Dilo Tse Di Kgoreletsang Kagiso Gareng ga Motho le Phologolo
Ditshwantsho tse di tshwanang le seo se leng kafa ntle ga makasine ono di kgatlhegelwa thata ke bana. Bagolo le bone gantsi ba gogelwa ke pono e e ntseng jalo.
Ke ka ntlha yang fa batho ba itshwara ka tsela eno? A kagiso ya mmatota gareng ga batho le eleng diphologolo tse di bogale thata ke toro fela ya bongwana? Kana a e tla nna selo sa mmannete?
Motho ke Ene Sekgoreletsi
Sekgoreletsi se segolo sa kagiso eo ke motho ka boene. Seane sa bogologolo se bolela jaana: ‘Motho o ile a busa yo mongwe go mo utlwisa botlhoko.’ (Moreri 8:9) Mme hisitori ya motho ya go batla go utlwisa yo mongwe botlhoko e bonala ka tsela e a tshwarang diphologolo ka yone.
Ka sekai, diphologolo tsa naga di le mmalwa di ne tsa tshwarwa mme tsa dirwa gore di lwe kwa dikagong tsa metshameko tsa Roma wa bogologolo. Ka 106 C.E., go ne ga begwa fa mmusimogolo wa Roma ebong Trajan a ne a dira metshameko e mo go yone batho ba ba tshamekang le diphologolo tse di borai ba le 10 000 le diphologolo di le 11- 000 ba neng ba bolawa mo go setlhogo e le go itumedisa babogedi ba ba ipedisiwang ke bosetlhogo jwa tshololo ya madi.
Ke boammaaruri, mofuta oo wa boitlosobodutu ga o mošha gompieno. Mme lenaane le le golang la mofuta o o nyelelang le o o mo matshosetsing a go ka bolawa wa diphologolo ke bosupi jwa gore go na le sengwe se se phoso kafa motho a tshwarang dibopiwa tsa naga ka gone. Jaaka palo ya baagi e ntse e oketsega, naga ya diphologolo yone e ntse e fokotsega. Mme ka ntlha ya bogagapa jwa motho, go batliwa matlalo, dinaka, le dinaka tsa ditlou e le tsa diphologolo tse di sa tlwaelegang. Baitse bangwe ba dilo ba boifa gore e tla re kgabagare e nne mefuta ya diphologolo tse dikgolo fela e e tla tsenngwang mo mafelong a go bolokiwang diphologolo mo go one.
Diji tsa Batho
Sekgoreletsi se sengwe sa kagiso se ka lebega e le diphologolo tsa naga ka botsone. Mo Afrika le Asia, ga go gakgamatse go bala ka dipego tsa diphologolo tsa naga tseo di neng tsa tlhasela tsa ba tsa bolaya batho. The Guinness Book of Animal Facts and Feats e bolela gore losika lookatse “ka gongwe lo ka tswa lo bolaya batho ba ba ka tshwarang 1000 ka ngwaga.” Kwa India fela, dinkwe di bolaya batho ba ba fetang 50 ngwaga nngwe le nngwe. Mangau a mangwe mo nageng eo le one a setse a ja batho.
Mo bukeng ya gagwe ya Dangerous to Man, Roger Caras o tlhalosa gore mangau ka dinako tse dingwe a simolola go ja batho morago ga gore a je mebele ya batho ba ba bolailweng ke bolwetse jwa leroborobo. O tlhalosa gore leroborobo leo gantsi le ne la “latelwa ke dikgwedi tsa poifo jaaka mangau a ne a ipelela tatso ya one e ntšha ya nama ya motho mme a simolola go bolaya.”
Mme Caras o lemoga gore bolwetse jwa leroborobo ga se bone fela jo bo dirang gore mangau a tlhasele batho. Se sengwe se se bakang seno ke go gakatsega ga phologolo segolobogolo fa e bapile le bana.
Mo dingwageng tsa bo 1918-26, lengau lengwe kwa India le ne la bolaya batho ba le 125, jaaka go ne ga bega jalo Colonel J. Corbett mo bukeng ya gagwe ya The Man-Eating Leopard of Rudraprayag. Masome a dingwaga moragonyana, mangau a a jang batho a ne a bolaya bobotlana batho ba le 82 kwa kgaolong ya Bhagalpur.
Motlhokomedi wa diphologolo mongwe kwa Tanganyika (e jaanong e leng karolo ya Tanzania) o ne a bolela kafa a tsereng dikgwedi di le tlhano ka teng ka 1950 a leka go hula lengau le le jang batho leo le neng le tshwenya batho go dikologa motsana oo wa Ruponda a sa atlege. Kgabagare, fa le sena go bolaya bana ba le 18, le ne la thaisiwa ke moagi mongwe wa Moafrika. Lengau le lengwe le ne la bolaya basadi le bana ba le 26 kwa motsaneng wa Masaguru.
Go tswa foo go na le tau ya Afrika. Fa e simolola go ja batho, babolaiwa gantsi e nna banna ba batona. “Mo dingwageng tsa me tse di masome a mabedi le boraro ke le mo Lephateng la Diphologolo,” go kwala jalo C. Ionides mo bukeng ya gagwe Mambas and Man-Eaters, “ke ne ka hula ditau di feta masome a le manè, tse bontsi jwa tsone di neng di ja batho, fa tse dingwe tsone di ne di ka nna tsa simolola go ja batho kana e le tse di tlhaselang diruiwa.” Go ya ka Ionides, ditau di nna kotsi mo bathong fa motho a fokotsa dijo tsa tsone tse di tlwaelegileng fela thata.
Kagiso ya Lefatshe ka Bophara E Boleletswe Pele
Go sa kgathalesege dikgoreletsi tseo tsa kagiso gareng ga batho le diphologolo Bibela e bolela jaana: “Ditshidi tsa methale eotlhe ea diphōlōhōlō . . . di tle di tantshiwe, gapè di kile tsa nna tsa tantshiwa ke batho.”—Yakobe 3:7.
Bibela e bolelelapele jaana mo go Esekiele 34:25: “Ke [Modimo] tla diha kgōlaganō ea kagishō nabō, ke tla khutlisa diphologolo tse di boshula mo lehatshiñ: ba tla nna ka thagamō mo nageñ, ba rōbala hèla mo dikgweñ.”
A boperofeti jo bo ntseng jalo jwa Bibela ke toro fela e e sa kakeng ya diragala? Pele ga o ka gana go dumalana le tebelelo pele eo ya kagiso ya lefatshe ka bophara gareng ga batho le diphologolo akanyetsa ditshupo dingwe tse di supelang boammaaruri jwa seo Bibela e se bolelang. Go na le dikai dingwe tse di kwadilweng tse di gakgamatsang tsa go utlwana ga batho ba ba tlhokomelang diphologolo le dibatana tse di ka nnang diphatsa fela thata.