LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g96 4/8 ts. 19-21
  • A ke Tshwanetse go Tsena mo Setlhopheng Sa Metshameko?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A ke Tshwanetse go Tsena mo Setlhopheng Sa Metshameko?
  • Tsogang!—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A o Tshwanetse go Leka go Fenya ka Ditsela Tsotlhe?
  • Go Latlha Maitsholo a a Siameng
  • A ke go Ithapisa Mmele Kana Ke go O Gobatsa?
  • Mabaka a Mangwe a a Tshwanetseng go Akanyediwa
  • Go Dira Tshwetso e e Siameng
  • A Nka Tshamekela Setlhopha Sengwe sa kwa Sekolong?
    Tsogang!—1991
  • Metshameko ta Setlhopha—A e Ntshiametse?
    Tsogang!—1996
  • Mathata Ao A Amanang le Metshameko Gompieno
    Tsogang!—1991
  • Go Baya Metshameko mo Boemong Jo E Tshwanetseng go Nna mo go Jone
    Tsogang!—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1996
g96 4/8 ts. 19-21

Basha ba Botsa Jaana . . .

A ke Tshwanetse go Tsena mo Setlhopheng Sa Metshameko?

“KE ENG se se botlhokwa jaana ka go nna mo setlhopheng?” go ne ga botsa jalo setlhogo sa kgang nngwe mo makasineng wa Seventeen. Fa e araba, kgang eno e ne ya re: “Lo dira mmogo lo na le mokgele o o tshwanang, ka jalo lo nna ditsala tse di atamalaneng thata. E bile gape lo ithuta go dirisana le go buisana le batho ba bangwe, jaaka gore lo ka rarabolola mathata jang lo le setlhopha, lo ka dira jang gore lo nne batho ba ba fetofetogang le maemo le ba ba akanyetsang ba bangwe, le gore lo ka ineela jang gore lo dumalane le ba bangwe.”

Ka gone, go tshameka metshameko e e rulagantsweng go bonala go na le mesola mengwe, go akaretsa le go ijesa monate le go itshidila mmele.a Ba bangwe e bile ba bolela gore go tshameka mo setlhopheng sa metshameko go thusa motho go bopa botho jwa gagwe. Lekgotla lengwe la basha la beisebolo le bile le na le moano o o reng “Botho, Bopelokgale, Boikanyego.”

Bothata ke gore, metshameko e e rulagantsweng ga se ka metlha e fitlhelelang maikaelelo a a molemo. Buka ya Kidsports ya re: “Mo mabakeng a mangwe basha ba ba kgatlhwang ke sengwe le sengwe ba ithuta ditlhapa, go tsietsa, go lwa, go tshosetsa le go utlwisa ba bangwe botlhoko.”

A o Tshwanetse go Leka go Fenya ka Ditsela Tsotlhe?

Kgang nngwe mo makasineng wa Seventeen e ne ya bolela jaana: “Go na le sengwe se se sa siamang ka metshameko, e leng gore batho ba tsaya go fenya go le botlhokwa fela thata.” Seno ga se dumalane le mafoko ano a a buiwang ke Baebele a a reng: “A re se nneng boipelafatso, [re se ka ra tsosa kgaisano le ba bangwe, NW] ra direlana ka bopelotshetlha.” (Bagalatia 5:26) Le mororo kgaisano e nnye fela ya botsalano e ka dira gore lo kgatlhege lo bo lo itumelele motshameko, moya o o feteletseng wa kgaisano o ka tsala letlhoo—mme wa dira gore motshameko o se ka wa nna monate.

Jon, yo e neng e le motshameki wa kgwele ya dinao wa sekolo se segolo mo nakong e e fetileng, o gakologelwa jaana: “Re ne re na le mokatisi yo o neng a nna a tlhagafetse ka tsela e e sa tlwaelegang; o ne a tlhola a re goa a re omanya . . . ke ne ke boifa le go ya go ikatisa. . . . Ke ne ke ikutlwa e kete ke mo kampeng ya pogisetso.” Lefa gone e se gore bakatisi botlhe ba a bogisa, bontsi jwa bone ba gatelela thata fela gore o tshwanetse go fenya. Mokwadi mongwe o ne a tlhalosa ka gore: “Baatleletiki ba bantsi . . . ba felela e le gore boitumelo jwa go gaisana bo fetoga morwalo o o bokete wa go batla go fenya.” Seno se ka felela ka eng?

Science News e ne ya bega ka patlisiso eo e senotseng gore mo gare ga batshameki ba setlhopha sa kholetšhe sa kgwele ya dinao le sa baseketebolo, “diperesente tse 12 tsa batshameki bano di begile selekanyo sa mathata a a ka nnang a mabedi mo go a le matlhano: go tshwenyega mo tlhaloganyong le mo maikutlong, go lapa thata, go sa kgone go tila go dirisa diokobatsi kana bojalwa, go sotliwa mo tlhaloganyong le mo mmeleng le go sa dire sentle mo dithutong tsa sekolo.” Fa e bua ka dilo tseno, buka ya On the Mark e ne ya bega jaana: “Mo e batlileng e nna mongwe le mongwe yo o nang le seabe mo diatleletiking o dumela gore go na le bothata jo bogolo jwa go sa diriseng diokobatsi ka tshwanelo mo metshamekong yotlhe.”

Go Latlha Maitsholo a a Siameng

Fa a gatelelwa thata gore a fenye, seo se ka dira gore motshameki yo mmotlana a tlhokomologe melaometheo e e tlhamaletseng ya go dira dilo ka tolamo le boikanyego. Buka ya Your Child in Sports e akgela jaana: “Mo metshamekong ya segompieno, go fenya ga se selo se se molemo fela; ke sone fela selo se se batlegang. Go fenngwa ga se selo se se bosula fela, e bile ga go na boitshwarelo.”

Sengwe gape se se botlhoko ke gore: Gantsi bakatisi ba gatelela batshameki fela thata gore ba gobatse ba ba gaisanang le bone. Setlhogo sengwe sa Psychology Today se ne sa re: “Gore o nne setswerere mo metshamekong, o tshwanetse go nna bosula. Seo ke se bontsi jwa baatleletiki, bakatisi, le balatedi ba metshameko ba se dumelang.” Motshameki mongwe wa kgwele ya dinao wa porofeshenale o itlhalosa e le motho yo o “buang ka bonolo, yo o akanyetsang ba bangwe le yo o botsalano.” Mme fa a le mo lebaleng la motshameko o nna motho o sele. Fa a tlhalosa botho jwa gagwe jwa fa a le mo lebaleng la metshameko o ne a re: “Ka nako eo ke nna pelompe thata. . . .Ke nna bosula tota. Ga ke tlotle mosimane ope yo ke tlileng go mo tlhasela.” Gantsi bakatisi ba ba kgothaletsa gore ba nne le boikutlo joo.

Baebele e kgothatsa Bakeresete e re: “Lo apare pelotlhomogi, le pelonomi, le boikokobetso le bonolo le bopelotelele.” (Bakolosa 3:12) A o ka tlhagolela dinonofo tseo fa e le gore o bolelelwa dipuo tse di maswe tse letsatsi le letsatsi di go rotloetsang gore o gobatse, o dige le go golafatsa batshameki ba o gaisanang le bone? Robert yo o dingwaga tse 16 o dumela jaana: “Ke ne ke tshameka metshameko e e rulagantsweng. Ga o na sepe gore o gobatsa mang fa fela o ka fenya.” E re ka jaanong e le Mokeresete yo o kolobeditsweng, o fetotse kgopolo ya gagwe. O bolela jaana: “Ga ke kitla ke tlhola ke dira seo gape.”

A ke go Ithapisa Mmele Kana Ke go O Gobatsa?

Se sengwe gape se se sa tshwanelang go itlhokomolosiwa ke bodiphatsa jwa seno mo mmeleng. Ke boammaaruri gore metshameko e ka nna ya gobatsa motho lefa a tshameka le ditsala fela go itlosa bodutu. Mme lefa go ntse jalo dikotsi di ka oketsega thata fa basha ba rotloediwa gore ba tshameke ka tsela ya porofeshenale.

Buka ya Your Child in Sports e akgela jaana: “Batshameki ba porofeshenale ba ka nna ba gobala. Mme lefa go ntse jalo ba na le bokgoni, ba itekanetse sentle mo mmeleng, ke bagolo ba ba bayang matshelo a bone mo kotsing ka go rata e bile ba duelelwa go dira seo. Mo godimo ga moo ba bona katiso e e gaisang le ya botswerere le didirisiwa tsa maemo a a kwa godimo, le tlhokomelo ya kalafi ya maemo a a kwa godimo tota. . . .Bana ba sekolo bone ga ba bone melemo eo.” Bakeresete ba laetswe gore ba ‘ntshe mebele ya bone setlhabelo se se tshedileng, se se itshepileng, le se se lebosegang mo Modimong.’ (Baroma 12:1) A ga o a tshwanela go akanyetsa ka kelotlhoko gore o se ka wa baya mmele wa gago mo kotsing go sa tlhokege kana ka mabaka a a sa utlwaleng?

Mabaka a Mangwe a a Tshwanetseng go Akanyediwa

Lefa metshameko e e rulagantsweng e ka bonala e se kotsi thata mo boitekanelong, tota yone e ja nako. Dinako tsa go ikatisa ga di fokotse nako ya gago ya go iketla le ditsala fela mme gape di ka nna tsa go jela nako e ntsi ya go ithuta le go dira tiro ya sekolo e e direlwang kwa gae. Science News e ne ya bega gore baatleletiki ba kholetšhe gantsi ba nna le “maduo a a kwa tlase” go na le baithuti ba bangwe ba ba tshwaregileng ka ditiro tse dingwe tsa morago ga sekolo. Se se botlhokwa le go feta ke gore o tla fitlhela gore go tshameka mo setlhopheng sa metshameko go dira gore go nne thata go dira se Baebele e se bitsang “dilo tse di [botlhokwa segolo, NW]”—ditiro tsa semoya. (Bafilipi 1:10) Ipotse, ‘A go tsena mo setlhopheng go tla ntira gore ke latlhegelwe ke dipokano tsa Bokeresete kana a go tla dira gore ke fokotse seabe sa me mo tirong ya go rera?’

Gape akanya ka kelotlhoko ka matswela a go nna diura tse dintsi le basha le bagolo bao ba senang dikgopolo tse di tshwanang le tsa gago ka boitsholo, puo e e phepa, kana kgaisano. Mo godimo ga moo, Baebele e bolela gore, “go ikopanya le ba ba bosula, go tle go bodise mekgwa e mentle.” (1 Bakorinthe 15:33) Ka sekai, ela tlhoko se se buiwang ke setlhogo se se mo tsebeng ya dintlha tse di kgethegileng sa The New York Times: “Ntlwana ya boaparelo . . .ke lefelo leo o tla fitlhelang banna ba bua ka mebele ya basadi ka mafoko a a tlhalosang pepenene dirwe tsa tlhakanelodikobo, e bile ke koo ba ipelafatsang ka tsela eo ba ‘ileng ba atlega ka gone mo tlhakanelongdikobo’ le go dira metlae ka gore ba betsa basadi jang.” O ne o tla tswelela pele jang semoyeng o le mo lefelong le le ntseng jalo?—Bapisa Jakobe 3:18.

Go Dira Tshwetso e e Siameng

A o ntse o akanya ka go tsena mo setlhopheng sa metshameko? Ka jalo gongwe dintlha tse di setseng di umakilwe di tla go thusa gore o akanye sentle pele ga o dira jalo. O akanyetse digakolodi tsa ba bangwe fa o dira tshwetso. (1 Bakorinthe 10:24, 29, 32) Ke boammaaruri gore ga go na molao ope o o gagametseng o o tla tlhomiwang, e re ka maemo mo lefatsheng a sa tshwane. Mo mafelong a mangwe go ka nna ga tlhokega gore baithuti ba nne le seabe mo metshamekong. Mme fa o belaela, bua le batsadi ba gago kana le Mokeresete mongwe yo o godileng ka kgang eno.

Basha ba bantsi ba Bakeresete ba ile ba dira tshwetso e e bokete ya gore ba se ka ba tshameka mo setlhopheng sa metshameko. Seno ga se motlhofo fa e le gore o moatleletiki kana fa e le gore o rata metshameko! Kgatelelo e e tswang mo barutabaneng, mo bakatising le mo batsading e ka dira gore o tlalelwe tota. Jimmy yo mmotlana o ne a dumela jaana: “Go nnile bokete tota gore ke se ka ka tshameka. Rre wa me yo o sa dumeleng e ne e le moatleletiki yo mogolo thata ka dinako tsa fa a ne a tsena sekolo se segolo. Ka dinako tse dingwe go nna thata mo go nna gore ke se ka ka tsena mo setlhopheng sa metshameko.” Lefa go ntse jalo, kemonokeng ya batsadi ba gago ba ba dumelang mmogo le ya Bakeresete ba ba godileng mo phuthegong e ka go thusa fela thata gore o kgomarele tshwetso ya gago. Jimmy a re: “Ke leboga mama fela thata. Ka dinako tse dingwe ke hutsafala thata fa ke gatelelwa gore ke tsene mo metshamekong. Mme lefa go ntse jalo o nna a nkgopotsa mekgele ya me ya mmatota mo botshelong.”

Metshameko ya setlhopha e ka ruta batshameki go dirisana mmogo le go rarabolola mathata. Mme lefa go ntse jalo go ntse go na le sebaka sa go ithuta dilo tse di ntseng jalo mo phuthegong ya Bokeresete. (Bapisa le Baefeso 4:16.) Metshameko ya setlhopha le yone e ka nna monate, mme lefa go ntse jalo ga go tlhokege gore o tsene mo setlhopheng gore o e itumelele. Metshameko e mengwe e ka tshamekiwa le ditsala tsa Bakeresete mo segotlong sa mo gae kana mo parakeng ya lefelo la lona. Gape o ka nna wa bona tshono e e oketsegileng ya go tshameka fa lelapa le ile go iphokisa phefo. “Go botoka thata go tshameka le batho ba phuthego ya lona,” go bua jalo Greg yo o dingwaga tse 16. “O dira seo fela gore o itumele, e bile o bo o na le ditsala tsa gago!”

Ke boammaaruri gore go itshamekela fela le ditsala tsa gago ga go kitla go go dira gore o je monate wa go nna mo setlhopheng se se fenyang. Lefa go ntse jalo, o se ka wa lebala ntlha ya botlhokwa ya gore “go itshikinya mmele go molemo mokhutshwane [fela]; mme poifomodimo e molemo ka ga dilo tsotlhe.” (1 Timotheo 4:8) Dira gore o nne le poifomodimo mme o tla nna mofenyi wa mmatota mo matlhong a Modimo!

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bona setlhogo sa “Basha ba Botsa Jaana . . . Metshameko ya Setlhopha—A e Ntshiametse?” se se tlhagang mo makasineng wa rona wa March 8, 1996.

[Mafoko a a mo go tsebe 20]

“Re ne re na le mokatisi yo o neng a tlhagafetse ka tsela e e sa tlwaelegang; o ne a tlhola a re goa le go re omanya . . . ke ne ke boifa go ya go ikatisa”

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Gangwe le gape, bakatisi ba gatelela gore motho o tshwanetse go fenya—lefa tota motho a ka gobatsa ba bangwe

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela