Ke Eng fa Lotso e le Kgang ya Moruthutha Jaana?
FA E sa le go simologa ka hisitori e e itsiweng, mogopolo wa “bone” le “rona” e ntse e le one o mogolo mo ditlhaloganyong tsa batho. Bontsi bo ipoleletse gore ke bone batho ba le bosi fela ba ditlhogo tsa bone di berekang sentle ba bile ba dira dilo ka tshwanelo. Seno ke se borasaense ba se bitsang go ipona gore ke lona batho lo le nosi fela, mogopolo wa gore batho ba gaeno le tsela ya lona ya go dira dilo ke tsone tse di nang le mosola ebile di a utlwala.
Ka sekai, Bagerika ba bogologolo, ba ne ba nyatsa “bobari,” lefoko le ba neng ba le dirisa go bitsa mongwe le mongwe yo e neng e se Mogerika. Lefoko “bari” le tsetswe ke mokgwa o dipuo di sele di neng di utlwala mo ditsebeng tsa Bagerika ka teng, o ka re ke bo “bar-bar” ba bantsi ba tlhomagane ba ba sa utlwaleng. Baegepeto pele ga bone ba ne ba ikutlwa ba le botoka mo bathong ba bangwe botlhe mme morago ga bone, Baroma le bone ba ne ba ikutlwa fela jalo.
Mo makgolokgolong a dingwaga Batšhaena ba ne ba bitsa lefashe la bone ba re ke Zhong Guo, kana Bogosi jwa Bogare, ka jaana ba ne ba dumela totatota gore China ke bogare jwa lefatshe kana jwa lobopo. Moragonyana fa barongwa ba Mayuropa ba ba meriri e mehibidu, matlho a matala, e bile ba le bahibitswana ba goroga kwa China, Batšhaena ba ne ba ba bitsa “bodiabolo ba batswakwa.” Ka tsela e e tshwanang, fa batho ba Botlhaba ba ne ba goroga la ntlha kwa Yuropa le kwa Amerika Bokone, matlhonyana a bone a masesane le dingwao tsa bone tse go neng go twe di a gakgamatsa di ne tsa dira gore ba jewe ditshego le go belaelwa.
Mme lefa go ntse jalo, go na le kgang e e botlhokwa go e ela tlhoko, jaaka buka e go tweng The Kinds of Mankind e bolela: “Go dumela gore [lotso] lwa gago ke lone le le botoka go ka diragala; mme go leka go supa seo, ka go dirisa ditlhotlhomiso tsa saense ke kgang e sele.” Maiteko a go supa gore lotso lo longwe lo botoka mo go lo longwe a simologa maabane fela jaana. Moithutamotho ebong Ashley Montagu o ile a kwala jaana gore “kgopolo ya gore go na le ditso tse ka tlholego kana ka popego di farologanang ka tlhaloganyo le ka popego ya mmele ke mogopolo o o simologileng mo karolong ya bofelo ya lekgolo la bolesome le borobabongwe la dingwaga.”
Go tlile jang gore kgang ya go itsaya o le wa lotso lo logolo e bo e ile ya ya magoletsa jaana mo lekgolong la bo18 le la bo19 la dingwaga?
Thekiso ya Makgoba le Lotso
Lebaka lengwe le legolo ke gore thekiso ya makgoba e e neng e busetsa thata e ne e le kwa godimo fela thata, mme dikete tse di makgolo tsa Maafrika di ne di tserwe ka kgang mme di patelelwa go nna makgoba kwa Yuropa le kwa mafatsheng a Amerika. Gantsi malapa a ne a thubiwa, banna, basadi, le bana ba romelwa kwa dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe, mme ba bo ba sa tlhole ba bonana gape. Ke lefe lebaka le barekisi le barui ba makgoba, ba bontsi jwa bone ba neng ba ipolela gore ke Bakeresete, ba neng ba ka le ntsha go buelela ditiro tsa bone tse eseng tsa setho?
E ne e le ka go bolela gore ka tlholego Maafrika a mantshonyana a kwa tlase. Ramatlhajana wa mo Mosekotšhe wa lekgolo la bo18 la dingwaga ebong David Hume o ne a kwala jaana, “Ke na le boikutlo jwa gore batho bantsho botlhe, tota le mefuta e mengwe ya batho ka tlholego ba kwa tlase ga batho basweu.” Tota ebile, Hume o ne a re ga go a fitlhelwa “ditlhamo dipe tse di raraaneng mo [Bantshong], ditiro tsa botswerere, lefa e le saense epe.”
Mme lefa go ntse jalo, moo e ne e le maaka fela. The World Book Encyclopedia (1973) e boletse jaana: “Go ne go na le magosi a a neng a tlhabologile fela thata a Bantsho mo dikarolong di le dintsi tsa Afrika makgolokgolo a dingwaga a a fetileng. . . . Mo magareng a 1200 le 1600, go ne go na le yunibesithi e e neng e tsweletse ya Bantsho le Baarabea kwa Timbuktu kwa Afrika Bophirima mme e ne ya tuma kwa Spain, Afrika Bokone, le kwa Botlhabagare.” Lefa go ntse jalo, ba ba neng ba na le seabe mo thekisong ya makgoba ba ne ba le bofefo go reetsa megopolo ya boramatlhajana ba ba etsang Hume wa gore bantsho ba kwa tlase ga basweu, tota le gone gore ke dikabatho.
Bodumedi le Lotso
Barekisi ba makgoba ba ne ba engwa nokeng mo megopolong ya bone ya tlhaolele ke baeteledipele ba bodumedi. Bogologolo ka bo1450, ditaolo tsa bomopapa ba Roma Katoliki di ne di dumelela go gatelelwa le go dirwa makgoba ga “baheitane” le “batenegi” gore “meyasebele” ya bone gongwe e tle e bolokelwe “Bogosi jwa Modimo.” Ka ntlha ya go segofadiwa ke kereke, baupolodi ba pele ba Mayuropa le barekisi ba makgoba ba ne ba sa tshwenngwe ke go bo ba ne ba tshwara benggae bosetlhogo jalo.
Buka e go tweng Slavery and Human Progress ya re, “Ka bo1760, jaaka go ile ga nna le ka masome a dingwaga a a ileng a latela, go dira batho ba bantsho makgoba go ne go dumelelwa ke bagogi le baruti ba Katoliki, Anglican, Lutere, Presbyterian, le Reformed. Go ne go sena kereke ya segompieno e e ileng ya leka go latlhisa maloko a yone go nna le makgoba a batho bantsho kana le go a rekisa tota.”
Le mororo dingwe tsa dikereke tseo di ne di bua ka bokaulengwe jwa lefatshe lotlhe jwa Bokeresete, di ne gape di ruta dithuto tse di neng di gakatsa dikgotlhang tsa lotso. Ka sekai, Encyclopaedia Judaica e bolela gore “e ne ya nna morago ga go kgaratlha ka lobaka lo loleele le dipuisano tsa bodumedi tse ditelele go ileng ga tla gore Masepanishe ba dumele gore ditso tse ba di fitlhetseng kwa Amerika ke batho ba ba nang le meyasebele.”
Seo se ne se raya gore fa fela “meyasebele” ya ditso tsa koo e ne e “bolokilwe” ka go sokologela mo Bokereseteng, gore ba tshwarwa jang e ne e se selo sa botlhokwa. Mme fa go tla mo bathong ba bantsho, baeteledipele ba bodumedi ba le bantsi ba ne ba bolela gore kana tota bone ebile ba hutsitswe ke Modimo. Go ne ga sokamisiwa Dikwalo go leka go supela seo. Baruti ebong Robert Jamieson, A. R. Fausset, le David Brown, mo kakgelong ya bone ya Bibela, ba ne ba re: “A go hutsege wena Kanana [Genesise 9:25]—phutso eno e ne ya diragadiwa fa Bakanana ba ne ba senngwa—mo go tlontlololweng ga Egepeto, le mo go dirweng makgoba ga Maafrika, dikokomana tsa ga Hame.”—Commentary, Critical and Explanatory, on the Whole Bible.
Thuto ya gore rraabomogolo batho ba bantsho o ne a hutsitswe ga e rutiwe ke Bibela. Boammaaruri ke gore, batho ba bantsho ke losika lwa ga Kushe, e seng Kanana. Mo lekgolong la bo18 la dingwaga, John Woolman o ne a re go dirisa phutso eno ya Bibela go buelela go dira bantsho makgoba, go ba rontsha ditshwanelo tsa bone tsa tlholego, “ke kgopolo e e maswe thata mo e leng gore ga e a tshwanelwa go letlelelwa mo tlhaloganyong ya motho ope fela yo o eletsang go laolwa ke melaometheo e e nitameng.”
Saense e e Seng Yone le Lotso
Saense e e seng yone le yone e ne ya nna le seabe mo maitekong a go ema nokeng kgopolo ya gore batho bantsho ke lotso le le kwa tlase. Buka e go tweng Essay on the Inequality of Races, ya mokwadi wa Mofora wa lekgolo la bo19 la dingwaga ebong Joseph de Gobineau, e ne ya thaya motheo wa mekwalo ya mofuta wa yone e e neng ya latela. Mo go yone, Gobineau o ne a kgaoganya batho ka ditlhopha tse tharo go simolola ka se se di gaisang tsotlhe go ya kwa go se se kwa tlase: tshweu, rolwana, le bontsho. O ne a re dinonofo tse di bonwang mo lotsong lo lo rileng fela di mo mading le gore ka lebaka leo go tswakana ka ntlha ya go nyalelelana go ne go tla felela ka go tlhofofala le go latlhega ga dinonofo tse di kwa godimo.
Gobineau o ne a re go kile ga bo go tshela batho ba ba sa tswakanngwang ba basweu, ba batelele, ba ba moriri o mosetlha, ba ba matlho a matala ba a neng a ba bitsa Ba-Aryan. O ne a re, e ne e le Ba-Aryan, ba ba ileng ba isa tlhabologo le puo ya Sanskrit kwa India, gape gore ke Ba-Aryan ba ba ileng ba tlhoma tlhabologo ya Gerika le Roma wa bogologolo. Mme lefa go ntse jalo, ka ntlha ya go nyalelelana le benggae ba ba kwa tlase, tlhabologo eo e e kileng ya bo e galaletsega e ne ya nyelela, yone le botlhale le dinonofo tse di molemo tsa lotso lwa Ba-Aryan. Gobineau o ne a re, batho ba ba nang le madi a boAryan ba ba santseng ba le teng, ba fitlhelwa mo bokone jwa Yuropa, ke gore Ba-Nordic, go akaretsa le Bathosejeremane.
Megopolo ya motheo ya ga Gobineau—ditlhopha tse tharo tsa ditso, madi a losika, le lotso lwa Aryan—e ne e se ya saense lefa go le kana, mme di ne tsa tshelwa metsi gotlhelele ke borasaense ba motlha ono. Go sa kgathalesege seo, di ne tsa dumelwa ke ba bangwe ka bofefo. Mongwe wa bone e ne e le monna wa Moesemane ebong Houston Stewart Chamberlain, yo o ileng a tlhakanngwa tlhogo thata ke megopolo ya ga Gobineau mo a bileng a fudugela kwa Jeremane mme a bo a buelela thata kgang ya gore ke ka Majeremane fela go ka nnang le tsholofelo ya gore lotso lwa Aryan le ka bolokwa le sa tswakana. Kwa ntle ga pelaelo, mekwalo ya ga Chamberlain e ne ya balwa thata kwa Jeremane, mme diphelelo e ne ya nna tse di maswe.
Ditlamorago tse di Maswe tsa Tlhaolele
Mo bukeng ya gagwe e go tweng Mein Kampf (Ntwa Ya Me), Adolf Hitler o ne a tlhalosa gore lotso lwa Sejeremane ke lone lotso lo logolo lwa Aryan lo lo tshwanetseng go busa lefatshe lotlhe. Hitler o ne a dumela gore Bajuda, ba a neng a ba pega molato wa go diga itsholelo ya Jeremane, e ne e le sekgoreletsi mo maikaelelong ano a a galalelang. Ka jalo go ne ga latela go nyelediwa ga Bajuda le merafe e mengwe e mennye ya Yuropa, mo kwa ntle ga pelaelo e neng e le nngwe ya dinako tse di boitshegang mo hisitoring ya motho. Seo e ne e le diphelelo tse di maswe tsa megopolo ya tlhaolele, go akaretsa le ya ga Gobineau le Chamberlain.
Mme legale, bosetlhogo joo bo ne bo se kwa Yuropa fela. Go kgabaganya lewatle kwa go se go neng go twe ke lefatshe le lesha, megopolo e e tshwanang le eo e e senang motheo e ne ya leretse dikokomane tsa batho ba ba senang molato pogo. Le mororo e ile ya re kgabagare makgoba a Maafrika a gololwa kwa United States morago ga Ntwa ya Maraganateng, go ne ga nna le melao e mentsi e e ileng ya dirwa e e neng e itsa bantsho go nna le ditshwanelo tse dintsi tse baagi ba bangwe ba neng ba na le tsone. Ka ntlha yang? Baagi ba batho basweu ba ne ba akanya gore lotso lwa batho ba bantsho le ne le se botlhale mo ba neng ba ka nna le seabe mo ditirong tsa loago le tsa puso.
Bogolo jwa kafa boikutlo joo jwa tlhaolele bo neng bo le ka teng bo supiwa ke tsheko mabapi le molao o o kgatlhanong le go nyalelelana ga merafe. Molao ono o ne o iletsa go nyalana ga basweu le bantsho. Fa a ne a atlhola banyalani ba ba neng ba robile molao ono, moatlhodi mongwe o ne a re: “Mogodimodimo o dirile lotso lo losweu, lo lontsho, lo lo serolwana, lwa Malay le le lehibidu, mme A ba baya mo dikontinenteng tse di farologaneng, mme fa e ne e se ka go itlhokomolosa thulaganyo ya Gagwe manyalo a mofuta ono a ne a ka se ka a nna teng.”
Ga se gore moatlhodi o buile seno mo lekgolong la bo19 la dingwaga, golo gongwe kwa mafelong a a kwa tennyanateng, mme ke ka 1958—mme e bile e se sekgala sa dikilometara tse di fetang 100 go tswa kwa Palamenteng ya U.S.! Tota ebile ke maabane fela jaana, ka 1967 fa Kgotlatshekelokgolo ya U.S. e ne e fedisa melao e e kgatlhanong le go nyalana ga ditso.
Melao eo ya tlhaolele—le kgethololo kwa dikolong, dikereke, le mafelo a mangwe a setšhaba le tlhaolele mo ditirong le mo matlong—di ne tsa tsala dikhuduego tsa mo gae, dingongorego, le thubakanyo e e setseng e le karolo ya botshelo kwa United States le mafelo a mangwe a mantsi. Kwa ntle ga tshenyo ya dithoto le go bolaiwa ga batho fela, tlhobaelo, kilo, le go tlontlololwa ga batho le pogo tse di nnang teng ruri ke matlhabisaditlhong le selo se se swabisang se se dirwang ke batho ba go ka bong go ithewa go twe ba tlhabologile.
Ka lebaka leo, tlhaolele ke sengwe sa dilo tse dikgolo tse di kgaoganyang batho tse di leng teng. Ka phepafalo, go a tlhokega gore mongwe le mongwe wa rona a itlhatlhobe pelo, a ipotse jaana: A ke ganana le thuto nngwe le nngwe e e reng lotso lo longwe lo logolo mo go lo longwe? A ke dirile maiteko a go tlosa maikutlo ape a a ka neng a saletse mo go nna a go gopola gore ke wa lotso lo lo botoka?
Go a tshwanela gape go botsa jaana: Go na le tsholofelo efe ya gore tlhaolele le kilano, tse gompieno di tletsetletseng jaana, di tla fedisiwa gotlhelele? A batho ba ditšhaba, dipuo, le dingwao tse di farologaneng ba ka tshela mmogo ka kagiso?
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Basweu ba le bantsi ba ne ba tsaya bantsho jaaka dikabatho
[Motswedi wa Setshwantsho]
Reproduced from DESPOTISM—A Pictorial History of Tyranny
[Setshwantsho mo go tsebe 8]
Dikampa tsa pogisetso tsa Manasi e ne le ditlamorago tse di maswe tsa megopolo ya tlhaolele
[Motswedi wa Setshwantsho]
U.S. National Archives photo