Ra Rakana Bosigo Kwa Tanzania
MORAGO ga kopano ya ditšhabatšhaba ya Basupi ba ga Jehofa kwa Kenya, re ne ra simolola loeto lwa rona lwa go ya go bona diphologolo le naga kwa Tanzania re itumetse.
Lefelo la ntlha le re neng ra gorogela kwa go lone e ne e le kwa Lake Manyara National Park. Re ne ra gakgamadiwa ke go bona mefutafuta ya diphologolo koo—ditshwene tse di pududu, diphala, dinare, dipitse tsa naga le tse dingwe. Akanya fela o bona lekadiba le tletse ka dikubu. O bona thutlwa e fula kafa letlhakoreng le lengwe, tau mo tlhageng e telele mme ka kwa ga yone go le motlhape wa dikgokong.
Fa re sena go goroga kwa Ngorongoro Crater, re ne ra hira motsamaisabajanala le koloi e e gogang ka maoto a manè mme ra simolola mosepele wa letsatsi lotlhe go ya kwa caldera (molete o mogolo wa lekgwamolelo le le wetseng). Molete ono o tsela ya one e neng e tletse dikhuti o ne o le boleele jwa dimmetara di le 600 go tswa mo molomong wa one go fitlha kwa boalong jwa one. A lefelo le le kgatlhang ruri! Diphologolo di ne di tletsetletse mo lebaleng la one. Metlhape ya dikgokong e ne e tsamayatsamaya jaaka e kete e fudugela golo gongwe. Dipitse tsa naga, dikgama, ditshepe, go le gontsintsi fela. Kwa lefelong lengwe le re neng ra ema fa go lone, poo ya tau e ne ya fitlha ya kwaya fa moriting wa koloi ya rona, e sena sepe gore re ne re le fela fa godimo ga yone. Moragonyana re ne ra ema go sekae go lebelela tshukudu e ntsho e le kgakajana le ditlou di le fa gaufi di fula mo ditlhareng. Fa re boela morago kwa molomong wa molete ono, re ne ra ikgakolola bontsintsi jwa diphologolo tse re neng re di bone. A go na le e re neng re sa e bona?
Ee, lengau la Afrika. Lefa go le jalo, ga go motlhofo gore motho a le bone mo nageng. Motsayaditshwantsho mongwe e bong Erwin Bauer o ne a akgela jaana: “Bajanala ba na le go tlhoafalela le go tlhagafalela thata go bona mangau ka gonne ga go motlhofo go bona diphologolo tseno re sa re sepe ka go di tsaya ditshwantsho. Bontsi jwa bajanala ba ba tlileng go bona diphologolo le naga ba bowa ba sa bona lefa e le le lengwe. Mo maetong a le 15 a ke kileng ka ya go bona diphologolo le naga mo go one, ke ne ka bona mangau a le robedi fela, ke le le lengwe fela le le neng le le gaufi thata le lone mo ke neng ke ka le tsaya setshwantsho.”—International Wildlife.
E ne ya re fa go nna bosigo re ne ra akanya go dira sengwe gape. Go ne go sena marobalo kwa matlwaneng a bajanala, ka jalo re ne ra tshwanelwa ke go batla marobalo. Re ne ra tshwanelwa ke go tsamaya mo tseleng ya mmu go le lefifi tota. Ka tshoganyetso bobedi jwa rona ba re neng re dutse kwa setulong se se kwa pele re ne ra rerega. Sengwe se se tokwa se ne sa tlolela fa pele ga lesedi la dipone tsa rona tse dikgolo. Re ne ra emisa koloi ka bonako re fegelwa ka ntlha ya go gakgamala!
Fa pele ga rona go ne go eme mokola wa lengau! Fa e le gore ba ba neng ba dutse kwa setulong se se kwa morago ba ne ba ntse ba akanya gore ga ba sego, kakanyo eo e ne ya nyelela ka ponyo ya leitlho. Lengau leno le ne la tlolela fa thoko ga tsela kafa letlhakoreng la moja—la ema tsi! ‘Ke dire eng?’ e ne e kete le ipotsa jalo le le fa pele ga rona re le lebile. ‘A ke tlhasele, kgotsa ke neye “mmaba” yono yo ke sa mo itseng mokwatla mme ke tshabele mo sekgweng?’
Adrian, mongwe wa ba re neng re na le bone e ne e le ene yo o gaufi thata le lone, a ka nna mmetara fela go tswa fa selong seno se sentle, se se matlhagatlhaga se se neng se ka nna sa tlola nako nngwe le nngwe. “Mphe foleshe foo ka bonako,” o ne a seba jalo a ntse a apaapa fa khemera ya gagwe ya otometiki e neng e le gone. Ba ba neng ba dutse kwa morago ba ne ba kgalema jaana ba seba, “O se ka wa dira modumo.” Ka bonako o ne a baakanya khemera mme a tsaya setshwantsho, lefa go ntse jalo go bonala fa lesedi la foleshe le ile la siriwa ke koloi. E ne ya re fa khemera e sena go siamela gore e ka tsaya setshwantsho se sengwe, Adrian o ne a bula fensetere ya kafa a neng a dutse gone ka kelotlhoko. Lengau le ne le ntse le eme sekgala sa boleele jwa letsogo go tswa fa go ene, ntlhana ya mogatla wa lone e ntse e tsokotsega, matlho a phatsima.
Morago fela ga gore re tseye sa bobedi, le ne la dira tshwetso. Lengau leno le le kgatlhang le ne la tlolela mo sekgweng mme la inaya naga. A bo re ne re itumetse jang mo koloing ya rona! Ruri ga re kitla re bo re lebala tiragalo eno, mongwe wa batsamaisabajanala moragonyana o ne a re bolelela gore eo e ne e le tiragalo e e diregang sewelo tota. Fa senepe seo sa bobedi se sena go tlhatswiwa se ne sa tla se le sentle tota mo re neng ra se boloka sentle gore se re gakolole tiragalo eo ya fa re rakana nayo bosigo kwa Tanzania.