LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g95 4/8 ts. 24-27
  • Lengau—Katse e e Nnang mo Sephiring

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lengau—Katse e e Nnang mo Sephiring
  • Tsogang!—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Katse ya Motshelanosi
  • Mangau a a Namagadi
  • Lengau—A Kgabagare le Tla Tshela ka Kagiso?
  • A Motho A Ka Kgona go Tshela le Phologolo ka Kagiso?
    Tsogang!—1991
  • Ra Rakana Bosigo Kwa Tanzania
    Tsogang!—1995
  • Dilo Tse Di Kgoreletsang Kagiso Gareng ga Motho le Phologolo
    Tsogang!—1991
  • Tsela e Diphologolo di Fepang le go Tlhokomela Bana ba Tsone ka Yone
    Tsogang!—2005
Tsogang!—1995
g95 4/8 ts. 24-27

Lengau—Katse e e Nnang mo Sephiring

KA MMEGADIKGANG WA TSOGANG! KWA KENYA

LETSATSI le ne le phirima. Re ne re feditse letsatsi lotlhe re lebile ditshedi tsa naga tse dintle tsa Masai Mara Game Reserve kwa Kenya e bile re di tsaya ditshwantsho. Pele re tla go ikhutsa mo tenteng ya rona mo bosigong joo, re ne re santse re tlile go bona sengwe se se kgatlhang thata. Go ne ga baakanngwa lefelo la tiragalo eno fa modiri mongwe wa kwa lefelong leo la bajanala a ne a tsamaya mo godimo ga borogo jwa mogala jo bo kgabaganyang Noka ya Talek a lepeleditse nama ya podi mo legetleng la gagwe. O ne a gokela nama mo kaleng e e maphata kwa godimo ga setlhare sa mhafu.

Fa phirimo e ntle ya letsatsi la boboatsatsi e ntse e dirwa letobo ke lefifi, lengau le legolo la poo le ne la nanarela mo setlhareng mme la simolola go gogagoga nama le go e gagolaka. Le ne le bonesitswe ka mabone a magolo go tswa fa re neng re le lebile re le gone. Lefa go ntse jalo, lengau leno le ne le tomile mogopolo mo dijong tseno tsa lone le re itlhokomolositse fa re ntse re le lebile ka poifo e bile re gakgametse. Moragonyana re ne ra itsisewe gore le ne le setse le na le dingwaga tse thataro le tlwaetse go tla jalo mo setlhareng seo bosigo bongwe le bongwe. Ka jalo mo letsatsing le le latelang re ne ra bona tiragalo e e tshwanang!

Ruri re ne re kgona go tlhaloganya sentle gore ke eng fa go ile ga tlhalosiwa gore lengau “ke katse e e matsetseleko thata mo dikatseng tse dikgolo, mmele wa lone o montle e bile le tsamaya le ineneketsa.” Lengau ke nngwe ya diphologolo tse di nang le mesifa e e nonofileng go gaisa, ka bokete jwa dikilogerama di le 60 kana go feta, le boleele jwa disentimetara di le 60 fa magetleng le dimmetara di le pedi go tloga mo nkong go fitlha mo ntlhaneng ya mogatla. Dibata tsa lone tse dintsho tse e keteng dirosa tse di bonalang sentle mo letlalong la lone le le tilodi di re gakolola potso eno e moperofeti Jeremia a kileng a e botsa: ‘A Moethiopia o ka iphetola letlalo, le fa e le [lengau] ditshubaba tsa [lone]?’—Jeremia 13:23.

Se se neng se re kgatlha thata e ne e le matlho a lone a matala a a phatsimang. A na le letha le le kgethegileng la disele tse di bidiwang tapetum, tse di dirang gore le kgone go bona sentle bosigo. Lengau le kgona go bona ka nngwethatarong fela ya lesedi le le lekanang le lesedi le matlho a motho a le tlhokang. Letha leno la disele, le dira gore lesedi le phatsimise retina mo go dirang gore matlho a lone a phatsime ka tsela e a phatsimang ka yone fa o a bonesa bosigo.

Fa o ne o ka leba lengau le ikhutsitse motshegare, o ne o tla fitlhela le fegelwa jaaka e kete le tloga le phutlhamisiwa ke go tsenwa ke letsapa. Lefa go ntse jalo, go fegelwa jalo ka bonako ke tsela e le itsidifatsang mmele ka yone. Ka go fegelwa jalo mo e ka nnang ga 150 ka motsotso, metsi a kgona go mowafala a tswa ka loleme, molomo le maroba a dinko.

Lengau ke nngwe ya dikatse tse dikgolo e e kgonang go tshela mo lefelong lengwe le lengwe go di gaisa tsotlhe, o ka le fitlhela mo dikakeng le mo dikgweng; mo dithabeng le mo mafelong a a fa thoko ga lewatle; mo dinageng tsa mafelo a a farofarologaneng tse di jaaka China, India le Kenya. Le mororo batho ba tseetse mangau mafelo a mantsi ao pele a neng a nna mo go one, borasaense ba fopholetsa gore mo Afrika le kwa Asia fela, go na le a a ka tshwarang milione. Lefa go ntse jalo, go fetile makgolo a le mantsi a dingwaga borasaense ba sa kgone go ithuta thata ka one. Tsaya ka sekai, lengau la Sinai. Ke bosheng fela jaana fa le ne le bonwa gape kwa sekakeng sa Jutea morago ga fa go sena go feta dingwaga tse dintsi go akanngwa gore ga a tlhole a le teng!

Katse ya Motshelanosi

Lengau le kgona jang go iphitlhela batho? Le dira jalo ka go tsamaya bosigo fela—mme e bile le iphitlha tota e bile le itshelela mo sephiring. Mo mafelong ao motho a tshwenyang lengau thata kwa go one, le iphitlha ka kelotlhoko. Ke fela fa le galefile le ka bopang jaaka tau le go keretla. Modumo wa lone fa le iketlile fela ga o boifise ka gope: le gagasela fela—modumo o o jaaka wa saga e saga legong. Go ya ka buka ya Animals of East Africa, ka C. T. Astley Maberly, modumo wa lone o ntse jaana, “Grunt-ha! Grunt-ha! Grunt-ha! Grunt-ha!—gantsi le o digela ka go fegelwa thata.” Ka ntlha ya go rata go tshela jalo mo sephiring, lengau gape le na le medumonyana e mengwe e e kwa tlase e bontsi jwa yone motho a sa kgoneng go e utlwa.

Mo godimo ga moo, ga le tshwane le tau, ga se katse e e ratang go tsamaya le tse dingwe. Le mororo nako nngwe go tle go bonwe mangau a tsamaya a le mabedi, tota a rata go itsomela a le nosi fela. Gore le se ka la tshwenngwa kana go tsenelelwa ke a mangwe, lengau le itshegela melelwane ya lefelo la lone le le ka nnang disekwerekilometara di le 25 go ya go tse 65. Le sega melelwane ya lefelo la lone ka go tsimola seedi sengwe go tswa mo dikgelesweng tsa lone tse di kgethegileng. Monkgo wa seedi seo o ka lemotsha mangau a mangwe gore leo ke la bong bofe, dingwaga tsa lone, mekgwa ya lone ya go gwela, gongwe le gore tota “mong wa lefelo leo” ke mang.

Lengau le tsoma ka go tla le kukuna. Mo metlheng ya Baebele, le ne le itsege ka go tlhola le laletse gaufi le metse gore le tle le tsubule diphologolo tse di ruilweng. (Jeremia 5:6; Hosea 13:7; Habakuke 1:8) Gore magotswana a a jaaka bophiri le bophokojwe a se ka a tshwenya lefelo la lone, le baya diphologolo tse le di bolaileng mo maphateng a setlhare dimmetara di le 9 kana 12 kwa godimo. Mme le kgona jang go gogela setopo sa tshepe kana sa thutlwana e e dimmetara tse 1,5 ka boleele kwa bogodimong jo bo kalo? Seno ke sephiri se lengau le sa se senoleng motlhofo. Lefa go ntse jalo, batho ba ba pelotelele go le lebelela ba bolela gore le dira jalo ka go dirisa maatla a magolo. Lengau le rata go ja fa le iketlile, le repile mo dikaleng tsa setlhare e bile le sa bonwe ke sepe, le sirilwe ke dikala le matlhare.

Fa le sa tshwenngwe, lengau le ditlhong e bile fa le bona motho le a tshaba. Ka jalo, le mororo mangau mangwe a sa tlhole a tshaba batho mme ka jalo a ka nna a ja batho, a le mantsi one ga a ka ke a tlhasela motho. Lefa go ntse jalo, fa le gobetse kana le kgabeletswe mo sekhutlwaneng, lengau le supa gore ga le tshabe mmaba wa lone le e seng. Jonathan Scott mo bukeng ya gagwe ya The Leopard’s Tale, o kwala jaana: “Fa lengau le galefile le ka shakgala tota, . . . le ka kgona go tlola ka bofefo le tlhasela ka bonako jo bo lekanang le lobelo lwa legadima.”

Mangau a a Namagadi

Mme ga go gakgamatse go bo lengau le godisa bana ba lone mo sephiring. Mangawana a a sa tswang go tsholwa a nna a fitlhilwe felo gongwe, gantsi e le mo logageng, mo dikgweding tsa ntlha tse pedi tsa botshelo jwa one. Le mororo rraaone a sa nne le seabe mo go godiseng bana, mmaaone o tsalana thata le one ka go a anyisa, go a tlhapisa le go a thutafatsa. Fa go ntse go ya, mmaone a ka nna a fudusetsa bananyana bano ba gagwe ba babedi kana ba bararo kwa legaeng le lesha, a ba hupile mo molomong fa ba santse ba le babotlana kana ka go tla a ba bitsa fa e le gore ba setse ba godile thata.

Lengau le le namagadi gape le fitlha bana ba lone gore baba ba ba jaaka ditshwene ba se ka ba ba tlhasela. Mme fa ditshwene di tlhasela bana ba lone, o tla tshwara thipa kafa bogaleng ka go di leleka gore bana ba gagwe ba kgone go tshabela mo lefelong le le babalesegileng. Gape o itsenya mo kotsing ka go batlela bana ba gagwe dijo. Lengau le le setseng le tsofala le ka itsenya fa gare ga motlhape o o tsositseng modumo wa ditlou e le fela go batlela bana ba lone ba ba bolailweng ke tlala dijo.

Selo se se kgatlhang ke gore, mangau a a santseng a le mannye ga a itlhaganelele go tshela a le nosi. Mangawana a kgwesiwa lebele fa a le dikgwedi tse thataro, lefa go ntse jalo, ga a ipolaele diphologolo tse dingwe go fitlha a nna le ngwaga. A matonanyana ga a tshele a le nosi go fitlha a na le dingwaga tse pedi le sephatlo. Mangawana a a namagadi a ka nna le maaone mo lefelong le le lengwe go fitlha a godile thata.

Lengau—A Kgabagare le Tla Tshela ka Kagiso?

Mme dikatsana tseo tse o ka ratang go di tlamparela fa di sena go gola di fetoga babolai. Ka gone, go ka nna thata go dumela gore mafoko ano a ga moperofeti Isaia a tla tsamaya a diragala: “Phiri e tlaa aga le kwanyana, [lengau le] tlaa botha le potsane.”—Isaia 11:6.

Maiteko a a kileng a dirwa bosheng jaana a go leka go kgwabofatsa lengau a ile a retela. Sieuwke Bisleti van der Laan le monna wa gagwe ba kile ba leka go ikgodisetsa mangawana a sekae mo polasing ya bone mo Afrika. Mangawana ano a ne a itumelela go “gololesega gotlhelele” mme gantsi ba ne ba a jesa ka letsogo. Lefa go ntse jalo, ga a ise a ko a kgwabofale. Sieuwke Bisleti o kwala jaana: “Fela fa lengau le sena go gola sentle, le itseela tsela ya lone. Tau e tla nna e go rata e bile e go ikobela; lengau lone, le tla nna le go lemoga lefa go ntse jalo, le itirela ditshwetso ka bolone gore le direng mo maemong a a rileng.”

Kgabagare go ne ga swediwa ka gore go kotsi gore mangawana ano a a neng a setse a godile a letlelelwe go itsamaatsamaela mo polasing. Go ne ga dirwa tshwetso ya gore a busediwe kwa nageng. A go godisiwa ka go pepetlediwa jalo ke batho bao ba ba botsalano go ne go dirile gore a nne matepe? Legoka. Morago ga malatsi a le mararo fela fa a sena go bulelwa ke fa le le tonanyana le fitlhelwa le ja kukama e le neng le e ipolaetse.

Lefa go ntse jalo, maiteko a a ntseng jalo a a neng a folotsa a go kgwabofatsa mangau ga a ganetse se Isaia a ileng a perofesa ka sone gore go tla nna le kagiso fa gare ga lengau le podi. Tiragalo eo e e gakgamatsang ga e kitla e dirwa ka maiteko a motho mme e tla dirwa ka taolo ya bomodimo. Lefa go ntse jalo, puso ya Modimo e tla dira se se fetang fela go tlisa kagiso mo losikeng loophologolo. “Lefatshe le tlaa bo le tletse kitso ya go itse Jehofa,” Isaia o ne a bolelela pele jalo. (Isaia 11:1-9) Tota le batho ba tla latlha mekgwa ya sephologolo e e bakileng gore go nne le dintwa le dikgaogano. Ka yone nako eo, tsela e motho a lebang diphologolo ka yone e tla fetoga. Ga go kitla go tlhola go nna le phologolo epe e e bolawang setlhogo. E bile ga go na motho ope yo o tla senyang mafelo a di nnang mo go one kana go di nyeletsa ka gonne Jehofa o tla bo a ‘sentse ba ba senyang lefatshe.’—Tshenolo 11:18.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela