A Motho A Ka Kgona go Tshela le Phologolo ka Kagiso?
“Ke ne ka ikutlwa jaaka ekete ke fa kgorong ya paradaise; batho le diphologolo di le mo kutlwanong tota.” Ke kafa Joy Adamson a neng a tlhalosa ka teng pono nngwe gaufi le Noka ya Ura kwa Kenya jaaka a ne a lebile dinonyane tsa mefuta le diphologolo fa di tla go nwa metsi. Karolo e e kgatlhisang thata ya pono eno e ne e le ya phologolo e e neng e dutse e iketlile go bapa le ene—e le taugadi e e godileng ka botlalo!
A go ne go na le sengwe se se sa tlwaelegang ka taugadi eno, e leng Elsa, e bontsintsi jwa batho ba neng ba simolola go e itse ka buka ya Born Free, ya ga Joy Adamson? Nnyaa, e ne e le taugadi fela e e tlwaelegileng. Pharologanyo e ne e le gore e ne e ithutile go tshela le batho ka kagiso.
Moragonyana, fa go ne go dirwa baesekopo ya Born Free, bontsi jwa ditaugadi tse di ruilweng di ne tsa dirisiwa go etsisa Elsa. E nngwe e ne e bidiwa Mara. La ntlha e ne e tlhobaela, mme go tswa foo e ne ya ngaparela ditsala tsa yone tse disha tsa batho, e sa batle di e katoga. Go leka go e ritibatsa, monna wa ga Joy, ebong George Adamson, o ne a fudusetsa tante ya gagwe go lebagana le lesakana la ga Mara. Kgabagare, o ne a fudusetsa tante ya gagwe mo teng fela ga lesakana leo! O ne a kwala jaana mo bukeng ya gagwe ya Bwana Game: “Mo dikgweding tse tharo tse di latelang, e ne e robala ka metlha mo teng ga [tante ya me], gantsi e rapaletse mo bodilong fa fatshe gaufi le bolao jwa me mme ka dinako tse dingwe e ne e robala mo go jone. . . . Le ka motlha e ne e sa ntire gore ke ikutlwe ke tlhobaela gore gongwe ga ke a babalesega.”
“Motshameko mongwe wa e re neng re e rata thata, Mr. Adamson a kwala jaana, “e ne e le o ke neng ke patlama fa fatshe ke iphitlhile fa thoko ga seriti sa bojang. Mara o ne a ka ngongowaelela kwa go nna ka tsela ya go ratela, a gogoba fa fatshe ka mpa sentle ka tsela ya setau mme go tswa foo e ne e tla ntabogela ka lobelo lo logolo mme e ntlolele godimo. Ka metlha e ne e tlhokomela dinala tsa yone tse di tshosang e le gore di seka tsa nkutlwisa botlhoko.”
Taugadi e nngwe e e neng e tshameka e etsisa Elsa e ne e bidiwa Girl. Fa baesekopo eo e ne e fela, Girl o ne a busediwa gape kwa nageng, koo a neng a kopana le e tonanyana gone mme a nna le ditawana di le pedi. Ditsala tsa ga Adamson tse pedi di ne tsa lemoga serubi sa taugadi eno. Adamson o ne a kwala jaana: “Ka go ikanyega mo gogolo le go nna botsalano Girl o ne a letlelela banna ba babedi bano, bao ba neng ba ipaya mo kotsing e kgolo, go atamela [metara o le mongwe fela kana go feta] fa lefelong le a tsaletseng gone. . . . Boitshwaro jwa ga Girl bo ne bo gakgamatsa tota ka gobo [mongwe wa banna bano] a ne a sa mo tlwaela.” Fa e le ka Adamson gone, Girl o ne a ba a mo letlelela le eleng go tshwara ditawana tsa gagwe tota, fa ditau tse dingwe tsone di ne di sa letlelelwe go tla fa gaufi.
Go Rua Tau E E Bogale
Botho jwa ditau ga bo tshwane go ya ka go farologana ga tsone. Fa Joy Adamson a ne a godisa Elsa, kgakala fela kwa borwa kwa Northern Rhodesia (e jaanong e leng Zambia), motlhokomedi wa diphologolo mongwe, ebong Norman Carr, o ne a dira se se tshwanang ka ditawana tse ditonanyana tse pedi. E nngwe ya ditawana tseno, eleng Big Boy, e ne e le botsalano tota. E nngwe, e leng Little Boy, e ne e rata go nna e ngadile. Mabapi le tawana eno, Carr o ne a kwala se se latelang mo bukeng ya gagwe ya Return to the Wild:
“Fa Little Boy e le mo maikutlong ano, ke kotama gaufi le yone fa e ntse e rora, fela fa maroo a yone a ka sekang a fitlha gone ao e nang le go a dirisa go ngapa mo go botlhoko ka one ka dinala tse di ka nnang [disentimitara di le tlhano] fa di otlolotswe. Ka bopelotelele ke leka go e hepisa ka go bua le yone ka bonolo fa ke ntse ke atamela ka bonya ka bonya; mme kgabagare fa ke e tshwara e a bo e ntse e rora mme e sa galefa jaaka pele. Jaaka ke baya lebogo la me go dikologa magetla a yone a a tletseng boboa mme ke ntse ke e phoraphora mo sehubeng, e tla supega e phuthologa jaaka ekete mesifa yotlhe ya yone e e neng e gagametse e repisitswe. . . . E baya tlhogo ya yone mo diropeng tsa me, e batla gore ke e solasole.”
Mo ketapeleng ya buka ya ga Carr, eleng Earl of Dalhousie, yoo o neng a le molaodimogolo wa naga eo, o bolela ka tiragalo nngwe e a neng a e bona fa ditau di ne di na le dingwaga di feta bobedi mme di kaila fa lebaleng di sa tlhokomelwa gaufi le kampa ya ga Carr. Carr o ne a letsa molodi, mme buka ya ga Earl e ne ya tlhalosa kafa di neng tsa arabela ka gone ka go re: “Di ne tsa tla di tlolaka fa di utlwa molodi wa mong wa tsone mme tsa gotlha ditlhogo tsa tsone tse dikima ka ene, di ntse di dumedisa ka boitumelo ka go rora mo go tshosang. Eleruri lorato lwa tsone mo go ene lo ne lo ise lo fokotsege.”
Ditau di na le go boifa motho ka tlholego fela mme gantsi di batla tsela ya go mo tila. Go itshwara gono ga tlholego mo go fitlhelwang mo ditaung le mo diphologolong tse dingwe go tlhalosiwa sentle mo Bibeleng. (Genesise 9:2) Fa go ne go sa nna jalo motho o ka bo a le mojo o o motlhofo fela wa tsone. Lefa go ntse jalo, diphologolo tse dingwe di fetoga tse di jang batho.
“Tse Di Farologaneng le Tse Dingwe”
Motlhalefedi mongwe wa kgang eno, Roger Caras, o tlhalosa jaana: “Mo e ka nnang gareng ga mefuta yotlhe ya dikatse tse dikgolo go lebega go na le dingwe tse di sa tlwaelegang tseo di batlang go ja motho. Go na le tse di farologaneng le tse dingwe . . . Ka kakaretso fela motho o ka kgona go tshela sentle thata ka kagiso le [dikatse tse dikgolo].”
Diphologolo di le dintsi go lebega di sa kgone go lemoga motho fa a ntse fa fatshe a sa bonale mo koloing. Ka tsela eno batho ba kgona go tsaya ditshwantsho tsa ditau ba le gaufi. “Mme,” go tlhagisa buka ya Maberly’s Mammals of Southern Africa, “o ipakela kotsi e kgolo fa o bula lebati la gago, kana o leka go tswa gore o atamele ditau, ka gobo di kgona go lemoga gore motho o teng, mme fa o bonala fela ka tshoganetso o oketsa letshogo le le mo go tsone seo ka motlhofo fela se ka dirang gore di tlhasele e le go leka go itshireletsa. . . . Ga go diphatsa go le kalo fa tota o tla o lebagane le tau mo sekgweng go na le fa o ka tlhaga ka tshoganetso fa pele ga yone o tswa mo teng ga koloi!”
Go Tweng ka Mangau?
Mangau ao a fetogang diji tsa batho le one a farologane le tse dingwe. Jonathan Scott o tlhalosa jaana mo bukeng ya gagwe ya The Leopard’s Tale: “Fa lengau le sa tshwenngwe ebile le sa lwale gope, ke phologolo e e boi, e e nnelang kwa thoko e e bonalang e tshaba motho. Fa o le tshoganyeditse gantsi le tshabela fa le ka iphitlhang gone gaufi.”
Scott o ne a nna dikgwedi di le dintsi kwa Masai Mara Game Reserve ya Kenya a ithuta metsamao ya lengau lengwe le le namagadi leo a neng a le bitsa Chui. Fa go ntse go ya Chui o ne a tlwaela koloi ya ga Scott, mme ka nako nngwe mangawana a gagwe, a a neng a bidiwa Dark le Light, a ne a tla gaufi le koloi ya gagwe le go e sekaseka. Scott o dumela gore lengau kafa ntle le ka lebega le le bogale e tswa kafa teng le le botsalano.
Batho ba bangwe ba ne ba itemogela tsela e e botsalano ya popego ya lengau. Ka sekai, Joy Adamson o ne a godisa lengawana le le neng le le khutsana leo a neng a le bitsa Penny. Morago ga a sena go gololwa gore a ye kwa nageng, Penny o ne a kopana le le le tonanyana mme a nna le lengawana. Fa ditsala tsa gagwe tsa batho di ne di le gaufi, Penny o ne a ba itemotsha le go ba rotloetsa go tla go bona mangawana a gagwe a a sa tswang go tsholwa. Kwa serubing seo, a ntse go bapa le mmabana yono yo o itumetseng, Adamson o ne a tlhalosa ka pono eno e e itumedisang: “Le ne la latswa diatla tsa rona fa mangawana one a ne a rapame fa gare ga maoto a lone a a kwa pele, otlhe a itumetse tota. Batho ba dumela gore mangau ke one a a diphatsa thatathata mo diphologolong tsotlhe tsa Afrika, mme mangau a manamagadi a a nang le bana one a bogale go feta.” Mme Adamson o ne a bontsha gore boitemogelo jwa gagwe ka Penny bo ka supa gore “bontsi jwa ditumelo tse di amogelwang ke maaka.”
Lengau le lengwe le le namagadi le le “botsalano”, le le neng le bidiwa Harriet, le ne la bontsha Arjan Singh wa India bokone boitemogelo jo bo gakgamatsang go feta. Singh o ne a godisetsa Harriet go tswa fela mo bonnyennyaneng mme o ne a le katisa ka tsela e e leng gore le ne la kgona go itshetsa mo sekgweng se se gaufi le polase ya gagwe. Jaaka bontlhanngwe jwa go katisa, ka dinako tse dingwe Singh o ne a tle a kgothaletse lengau leno go tlhasela. “Fa ke ne ke khubama fa fatshe ke ba ke le rotloeletsa go tlhasela,” o tlhalosa jalo mo bukeng ya gagwe ya Prince of Cats, “le ne le tla le nkgomogetse . . . , mme fa le ne le ntlolela le ne le tlhomamisa tota gore le ile kwa godimo, le itshwarelela ka tlhogo ya me le bo le relelela kwa tlase ka mokotla wa me, le sa tlogele le fa e le mangapo ape mo magetleng a me a ke sa a apesang sepe.”
Tsela e lengau leno le neng le tshameka le ntša ya ga Singh e leng Eelie ka yone le yone e ne e gakgamatsa. Singh o akgela ka gore “baesekopo e bontsha [lengau] le eme ka maoto a morago mme le itaya jaaka ntša e le tlhasela—mme ga le dire maiteko ape go latlhela motlhasedi wa lone fa fatshe. Maroo a lone a a makima a ya kafa letlhakoreng le lengwe la molala wa ga Eelie, kwa godimo ga tlhogo le kwa tlase go ya kafa letlhakoreng le lengwe ka bonolo jaaka matsela a a phimolang.”
Kamano eno ya botsalano gareng ga motho, ntša le lengau e ne ya tswelela pele morago ga gore Harriet a tswe mo gae e le go ya go nna kwa sekgweng se se gaufi. “Fa mongwe a re mangau ga a tshwanela go ikanngwa,” go fetsa jalo Singh, “ke tlhoka fela go akanya ka dipaka di le dintsi tse Harriet a neng a tla kwa [polaseng ya me] gare ga bosigo mme a ntsosa ka bonolo gore re dumedisane fa ke thulametse fa ntle.”
Kgabagare, Harriet o ne a kopana le le le tonanyana mme o ne a nna le mangawana a le mabedi. Fa serubi sa lone se ne se tshosediwa ke morwalela wa metsi, lengau leno le ne la rwala mangawana a lone ka molomo wa lone mme la a tlisa ka bongwe ka bongwe kwa legaeng la ga Singh le le sireletsegileng. Fa morwalela ono o ne o kokobela, Harriet o ne a palama mo mokorong wa ga Singh, a mo pateletsa gore a mo kgweeletse mokoro go kgabaganya noka go ya le go boa jaaka a ntse a tsaya mangawana a gagwe ka bongwe ka bongwe go a isa kwa serubing se sešha kwa sekgweng.
Tlou ya Afrika
Go ile ga bolelwa gore tlou ya Afrika ga e a kata mo e ka ruiwang. Lefa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba ile ba supa fa mabaka ano a sa nna jalo. Sekai se sengwe ke ka ga kamano e e omosang pelo gareng ga ditlou tse tharo tsa Afrika le Moamerika mongwe yo o neng a bidiwa Randall Moore. Ditlou tseno di ne di le karolo ya setlhopha sa ditlowana tse di neng tsa tshwarwa kwa Kruger National Park mo Afrika Borwa mme tsa isiwa kwa United States. Morago ga nako di ne tsa katisediwa motshameko wa disorokisi mme di ne tsa dira sentle thata. Fa mong wa tsone a sena go tlhokafala, Moore o ne a neelwa ditlou tseno tse tharo mme a di busetsa kwa Afrika.
Tse pedi tse di namagadi tse di neng di bidiwa Owalla le Durga, di ne tsa isiwa kwa Pilanesberg Reserve ya Bophuthatswana ka 1982. Ka nako eo paraka eno e ne e na le ditlowana tse dintsi tse di senang batsadi tseo di neng di sa itekanela ebile di ne di tlhoka tlhokomelo ya tse dinamagadi tse di godileng. A Owalla le Durga tseo di neng di katiseditswe go tshameka disorokisi di ne di ka kgona go diragatsa seabe seno?
Morago ga ngwaga, Moore o ne a amogela dipego tsa gore ditlou tsa gagwe di ne tsa tlhokomela dikhutsana tsotlhe tse 14 le gore dikhutsana tse di oketsegileng di ne di tla tlisiwa kwa parakeng eno. Morago ga dingwaga tse nnè a ntse a seyo, Moore o ne a boa e le go ya go iponela ka boene. Lefa a ne a lebeletse gore o ne a tlile go batla lobaka lo loleele mo Dithabeng tsa Pilanesberg, o ne a gakgamala, fa e re ka bonako fela morago ga a sena go goroga, a bona Owalla le Durga gare ga motlhape o mogolo wa ditlou. O ne a kwala jaana mo bukeng ya gagwe ya Back to Africa: “Boikutlo jwa me jwa ntlha jwa go sa akanye sentle e ne e le go di tabogela, go di kamatlela le go di reta ka boitumelo. Go na le gore ke dire jalo ke ne ka di atamela ka tsela e e botlhale.”
Sa ntlha, Owalla le Durga di ne tsa tshwanela go tlhomamisa tota gore tsala ya tsone ya pele e gone. Di ne tsa tlhatlhoba lebogo la gagwe le a le otlolotseng ka dilopo tsa tsone. Moore o kwala jaana: “Owalla o ne a tsholetsega a bo a mpheta jaaka ekete o emetse taolo e e latelang. Ditlou tse dingwe di ne tsa kgobokana mme tsa tsidifala fela. Ke ne ka thusa. ‘Owalla . . . TSHOLETSA Selopo le LOOTO!’ Ka bonako fela Owalla o ne a tsholeletsa looto lwa gagwe lwa pele mo phefong mme a tshopha selopo sa gagwe a se lebisa kwa godimo ka tsela ya gagwe ya bogologolo ya go dumedisa ya metlha ele ya bogologolo ya disorokisi. Ke mang yo pele a neng a bolela gore tlou ga e lebale?”
Dingwaga tse tharo moragonyana, ka October 1989, go gakologelwa ga ga Owalla go ne ga lekwa gape. Mo nakong eno Moore o ne a fetsa ka gore a leke sengwe se a iseng a ke a se dire fa esale a tlisa ditlou tseno mo parakeng eno dingwaga tse supa tse di fetileng. Owalla o ne a reetsa taolo ya gagwe ya gore a khubame mme a mo letlelela go mo palama mo mokotleng. Babogedi ba thelebishene mo Afrika Borwa ba ne ba kgatlhiwa thata ke go mmona a e palame gareng ga ditlou tsa naga di feta 30. “Ke ne ka dira seno,” Moore o ne a tlhalosa jalo fa a ne a botsolotswa ke Tsogang!, “eseng go batla go bontsha batho botlhe mme e le ka gobo ke ne ke batla go itse selekanyo sa botsalano le botlhale tse tlou e ka nnang natso.” Dikhutsana tseno tsa Pilanesberg di ne tsa gola sentle di tlhokomelwa ke Owalla le Durga ka botlhale.
Ke boammaaruri, dikai tseno tse di bontshang kutlwano gareng ga batho le diphologolo tsa naga gompieno ga se one molao; di tlhoka go tlhagolelwa ka kelotlhoko. E ne e tla bo e le boeleele tota ka motho yo o tlwaelegileng gore a bo a ka tsena mo nageng a bo a leka go atamela ditau, mangau, le ditlou. Mme lefa kutlwano eo e e fa gare ga diphologolo tsa naga le batho e se ntsi mo go kalokalo gompieno, go tweng ka isagwe? A e tla bo e le molao?
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 8]
Ditau di ka Ruiwa!
“TLA o ntseye ditshwantsho le ditau tsa me,” go ne ga bua jalo Jack Seale, eleng mokaedi mo Hartebeespoortdam Snake and Animal Park mo Afrika Borwa. Ka go tshoga, ke ne ka mo latela kwa lesakeng la ditau, ke solofetse gore o ne a tla ntetla go tsaya ditshwantsho ke le kafa ntle ga terata e e sireleditseng.
Lesaka leno le ne le le phepa, le na le meriti e mentsi ya ditlhare tse di dikologileng foo. Ditau di robabongwe tse di itekanetseng di ne tsa lemoga mokatisi wa tsone ka bofefo jaaka a ne a tsena mo lesakeng le mothusi mongwe. Ditau tseno di ne tsa dira medumonyana ya botsalano mme di ne tsa gwantagwanta ka boitumelo.
“Tsena mo teng,” Jack o ne a bolela jalo. Ke ne ka itira jaaka ekete ga ke utlwe. “Tsena mo teng,” a ipoeletsa a buela kwa godimo. Dilo tse ba neng ba di tshotse go iphemela mo ditaung ka tsone e ne e le dithobane fela! Pelo ya me ya iteela ka bofefo fa ke ntse ke lwantshana le bogatlapa, labofelo ke ne ka palama ka tsena mo teng. Ka bofefo fela ke ne ka tobetsa khamera ya me fa Jack a ntse a solasola dingwe tsa ditau tsa gagwe tse dintle tse a di tlhokomelang. Abo ke ne ka ikutlwa ke wetse dibete jang ne fa rotlhe re ne re le kwa ntle ka pabalesego! Mme go ne go sa tlhokafale gore ke ka bo ke ne ka tshoga.
“Lebaka la gobo re ne re tsene ka dithobane, ke gore ditau tseno di lorato thata ebile di bontsha lorato lono ka go loma. Re tshwara dithobane e le gore di kgone go tšhotlha tsone go na le mabogo a rona,” Jack o ne a tlhalosa jalo moragonyana. Jack le setlhopha sa gagwe sa ditau ba ne ba sa tswa go tswa kwa Etosha National Park kwa Namibia. Ke ka ntlha yang a ile a di busetsa kgakala jaana kwa nageng? O ne a tlhalosa jaana:
“Di ne di dirisediwa go tsewa ditshwantsho e le bosupi jwa seo babatlisisi ba saense ba se dirang e le go laola koketsego ya ditau mo nageng ya Namibia. Mme ditau tsa me di rata botshelo jo di bo tlwaetseng mono go na le jwa mo nageng. Fa di bona lori ya me mo Namibia, di ne di tla kwa go yone. Go ne go sena bothata jwa go di dira gore di boele gape kwa gae.”—E neetswe.
[Motswedi wa Setshwantsho]
Courtesy Hartebeespoortdam Snake and Animal Park
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
Randall Moore, le go tlhaselwa ga gagwe mo sekgweng sa Afrika