Fa Ditso Tsotlhe Di Tshela Mmogo ka Kagiso
MODIMO “o dihile dichaba cotlhe tsa batho ba cwa mothuñ a le moñwe hèla, go tla ba aga mo lehatshiñ yeotlhe.” (Ditihō 17:26) Eo ke tlhaloso ya Bibela e e motlhofo mabapi le tshimologo ya motho.
Se e se bolelang ke gore batho botlhe, go sa kgathalesege gore ba nna kae kana ditebego tsa bone ke dife, ba tswa golo go le gongwe fela. Seno se raya gape gore le mororo go na le dipharologanyo tse di bonalang, “dichaba cotlhe tsa batho” di na le bokgoni le botlhale jo bo tshwanang. Ee, mo matlhong a Modimo, batho ba ditso le merafe yotlhe ba a lekana.—Ditihō 10:34, 35.
Fa e le gore se Bibela e se buang se boammaaruri, go na le tsholofelo ya gore dikilano le ditshiamololo tse di tsalwang ke dipharologano tsa lotso di ka fedisiwa. Mo godimo ga moo, fa e le gore Bibela e bua boammaaruri ka tshimologo ya motho, ka mo go utlwalang ke yone buka eo e e ka re neelang tshedimosetso ya kafa ditso tsa batho di ka tshelang mmogo ka teng ka kagiso.
Jaanong, boammaaruri jwa reng? A pego ya Bibela ka tshimologo ya motho e engwa nokeng ke saense?
Bosupi jwa Saense
Buka e go tweng The Races of Mankind, ka baithutamotho ebong R. Benedict le G. Weltfish, e bolela gore: “Polelo ya Bibela ka ga Adame le Efa, rre le mmè wa lotso lotlhe lwa motho, e boletse boammaaruri jo saense e bo supileng mo motlheng ono makgolokgolo a dingwaga a a fetileng: jwa gore batho botlhe mo lefatsheng ke lelapa le le lengwe fela mme ba simologile golo go le gongwe fela.” Bakwadi bano gape ba tlhalosa gore “mokgwa o mmele wa motho o raraaneng ka one . . . o ka se ka wa bo o ‘itiragaletse fela’ gore o tshwane mo bathong botlhe fa e ne e le gore ba ne ba sa tswe golo go le gongwe fela.”
Pampitshana e go tweng Race and Biology, ya ga L. C. Dunn, porofesa ya thutadiphologolo kwa Yunibesithing ya Columbia, ya re: “Go phepafetse gore batho botlhe ke losika lo le longwe, ka ba tshwana ka dipopego tsa mmele. Batho ba ditlhopha tsotlhe ba ka nyalana mme tota e bile ba dira jalo.” E tswelela ka go tlhalosa jaana: “Lefa go ntse jalo motho mongwe le mongwe o itshwanela a le nosi fela mme o farologana le mongwe le mongwe ka ditselanyana tse dinnye. Seno se dirwa ke maemo a a farologaneng a batho ba tshelelang mo go one gape le ke dijini tse di farologaneng tse ba di anyileng.”
Bosupi jwa saense ga bo sie dipelaelo dipe. Go ya ka thutatshelo, ga go na selo se go tweng ke lotso lo lo botoka kana lo lo kwa tlase, lo lo phepa kana lo lo tswakanyeng. Dipopego tse di tshwanang le mmala wa letlalo, wa moriri, kana wa matlho—eleng dilo tse batho bangwe ba tsayang gore di kaya sengwe ka lotso—ga di supe sepe ka botlhale kana bokgoni jwa motho. Go na le moo, tseo di dirwa ke dijini tse motho a nang natso.
Tota ebile, dipharologano tsa lotso di dinnye, jaaka Hampton L. Carson a tlhalosa mo go Heredity and Human Life: “Boikgakantshi jo re lebaneng le jone ke gore setlhopha sengwe le sengwe sa batho se bonala se farologane ka kwantle mme lefa go le jalo kafa teng ga dipharologano tseno go na le tshwano ya konokono.”
Jaanong fa e le gore totatota batho botlhe ke lelapa le lengwe fela, ke eng fa go na le mathata a a kanakana a lotso?
Se se Tsalang Mathata
Lebaka la konokono la go bo tlhaolele e le teng ke gore batsadi ba ntlha ga ba simolodisa bana ba bone sentle. Adame le Efa ba ne ba tsuologela Modimo ka bomo mme ka go dira jalo ba bo ba sa itekanele, ba golafala. Ka ntlha ya seo, go tlhoka go itekanela ga ga Adame—tshekamelo eno ya go dira bosula—e ne ya fetisetswa mo baneng ba gagwe. (Baroma 5:12) Ka jalo batho ba tshotswe ka tshekamelo ya go nna digagapa le boikgodiso, dilo tse di tsetseng khuduego le tlhakatlhakano ka ntlha ya lotso.
Go na le lebaka le lengwe gape go bo tlhaolele e le teng. Fa Adame le Efa ba ne ba itshomola mo go busiweng ke Modimo, ba ne ba simolola go busiwa ke moya o o bosula o Bibela e o bitsang Satane, kana Diabolo. Ka ntlha ya tlhotlheletso ya yono, yo e leng “motsietsi oa lehatshe yeotlhe,” go ile ga dirwa maiteko a ka bomo fela a go tsietsa batho mo kgannyeng ya lotso. (Tshenolō 12:9; 2 Bakorintha 4:4) Go ikgopola ka lotso—mogopolo wa gore setlhopha sa gaeno ke sone se se botoka—o kukeditswe go nna kgabo e kgolo ya molelo, mme batho ba le bantsi ba lemoga kana ba sa lemoge ba ile ba tlhotlhelediwa, ka diphelelo tse di maswe.
Fa go buiwa ka tlhamalalo fela, batho ba ba bogagapa, ba ba laolwang ke Satane ba ile ba anamisa dithuto tsa maaka ka lotso tse di ileng tsa baka mathata a a teng a lotso.
Ka jalo, gore batho ba utlwane, botlhe ba tshwanetse go dumela gore ruri re batho ba le bangwe fela le gore Modimo o dirile “dichaba cotlhe tsa batho ba cwa mothuñ a le moñwe hèla, go tla ba aga mo lehatshiñ yeotlhe.” (Ditihō 17:26) Mo godimo ga moo, gore batho ba ditso tsotlhe ba kgone go nna mmogo ka kagiso, tlhotlheletso ya ga Satane e tshwanetse go tlosiwa mo mererong ya batho. A mme ruri dilo tseno di tla ke di diragale? A go na le mabaka a go dumela gore di tla diragala?
Go Fedisiwa ga go Ilana ka Lotso
Jesu Keresete o ne a lemotsha kafa go ilana ka lotso go ka fedisiwang ka teng fa a ne a laela balatedi ba gagwe a re “lo ratanè” fela jaaka ke lo ratile. (Yohane 13:34, 35) Lorato lono lo ne lo sa tshwanela go bontshiwa batho ba lotso kana ditso tse di rileng fela. Nnyaa le eseng! Mongwe wa barutwa ba gagwe o ne a kgothatsa jaana, ‘Ratang bakaulengwe botlhe.’—1 Petere 2:17.
Lorato lono lwa Bokeresete lo bontshiwa jang? Bibela e tlhalosa gore le ka supiwa jang fa e kgothatsa jaana: “Mo tlotloñ, a moñwe a beè eo moñwe kwa pele.” (Baroma 12:10) Akanya fela gore seno se tla felela ka eng fa se dirwa! Mongwe le mongwe o tsaya ba bangwe, go sa kgathalesege lotso kana morafe wa gagwe, ka mokgwa le tlotlo, a sa ba nyatse, mme ka boammaaruri a ‘ba kaya fa ba mo gaisa ka molemo.’ (Bafilipi 2:3) Fa moya o o ntseng jalo wa lorato lwa boammaaruri lwa Bokeresete o le teng, mathata a go ilana ka lotso a a rarabololwa.
Ee gone, botlhe ba ba ileng ba rutiwa go ila ba bangwe ka ntlha ya lotso lwa bone, ba tlhoka go dira maiteko a magolwane gore ba tlose megopolo eo e e tlhotlheleditsweng ke Satane mo go bone. Mme go ka kgonega! Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, botlhe ba ba ileng ba tlisiwa mo phuthegong ya Bokeresete ba ne ba ipelela kutlwano e e neng e sa bonwe gope gape. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana ka yone: “Ga go kake ga nna Moyuda le Mogerika, ga go kake ga nna motlhanka le mogololwa, ga go kake ga nna monna le mosadi: gonne lotlhe lo motho a le moñwe hèla mo go Keresete Yesu.” (Bagalatia 3:28) Eleruri, balatedi ba boammaaruri ba ga Keresete ba ne ba ipelela bokaulengwe jwa boammaaruri.
Mme bangwe ba ka nna ba ganetsa ba re: ‘Mo ga se mo go ka diragalang gompieno.’ Mme lefa go ntse jalo, go setse go diragetse mo Basuping ba ga Jehofa—phuthego ya batho ba ba fetang dimilione di le nnè le sephatlo! Ee gone, go boammaaruri gore ga se Basupi botlhe ba ba latlhileng dikilo tse ba di ithutileng mo tsamaisong eno e e ikgaogantseng le Modimo. Motho montsho mongwe wa Amerika o ne a bua boammaaruri jono ka Basupi ka ene ba batho basweu: “Ke lemoga gore mo go bangwe ba bone go santse go na le masalelanyana a go ipona botoka ka ntlha ya lotso lwa bone, ka dinako tse dingwe ke lemogile gore bangwe ba bone ga ba wele dibete fa ba na le batho ba ditso tse dingwe.”
Mme legale, motho yono o ne a dumelana gore: “Basupi ba ga Jehofa ba latlhile go ilana ka lotso, ka selekanyo se se ka sekeng sa lekanngwa le sa batho bape mo lefatsheng. Ba leka ka natla gore ba ratane go sa kgathalesege ditso tsa bone . . . Ka dinako tse dingwe o fitlhele ke itumetse gore ke bo ke tsholole dikeledi ka ntlha ya lorato lwa boammaaruri lwa Basupi ba basweu.”
Mme go utlwana ga ditso mo go ipelelwang ke palonyana—lefa palonyana eo e le dimilione fela—go dira pharologanyo nngwe fa batho ba bangwe ba le dimilione ba tlhotlhelediwa ke megopolo ya ga Satane ya go tsaya gore lotso lwa bone le botoka? Nnyaa, gone re a dumelana gore moo ga go kake ga rarabolola bothata jwa lotso. Ga go mo mothong go lere tharabololo eo. Ke Mmopi wa rona a le esi ebong Jehofa Modimo, a ka dirang jalo.
Se se itumedisang ke gore, mo bogautshwaneng, Jehofa o tla dirisa Bogosi jwa gagwe ka Morwawe ebong Jesu Keresete, go tlosa tshiamololo yotlhe le botlhe bao ka bogagapa ba rutang tlhaolele le kilo, e ka tswa e le ya lotso kana ya eng fela. (Daniele 2:44; Mathaio 6:9, 10) Mme go tswa foo, ka thulaganyo e e itekanetseng ya thuto mo pusong ya ga Keresete, ditso tsotlhe di tla utlwana ka boammaaruri. Mme fa thuto eo e ntse e tswelela, ba tla tshela ka kutlwano go sena lefa e le tlhasenyana ya tlhaolele. Tsholofetso eno ya Modimo e tla bo e diragaditswe: “Dilō tsa pele di hetetse rure. . . . Bonañ, dilō cotlhe ke di diha sesha.”—Tshenolō 21:4, 5.
A o motho yo o eletsang letsatsi le go tla bong go na le bokaulengwe jwa boammaaruri, nako e ditso tsotlhe di tla bong di tshela mmogo ka kagiso? Fa go ntse jalo, re go laletsa gore o ye kwa Holong ya Bogosi e e gaufi le wena, koo Basupi ba ga Jehofa ba kopanelang teng ka metlha go ya go ithuta Bibela. O iponele ka bowena gore a ga ba bontshe lorato lwa boammaaruri lwa Bokeresete—ba lo bontsha batho ba ditso tsotlhe.
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Mo bogautshwaneng ditso tsotlhe gongwe le gongwe di tla tshela mmogo ka kagiso