Kgwele ya Dinao ya Sejana sa Lefatshe—A Ke Motshameko Kana Ke Ntwa?
E tla ka mokwaledi wa Tsogang! go tswa kwa Italy
MATLHO otlhe a lefatshe a ne a tlhomilwe mo kgweleng ya dinao. Go tloga ka June 8 go ya go July 8, 1990, matlho a batho ba le dimilione tse di makgolokgolo a ne a sa tswe mo dithelebisheneng tsa bone ba lebeletse tiragalo e e tlhomologileng ya ngwaga oo—metshameko ya kgwele ya dinao ya bommampodi ba Sejana sa Lefatshe eo e neng e tshwaretswe kwa Italy. Palogotlhe ya batho bao ba neng ba lebeletse thelebishene lefatshe ka bophara go bona metshameko eo e le 52 ba ne ba le 30 000 000 000—eleng palo ya baagi botlhe ba lefatshe e menagane ga rataro!
Go rulaganngwa ga maranyane a a kwa godimo go go iseng go ko go diragale pele ke gone go neng ga dira gore go bogelwa gono ga thelebishene go kgonagale—lefelo la kgaso ya thelebishene leo le neng le direla ditirelo tsa kgaso tsa dithelebishene di le 147 tseo di emelang merafe e le 118, di na le dikapaditshwantsho tsa thelebishene di le 180, le mafelo a mabotlana a kgaso a le 38, le boramaranyane ba le 1 500. Ba bangwe bao ba neng ba le teng kwa metshamekong eo, eo e neng e tshwaretswe kwa mabaleng a kgwele ya dinao a le 12 a Italy, e ne e le babogedi ba le 2 515 000 le bakwaladikgang ba le 6 000 go tswa mo lefatsheng lotlhe. Lefa go ntse jalo, dipalo tseno ga di tlhalose sotlhe se se diragetseng. Bakwadi, badirelaloago, baithutatlhaloganyo, diopedi, le eleng ba tsa thutabodumedi ba ne ba akgela mabapi le tiragalo eno gore ba tlhalose tsela eo e e boitshegang ya “go ijesa dijo tsa ditoro,” jaaka fa bangwe ba ne ba e bitsa.
Lefa go ntse jalo, a kgwele ya dinao ya Sejana sa Lefatshe e ne ya tlatseletsa mo kutlwanong ya meraferafe le ya batshameki? Ereka ba ne ba kopantswe ke lorato lwa bone lo logolo mo motshamekong o, a batho ba ba dimilione bao ba neng ba lebelela metshameko eo ka thuso ya disatalaete ba ne ba kgona go fenya letlhoo la bone la semorafe mo malatsing ao a a 30? A kgwele ya dinao e ne ya dira jaaka maatla a a tlisang kutlwano?
A Ke Ntwa Kana Ke Motshameko?
A re tlhatlhobeng ntlha e le nngwe fela eo e tlwaelegileng mo ditiragalong di le dintsi tsa metshameko ya mo malatsing ano—bothubaki. Tiragalo eno e e sa tlwaelegang e diragala gantsi kwa metshamekong ya kgwele ya dinao—mo lebaleng, mo go nniwang gone ke babogedi, le kwa ntle ga lebala la metshameko. Baithutatlhaloganyo, badirelaloago, le bakwaladikgang ba dumelana gore mo lefatsheng leno le le tletseng thubakanyo, metshameko le yone e a amega. Ditekanyetso tsa boitsholo tsa konokono di itlhokomolosiwa fela ka bopeloethata. E le maiteko a go fitlha ditiragalo tsa mmatota tsa bothubaki mo metshamekong ya malatsing ano, go dirisiwa ga dipolelwana tse di tshwanang le tseno “motshameko ke go kopana ka boikanyegi,” “moya wa botsalano,” kana “bokaulengwe” ga go thuse sepe.
Motshameko wa bommampodi ba Sejana sa Lefatshe le one o ne wa amega. Erile go santse go setse lobakanyana pele ga fa e simolola, go ne ga utlwiwa dipego tse di boifisang. “Go Na le Matshosetsi a Bothubaki jwa Barati ba Kgwele ya Dinao Bao E Ba Ileng kwa Tlhogong Ebile Bajanala Ba Tswa mo Italy,” setlhogo sengwe mo go La Repubblica se ne se balega jalo malatsi a le 18 pele ga motshameko wa ntlha. Bao ba neng ba tshabiwa thata e ne e le dikebekwa tse di sa rategeng, tseo e leng karolo ya barati ba kgwele ya dinao ba Maesemane bao ba itsegeng go ralala Yuropa yotlhe ka go senyaka goo ba go dirang pele ga motshameko mongwe le mongwe, le fa o ntse o tsweletse, le morago ga one.a
Tokololo ya June 1, 1990, ya pampiri ya dikgang ya Turin e go tweng La Stampa ya letsatsi le letsatsi e ne ya tlhatlhoba dilo tse di bakang bothubaki mo mabaleng a metshameko le go itshwara ka go tlhoka maitseo ga dikebekwa tseo, e akgela jaana: “Mo morafeng wa kgwele ya dinao, jaanong ga go na se se dirwang mohama. Batho ba go tshamekiwang kgatlhanong le bone ga e sa tlhole e le ba go tshamekiwang kgatlhanong le bone fela mme ke ‘baba’; kgotlhang ga se sengwe se se diragalang fela ka sewelo mme go na le moo ke mokgwa, le gone e tshwanetse go nna thata, thata ka mo go ka kgonegang ka gone.” Mme tota ka ntlha yang? “‘Ka gonne re a ilana,’ go ne ga araba jalo dikebekwa dingwe tsa kgwele ya dinao go tswa kwa Bologna.” Fa a ne a leka go tlhalosa mogopolo o o tlhotlheletsang kilo e e ntseng jalo, modirelaloago mongwe ebong Antonio Roversi o ne a re: “Bana ba ba mo lebaleng la metshameko ba bolawa ke ‘bolwetsi jwa bedouin.’ Batho ba ba bolawang ke bolwetse jono ba tsaya baba ba ditsala tsa bone e le baba ba bone, le ditsala tsa baba ba bone e le baba ba bone, gape, kafa letlhakoreng le lengwe, tsala ya tsala ya gagwe ke tsala le mmaba wa mmaba wa gagwe ke tsala ya gagwe.”
Kilo, bothubaki, kgaisano, go senyaka, “bolwetsi jwa bedouin”—kgwele ya dinao ya bommampodi ba Sejana sa Lefatshe e ne e santse e tla simologa, mme seemo e ne e setse e le sa ntwa. Go sa kgathalesege seno, Italy e ne ya dira dipaakanyetso tsa tiragalo eno ka moya wa boitumelo.
Go Segofadiwa ke Mopapa
Le eleng mopapa, yo a sekeng a tlhokafala fa go nang le boidiidi jwa bareetsi gone, o ne a etela “tempele” ya Sejana sa Lefatshe, Lebala la Metshameko ya Diolimpiki le le ntšhafaditsweng le le kwa Roma, mme a le segofatsa. O ne a re: “Mo godimo ga go nna moletlo wa metshameko, motshameko wa Kgwele ya Dinao ya Bommampodi ba Lefatshe o ka nna moletlo wa kutlwano mo bathong.” O ne a oketsa ka go re metshameko ya malatsing ano e tshwanetse ya tila dikotsi tse di maswe, tse di tshwanang le lorato lo lo feteletseng lwa go ipatlela dilo tse di bonalang, go lebisa tlhokomelo ka mo go feteletseng mo dilong tse di tlhomologileng, go dirisa diokobatsi, tsietso, le bothubaki. O ne a solofela “gore maiteko le go intsha setlhabelo mo go dirilweng go tla dira gore ‘Italia ’90’ e nne nako ya go gola ga bokaulengwe mo baaging ka lona le mo bathong botlhe.” Paride Di Luca wa Mo-Jesuit, yo o kileng a ne a le motshameki wa kgwele ya dinao, o ne a boeletsa maikutlo a mopapa mo ‘Thapelong ya Morati wa Kgwele ya Dinao’ e a neng a e rapela fa a ne a re: “A o ko o tle, Modimo wa me, mme o bone Sejana sa Lefatshe.”
Mme lefa go ntse jalo a Sejana sa Lefatshe tota e ne e le moletlo o mogolo? A Modimo wa lebopo o ne a ka se kgatlhegela? A re tlhatlhobeng motshameko kafa o ntseng ka teng, re tlhatlhobe dinonofo tseo o di tlotlomatsang.
Dikebekwa tsa Metshameko
Ka ntlha ya dikebekwa, metsemegolo e e tshwanang le Cagliari le Turin e ne e dikaganyeditswe ke masole ka lobaka lotlhe lwa karolo ya ntlha ya metshameko eno ya bommampodi. Tseno ke dingwe tsa ditlhogo tse dikgolo tsa dipampiri tsa dikgang: “Rimini e Tshositswe ke Ntwa”; “Ntwa E Tsogile kwa Cagliari”; “Bothubaki kwa Turin: Mojeremane le Moborithane ba Tlhabilwe ka Thipa”; “Letsatsi la Dikhuduego Fa Gare ga Barati ba Kgwele ba Baesemane, Bajeremane, le Batadiana”; “Re Sireletseng mo Barating ba Kgwele ba Maesemane—Ratoropo wa Turin O Ntsha Boikuelo”; “Batho Ba Ba Ditlhogo Di Thata Ba Lala Ba Lwa Masigo. Ratoropo: Ba Ba Tswang kwa Turin ke Bone Dikebekwa Tota.” Sekai se sengwe se se tsitsibanyang mmele ke seno: “‘Kafa O Ka Tlhabang Morati wa Kgwele wa Letlhakore Le Lengwe ka Gone’—Bukana ya Sekebekwa sa Mmannete, E Gatisitswe kwa Engelane.” Ditlhogo tseno tse dikgolo di lekane go go bontsha se tota se diragalang. Mme lefa go ntse jalo dilo tse di ntseng jalo ke tse di diragalang ka tlholego fela ka ntlha ya setšhaba se se tletseng bothubaki.
Tiragalo e kgolo eo ya metshameko ga e ya ka ya felela go itumetswe. Go letsa molodi ka lonyatso ga barati ba kgwele ba Matadiana ba leletsa setlhopha sa Argentina le mmampodi wa sone, Maradona, ka go bo ba ne ba fentse setlhopha sa Italy, go ne ga fekeetsa boitumelo jwa motshameko oo wa makgaolakgang mme ga sulafatsa motshameko wa bofelo. Mo maitseboeng ao a July, ga go a ka ga nna le “bokaulengwe jo go leng monate mo go jone jwa motshameko” kwa Lebaleng la Metshameko ya Diolimpiki; “tempele” ya Sejana sa Lefatshe e ne ya itshekololwa. Il Tempo ya July 10, 1990, e ne ya akgela jaana: “Mo lebaleng, ba ne ba senya motshameko—mo mannong a babogedi, ba ne ba leswefatsa motshameko.”
E ne ya fela ka mafutsana jalo tiragalo e bangwe ba neng ba solofetse gore e tla dira lefatshe “motsana wa lefatshe lotlhe” o o senang dithibedi ka lobaka lwa bobotlana malatsi a le 30. Mme fa e le gore kgwele ya dinao ga e kgone go tlhoma kagiso le kutlwano mo lebaleng kana kwa ntle ga lebala, a go a utlwala go akanya gore e ka tlhotlheletsa gore go nne le kagiso mo lefatsheng lotlhe?
Maikutlo A A Lekalekaneng ka Kgwele ya Dinao
La Stampa e ne ya galaletsa kgwele ya dinao, e tlhalosa gore ke “masalela a a boitshepo a go kgaratlha ga bagologolwane, kgwele ya dinao ke tshwantshetso ya go sa kgone go bolelela dilo pele, seo e leng mooko wa dikgaisano tsotlhe tsa metshameko.” Fa re tlhatlhobisa kgopolo e e ntseng jaana, Mokeresete yo o ikanyegang o tshwanetse go leba kgwele ya dinao jang? Eleruri, Mokeresete o tshwanetse go leba metshameko yotlhe ya seporofeshenale jang?
‘Batho ba ba sa rateng kgwele ya dinao ba tlhaela sengwe mo matshelong a bone,’ go bolelwa gore Bertrand Russell o ile a bolela jalo. Gone ke boammaaruri, go tshameka kgwele ya dinao kana motshameko ope fela go ka nna ga itumedisa ebile go ka siamela pholo ya motho, bogolo jang ka batho ba le bantsi jaana ba nna ba ntse fa fatshe nako e ntsi ya matshelo a bone. Mme lefa go ntse jalo a seno se raya gore ga go na dikotsi dipe mo metshamekong?
Bibela e bolela jaana: “A re se nne boipelahaco hèla, re se ka ra rumolana, ra dihèlana ka bopelotshètlha.” (Bagalatia 5:26) Metshameko ya bommampodi ya Sejana sa Lefatshe e ne ya bontsha ka botlalo kafa bothubaki le boikutlo jwa go batla go fenya go sa kgathalesege ditlamorago gantsi e leng diyathoteng di bapile ka gone. Seo ke sone se sa itumediseng kaga metshameko ya seporofeshenale. E le gore ba ke ba tile “ditihō tsa nama” tse di ntseng jalo, Bakeresete, ba ba tsenelelang motshameko le ba ba o lebelelang, ba tshwanetse gore ba dise maikutlo a bone, bogolo jang malebana le keletso ya go batla go nna mogaka. (Bagalatia 5:19-21) Gakologelwa mafoko ano a mmoki: “Gonne fa Monosadino yo Mogolo Yo O Esi a nosa nno kgatlhanong le wena, o a bo a bontsha—eseng gore wena o fentse kana o fentswe—mme go na le moo gore motshameko o ne o ntseng jang.”
Kgang e nngwe e e sa tshwanelang go lebalwa ke ya nako. A o mongwe wa batho ba ba dimilionemilione ba ba ratang go bogela thelebishene thata bao ba dirisang diura di se kana ka sepe ba lebeletse mananeo a metshameko? Phapaanong le seo, o dirisa nako ya gago e e kana kang o itshidila mmele? Tekatekano—leno ke lefoko la konokono mo go seno. Le raya go bonela go itshidila mmele le boitapoloso nako, mme o sa tlhokomologe ditiro tsa semoya tseo e leng tsone tsa botlhokwa go gaisa. Moaposetoloi Paulo o ne a fa Timotheo yo mosha kgakololo eno e e utlwalang le go feta gompieno: “Go tshikinya [“itshidila,” NW] mmele go molemō mokutshane; me poihōmodimo e molemō kaga dilō cotlhe, ka e na le choloheco kaga botshelō yoa gompiyeno, le kaga yōna yo bo tla tlañ.”—1 Timotheo 4:8.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Tlhaloso nngwe e e bontshang gore lefoko “hooligan” (sekebekwa) le simologile jang e a re: “Monna mongwe yo go neng go twe Patrick Hooligan, yo o neng a tsamayatsamaya mo go bagagabo, a ba thukutha mme fa gongwe a ba betsa.”—A Dictionary of Slang and Unconventional English, e e kwadilweng ke Eric Partridge.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 10]
Photo Agenzia Giuliani