LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ijwyp setlhogo 53
  • Ke Eng se ke Tlhokang go se Itse ka Metshameko?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Eng se ke Tlhokang go se Itse ka Metshameko?
  • Basha ba Botsa Jaana
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • E ka go thusa jang?
  • E ka nna kotsi jang?
  • A go Ikatisa Mmele go Botlhokwa go Feta go Atamalana le Modimo?
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2019
  • Go Baya Metshameko mo Boemong Jo E Tshwanetseng go Nna mo go Jone
    Tsogang!—1991
  • A Nka Tshamekela Setlhopha Sengwe sa kwa Sekolong?
    Tsogang!—1991
  • Mathata Ao A Amanang le Metshameko Gompieno
    Tsogang!—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Basha ba Botsa Jaana
ijwyp setlhogo 53
Basha ba tshameka volleyball

BASHA BA BOTSA JAANA

Ke Eng se ke Tlhokang go se Itse ka Metshameko?

Metshameko e ka nna molemo kgotsa ya nna kotsi. Go ikaegile ka gore o tshameka motshameko ofe, lebaka la go bo o o tshameka le gore o fetsa nako e e kana kang mo go one.

  • E ka go thusa jang?

  • E ka nna kotsi jang?

  • Se dithaka tsa gago di se buang

E ka go thusa jang?

Metshameko e ka go thusa gore o nne le botsogo jo bo molemo. Baebele ya re “go thapisa mmele go tswela mosola.” (1 Timotheo 4:8) Lekawana lengwe le le bidiwang Ryan la re: “Metshameko e ka go thusa gore o nne o le matlhagatlhaga. Go botoka go na le go nna mo ntlong o tshameka metshameko ya dibidio.”

Metshameko e ka go thusa go itse go dirisana le batho le go nna boikgapo. Baebele e dirisa sekai sa motshameko mongwe go re ruta thuto ya botlhokwa. Ya re: “Basiani mo lobelong botlhe ba a siana, mme ke a le mongwe fela yo o amogelang sekgele.” Go tswa foo, ya re: “Motho mongwe le mongwe yo o tsayang karolo mo kgaisanong o ikgapa mo dilong tsotlhe.” (1 Bakorintha 9:24, 25) Ntlha ke gore, motho o tlhoka go nna boikgapo le go dirisana le ba bangwe gore a kgone go ikobela melao ya metshameko. Mosha mongwe yo o bidiwang Abigail o dumalana le ntlha eno. A re: “Metshameko e nthutile go dirisana le go buisana le batho ba bangwe sentle.”

Metshameko e ka go thusa go nna le ditsala. Motshameko o kopanya batho. Lekawana lengwe le le bidiwang Jordan la re: “Metshameko e le mentsi ke ya dikgaisano mme gone fa o tshameka go intsha bodutu fela, o feleletsa o nna le ditsala di le dintsi.”

E ka nna kotsi jang?

Se o se tshamekang. Baebele ya re: “Jehofa ka boene o tlhatlhoba mosiami le moikepi, mme moya wa Gagwe o tlhoile ope fela yo o ratang thubakanyo.”​—Pesalema 11:5.

Metshameko mengwe e tletse thubakanyo. Ka sekai, lekgarebe lengwe le le bidiwang Lauren la re: “Mo motshamekong ya mabole, batho ba itaana. Rona Bakeresete ga re lwe, ka jalo, ga re ka ke ra itlosa bodutu ka go lebelela batho ba itaana ka mabole.”

Se o ka akanyang ka sone: A o buelela go tshameka kgotsa go lebelela metshameko ya thubakanyo, o akanya gore o ka se ka wa dira dilo tse ba di dirang? Fa go le jalo, se lebale Pesalema 11:5 e e reng Jehofa o tlhoile motho yo o “ratang thubakanyo,” e seng fela yo o e dirang.

Boikaelelo jwa gago. Baebele ya re: “Lo sa dire sepe ka ntlha ya manganga kgotsa ka ntlha ya go itseela kwa godimo thata, mme ka mogopolo o o ikokobeditseng lo tsaya ba bangwe ba le kwa godimo ga lona.”​—Bafilipi 2:3.

Boammaaruri ke gore, fa o tshameka le setlhopha se sengwe, lo feleletsa lo gaisana ka tsela nngwe. Mme fa o batla go fenya ka dinako tsotlhe, seo se tla dira gore o se ka wa itumelela motshameko. Lekawana lengwe le le bidiwang Brian la re: “Go motlhofo go nna le moya wa kgaisano. Fa o le setswerere mo motshamekong mongwe, o tshwanetse go lwela go nna boikokobetso.”

Se o ka akanyang ka sone: Lekawana lengwe le le bidiwang Chris la re: “Beke le beke fa re tshameka kgwele ya dinao, go na le mongwe yo o gobalang.” Jaanong ipotse jaana: ‘Ke dilo dife tse gantsi di dirang gore go nne le mongwe yo o gobalang? Nka dira eng go fokotsa dikgobalo tseo?’

Nako e o e fetsang mo metshamekong. Baebele ya re: “Lo tlhomamise dilo tse di botlhokwa thata.”​—Bafilipi 1:10.

O tlhoka go tlhomamisa gore botsala jwa gago le Modimo bo tla pele ga sengwe le sengwe. Metshameko e le mentsi e tsaya lobaka lo loleele, o ka tswa o o tshameka kgotsa o o lebile. Lekgarebe lengwe le le bidiwang Daria la re: “Mama o ne a tle a nkomanyetse go fetsa nako e ntsi mo thelebisheneng ke lebile metshameko mo nkabong ke dirisitse nako eo ke dira sengwe se se botoka.”

Motho o tshela letswai le lentsi mo dijong

Go fetsa nako e ntsi mo metshamekong go tshwana le go tshela letswai le lentsi mo dijong

Se o ka akanyang ka sone: A o reetsa batsadi ba gago fa ba go gakolola gore o dirise nako ya gago ka botlhale? Lekgarebe lengwe le le bidiwang Trina la re: “Fa nna le bonnake re ne re lebelela metshameko thata mme re sa dire ditiro tsa botlhokwa, mmè o ne a re gopotsa gore batho ba re ba lebileng ba a duelwa go sa kgathalesege gore a re a ba lebelela kana jang. O ne a tlhola a re botsa a re: ‘Lona lo duelwa ke mang?’ Ntlha ya gagwe ke gore: Batho ba re ba lebileng ba mo tirong. Mme fa re ne re sa dire tiro ya rona ya sekolo le maikarabelo a mangwe, re ne re se kitla re kgona go itlamela mo isagweng. Tota mama o ne a re go lebelela kgotsa go tshameka metshameko ga e a tshwanela go nna selo sa botlhokwa thata mo matshelong a rona.”

SE DITHAKA TSA GAGO DI SE BUANG

Abigail

“Metshameko ga e re thuse fela go ikatisa, gape e re thusa gore re itumele le go ikutlwa botoka. E re thusa go nna boikokobetso e seng go ikgogomosa.”​—Abigail.

Deven

“Ke rata metshameko mme ga e botlhokwa thata go gaisa dilo tse dingwe tse ke tlhokang go di dira. Ke lebelela motshameko e le go iteboga go bo ke kgonne go dira maikarabelo a me. Seno se a nkgothatsa e bile se nthusa go dira dilo tsa botlhokwa pele.”​—Deven.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela