LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g91 4/8 ts. 19-20
  • “Tlotla Rrago le Mmago”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Tlotla Rrago le Mmago”
  • Tsogang!—1991
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tlotlang Batho ba Mefuta Yotlhe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Tlotla Batho ba Bangwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Ke ka Ntlha Yang fa o Tshwanetse go Tlotla Jehofa Mme o ka Dira Jalo Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Tlotlang ba ba Tshwanelwang ke Tlotlo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2017
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1991
g91 4/8 ts. 19-20

“Tlotla Rrago le Mmago”

MAFOKO ao a tla mo go rona e le a bogologolo tala, dingwaga di le makgolokgolo pele ga motlha wa ga Keresete. Go ne ga tliwa le one go tswa kwa godimo ga thaba, a kwadilwe mo letlapeng ke monwana wa Modimo. Moshe o ne a ile a dirisiwa go etelela batshwarwa ba Iseraele pele go tswa mo bokgobeng jwa Egepeto, go ralala Lewatle Le Lehibidu, le go tsena mo bothibelelong fa tlase ga Thaba ya Sinai e e makekete. Morago ga gore a nne le Jehofa mo Thabeng ya Sinai malatsi a le somamanè le masigo a le somamanè, Moshe o ne a fologa a tshotse matlapa a le mabedi ao mo go one go neng go kwadilwe Melao E E Lesome.—Ekesodo 34:1, 27, 28.

Mo go lengwe la matlapa ano go ne go kwadilwe molao wa botlhano, o jaanong o leng mo Bibeleng mo go Ekesodo kgaolo 20, temana 12. O balega jaana: “Tlotla rrago le mmago: gore malatsi a gago a nnè malele mo lehatshiñ ye Yehofa Modimo oa gago o le gu naeañ.” Go ya ka moaposetoloi Paulo, ke yone “taolō ea ntlha e e nañ le polèlō ea choloheco,” tsholofetso eo e leng: “Gore u tshelè ka bolele mo lehatshiñ.”—Baefesia 6:1-3.

Dipontsho tse di boifisang tsa molelo le mosi le go roroma mo go tshosang ga Thaba ya Sinai tseo di neng di diragala fa Melao E E Lesome e ntse e neelwa go ne go itsise ka tsela e e gakgamatsang kafa melao eno e leng botlhokwa ka gone, go kopanyeletsa le wa botlhano, wa go neela rrago le mmago tlotlo. Go bontsha tlotlo eno go kopanyeletsa eng? Ga go kopanyeletse fela go ba tlhompha le go ba utlwa mme go kopanyeletsa gape le go ba tlhokomela le go ba tlamela ka dilo tse di bonalang fa go tlhokafala.

Seno se ne sa tlhalosiwa ka phepafalo makgolokgolo a dingwaga moragonyana fa Jesu a ne a fapaana le bakwadi le Bafarasai malebana le dingwao tsa bone tse di sa kwalwang. Jesu o ne a bontsha gore fa ba ne ba sa tshegetse batsadi ba bone ba ba tlhokang ka dilo tse di bonalang, ba ne ba sa tlotle rraabone kana mmaabone. Jaaka fa go kwadilwe mo go Mathaio 15:3-6, o ne a ba raya a re: “Modimo o rile, Tlotla rrago le mmago: gapè, Eo o buañ boshula kaga rragwè, leha e le mmagwè, a a shwè rure. Me lona loa re, Leha e le mañ eo o tla raeañ rragwè leha e le mmagwè, a re, Se u ka boñ u thusiwa ke nna ka shōna, se abecwe Modimo; A a se tlotle rragwè leha e le mmagwè. Me lo bo lo diholotse lehoko ya Modimo ka ntlha ea mekgwa ea lona.”

Malebana le Jesu ka boene, o ne a utlwa batsadi ba gagwe, a ba ikobela. (Luke 2:51) Dingwaga morago ga foo, fa a ne a swa mo mokgorong wa tlhokofatso, o ne a bontsha mmaagwe tlotlo ka go dira paakanyetso e e lorato ya gore a tlhokomelwe mme a tlamelwe.—Yohane 19:25-27.

Moaposetoloi Paulo o ne a itse sentle fela gore e ne e le se Modimo a se batlang gore bana, e sita le ditlogolwana, ba tlhokomele batsadi ba bone ba ba tlhokang. Mme, se se kgatlhang ke gore, o ne a nyalanya thuso e e ntseng jalo ya dilo tse di bonalang le go bontsha tlotlo: “Tlotla basadi ba ba batlhōlagadi ba e leñ batlhōlagadi rure. Me ha mosadi moñwe [wa] motlhōlagadi a na le bana, kgotsa ditlogolo, a bauō ba ithutè pele go ichupa bopelonomi mo go ba ga bōnè, le go leboga batsadi ba bonè: gonne mo, go lebosèga mo matlhoñ a Modimo.” (1 Timotheo 5:3, 4) Batsadi ba gago ba ne ba go tlhokomela fa o ne o le losea le fa o ne o le ngwana o sa kgone go itirela sepe; fa ba tsofetse, ke sebaka sa gago sa gore o ba thuse mo go se ba se tlhokang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela