LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g91 9/8 ts. 2-23
  • Mathata Ao A Amanang le Metshameko Gompieno

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Mathata Ao A Amanang le Metshameko Gompieno
  • Tsogang!—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Moya O O kwa Godimo Thata wa go Gaisana
  • Madi Mmogo le go Tsietsa
  • Mathata A A Amanang le Babogedi ba Metshameko
  • A ke Tshwanetse go Tsena mo Setlhopheng Sa Metshameko?
    Tsogang!—1996
  • Metshameko ta Setlhopha—A e Ntshiametse?
    Tsogang!—1996
  • Go Baya Metshameko mo Boemong Jo E Tshwanetseng go Nna mo go Jone
    Tsogang!—1991
  • A Nka Tshamekela Setlhopha Sengwe sa kwa Sekolong?
    Tsogang!—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1991
g91 9/8 ts. 2-23

Mathata Ao A Amanang le Metshameko Gompieno

BATHO ba ne ba tlhola ba bolela gore metshameko e botlhokwa ka gonne e bopa boitshwaro jo bontle. Ba ne ba iphaka gore metshameko e rotloeditse batho gore ba rate go dira ka natla, go nna ditswerere mo metshamekong mengwe, mmogo le go ipelela go tshameka. Mme lefa go ntse jalo gompieno mo bathong ba le bantsi, dipolelo tse di ntseng jalo di utlwala di le lolea fela, ebile e le tsa boitimokanyo.

Go rotloetsa batho go fenya ke gone bothata segolobogolo. Makasine wa Seventeen o bitsa seno gore ke “karolo e e bosula ya metshameko.” Ka ntlha yang? Ka gonne, fa re tsopola makasine ono o a re, “go batla go fenya go dira gore o seka wa tlhola o amega kaga go ikanyega, tiro ya sekolo, pholo, boitumelo, le dikarolo tse dingwe tse di botlhokwa thata tsa botshelo. Go fenya go fetoga selo se segolo go di gaisa tsotlhe mo go wena.”

Boitemogelo jwa ga Kathy Ormsby, mmampodi wa mabelo a dikholetšhe kwa U.S., o ne a dirisediwa go bontsha ditlamorago tse di utlwisang botlhoko tsa go amega thata ka mo go feteletseng ka go bona katlego mo diatleletiking. Ka June 4, 1986, dibeke di sekaenyana fela morago ga a sena go tlhoma rekoto mo lobelong lwa basadi lwa dimitara di le 10 000 la dikholetšhe, Kathy o ne a tswa mo tseleng fa a ntse a taboga mo dikgaisanong tsa bommampodi tsa NCAA (National Collegiate Athletic Association), a tabogela ntlheng ya borogo bongwe jo bo neng bo le fa gaufi, mme a itatlhela kwa tlase ga jone a leka go ipolaya. O ne a se ka a swa, mme lefa go ntse jalo o ne a swa ditokololo go tloga mo dinokeng go ya kwa tlase.

Moithutatlhaloganyo mongwe yo o alafang batshameki ba diatleletike, Scott Pengelly, o ne a lemotsha gore Kathy ga se ene fela. Morago ga gore Kathy a leke go ipolaya, Pengelly o ne a bega jaana: “Ke ne ka amogela megala eo e neng e bolela gore, ‘le nna ke ikutlwa ka tsela e Kathy a ikutlwang ka yone.’” Mme motabogi yo mongwe gape, Mary Wazeter wa Yunibesithi ya Georgetown, yo o ileng a tlhoma rekoto ya bosetšhaba ya lobelo lwa dikilomitara di le 21,7 mo setlhopheng sa ba ba batlileng ba lekana ka dingwaga, le ene o ne a itatlhela kwa tlase ga borogo bongwe a leka go ipolaya mme o ne a swa ditokololo botshelo jotlhe jwa gagwe.

Tlhotlheletso e e maatla ya go batla go fenya, ya go tshelela seo se solofetsweng mo go wena, e ka nna e kgolo thata, mme ditlamorago tsa go retelelwa ke go bona phenyo e ka nna tse di botlhoko fela thata. Mmampodi wa setlhopha sa baseball mo go tikeng bolo sa California Angels, Donnie Moore, fa a ka bo a dirile gore moiteyi wa bolo wa setlhopha se sengwe a fose bolo e nngwe gape, setlhopha sa motiki yono wa bolo se ne se tla kgona go tsenelela dikgaisano tsa 1986 World Series. Mme lefa go ntse jalo moiteyi wa bolo wa setlhopha se se neng se tswa Boston, o ne a itaya bolo eno mme a tsenya ntlha, mme morago ga moo setlhopha sa Boston se ne sa fenya motshameko ono mmogo le kgaisano ya bommampodi ya American League. Donnie, yo ditsala tsa gagwe di bolelang fa a ile a betwa ke pelo ka go bo a ne a se ka a fenya, o ne a ithunya ka tlhobolo mme a swa.

Moya O O kwa Godimo Thata wa go Gaisana

Bothata jo bo tshwanang le jono mo metshamekong gompieno ke moya o o kwa godimo thata wa go gaisana. Ebile tota ga go feteletswe dilo fa go bolelwa gore batseneleladikgaisano ba ka nna ba fetolwa go nna dilo tse di boitshegang. Ka nako ya fa e ne e le mmampodi wa boimakete wa boramabole, Larry Holmes o ne a bolela gore o ne a tshwanela gore a fetole botho jwa gagwe fa a tsena mo mosakong wa mabole. “Botho jo bo molemo bo tshwanetse go sala kwa ntle ga mosako wa mabole,” o ne a tlhalosa jalo, “mme ke tsene ka botho jotlhe jo bo bosula, jaaka Dr. Jekyll le Mr. Hyde.” Baatlelete ba nna jaaka ekete motshameko o ba ile kwa tlhogong ba dira jalo ka maiteko a go thibela ba bangwe ba ba nang le ditalente tse di tshwanang le tsa bone gore ba se ka ba ba fenya.

“O tshwanetse wa nna le moya o o kwa godimo jalo wa go gaisana, ebile ga go na sepe se se o gakatsang go phala letlhoo,” go kile ga bolela jalo mongwe yoo e kileng ya bo e le mokatisi wa kgwele ya maoto pele. Le eleng tautona ya pele ya U.S. Ronald Reagan go bolelwa gore o kile a bolelela setlhopha sengwe sa kholetšhe sa kgwele ya maoto jaana: “O ka ikutlwa o na le letlhoo le le siameng mo mothong yo o tshamekang kgatlhanong le ene. Ke letlhoo le le siameng ka gonne le bonala fela fa motshameki a apere sekipa sa motshameko.” Mme lefa go ntse jalo a tota go siame go tsosa letlhoo le le ntseng jalo mo mothong yo o tshamekang kgatlhanong nae?

Bob Cousy, yoo pele a neng a tshamekela setlhopha se se neng se tletse ka bommampodi fela ba bolotloa sa Boston Celtics, o kile a bolela ka tiro ya gagwe ya gore a dise Dick Barnett, yo e neng e le motshameki yo o nosang thata wa setlhopha sa Los Angeles Lakers. “Ke ne ka tlhola ke dutse mo kamoreng ya me letsatsi lotlhe,” Cousy o ne a bolela jalo. “Se ke neng ke se dira fela e ne e le go akanya ka Barnett, ke akanya go sekae malebana le kafa ke ka tshamekang ka gone fa ke tshameka kgatlhanong le ene ebile ke dira gore ke mo tlhoe. Fa ke ne ke tsena mo lebaleng la bolotloa, ke ne ke setse ke bela madi mo eleng gore fa Barnett a ne a ka bua sengwe gongwe ke ka bo ke ile ka mo tswala molomo oo ka setlhako.”

Ntlha ke gore, gantsi batshameki ba leka go kgoba bao ba tshamekang kgatlhanong le bone marapo ka boomo fela, ebile baa lebogiwa go bo ba dira jalo. Mokwaladikgang tsa metshameko ebong Ira Berkow, o ne a bolela gore motshameki wa kgwele ya maoto yo o kgonneng go gobatsa motshameki wa setlhopha se sele mo a bileng a palelwa ke go tswelela ka motshameko o a “tlamparelwa le go kgobokanelwa [ke ba setlhopha sa gagwe] ka ntlha ya tiro eo a e dirileng senna. Fa e le gore o mo gobaditse kafa ba neng ba batla ka gone, . . . kwa bokhutlong jwa nako ya metshameko ya kgwele ya maoto o lebogelwa seo ka go okeletswa tuelo kana fa o le wa batshameki ba ba tlatsang palo fela, o duelwa ka go fiwa tiro e e oketsegileng. Ka gone batshameki bano ba ikgantsha ka maina a bone a mareto jaaka ekete a ne a tsentswe mo diaparong tsa bone jaaka dibetšhe tse di kgabisang, a a ntseng jaaka Bosetlhogo Joe Greene, Jack (Mmolayi) Tatum,” le a mangwe fela jalo.—The New York Times, December 12, 1989.

Fred Heron, motshamekamorago wa setlhopha sa kgwele ya maoto ya St. Louis, o ne a anela jaana: “Bakatisi ba ne ba re bolelela gore motshamekapele wa setlhopha sa [Cleveland Browns] o ne a le bokoa mo thamong. Ba ne ba ntlhaba matlhale gore, fa nka bona sebaka, ke tshwanetse go leka gore ke mo gobatse gore a tswe mo lebaleng. Ka jalo, fa motshameko o ntse o tsweletse ke ne ka kgona go feta mola wa batshameki, ka kgabaganya bogare jwa lebala le batshamekamorago ba setlhopha seo, mme o ne a eme teng foo. Ke ne ka leka go mo utlwisa botlhoko mo molaleng ka go mo phamola ka letsogo mo tlhogong, mme o ne a tsewa ke sedidi a ba a tlogela bolo. Batshamekikanna ba ne ba mpaka. Mme lefa go ntse jalo ke ne ka lebelela motshamekapele yono a rapaletse fa fatshe motho o bona fela gore o mo botlhokong. Ka bofefo fela ke ne ka akanya jaana, ‘A ke setse ke fetogile phologolo ya mofuta mongwe? Fano re a tshameka, mme lefa go ntse jalo ke leka go gobatsa yo mongwe.’” Lefa go ntse jalo, Heron o ne a lemotsha jaana: “Babogedi le bone ba ne ba nkopela diatla.”

Batho ba le bantsi ba bolela ka kutlobotlhoko gore bothata jo bogolo mo metshamekong ya gompieno ke dikgobalo tseo di nnang teng ka ntlha ya go gaisana ka tsela e e feteletseng. Ka maswabi, bontsintsi jwa dikgobalo tseno di akaretsa bana bao ba neng ba tsenngwa mo metshamekong eno eo go gaisanwang thata mo go yone ba sale babotlana. U.S. Consumer Product Safety Commission e bolela gore, ngwaga le ngwaga bana ba le dimilione di le nnè ba alafelwa mo dikamoreng tsa thuso ya potlako ya sepatela ka gonne ba gobetse mo metshamekong ebile go fopholediwa gore go na le ba bangwe ba le dimilione tse dingwe di robabongwe tsa bana ba ba alafiwang ke dingaka tsa malapa a bone.

Jaanong bana ba le bantsi ba na le dikgobalo tse ba sa di letleleleng gore di fole pele, tseo go neng go sa diragale motlhofo gore di bonwe mo dingwageng tse di fetileng. Mo dingwageng tsa bogologolo e ne e re fa bana ba tshameka e le go ijesa monate fela, fa ba gobala ba ne ba ya gae ebile ba ne ba sa tsenelele mo metshamekong gape go fitlhela ntho eo kana botlhoko joo bo fola. Mme lefa go ntse jalo fa e le mo dikgaisanong tsa semphete o a nkgagola gone, eleng mo metshamekong e e rulagantsweng semmuso, gantsi bana ba tswelela pele ba ntse ba tshameka fela, ba gobaletsa pele dikarolo tsa mmele tse di ntseng di na le dintho kana di le botlhoko. Robin Roberts, mmampodi wa pele wa baseball yo a neng a tika bolo o bolela gore bagolo ke bone segolobogolo ba ba bakang bothata jono. “Ba gatelela bana thata—mo tlhaloganyong le mo mmeleng—ka lobaka lo lotelele ba ise ba ipaakanyetse go tshameka.”

Madi Mmogo le go Tsietsa

Bothata jo bongwe jo re bo fitlhelang mo metshamekong ke go amega ka madi ka mo go feteletseng. Go lebega jaanong bogagaru bo laola metshameko go gaisa kgaisano le go tshameka ka tshwanelo. “Ka maswabi, go ikanyega mo metshamekong go ne ga nyelela gotlhelele mo dingwageng tsa bo 1980,” go bolela jalo Jay Moriotti ka bohutsana, mokwadi wa karolo e e rileng mo pampiring ya dikgang ya The Denver Post. “Mo dingwageng tseno tsa bo 90 metshameko e tsena ka mabela mo go tsone e le selo se se tlhotlheletsang ka tsela e e boitshegang mo setsong sa rona, intasetiri ya bogolo jo bo gakgamatsang, ya dirantaranta tse di seng kana ka sepe, (tota ke intasetiri ya dibilione [dimilione di le sekete] di le [173,5 tsa diranta], ya bo 22 go di feta tsotlhe mo Amerika) eo ka dinako tse dingwe e tlhalosiwang botoka fa go twe ke kgwebo e e boferefere.”

1Ngogola batshameki ba diliki tse dikgolo tsa baseball ba le 162 kwa United States—eleng batshameki ba ba fetang a le 1 mo go bangwe le bangwe ba le 5 mo go bone—mongwe le mongwe wa bone o ne a bona diranta di feta dimilione di le tharo, mme go na le tuelo ya madi a a fetang diranta di le dimilione di le robedi e e neng e le yone e e di fetang tsotlhe. Jaanong, ngwaga moragonyana ga moo, batshameki ba ba fetang 120 mongwe le mongwe wa bone o tlile go duelwa madi a a fetang diranta di le dimilione tse tlhano le halofo, go kopanyeletsa le ba le 32 bao mongwe le mongwe wa bone a tla bong a bona diranta di feta dimilione tse robedi, mme go simologa ka 1992 go ya go fitlha ka 1995, bobotlana mongwe le mongwe wa bone o tla bo a bona diranta di feta dimilione tse somenne ngwaga le ngwaga! Mo metshamekong e mengwe le gone go lelekisa madi mmogo le dituelo tse di boitshegang go fetogile selo sa tlwaelo.

Le eleng mo metshamekong ya dikholetšhe, gantsi madi ke sone selo se se otlelelwang thata. Bakatisi ba ditlhopha tse di fenyang le bone ba duelwa madi a mantsi fela thata, ba fiwa tuelo ya madi a a ka nnang diranta di le dimilione di le tharo le madi a ba a fiwang ke borakgwebo ka go bo ba ne ba bapatsa dilwana tsa bone. Dikolo tse ditlhopha tsa tsone di tshwanelegelang go ya go tshameka dikgaisano tse di farologaneng tsa bommampodi tsa kgwele ya maoto tsa fa ngwaga o fela kwa United States di amogela dimilionemilione tsa diranta—mo ngwageng o o sa tswang go feta di ne tsa amogela dimilione di le 151. “Ditlhopha tsa kholetšhe tsa kgwele ya maoto le tsa bolotloa di tshwanetse tsa dira madi,” go tlhalosa jalo mookamedi wa kholetšhe ebong John Slaughter, “ebile gore ba dire madi ao ba tshwanetse ba fenya.” Fa go fenya e le gone selo sa konokono seno se felela ka go koagana ga mathata—le diphelelo tsa matlhotlhapelo.

Ereka ditiro tsa batshamekabolo ba ba duelwang di ikaegile ka go fenya, gantsi ba dira bojotlhe jwa bone gore ba fenye. “Ga e sa tlhole e le motshameko,” go bolela jalo mongwe yoo e neng e le mmampodi pele wa setlhopha sa baseball ebong Rusty Staub. “Ke kgwebo e e tletseng thumolano, e e makgwakgwa.” Go tsietsa go tletsetletse. “Fa o sa tsietse, ga o leke go fenya,” go tlhalosa jalo motshamekamorago wa baseball Chili Davis. “O dira bojotlhe jwa gago fa e le gore o ka kgona go dira seno kwantle ga gore o lemogiwe,” go bolela jalo Howard Johnson motshamekapele mo setlhopheng sa baseball sa New York Mets.

Ka gone he maitsholo a mantle a a tlhokomologiwa, ebile seno ke bothata jo bogolo le eleng mo metshamekong ya dikholetšhe. “Bakatisi bangwe le bakaedi ba metshameko ba a tsietsa, fa baokamedi ba metshameko le bakaedi ba yone bone ba itlhokomolosa seo,” go dumela jalo Harold L. Enarson, mookamedi wa pele wa Ohio State University. Mo ngwageng o o sa tswang go feta, go ne ga otlhaiwa diyunibesithi di le 21 kwa United States ka ntlha ya go roba melao ya metshameko di otlhaiwa ke National Collegiate Athletic Association, mme diyunibesithi tse dingwe di le 28 go ne go santse go tlhotlhomisiwa kwa go tsone.

Ga go gakgamatse go bo maitsholo a batshameki ba basha a senyegile jaana, eleng seo eleng bothata jo bongwe jo bogolo mo metshamekong gompieno. Go tlwaelegile go dirisa diokobatsi mo metshamekong e le go dira gore moatlelete a ke a dire botoka mo motshamekong, mme lefa go ntse jalo gantsi ga di dire gore o rutege. Patlisiso nngwe e e tseneletseng eo e ileng ya dirwa e tlhomamisa gore batshameki ba ba mo dipatlelong tsa sekolo ebile ba na le dithulaganyo tse dikgolo tsa metshameko ba senya nako e e oketsegileng ba tshameka metshameko ya bone ka nako e go nang le metshameko ka yone go gaisa nako eo ba e senyang ba bala le ba le mo ditlelaseng. Patlisiso e nngwe gape e e tshegeditsweng ke puso e ne ya fitlhela gore nngwetharong ya dikholetšhe tsa kwa Amerika le diyunibesithi tsa gone tse di tsholetseng batho dithulaganyo tse dikgolo tsa motshameko wa banna wa bolotloa, mo batshameking bangwe le bangwe ba le 5 mo go ba ba kafa tlase ga a le 1 ba alogela thateng.

Le eleng batshameki ba diithuti ba sekaenyana fela bao e ya reng morago ga gore ba atlege mo metshamekong e e duelwang le go neelwa dituelo tse di kwa godimo gantsi ba nna le botho jo bo tlhomologileng jo bo sa tshwanelang. Ga ba kgone go dirisa madi a bone ka tshwanelo ebile ga ba kgone go lebana le botshelo ka bojone. Travis Williams yo o tlhokafetseng ka February yono yo o sa tswang go feta a tlhokafala a le dingwaga di le 45 a sena legae mme lefa go ntse jalo ke sekai se le sengwe fela sa seno. Ka 1967, o ne a tlhoma rekoto e e santseng e le teng le jaanong ya bommampodi ba kgwele ya dinao kwa U.S., fa a ne a tshameka le setlhopha sa kgwele ya maoto sa Green Bay Packers, a tlhoma rekoto eo ka go busetsa bolo e e neng e ragilwe ke mongwe wa setlhopha se sele kwa e tswang teng a taboga ka yone dimitara di le 37,6 a sa e tseelwa ke ope. O kile a bolela gore ene fa a ne a santse a le kwa kholetšheng “o ne a sa nke a ya kwa tlelaseng. Sa gagwe e ne e le go ikatisetsa kgwele ya maoto le go tshameka fela.”

Mathata A A Amanang le Babogedi ba Metshameko

Batho gompieno ba senya nako e ntsi ba lebeletse metshameko go gaisa e ba e senyang ba e tshameka, mme go ile ga felela ka mathata a a masisi. Ka sekai, gantsi go ya metshamekong go kopanyeletsa go bona boitshwaro jo bo makgapha le eleng jwa go dirisa dikgoka jo bo dirwang ke babogedi ba bangwe. Go tlwaelegile gore go lowe mo dikgaisanong tsa metshameko mengwe eo batho ba a bong ba tseegile maikutlo thata mo go yone, ebile go na le ba bangwe ba ba makgolokgolo ba ba ileng ba gobadiwa mme ba bangwe ba bolawa fa ba ntse ba bogetse metshameko eo.

Mme lefa go ntse jalo bontsi jwa babogedi gompieno ga ba nne gone ka namana kwa dikgaisanong tseno tsa metshameko; ba e lebelela mo thelebisheneng. Kwa United States, seteishene sa thelebishene se se gasang metshameko fela ka diura di le 24 se senya nako e e oketsegileng se gasa ka metshameko letsatsi le letsatsi go gaisa nako eo diteishene tse dingwe tse dikgolo di e senyang di gasa dikgang letsatsi le letsatsi! Mme lefa go ntse jalo a go lebelela metshameko o le mo legaeng la gago gone ga go na mathata ape?

Le eseng. “Monna wa me o na le dingwagangwaga a itse ka mmampodi mongwe le mongwe wa metshameko,” go tlhalosa jalo mosadi mongwe, “ebile ga se motho wa ntlha go dira jalo. O na le ditsala di sekaenyana fela tseo di sa lebeleleng metshameko ka metlha. Bosula jo bogolo go a gaisa otlhe jo bo nnang gone fa motho a dira seno, ke tlhotlheletso eo seno se nang le yone mo baneng,” mosadi yono o bolela jalo. O oketsa jaana: “Ke ganana le gore monna wa me a dirise nako eo e leng ya gagwe ka namana go lebelela metshameko a sa nkakanyetse kana a sa akanyetse bana.”

A ke ene fela a nang le ngongorego eno? Le eseng. Mo malapeng a le mantsi go ralala karolo e kgolo ya lefatshe, go na le maloko a lelapa a a senyang nako e ntsi a lebeletse metshameko mo thelebisheneng mo go felelang ka gore ba tlhokomologe maloko a mangwe a lelapa. Mmè mongwe wa Brazil o bontsha phelelo eno e e kotsi eo e ka nnang gone: “Fa go ntse go ya seno se ka nna sa kgoreletsa lorato lo lo fa gare ga monna le mosadi ka iketlo mmogo le go ikanyana ga bone, mme seno sa baya lenyalo mo kotsing.”

Gantsi batho ba ba ratang metshameko thata ga ba lekalekanye dilo le ka ditsela tse dingwe gape. Gantsi ba dira batshameki medingwana ya bone, eleng selo seo batshameki ba bangwe ba se bonang e le bothata. “Fa ke ne ke tsena mo toropong ya gaetsho, batho ba ne ba eme foo ebile ba ntebile jaaka ekete ba ne ba solofetse masego a a tswang go Mopapa,” go ne ga bolela jalo mmampodi wa tenese wa Jeremane ebong Boris Becker. “Fa ke ne ke leba baemanokeng ba me mo matlhong . . . ke ne ke ithaya ke re ke lebile batho ba ba sa tlwaelegang. Ba ne ba ntlhomile matlho ebile le go tshikinyega ba sa tshikinyege.”

Ga go gakgamatse, metshameko e ka fetoga selo se se gogelang se se itumedisang ebile se dira gore o ikaege ka yone thatathata. Batho ga ba kgatlhiwe fela ke tiro e e dirwang ke batshameki jaaka setlhopha mmogo le ke botswerere jo ba bo dirang mme ba kgatlhiwa gape ke go bo ba sa itse gore maduo a motshameko e tlile go nna afe. Ba batla go itse gore ke mang yo o tlileng go fenya. Mo godimo ga moo, metshameko e tlosa dimilionemilione tsa batho go seo ba ka tswang ba re ke botshelo jo bo seng monate.

Lefa go ntse jalo, a metshameko e ka dira gore batho ba itumele? A go na le melemo ya mmatota e e ka e tlisang? Mme o ka tila jang mathata ao a amanang le yone?

[Lebokoso mo go tsebe 9]

Bodumedi Jwa Metshameko

Tom Sinclair-Faulkner wa Mo-Canada o ile a bolela gore motshameko wa mo segaganeng wa “hockey ga se motshameko fela kwa Canada: mo bathong ba le bantsi e setse e le bodumedi.” Seno ke sekai sa boikutlo joo barati ba le bantsi ba metshameko ba nang le jone, go sa kgathalesege gore ba nna kae.

Ka sekai, metshameko kwa United States e ile ya bidiwa “bodumedi jwa lefatshe jo bo molemo.” Moithutatlhaloganyo mo go tsa metshameko David Cox o ne a bolela gore “go na le go nyalana go gogolo mo go leng teng magareng ga metshameko le tsela eo bukamantswe e tlhalosang bodumedi ka gone.” “Batho [ba bangwe] ba tsaya baatlelete jaaka ekete ke medimo kana baitshepi,” Mr. Cox o ne a oketsa jalo.

Batho ba ba utlwang fela ka metshameko ba ithontsha dilo di le dintsi thata, ba senya nako le madi mo motshamekong oo ba o ratang, gantsi mo go felelang ka gore ba malapa a bone ba boge. Fa barati ba metshameko gantsi ba senya diura di le dintsi ba lebeletse dikgaisano tsa metshameko mo thelebisheneng. Gantsi ba apara mebala ya ditlhopha tse ba di ratang ba dira jalo ka mabela mme ba bontshe phatlalatsa dilo tseo di emelang metshameko eo ba e ratang. Gantsi ba opela dipina ka boitumelo jo bogolo ebile ba di opela ka kodu eleng dipina tseo di ba tlhaolang jaaka batho ba ba ineetseng mo motshamekong wa bone.

Baatlelete ba le bantsi baa rapela le go rapela pele ga motshameko ba kopa gore Modimo o ba segofatse e bo e re fa ba sena go nosa nno ba khubame ba rapele e le go isa malebogo. Mo motshamekong wa Sejana sa Lefatshe wa ka 1986, motshameki mongwe wa kwa Argentina yo eleng naledi ya kgwele ya maoto o ne a bolela gore nno eo a neng a e nositse o ne a e nositse ka ntlha ya thuso ya Modimo. Mme batho ba ba utlwang fela ka metshameko ba ile ba bidiwa ka maina a a tshwanang le ao batho bangwe ba bodumedi ba bidiwang ka one eleng gore ke “batho ba ba dumelang dithuto tsa motheo mme ebile ba sa batle go utlwa sepe ka tsone.” Moya ono wa go utlwa fela ka metshameko o ile wa felela ka dintwa tsa tshololo ya madi, ka dinako tse dingwe go bolaanwa mo go tsone, tse di nnang teng mo baemanokeng ba batshameki ba ba tseneletseng dikgaisano.

Fela jaaka fa go ntse ka bodumedi jwa maaka, “bodumedi jono jwa lefatshe” jwa metshameko bo tlamela baemanokeng ba jone ba ba tlhoafetseng ka “baitshepi,” ditumelo, dilo tseo ba ka bo ikgopotsang ka tsone, le dingwao tsa bodumedi mme lefa go ntse jalo ga bo ba neye bokao jwa mmannete kana jwa goyagoile mo matshelong a bone.

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Gantsi batshameki ba a gobadiwa

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Go lebelela metshameko mo thelebisheneng go ka dira gore go nne le dikgogakgogano mo lelapeng

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela