang le tlhaolele kaga botho jwa bone. Linnaeus o ne a gatelela gore Bayuropa ke batho ba “ba botsalano, ba ba bogale, ba itlhamela dilo” lefa Maasia bone a ba tlhalosa jaaka ba ba “setlhogo, ba ba ikgogomosang, ba ba pelotshetlha” le Maafrika jaaka ba ba “maferefere, ba ba ditshwakga, ba ba botlhaswa”!

Mme Linnaeus o ne a le phoso. Mekgwa e e ntseng jalo ya batho ga e na gope fa e tsenang teng mo go aroganyeng lotso gompieno, ka go bo patlisiso ya saense e bontshitse gore mo baaging bangwe le bangwe, go na le mofuta o o tshwanang wa maikutlo mmogo le botlhale jwa mefuta e e tshwanang. Ka mafoko a mangwe, re fitlhela dinonofo tse di siameng le tse di sa siamang tse di tshwanang mo lotsong longwe le longwe lwa batho.

Ditsamaiso tsa gompieno gantsi di aroganya batho ka ditlhopha tse tharo tse di theilweng thatathata mo dipharologanyong tsa popego: (1) Ma-Caucasoid, ba na le letlalo le le boboa le moriri o o tlhamaletseng kana o o itshophileng; (2) Ma-Mongoloid, ba letlalo la mmala o mosetlha le go sosobagana ga nama go dikologa matlho; le (3) Ma-Negroid, ba letlalo la mmala o montsho le moriri o o boboa. Mme ga se mongwe le mongwe yo o tshwanelegelang sentle mo go sengwe se sengwe sa ditlhopha tseno.

Ka sekai, Ba-San le Ba-Khoikhoi ba borwa jwa Afrika ba letlalo la mmala wa kopore, moriri o o boboa, le sefatlhego se se bopegileng jaaka sa Ba-Mongoloid. Batho ba bangwe ba Maindia ba na le letlalo le lentsho mme ba na le sefatlhego se se tshwanang le sa Ba-Caucasoid. Maaborijine a Australia a na le letlalo le lentsho, mme gantsi moriri wa bone o o boleta ke o o bosetlha jo bo borokwa. Ba-Mongoloid ba bangwe ba na le matlho a a tshwanang le a Ba-Caucasoid. Ga ba farologane gotlhelele.

Mathata ano a ne a dira gore baithuta popego ya motho le lotso ba tlogele go tlhola ba leka go aroganya batho, ba bolela gore lefoko “lotso” ga le na bokao mo saenseng kana bomosola.

Dipolelo tsa UNESCO

Gongwe dipolelo tse di dumelesegang go gaisa tsotlhe tsa saense kaga lotso ke tseo di neng tsa bolelwa ke setlhopha sengwe sa bomankge ba ba neng ba kopantswe ke UNESCO (United Nations Educational, Scientific, and Cultural Organization). Diphuthego di ne tsa tshwarwa ka 1950, 1951, 1964, le 1967 koo setlhopha sa meraferafe sa baithuta popego ya motho le lotso, baithuta diphologolo, dingaka, baithuta ditshedi, le ba bangwe ba le mmogo ba ne ba ntsha dipolelo tse nnè kaga lotso. Polelo ya bofelo e ne ya gatelela dintlha tseno tse tharo:

A “Batho botlhe ba ba tshelang gompieno ke ba losika lo le longwe le gone ba tswa mothong a le mongwe fela.” Ntlha eno e tlhomamisiwa ke buka nngwe e e bileng e itsege go gaisa. Bibela e bolela jaana: “[Modimo] o dihile dichaba cotlhe tsa batho ba cwa mothuñ a le moñwe hèla [Adame], go tla ba aga mo lehatshiñ yeotlhe.”—Ditihõ 17:26.

Polelo eo ya UNESCO e a tswelela:

B “Go kgaoganngwa ga mefuta ya batho ka ‘ditso’ mo letlhakoreng le lengwe ke tlwaelo fela mme mo go le lengwe ke selo sa boikgethelo fela mme ga go kae ka gope gore batho ba tshwanetse go kgethololwa jalo. . . .

C “Go ya ka kitso e re nang nayo gompieno ga re a tshwanela go tsaya gore ditso tse di rileng di kgona dilo tse di rileng ka baka la go bo di na le dikgono tse di farologaneng ka baka la popego ya tsone. Dipharologanyo mo diphitlhelelong tseo tsa batho ba ba farologaneng di tshwanetse go tsewa e le tse ba nnileng natso ka baka la hisitori ya lotso lwa bone. Batho ba lefatshe gompieno ba lebega ba na le dikgono tse di tshwanang go ya ka popego ya bone go fitlhelela selekanyo sepe fela sa tlhabologo.”

Sebetso sa Bomorafe

Jalo he ga go na motheo ope wa go dumela gore lotso lope lo gaisa lo longwe ka tlholego ya lone kana lo na le tshiamelo ya go laola lo longwe. Mme batho ga ba ise ba ke ba tsamaye ba dire tumalanong le mabaka ano. Ka sekai, akanya ka kgwebo ya makgoba a Maafrika.

Fa merafe ya Bayuropa e ne e simolola go tlhoma mebusomegolo ya bokoloni, ba ne ba bona go ba tswela mosola mo go tsa itsholelo gore ba sotle batho ba ba tlholegileng koo. Mme go ne go na le se se gakgamatsang ka seno. Dimilione tsa Maafrika di ne tsa swatolwa mo magaeng a bone, ba tsubulwa mo go baratiwa ba bone, ba golegwa, ba itewa, ba tshwaiwa, ba rekisiwa jaaka diphologolo, mme ba patelediwa go bereka ba sa duelwe go fitlha ka letsatsi le ba swang ka lone. Merafe e e ipolelang fa e le ya Bokeresete e e neng e tshwanetse go rata bagabone jaaka ba ithata e ne e ka bolela jang gore seo se siame kafa boitsholong?—Luke 10:27.

Tharabololo e ba neng ba e tlhopha e ne e le ya go nyeletsa batho bao ba neng ba ba sotla bao gotlhelele. Eno e ne e le kakanyo ya moithutapopego ya motho le lotso mongwe wa dingwaga tsa bo 1840:

“Fa e le gore Ma-Negro le Ma-Australia ga se dibopiwakarona ebile ga se ba lelapa la rona mme ke batho ba ba kwa tlase ka seemo, mme fa e le gore re ne re sa lebelela gore re tla ba direla ditiro tse re ba direlang tsone . . . mo go epe ya ditaolo tse di siameng tseo boitsholo jwa Mokeresete bo thailweng mo go tsone, dikamano tsa rona le ditso tseno di tla lebega di sa fapaana thata le tseo go akanngwang gore re na natso le losika lwa ditshwene.”

Batho bao ba batlang go tshegediwa mo kgopolong ya gore batho ba bantsho ga se batho tota e tserwe mo kakanyotheong ya ga Darwin ya thutotlhagelelo. Ba ne ba ntsha lebaka la gore batho ba dikoloni ba ne ba tlhabologa ka bonya go na le batho basweu. Ba bangwe ba ne ba bolela gore batho ba e seng basweu ba itlhageletse ka tsela e e farologaneng le gore ga se batho totatota. Batho ba bangwe ba ne ba tsopola mo Bibeleng ba sokamisa dikwalo go tshegetsa dipono tsa bone tsa bomorafe.

Legale, batho ba le bantsi ga ba a ka ba dumalana le kgopolo eno. Bokgoba bo fedisitswe mo merafeng ya lefatshe e le mentsi. Mme tlhaolele yone, go ilana le go tlhaola batho ka lotso le mmala go santse go le teng mme go teng le mo ditlhopheng tsa ditso tseo e neng e le ditso fela mo dikakanyong tsa batho. Moperofesa mongwe wa thuto ya diphologolo o ne a re: “Ereka go lebega ekete mongwe le mongwe o ne a ka tlhaola batho ka ditso go ya kafa a ratang ka gone, mapolotiki, baeteledipele ba ba kgethegileng, le ba ba ipatlelang maemo fela ba ile ba nna ba kgaoganya batho ka ditso. Ba ile ba tlhama maina a a gogelang a ditso go tlhotlheletsa batho gore ba tlotle ‘ka tsela ya saense’ dikgopolo tsa bone tse ba di ratang le tlhaolele.”

Melawana ya Jeremane wa Bo-Nazi wa kgethololo ya batho ka lotso le mmala ke sekai sa konokono. Lefa gone Adolf Hitler a ne a tlotlomatsa lotso lwa Ba-Aryan, ka tlholego fela ga go na sepe se se ntseng jalo. Ga go ise go ko go tsamaye go nne jalo. Go na le Bajuda ba ba bosetlha jo borokwa, ba ba matlho a a botala jwa legodimo ba kwa Sweden, Bajuda ba bantsho ba kwa Ethiopia, le Bajuda ba Ma-Mongoloid ba kwa China. Lefa go ntse jalo, Bajuda, le ba bangwe, ba ne ba angwa ke molawana wa kgethololo ya batho ka lotso le mmala. Molawana oo o ne wa felela ka gore Bajuda ba le dimilione tse thataro, le batho ba bangwe ba bantsi, ka sekai Ba-Slav ba ba tswang kwa Poland le Soviet Union ba tsenngwe mo dikampeng tsa pogisetso, ba tshubelwe mo dikamoreng tsa gase, ba bo ba bolawe.

[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 5]

Patlisiso ya saense e ile ya supa gore mo baaging bangwe le bangwe, go na le botlhale jo bo farologaneng ka tsela e e tshwanang

[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 6]

‘Mapolotiki, baikuedi ba ba kgethegileng, le batho ba ba ipatlelang maemo fela ba ile ba tlhama maina a a gogelang a ditso go tlhotlheletsa batho gore ba tlotle “ka tsela ya saense” dikgopolo tsa bone tse ba di ratang le tlhaolele’

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Jaaka fa dikitsiso tseno di bontsha, Maafrika a ne a bapatswa le go rekisiwa jaaka ekete e ne e le dikgomo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela