Bothata jwa Kofi
DIKOPI tse di fetang 1 500 000 000 ka letsatsi! Go ya ka phopholetso nngwe ya bosheng jaana, seo ke selekanyo sa kofi e e nowang mo lefatsheng. Go nwa kofi mo go golo jaana go ile ga tswelela fela go sa kgathalesege ditlhagiso tseo baitseanape ba ileng ba di neela gangwe le gape mo dingwageng tse di ntseng di feta gore batho ba ba nwang kofi ba lebagane le dikotsi di se kana ka sepe, tsa go simolola ka bolwetsi jwa pelo go ya go bolwetsi jwa sukiri e sita le mefuta e e farologaneng ya kankere. Ke ka ntlha yang, he, fa go na le batho ba sekae fela jaana ba ba nwang kofi bao ba e tlogetseng ebile ba sa tlhole ba e nwa?
Mo dingwageng tse 40 tse di fetileng, baitseanape ba ile ba gatisa dipego di feta makgolo a matlhano kaga seo go nwa kofi go se dirang. Mme lefa go ntse jalo go fitlha jaanong diphetso tsa bone ga di a tlhomama. Ka ntlha yang? Selo sa ntlha, kofi e raraane go feta jaaka fa e lebega. Kopi ya kofi e ka nna ya bo e na le mo e ka nnang dikhemikale di le makgolo a matlhano tse di leng gone fela ka tlholego. Lefa go ntse jalo, bontsi jwa dipatlisiso di lebisa tlhokomelo mo selong se le sengwe fela se se mo go yone, seokobatsi sa kafeine.
Mo bathong bangwe, kafeine e ka tlhokisa motho boroko le go mo dira pelokhutshwane kana ya dira gore a palelwe ke go tlhoma mogopolo mo dilong. Mme lefa go ntse jalo go tweng ka kankere? Makasine wa bareki wa Which? o bega jaana: “Mo e ka nnang patlisiso nngwe le nngwe e e dirwang go supa kamano e e ka tswang e le teng [fa gare ga kafeine le kankere], go na le e nngwe ya diphitlhelelo tse di ganetsanang le tsa yone.” Ga go gakgamatse, he, go bo mmatlisisi mongwe wa kofi wa London a bega gore mo bathong ka kakaretso, ga go a ka ga nna le “go tlogela kofi le fa e le gope e tlogelwa ka ntlha ya pholo.” Mo godimo ga moo, ba le bantsi ba a itse gore tee, cocoa, le dino tsa cola le tsone di na le kafeine. Ebile tota, makasine wa Which? o akgela ka go re “fa boima jwa tsone bo lekanngwa, tee e na le kafeine e e fetang ya kofi, mme lefa go ntse jalo, ka kakaretso go dirisiwa selekanyo sa boima jo bo kwa tlase go dira kopi ya tee.”
Lefa go ntse jalo, go na le ditlhagiso di sekae tseo monwi wa kofi a ka eletsang go di ela tlhoko. The Times ya London e ne ya re bosheng jaana ya tlhagisa phitlhelelo eno go tswa mo pegong nngwe ya Se-Dutch: “Kofi eo e dirwang ka go tlhakanya ka tlhamalalo metsi a a belang le kofi e e sidilweng e ka oketsa selekanyo sa cholesterol ka 10 lekgolong, fa go bapisiwa le go nwa kofi e e tlhotlhilweng kana go sa nwe kofi gotlhelele.” Cholesterol ke sengwe se se itsegeng thata ka go baka bolwetsi jwa pelo. Mo tokololong e nngwe, The Times e ne ya tsopola moitseanape mongwe yo o tumileng wa tsa dijo wa kwa Borethani a re: ‘Batho ba ba nwang kofi ka metlha ba tshwanetse gore nako le nako ba nwe kopi ya kofi e e leng gone e dirwang mme, ba tile motswako o o bedisitsweng thata.’
Fa e le gore go na le sengwe seo baitseanape ba dumelanang ka sone malebana le kofi, ke gore e se ka ya nowa go feta selekanyo. Dingaka ka kakaretso di akantsha gore batho ga ba a tshwanela go nwa selekanyo se se fetang dikopi tse thataro (kana dimmaka tse nne) tsa kofi ka letsatsi. Bao ba nang le makoa a pholo a a tshwanang le bolwetsi jwa pelo kana jwa diphilo kana jwa kgatelelo e e kwa godimo ya madi ba tshwanetse go nwa selekanyo se se kwa tlase ga seo. Mme basadi ba ba baimana kana ba ba anyisang bana ba bone ga ba a tshwanela go nwa go feta kopi e le nngwe fela ka letsatsi.