Go Baya Metshameko mo Boemong Jo E Tshwanetseng go Nna mo go Jone
FA BATHO ba tshameka metshameko ya bone e ba e ratang thata, ba ikutlwa ba itumetse thata ka gonne mebele ya bone e dumalana le seo ebile e dira ka botswerere kana ka boitshoko. Modimo o re bopile gore re ipelele motshameko. Ka gongwe batho ba ba oketsegileng ba itumelela go bona ba bangwe ba tshameka. Ka jalo he metshameko e tshwana fela le dilo di le dintsi tse di leng molemo fa di bewa mo boemong jo di tshwanetseng go nna mo go jone.
Fa re tshwantsha: Fa batho ba ya kwa losing lwa lewatle go ya go ipelela letsatsi gone, go diragalang fa ba nna lobaka lo lotelele ba arametse letsatsi? Ba oboga letlalo mo go botlhoko ka ntlha ya letsatsi eleng seo se senyang nako eo ya bone e e monate mme ebile go tsosa dikotsi tse di masisi. Go ntse jalo le ka metshameko. Go molemo go tshameka go sekae fela, mme go tsenelela thata mo metshamekong go ka nna ga go gobatsa.
Metshameko e ka nna selo se se lapolosang ebile se jesa monate, lefa go ntse jalo ga e a tshwanela go nna selo sa konokono seo o se tshelelang. Ga e tlise kgotsofalo ya mmatota kana boitumelo jwa goyagoile. Ka maswabi ka dinako tse dingwe go tlisetsa motho masetlapelo fa a tla go lemoga seno. “Dikopi tsa me tsotlhe tsa sekgele le dimetlele, ga se tsa botlhokwa,” go ne ga tlhalosa jalo Mary Wazeter, mosadi wa motabogi yo o neng a itatlhela kwa tlase ga borogo mme a swa ditokololo.
“Ke ithutile dilo di le dintsi tse di boammaaruri malebana le botshelo,” o ne a bega jalo. “Nngwe ya tsone ke gore kgotsofalo ya boammaaruri ga e fitlhelelwe ka ditsela tse batho ba le bantsi ba dirang ka natla ka tsone gore ba e fitlhelele. Nna go nna seithuti se se fetang ka bo A fela ka dinako tsotlhe, go nna motabogi wa mo dikgaisanong tsa naga kana go nna motho wa maratwa go lejwa go ne ga se ka ga ntira gore ke kgotsofale.”
Fa a ne a tlhalosa kgang eno ka tsela e e batlang e le makgwakgwa go sekae, moithutaloago ebong John Whitworth o ne a bolela jaana: “Kwa bokhutlong jwa motshameko, se o salang o na le sone fela ke lenane la dipalopalo. Gotlhe fela go lebega go sena motheo. Lefa go ntse jalo, ke akanya gore seno se tshwana fela le setšhaba sa rona.” Go tsaya metshameko jaaka selo sa botlhokwatlhokwa go felela ka gore o se ka wa leba dilo tseo di leng botlhokwa eletota ka tshwanelo.
Henry Carr o ne a tlhalosa jaana morago ga gore a fenye lobelo lwa dimitara di le 200 mo Diolimpiking tse di neng di tshwerwe ka 1964: “Fa ke ne ke boela kwa Metsaneng ya Diolimpiki, ke ne ka lebisisa mmetlele oo wa gouta sentle e le ka lekgetlo la ntlha ke dira jalo. . . . Eleruri ke ne ka ipotsa jaana: ‘Tota selo seno ke eng! Ke ne ke ntse ke bereka ka natla ka dingwaga tseno tsotlhe, gore ke tle ke amogele selo se fela?’ Ke ne ka tenega tota, fa tota ke ne ke tshwanetse go bo ke itumetse. Go ne go kgoba marapo eletota.” Marlon Starling o ne a ikutlwa ka tsela e e tshwanang le ene morago ga gore a fenye dikgaisano tsa bommampodi tsa Mokgatlho wa Lefatshe wa Mabole tsa boramabole ba boima jo bo magareng ga boimapotlana le boimagare ka 1987. “Go fenya,” o ne a bolela jalo “ga se sepe fa go bapisiwa le fa ngwanake a nthaya a re, ‘Papa, ke a go rata.’”
Ka jalo he motho a ka ithuta thuto e e botlhokwa eno: Tiro e e nang le matswela, lelapa, mme segolobogolo go obamela Modimo e tshwanetse ya nna tsone tse di tlang pele. Bibela e bolelela ruri fa e re: “Go tshikinya mmele [go o go bonang mo metshamekong] go molemō mokutshane.” (1 Timotheo 4:8) Seo se bontsha boemo jo bo tshwanetseng joo metshameko e tshwanetseng ya nna mo go jone mo matshelong a rona. E tshwanetse ya tla kwa morago. Ereka metshameko e kgona go ka kgatlhisa thata, motho o tshwanetse go nna a itisitse gore a se ka a tlhokomologa dilo tse di leng botlhokwa go e feta.
Ka gone, o tshwanetse wa tsiboga ka botlhale fa maloko a lelapa a ngongoregela gore o senya nako e ntsi o bua ka metshameko, o e lebeletse, kana o e tshameka. Mosadi mongwe, yo monna wa gagwe a neng a dira diphetogo mabapi le go rata ga gagwe metshameko, o ne a bolela jaana ka boitumelo: “Jaanong o senya nako e e oketsegileng le bana mmogo le nna. Ka dinako tse dingwe lelapa la rona le lebelela motshameko mongwe mo thelebisheneng, mme lefa go ntse jalo mo maitsiboeng gantsi re tsamaya mmogo ka maoto ebile re bua ka seo se neng sa diragala mo letsatsing leo. Seno se monate tota ebile se re thusa gore re nne re itumetse.”
Ka ntlha ya mathata ao re ka lebanang le one, ke ka ntlha yang o sa ipotse potso eno ka bopeloephepa: A ke ka ne ke senya nako e ntsi mo metshamekong ebile ke e rata go feta kafa ke neng ke tshwanetse ka gone? Lefa go ntse jalo, go na le dikarolo tse dingwe tse di malebana le kgang eno ya go baya metshameko mo boemong jo e tshwanetseng go nna mo go jone.
Boikutlo jwa Rona ke Bofe Malebana le Kgaisano?
Boikutlo jo bo tshwanetseng malebana le kgaisano bo botlhokwa e le gore metshameko e nne e e molemo go na le gore e nne e e gobatsang. “Bakatisi ba metshameko, matitšhere a itshidilo ya mmele, batsadi, le eleng bana ka bobone ba setse ba rata go fenya thata mo eleng gore ba setse ba lebala gore boikaelelo jwa metshameko [ya basha] ke eng,” ngaka nngwe ya setlhopha sa motshameko wa hockey se se duelwang e ne ya bolela jalo ka bohutsana. O ne a bolela gore boikaelelo jwa motshameko e tshwanetse ya nna “go tlhagolela moya wa go dira dilo jaaka setlhopha le go katisiwa, gore o nne le mmele o o kwenneng, mme, se se botlhokwa go di feta tsotlhe e tshwanetse ya nna go ijesa monate.”
Lefa go ntse jalo, ka maswabi, go amega thata ka go fenya go ile ga senyetsa batho ba le bantsi monate ono. Bruce Ogilvie ebong moithutatlhaloganyo mo go tsa metshameko o ne a bolela jaana: “Ke kile ka botsolotsa [batshameki ba ba neng ba fetsa ngwaga wa bone wa ntlha] ba ntse ba tshameka mo dikampeng di le 10 tse dikgolo tsa lliki ya baseball tse ba nnang mo go tsone ka nakwana ka nako ya fa ba ikatisa mme 87 lekgolong ya bone e ne ya bolela gore ba eletsa ekete ba ka bo ba sa tshameka mo kgaisanong ya baseball ya Little League ka gonne seno se dirile gore motshameko oo o neng o ntse o tshamekelwa monate fela o se ka wa tlhola o nna jalo.” Bothata jo bo tsamaisanang le seno ke gore kgaisano ya semphete o a nkgagola e baka gore go nne le dikgobalo di le dintsi.
Bibela e neela dikaelo, fa e re: “A re se nne boipelahaco hèla, re se ka ra [tsosa moya wa go gaisana le ba bangwe], ra dihèlana ka bopelotshètlha.” (Bagalatia 5:26) Go ya ka dibukamantswe tsa Segerika le Seesemane, lefoko la Segerika le le dirisitsweng fano jaaka “re se ka ra tsosa moya wa go gaisana,” le raya “go gwetlha,” “go gwetlha motho gore go tsoge ntwa kana gore o gaisane le ene.” Ka gone An American Translation e le ranola ka tsela eno: “Re se ka ra gwetlhana ka ntlha ya boikgogomoso jwa rona.” Mme ntlhanyana e e kwa tlase go New World Translation e e ranola ka tsela eno e nngwe e le ka dirisiwang ka yone: “Go pateletsana gore lo gaisane.”
Ka phepafalo, he, go tsosa moya wa go gaisana ga go botlhale. Ga go dire gore batho ba nne le dikamano tse di molemo. Fa o ka patelediwa gore o tsenelele kgaisano o bo o fenngwa, mme mofenyi a bo a ikgantsha ka seo, boitemogelo jono bo ka nna jwa go dira gore o ikutlwe o se motho wa sepe. Boikutlo jwa go rata go gaisana thata ga bo na lorato. (Mathaio 22:39) Mo godimo ga moo, fa go gaisana goo go dirwa ka moya wa botsalano, le o o eletsegang, go ka tlatseletsa mo go reng motshameko e nne o o kgatlhisang ebile o itumelelwa.
Bangwe ba ka nna ba senka ditsela tse dingwe tsa go tshameka metshameko ka tsela eo go se kakeng ga nna le kgaisano epe e e kalo mo go yone. “Ke motho yo o dumelang thata mo go tshamekeng ke tshameka fela ka ntlha ya molemo oo o o bonang ka ntlha ya go nna le seabe mo motshamekong go ya go fitlha mo dingwageng di le 13 kana di le 14,” go ne ga bolela jalo mokatisi mongwe wa kgwele ya maoto wa Moesemane. O ne a akantsha gore go se ka ga bolokiwa direkoto tsa dino kana tsa gore dino tsa ditlhopha di eme jang—“go se ka ga nna le maemo ape a a farologaneng a a tshwanetsweng go fitlhelelwa, go se ka ga nna le metshameko ya makgaolakgang.” Ee, go rotloetsa batho go fenya go tshwanetse ga fokodiwa ka tshwanelo kana go fedisiwe gotlhelele.
Boikutlo jwa Rona Tebang le Batshameki
Go baya metshameko mo boemong jo e tshwanetseng go nna mo go jone gape go tla akaretsa le boikutlo jo re nang le jone tebang le batshameki bao ba nang le bokgoni jwa go tshameka, ba ba itsegeng thata. Ke selo se se tlhaloganyesegang gore, re ka nna ra kgatlhiwa thata ke ditsela tsa bone tsa go tshameka le botswerere jo bo gakgamatsang jo ba nang le jone. A mme lefa go ntse jalo ba tshwanetse ba dirwa medingwana? Gantsi basha ba bonwa ba matareditse ditshwantsho tsa batshameki ba ba ntseng jalo mo dikamoreng tsa bone. A go bo batho ba ba ntseng jalo ba na le bokgoni jo bo rileng tota go ba dira gore ba tshwanelwe ke go tlotlwa? Gongwe seno se dira gore go se ka ga ba tshwanela.
Motshameki mongwe yo mosha yo o neng a tshamekela dikgaisano tsa bommampodi tsa setlhopha sa National Football League kwa tshimologong o ne a kgatlhiwa thata ke batshameki ka ene ba setlhopha seo. Mme lefa go ntse jalo o ne a bolela gore boitshwaro jwa bone le boikutlo joo ba neng ba na le jone “bo ne jwa nyeletsa gotlhelele maikutlo otlhe le tlotlo e ke neng ke ba tlotla ka yone.” O ne a tlhalosa jaana: “Ka sekai, ba ne ba atisa go re: ‘Mo bekeng e e fetileng ke ne ka tlhakanela dikobo le basetsana ba le batlhano, ke sa balele mosadi wa me.’ Mme ke ne ke a ke ke lebe motho wa teng ke bo ke akanya jaana: ‘Jalo he mosimane yono ke ene yo ke neng ke mo dirile modingwana.’”
Eleruri, ga go a tshwanela gore go dirwe motho ope modingwana, mme seno se boammaaruri segolobogolo mo go bao eleng ditswerere mo go seo Bibela e bolelang gore se na le molemo o mokhutshwane kana o sekae fela. Batlhanka ba Modimo ba kgothalediwa gore ba ‘tshabe kobamelo ya medimo ya disetwa.’—1 Bakorintha 10:14.
Kafa Metshameko E Leng Molemo ka Gone
Jaaka re setse re bontshitse, Bibela e bolela gore go itshidila mmele, jaaka goo go bonwang mo metshamekong, “go molemō mokutshane.” (1 Timotheo 4:8) Seno se ntse jalo ka ditsela dife? Metshameko e ka go solegela molemo jang?
Galen ebong ngaka ya kwa Gerika ya lekgolo la bobedi la dingwaga, yoo e neng e le ngaka ya mmusimogolo wa kwa Roma Marcus Aurelius, o ne a otlelela kafa go leng botlhokwa ka gone gore motho a itshidile mmele ka ntlha ya pholo ka kakaretso. Mme o ne a akantsha ka metshameko ya bolo, ereka eno e sidila mmele otlhe ka tsela ya tlholego. Gape gantsi metshameko ya bolo e jesa monate fa o e tshameka, ka jalo go ka diragala gore motho a tshameke metshameko eno eo a e ipelelang mo boemong jwa gore a nne le seabe mo mefuteng e mengwe ya go itshidila mmele.
Batho ba le bantsi ba fitlhela gore go itshidila goo ba go bonang mo metshamekong go ba dira gore ba ikutlwe ba na le pholo e e molemo. Morago ga go nna le seabe mo go itshidileng mmele go go kgatlhisang kana mo motshamekong mongwe o o kgatlhisang, ba ikutlwa jaaka basha ebile ba lapologetswe. Lefa go ntse jalo seno ga se a tshwanela go re gakgamatsa, ereka, jaaka Dr. Dorothy Harris a bolela, “go itshidila mmele ke seritibatsi sa tlholego se se molemo go di gaisa tsotlhe.”
Go itshidila mmele, jaaka go go neelwang ke go go bidiwang calisthenics, go taboga, le metshameko, gompieno go tsewa ke batho ka kakaretso jaaka selo sa botlhokwa mo pholong e e siameng. “Batho ba ba kwenneng mo mmeleng ba dira ditiro tsa bone tse di tlwaelegileng ga motlhofo ba sa lape ebile ba santse ba na le maatla a go dira dilo tse dingwe tse ba di ratang,” go bontsha jalo The World Book Encyclopedia. “Gape ba ka kgona go emelana botoka le diphelelo tsa botsofe go gaisa bao ba sa kwenang mo mmeleng.”
Lefa go ntse jalo, go sa kgathalesege gore metshameko e ka thusa motho go le kana kang gore a nne a kwenne mo mmeleng, melemo ya gone ga e kalokalo. Maiteko a motho a a dirang a ka se fenye go tsofala le go swa. Lefa go ntse jalo, morago ga gore Bibela e re “go tshikinya mmele go molemō mokutshane,” e bontsha jaana: “Poihōmodimo e molemō kaga dilō cotlhe, ka e na le choloheco kaga botshelō yoa gompiyeno, le kaga yōna yo bo tla tlañ.”—1 Timotheo 4:8.
Ke Jehofa Modimo fela, Mmopi wa rona, yo o ka re nayang botshelo. Ka gone, ga go na sepe se se botlhokwa go gaisa “poihōmodimo,” ke gore, go sisimoga Modimo, go o obamela, le go o direla. Ka jalo bao ba latelang poifomodimo ba tla dira gore thato ya Modimo e nne yone e tlang pele mo go bone. Ba tla intsha setlhabelo mo tirelong ya Modimo, ba dirisa bosha jwa bone fela jaaka Jesu Keresete a ne a bo dirisa, eleng ka go bolelela ba bangwe ka dilo tse di molemo kaga Modimo le Bogosi jwa gagwe.
Ee, ka go baya dikgatlhego tsa Modimo kwa pele, batho ba ka lebosega mo matlhong a gagwe mme ba bona botshelo jwa goyagoile mo lefatsheng la gagwe le lesha la tshiamo. Koo Modimo o o itumetseng ebong Jehofa, o tla ba naya boitumelo jwa mmannete jwa goyagoile le kgotsofalo.