LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g91 2/8 ts. 31
  • Lefatshe la go Betšha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lefatshe la go Betšha
  • Tsogang!—1991
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Totatota Go Betšha Ke Selo Se Se Sa Siamang Go Le Kalokalo?
    Tsogang!—1991
  • Basha Bomaithutwane ba Basha ba go Betšha!
    Tsogang!—1995
  • Ke Eng se se Phoso ka go Betšha?
    Tsogang!—2002
  • A Go Betšha go Siametse Bakeresete?
    Tsogang!—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1991
g91 2/8 ts. 31

Lefatshe la go Betšha

METŠHINE ya slot gantsi e bidiwa dirukutlhi tse di lebogo lengwe fela. Mme ka go sa tshwaneng le dirukutlhi tsa mmatota, ga e pateletse ope go ntsha madi; batho ke bone ba emang mo moleng jaaka dinku gore e ba thukuthe ditsabone.

Go na le metšhine ya go nna jalo kwa Federal Republic of Germany e e ka tshwarang 420 000, e e tshwaregileng thata ka go thukutha batho ba Jeremane madi a a ka tshwarang R2 550 000 000 ngwaga le ngwaga. Batho ba koo ba le dimilione tse tlhano ba senya oura e le nngwe fela koo beke nngwe le nngwe ba tshela madi mo metšhineng eo; batho ba le 80 000 ba senya dioura tse di fetang botlhano beke nngwe le nngwe kwa go yone.

Spain jaanong e na le metšhine ya slot e le 750-000. Go betšha go ne ga amogelwa kafa molaong koo ka 1977. Ka 1988, batho ba Spain ba ne ba setse ba senya madi a a ka nnang kana ka R62 500 000 000 ka ngwaga mo mefuteng yotlhe ya go betšha. Pego e bontsha gore, batho ba Spain ba le 200 000 ke ba ba pateletsegang go betšha. Batho ba Italy ba ne ba betšha ka madi a a ka tshwarang R30 000 000 000 ka 1989—kana a a ka tshwarang R525 motho mongwe le mongwe, go kopanyelediwa le bana tota. Mo bekeng e le nngwe fela ka 1990, Maitali a ne a senya madi a a ka nang ka dimilione di le 175 tsa diranta ba betšha mo dikgaisanong tsa kgwele ya maoto.

Ba ba betšhang kwa United States ba senya madi a a fetang R500 000 000 000 ka ngwaga mo mefuteng ya go betšha e e letleletsweng semolao fela! Tonakgolo ya motseletsele wa dikhasino koo o ne a ikgantsha jaana bosheng: “Go betšha ke intaseteri e e golang ka bofefo ya lefatshe leno, e kgolo fela jaaka [sesole sa U.S.] sa tekanyetso madi ya ngwaga le ngwaga.” O ne a tshwantsha lorato lwa go betšha lwa Maamerika jaaka “tlhotlheletso ya botlhajana” e e tshwanang le go batla go ipaya mo kotsing ka seo se neng sa dira gore baribolodi le bomankge ba go betšha ba akanye ka nako e e fetileng ya morafe oo. Mme toro eo ya babetšhi ya go batla go huma mo nakong e khutshwane ga e tshwane gotlhelele le bonatla jo batlhotlhomisi le bathibeledi ba dirileng tiro ya bone ya bopeloethata ka dingwaga tse dintsi ka bone.

Mososiologi ebong Vicki Abt o ne a re: “Metshameko ya lottery e tsietsa ka kgopolo ya gore ga o tlhoke go dira boiteko bope go bona meputso.” Go akanya moo go ka nna kotsi thata mo boleng jwa botshelo. Dikoloto, khumanego, mekgwa ya go bereka e e senyegileng, malapa a a thubegileng—tseno ke diphelelo tse di utlwisang botlhoko thata tse di bakwang ke go betšha. Mo batho ba le dimilione, ba bontsi jwa bone e leng basha, go betšha e fetoga selo se ba patelesegang go se dira mo ba sa kgoneng go itshwara. Eleruri, Bibela e bolelela ruri fa e re “go rata madi ke mocwe oa mashula mañwe le mañwe aotlhe.”—1 Timotheo 6:10.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela