LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 2/15 ts. 29
  • Dipotso Tse Di Tswang go Babadi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso Tse Di Tswang go Babadi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Bothata jwa Kofi
    Tsogang!—1991
  • Majalwa—A o A Leba ka Tsela ya Bomodimo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Nna le Pono e e Tshwanetseng ka Tiriso ya Bojalwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 2/15 ts. 29

Dipotso Tse Di Tswang go Babadi

◼ A Mokeresete o tshwanetse go tila kofi le tee ka gonne di na le kafeine ka e le seokobatsi se se tshwakgolang?

Ga go gope koo Bibela e buang gone ka kofi kana ka tee. Mme seo e se bolelang se ka thusa Mokeresete go dira tshwetso ya gore a o tla nwa kofi kana tee.

Seokobatsi seo go tweng kafeine se ka ama mogopolo le mmele. Go nowa dimilione tsa dikopi tsa kofi le tee letsatsi le letsatsi, seo se neng sa gogela Dr. Melvin Konner go re: “[Kafeine] e ka tswa e le seokobatsi se se amang mogopolo le boitsholo jwa batho se se dirisiwang thata mo lefatsheng go gaisa tsotlhe.” E ka go dira gore o nne podimatseba, e goletsa aterenalene ya gago, mme e dira gore madi a tsamaele ka bonako le go tsamaisa dijo. Mme go bo fela e le seokobatsi ka boyone ga go reye gore Mokeresete o tshwanetse go tila dino tse di nang le kafeine (kofi, tee, dino tsa kola, maté) kana dijo (jaaka tšhokolete).

Tagi le yone ke seokobatsi seo se ka amang mogopolo le mmele, lefa go le jalo Dikwalo tsa reng ka yone? Bibela e dumela gore beine (kana dino tse dingwe fela tsa tagi) di ka ‘dira pelo ya motho gore e ipele’ kana tsa fetola maikutlo a motho yo o utlwileng botlhoko. (Pesalema 104:15; Diane 31:6, 7) Lefa go le jalo, Lefoko la Modimo ga le bontshe gore baobamedi ba boammaaruri ba tshwanetse go tila dino tsotlhe tse di nang le tagi. Seo Bibela e buang kgatlhanong le sone ke go dirisa tagi o sa e lekanye—botagwa.—Duteronome 21:18-21; Diane 20:1; Hosea 4:11; 1 Bakorintha 5:11-13; 1 Petere 4:3.

Lefa go ntse jalo, go tweng he ka boiphako jwa gore motho a ka nna a tshwakgolwa ke kafeine? Bontsi jwa batho bao ba tlwaetseng go nwa kofi le tee, kana maté ba ikaega ka dino tseno, lefa go ganetsanwa gore a tota di ka tshwakgola. Ba ka nna ba se ikutlwe sentle, ba opiwa ke tlhogo kana ba ikutlwa ba batla go tlhatsa, fa ba sa nwa kafeine ka selekanyo se ba se tlwaetseng. Fano le gone, gakologelwa pono ya Bibela ka dino tse di nang le tagi. Lefa batho ba le bantsi ba tshwakgotswe ke tagi, Bakeresete ga ba thibelwe go e dirisa fa ba e dirisa sentle. Jesu o ne a nwa beine; o bile a dira beine ka dikgakgamatso kwa moletlong mongwe wa lenyalo.—Mathaio 26:29; Yohane 2:3-11.

Lefa go le jalo, Mokeresete a ka nna a ikutlwa gore ga a batle go ipaya mo kotsing ya go tlwaetsa mmele wa gagwe kafeine. Fa e le gore gongwe fa a sa nwa kafeine ka selekanyo sa tlwaelo go mo dira gore a se ikutlwe sentle (“go opiwa ke tlhogo ya kofi”), a ka nna a tila go nwa kafeine e le sesupo sa “boikgapō.” (Bagalatia 5:22, 23) Ereka Bibela e sa umake sepe sa gore motho a tile go nwa dino tse di nang le kafeine, tshwetso kaga kofi kana tee e tshwanetse go dirwa ke motho ka bongwe. Mokeresete o tshwanetse go di nwa ka selekanyo fa a nwa nngwe ya tsone.—Bapisa Tito 2:2.

Go lekalekanya go amana thata le go tila dikotsi tse di ka tlhagelang boitekanelo jwa gago. Go na le dikotsi tse dintsi tse go bolelwang gore di ka nna gone fa kafeine e nowa ka selekanyo se segolo (fa o nwa kofi, tee, dino tsa kola, kana dino tse dingwe fela kana dijo). Lefa go le jalo, fa patlisiso e nngwe e bolela gore kafeine e kotsi mo boitekanelong, e nngwe e bua se se farologaneng.

Mme botlhale jwa go lekalekanya bo otlelelwa ke Bibela fa e bua ka tswina. Ke sere fela sa tlholego, mme go e ja jaaka sejo se se nayang mmele maatla ke ga tlholego (go farologana le go goga motsoko o o gogela mo mafatlheng). (1 Samuele 14:26, 27; Mathaio 3:4) Lefa go ntse jalo, o ka bobola fa o e ja thata. Bibela e tlhagisa jaana: “A u bonye dinotshe? u yè hèla mo go gu lekanyeñ; u ka tla ua di kgora bobe, me ua di tlhatsa.”—Diane 25:16, 27.

Batho bangwe ga ba kgone go ja tswina gotlhelele. Ka mo go tshwanang, ka mabaka a boitekanelo ba bangwe ba ka nna ba tlhoka go tila tagi, kafeine, dino dingwe tse di dirilweng ka mashi, kana dijo dingwe le dino. Ba bangwe ba ka nna ba tila dilo dingwe fela ka bobone kana ka gonne mo tikologong ya bone e le sengwe se se sisimogwang, kana ba sa batle go kgopisa ope. Seno se re gakolola kakgelo eno ya ga moaposetoloi Paulo: “Ha diyō di kgopisa oa ga echo, ga nketla ke tlhōla ke ya nama gopè, gore ke se ka ka kgopisa oa ga echo.”—1 Bakorintha 8:13.

Kwa bokhutlong, a mongwe le mongwe a dire go ya kafa ene a sweditseng ka gone mme a seka a dirisa ditshwetso tsa gagwe mo go ba bangwe. Paulo o ne a kwala jaana: “Eo o yañ hèla, a a se nyatse eo o sa yeñ; le eo o sa yeñ, a se ka a sekisa eo o yañ hèla; gonne Modimo o mo chotse. U mañ wèna eo u sekisañ motlhanka oa eo moñwe?”—Baroma 14:3, 4.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela