BOTSHELO JWA BOKERESETE
A go Ikatisa Mmele go Botlhokwa go Feta go Atamalana le Modimo?
A go ikatisa mmele go botlhokwa? Ee, mme se se botlhokwa thata ke go dira dilo tse di tla re thusang go atamalana le Jehofa. (1Ti 4:8) Seno se raya gore Bakeresete ba tlhoka go tshameka, mme e seng go feta selekanyo.
LEBANG BIDIO YA A METSHAMEKO E SIAME?, LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:
1. Ke dilo dife tse re ka ithutang tsone mo metshamekong?
2. Ke dilo dife tse tharo tse di tla re thusang go bona gore a motshameko o o rileng o siame kgotsa ga o a siama?
3. Pesalema 11:5 e ka re thusa jang go tlhopha metshameko e re ka e tshamekang kgotsa e re ka e lebelelang?
4. Re ka dirisa Bafilipi 2:3 le Diane 16:18 jang fa re tshameka metshameko?
5. Bafilipi 1:10 e re thusa jang gore re se ka ra fetsa nako e ntsi re tshameka kgotsa re lebile metshameko?