LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g91 7/8 ts. 17-19
  • A Nka Tshamekela Setlhopha Sengwe sa kwa Sekolong?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Nka Tshamekela Setlhopha Sengwe sa kwa Sekolong?
  • Tsogang!—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lebaka la Go Bo E Ratega Thata Jaana
  • “Dilo Tse Di Bosula Tse Di Amanang le Yone”
  • Kgatelelo ya Balekane
  • Dilo Tse Dingwe Tse Di Molemo Tseo Di Ka Dirwang mo Boemong jwa Metshameko Eno
  • A ke Tshwanetse go Tsena mo Setlhopheng Sa Metshameko?
    Tsogang!—1996
  • Metshameko ta Setlhopha—A e Ntshiametse?
    Tsogang!—1996
  • Go Baya Metshameko mo Boemong Jo E Tshwanetseng go Nna mo go Jone
    Tsogang!—1991
  • Mathata Ao A Amanang le Metshameko Gompieno
    Tsogang!—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1991
g91 7/8 ts. 17-19

A Nka Tshamekela Setlhopha Sengwe sa kwa Sekolong?

“Go nna le seabe mo metshamekong go ne go kgatlhisa ebile go le monate thata. Go ne go dira gore ke ikutlwe ke itumetse. Fa o sale mosha mme e bo e re kgabagare o bo o lemoga sengwe seo tota o nang le bokgoni mo go sone, ga o batle go kgaogana naso.”—Robert.

GONGWE le wena o natefelwa ke go tshameka mo ditlhopheng tsa metshameko. O go ratela go itshedila mmele, botsala, le monate wa gone. O ka nna wa bo wa lora o setse o le mogaka mo go one, wa akanya kafa boidiidi jwa batho ba tla go thelelang loshalaba ka gone fa o latlhela kgwele mo letloweng, fa o kapa kgwele, kana fa o nosa nno e e tla dirang gore setlhopha sa lona se fenye.

Basha ba le bantsi ba na le lebaka le le tshwanang le la gago la go bo ba rata metshameko go sa kgathalesege gore ke lefe. Ba natefelwa segolobogolo ke ditlhopha tsa metshameko, e e tshwanang le kgwele ya dinao, bolotloa, le hockey. The Education Digest e bolela jaana: “Baithuti [ba U.S.] ba feta dimilione tse 5,2 ba ne ba na le seabe mo metshamekong ya diatleletiki ya dikolo tse dikgolwane mo ngwageng wa sekolo wa 1986-87, e le yone palo e kgolo go di feta tsotlhe mo dingwageng tse nnè. Gape, dikolo tse dikgolwane di ile tsa tsenyeletsa metshameko e mesha mo dingwageng tse some tse di fetileng, bontsi jwa yone e rulaganyeditswe basetsana.”

Lebaka la Go Bo E Ratega Thata Jaana

Mafoko a monna mongwe yo o botlhale wa bogologolo a ne a lebisitse go tsela eo metshameko e rategang thata ka gone fa a ne a re: “Kgalalèlō ea makau ke thata ea aōna.” (Diane 20:29) Metshameko ke selo se se lapolosang seo motho a ka ntshetsang maatla le maikatlapelo ao a oketsegang mo dingwageng tsa motho tsa bosha mo go sone. E ka nna selo se se gwetlhang mmele le mogopolo ka tsela e e siametseng pholo. Go tsenelela mo metshamekong gape e ka nna selo se se tlatsang matlhagatlhaga le se se monate, e le se o itapolosang ka sone mo tirong ya malatsi otlhe ya kwa sekolong le tiro ya fa sekolo se sena go tswa.

Mo godimo ga moo, batho bangwe ba bolela gore go nna le seabe mo ditlhopheng tsa metshameko go bopa botho jwa motho. The High School Survival Guide, eo e kwadilweng ke Barbara Mayer, e tlhalosa jaana: “Thapiso le boikutlo jwa go ikutlwa o dira bojotlhe jwa gago mo selong joo o tla tlhokwang gore o nne le jone di tla go ruta kafa o ka dirang ka natla ka gone gore o fitlhelele mokgele mongwe o o nang le mosola. . . . Go nna le seabe mo metshamekong go ka go thusa gore o fetoge moeteledipele.”

Lefa go ntse jalo, ga se basha botlhe ba ba nang le maitlhomo a a molemo jalo fa ba nna le seabe mo metshamekong. Dilo tse dingwe tse di ba tlhotlheletsang thata mo go yone ke go batla go galalediwa, go tuma, le go tseelwa kwa godimo. “Fa o ne o tshamekela setlhopha sengwe sa metshameko,” Reggie o gakologelwa jalo, “o ne o lejwa o le lengwe la makawana a a rategang thata mo sekolong.”

Bibela e a dumela gore “go itshidila mmele go na le mosola o o rileng.” (1 Timotheo 4:8, Today’s English Version) Mme go ka nna ga lebega okare go tshamekela setlhopha sa sekolo e tla bo e le tsela nngwe ya go bona molemo o o ntseng jalo. Lefa go ntse jalo, basha ba le bantsi ba lemogile gore dilo tse di bosula tse di amanang le go tshamekela setlhopha sa sekolo gantsi di feta melemo ya go nna leloko la sone ka bontsi.

“Dilo Tse Di Bosula Tse Di Amanang le Yone”

Makasine wa Seventeen o bega jaana: “Metshameko e na le dilo tse di bosula tse di amanang le yone, mo mabakeng ao mo go one batho ba tsayang gore selo se se botlhokwa thata mo go yone ke go bona phenyo. Mo mokatising, go bona phenyo go ka nna ga dira gore a tlhatlosiwe ka maemo kana a tlhage mo thelebisheneng. Mo motsading, go bona phenyo go ka nna ga mo fa lebaka la go ka ikgantsha ka ngwana wa gagwe kana ga mo dira gore a ikutlwe a fitlheletse sengwe lemororo tota e se ene ka boene a se fitlheletseng. Fa e le ka moatleletiki, go bona phenyo go ka nna ga dira gore a fiwe dibasari tsa go tsweletsa dithuto tsa sekolo, go begiwe ka ene mo dikgannyeng, a ratwe ke bao a leng mo mophatong o le mongwe fela le bone le ke baagelani ba gagwe.”

Baatleletiki bangwe ba ba tsenang sekolo gape ba eletsa go ipona ba tsweletse pele go fitlhelela ba nna batshameki ba diporofeshenale. “Ke ne ke eletsa go ipona ke tshameka mo metshamekong ya bommampodi ya motsemogolo le ya naga mme e bo e re kgabagare ke bo ke tshameka mo go ya diporofeshenale,” Gerald yo mmotlana o ne a rialo. “Ke ne ke ipona ke le mohumi, ke buelela dilo tse dintsi tseo di bapadiwang, ke le mongwe wa batho ba ba tumileng tota, batho ba rata go tshwana le nna, ke bo ke ferea mosetsana yo montle go ba gaisa botlhe mo sekolong.”

Ga go gakgamatse, he, go bo mo dikolong tse dintsi metshameko e dirwa ka potlako e e keteng ke ya batho ba lelekilwe ke loso jaana! Go a lebalwa malebana le go tshamekela monate fela le go tshamekela go itshidila mmele. Ke fela jaaka fa Seventeen e ne ya tswelela ka go tlhalosa jaana: “Go ise go ye kae go batla go fenya e nna sone selo sa botlhokwa go feta go amega kaga boikanyegi, tiro ya sekolo, pholo, boitumelo, le dikarolo tse dingwe tse dintsi tsa botlhokwa mo botshelong. Go fenya e nna sone selo sa botlhokwatlhokwa, mme kgatelelo ya gore motho a fenye e a gola.”

Ereka boikutlo jono jwa gore motho a fenye go sa kgathalesege ditlamorago e le jone go utlwiwang fela ka jone, ga go gakgamatse go bo diatleletiki tsa sekolo di wetswe ke sebetso sa dikgobalo tse di seng kana ka sepe jaana. Ka dinako tse dingwe mo metshamekong go nna le tirisadikgoka e e dirwang ke baatleletiki, baemanokeng, le eleng ke bone batsadi tota. Gape go dirisiwa ga diokobatsi tse di tokafatsang tsela eo moatleletiki a dirang ka yone, tse di tshwanang le di-steroid, di a ata le eleng mo baatleletiking ba dingwaga tsa bolesome.

Ka jalo, lemororo go tshamekela setlhopha sengwe go ka nna le melemonyana e e rileng, gape go ka nna ga tsosa moya wa go rata go gaisana ka mo go feteletseng, go ijesa dijo tsa ditoro tsa go batla go huma thata, le keletso ya boithati ya go batla go galalediwa. Go phepafetse gore dilo tseno ga di dumalane le kgakololo ya Bibela ya gore ‘re se ka ra nna le dikgaisano mo gare ga rona,’ re se ka ra rata madi, le gone re se ka ra ipatlela kgalalelo. (Bagalatia 5:26, NW; Diane 25:27; 1 Timotheo 6:10) Go tshamekela setlhopha sa sekolo tota go ka dira gore o tlhotlheletsege thata gore o dire dilo tse di sa siamang.

Kgatelelo ya Balekane

Gantsi barutisi ba haka ditshono tseo metshameko e dirang gore motho a nne le tsone tsa go ka nna le kamano e e gaufi le balekane. Se se gakgamatsang ke gore, tshono eno ke yone e bakelang basha ba Bakeresete bothata. Bibela e a re: “Go ikōpanya le ba ba boshula go tlo go bodise mekgwa e mentlè.”—1 Bakorintha 15:33; 2 Bakorintha 6:14.

Fa re bua boammaaruri fela, o ya go kopana le batho ba mofuta mang kwa phaphosing eo setlhopha sa metshameko se bayang dilwana mo go yone? Mosha mongwe o bolela jaana: “Go ne go roganwa thata ebile go dirisiwa matlhapa. Mathaka a ne a nnela go bua ka basetsana ka dinako tsotlhe gape a tla ka dibuka tse di nang le ditshwantsho tseo di hepisetsang tlhakanelodikobo mme ba di lebelela.” Mo godimo ga moo, go tlhagolela moya wa go dira dilo jaaka setlhopha le go o boloka o ntse o le teng gantsi go tlhoka gore o kopane mmogo le bao lo tshamekelang setlhopha se le sengwe nabo go intsha bodutu pele le morago ga fa lo sena go tshameka le pele le morago ga fa lo sena go ikatisa.

Ke boammaaruri, gongwe go ka kgonega gore o tshamekele setlhopha sengwe mme o bo o sa nne gone mo dikokoanong tsa teng tsa botsalano. Mme lefa go ntse jalo fela jaaka fa mosetsana mongwe yo mmotlana yo o nang le dingwaga di le 14 a bolela: “Kgatelelo ya dithaka e kgolo fela thata mo o ka se kang wa tshameka fela o bo o setse o ya gae.” Ka jalo Bibela e botsa jaana: “A motho o ka tsaea molelō mo sehubeñ sa gagwè, me diaparō tsa gagwè di sa she?” (Diane 6:27) Ka ntlha ya go gatelelwa ke maloko ka bone a setlhopha sa metshameko, basha bangwe ba ile ba iphitlhela ba le mo meletlong eo mo go yone go neng go dirisiwa dino tsa tagi le diokobatsi, re sa bue sepe ka mmino o o sa siamang le go nna le batho ba bong bo sele mo tlase ga maemo a a raelang.

Ela tlhoko se se neng sa diragalela mosha mongwe yo go tweng Robert. O bolela jaana: “E ne ya re fa ke sena go fetoga leloko la setlhopha sa metshameko, ga tsoga mathata a a boitshegang. Go ne go na le kgatelelo e kgolo ya gore motho a tlhakanele dikobo pele ga lenyalo, a dirise diokobatsi, a nwe bojalwa, a bo a ye kwa meletlong eo go itirelwang boithatelo kwa go yone. Ke ne ka sala ke gakgametse tota fa ke bona gore dilo tse di ntseng jalo di ka amana le go tshameka mo metshamekong ya dikolo tse dikgolwane. Fa o le mo lebaleng le fa o le kwantle ga lone, go lebeletswe gore o tsamaye, o bue, o bo o itshware fela jaaka mathaka a mangwe otlhe.”

Se sengwe seo le sone se sa tshwanelang go tlodisiwa matlho, ke kafa go nna le seabe mo metshamekong go ka amang thulaganyo ya gago ya ditiro tsa semoya ka gone. (Bahebera 10:23-25) “Gantsi metshameko le go ikatisa di ne di nna ka nako e le nngwe fela le dipokano tsa Bokeresete,” go rialo Gerald yo mmotlana.

Dilo Tse Dingwe Tse Di Molemo Tseo Di Ka Dirwang mo Boemong jwa Metshameko Eno

Gone ke boammaaruri, motho a ka nna a bona thapiso e e rileng ka nako eo a saleng kwa sekolong ka yone a e neelwa jaaka karolo ya dilo tse di tlwaelegileng tse di rutiwang, mme gantsi ga go na molato gore Mokeresete yo mmotlana a nne le seabe mo dithutong tse di ntseng jalo. Mo godimo ga moo, maemo ga a tshwane mo dinageng tse di farologaneng. Lefa go ntse jalo, ka kakaretso basha ba Basupi ba ga Jehofa ba tila go nna le seabe mo metshamekong ya sekolo eo e seng karolo ya dithuto tse di tlwaelegileng. Jaanong, seno ga se reye gore wena jaaka mosha wa Mokeresete o ka seke o nne le seabe mo metshamekong. Gone, lefa go ntse jalo, go raya gore o ka nna wa tshwanelwa ke gore o tseye dikgato tse di rileng ka bowena o sa laelwa.

Ka sekai, o ka nna wa buisana le batsadi ba gago malebana le gore go rulaganyediwe gore lo intshe, a re re go ya kwa pikiniking. Seno se ka dira gore lelapa la ga eno le ditsala tsa gago lo nne le sebaka sa go nna le seabe mo metshamekong e e siameng. Kana gongwe o ka nna wa leka go laletsa basha ba le mmalwa ba Bakeresete gore lo kopane mmogo mme lo palame dibaesekele, lo tshameke kgwele ya dinao, kana lo jage ka tsela e e tla go kgotsofatsang.

Lefa go ntse jalo, go botlhokwa gore lo tile moya wa go gaisana mo go feteletseng. Go nna le ditlhopha tse di kwadisitsweng, tse di tlhomilweng kafa molaong gantsi go tsosa moya wa go batla go fenya go sa kgathalesege ditlamorago tsa seo le eleng le fa batsayakarolo botlhe e le Bakeresete. Ka jalo gantsi go botoka go sa dire dilo ka tsela ya semmuso. Ebile tota, gantsi go botlhale gore bagolo ba beye seo leitlho go ya bokgakaleng jo bo rileng.

Gone ke boammaaruri, metshameko e e sa dirweng ka tsela ya semmuso e ka nna ya bo e se monate thata jaaka metshameko e e rulagantsweng semmuso ya sekolo. Mme lefa go ntse jalo o ntse o ka e ipelela. Robert o ne a dira phetso ya gore o ne a tla tlogela setlhopha seo a neng a se tshamekela sa sekolo. Mme lefa go ntse jalo a re: “Ke santse ke itumelela thata go nna le seabe mo metshamekong. Jaanong ebile ke go itumelela go feta le fa e le leng pele. Jaanong fa ke tshameka, ga se ka maikaelelo a gore ke fenye go sa kgathalesege ditlamorago tsa seo, mme ebile ga ke na moya wa go gaisana.”

Gakologelwa gore fa moaposetoloi Paulo a ne a bolelela lekawana Timotheo jaana: “Go tshikinya mmele go molemō mokhutshane,” o ne a oketsa ka go re, “me poihōmodimo e molemō kafa dilōñ cotlhe.” Ka phepafalo, go nna moatleletiki ga se sone seo Mokeresete a se tshelelang. Ka jalo nna tekatekanyo mo metshamekong. Ke ka ntlha yang fa o senya nako eo o ka bong o e dirisa ka tsela e e mosola go gaisa eleng ya go inonotsha semoyeng? Gakologelwa: Poifomodimo “e na le choloheco kaga botshelō yoa gompiyeno, le kaga yōne yo bo tla tlañ.”—1 Timotheo 4:8.

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Moya wa go batla go fenya go sa kgathalesege ditlamorago tsa seo ke one o laolang mo metshamekong e le mentsi ya sekolo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela