Basha ba Botsa Jaana . . .
Ke ka Dira Jang Gore A Ntlogele?
David ke mosimane yo o tumileng thata mo sekolong. Mme ka tshoganetso fela o simolola go go kgatlhegela, seo se dirang gore mosetsana yo mongwe le yo mongwe mo sekolong a go tswele pelo! Ka makgetlo a le mantsi o ile a go kopa go tswa le ene, mme nako le nako o ile wa gana. Mme David o go bolelela gore ga go na mosetsana ope yo mongwe yo o ileng a mo dira gore a ikutlwe ka tsela eno ebile ga a kitla a dumalana le karabo ya nnyaa. Ga o batle go mo utlwisa botlhoko, mme o itse se a ka tswang a se akantse. Ke ka ntlha yang a sa go tlogele?
GONGWE le gongwe makgarebe (mme gantsi gompieno le makau) ba tshwenngwa ke balekane ba bone ba sekolo le badirikabone bao ba bontshang kgogedi e e sa batlegeng ya maikutlo a lorato. Gantsi go ipala mabala a kgaka e a bo e le taletso e e mo pepeneneng fela ya go batla gore motho a tsenelele mo boitsholong jo bo sa siamang le motho. O ne o ka itshwara jang fa seno se ne se diragalela wena?
Setlhogo sengwe se bolela jaana mo go Psychology Today: “Fa monna a simolola go bontsha gore o batla lo tlhakanela dikobo, ka go umaka sengwe kana go itshikinya mmele, o tshwanetse wa tsaya kgato ka bonako. Fa o sa dire jalo, go didimala ga gago go mo tlhotlheletsa go tswelelapele a dira jalo.” Ka jalo o tshwanetse wa dira sengwe—mme ke eng seo o tshwanetseng wa se dira?
Lebaka la Go Bo Go le Thata go Gana
Lekgarebe lengwe le le bidiwang Sherron o dumelana ka tlhamalalo jaana: “Gantsi ga go thata go gana fa mosimane a le maswe.” Bothata ke gore, rona rotlhe re rata go tlhomiwa matlho. Mme fa go tswa mo mothong yo o re kgatlhang kana re bona a gogela, ga go motlhofo go mo swabisa. Mme ipotse potso ke e: ‘A motho yono o na le mekgele e e tshwanang le ya me, pono ya me ya semoya, boitsholo jwa me?’ (2 Bakorintha 6:14) Fa go sa nna jalo, go dumelela go ipala ga gagwe mabala a kgaka go ka nna ga go baya mo tseleng e e kotsi.
Lefa go ntse jalo, gape o ka nna wa lebana le kgatelelo e kgolo ya ditsala e e kgatlhanong le ditekanyetso tsa gago tsa bodumedi. Dana yo mmotlana o bega jaana: “Basetsana kwa tirong ba nkgatelela gore ke ye go bina le bone; ba mpotsa gore ke ka ntlha yang ke sena yo o mphereang.” Fa o santse o le mo sekolong, balekane ba gago ba sekolo ka mo go tshwanang ba ka go rotloetsa go tswa le basimane koo. Mofuta ono wa kgatelelo o ka kgona go koafatsa maitlamo a gago ga motlhofo. O ka dira eng go a nonotsha?
Tlhoma Melelwane
Seane sa bogologolo sa re, “Go lepa, go a dia.” Maria le ene o dumalana le seo. O bolela jaana: “Ke dira gore go itsiwe gore ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.” Fa basimane ba itse gore o na le ditekanyetso tse di kwa godimo tsa boitsholo, ba ka nna ba seka ba go tshwenya.
Go ipaakanya sentle mo mmeleng le gone go dira karolo e kgolo mo go kgobeng motho marapo gore a seka a gogela yo mongwe a sa batle. Modiragatsa molao mongwe wa New York o ne a ithuta seno fa a ne a simolola go nna le mathata le banna kwa a dirang gone. O lemotsha jaana: “Lefa ke ne ke tlhoafetse ka tiro ya me, go ne go sa lebege ka tsela eo go ba bangwe. Ka jalo ke ne ka bofa moriri wa me ka o dira lehuto, mme ka simolola go apara mabolaose le digalase tsa matlho tse dikgolo le diaparo tse di ntekanang sentle fa ke tla tirong. Ke lebega ke tlhoafetse, jaaka ekete ka re ke fano go tla go bereka, eseng go itira jaaka ekete ke batla go ratana.” Legale, tebego e e ntseng jalo e ka tswa e sa tshwanele seemo sa gago, mme e bontsha botlhokwa jwa go tlhomamisa gore go apara ga gago le go ipaakanya mo mmeleng go naya boikutlo jo bo tshwanetseng.—1 Timotheo 2:9.
Gore ke ditsala dife tse o di tlhophang ke ntlha e nngwe e e botlhokwa. Bibela e bolela jaana: “Tsamaya le batho ba ba botlhale, me u tla nna botlhale: me monkana oa dieleele [kafa boitsholong] o tla utlwisiwa botlhoko ke gōna.” (Diane 13:20) Jalo he se ikopanye kana le eleng go reetsa batho bao ba tsenelelang mo metlaeng ya boitsholo jo bo sa siamang kana go ikgantsha ka maitemogelo a tlhakanelodikobo. Fa o ka dira jalo, ba bangwe ba ka nna le kgopolo e e phoso kaga gago. Erica yo mmotlana o bolela gore fa puo e tswa mo tseleng, o ba bolelela jaana, “seo ke sesupo sa gore ke tsamaye,” mme ba a mo tlhaloganya.
Go Nna “Lorakō”
Lefa go le jalo, ka dinako tse dingwe le e leng go lemotsha gore o Mokeresete ga go a lekana go ka kgoba basimane ba bangwe marapo. (“Pharologanyo ke efe fa o le Mokeresete?” go ne ga fetola jalo lekawana le lengwe le le neng le ikemiseditse. “O ntse o mosadi, le nna ke ntse ke monna.”) O kgona jang mo maemong a a ntseng jalo? Ebu, akanyetsa sekai sa Bibela sa morweetsana wa Moshulama. O ne a fereiwa ke mongwe wa banna ba ba humileng, ba ba botlhale, ebile ba na le maatla go gaisa ope yo o kileng a nna teng mo lefatsheng—Kgosi Solomone. Lefa go ntse jalo, o ne a setse a ratana le modisa yo o senang maemo kwa motseng wa gagabo. Ka jalo o ne a ka dira jang gore Solomone a mo tlogele?
Sa ntlha, o ne a itse seemo sa gagwe ka tshwanelo. O ne a bolela jaana: “Ke sethunya sa chuse ea Sharona.” (Sehela sa Dihela 2:1) Go nna le mokgwa o o tshwanang o montle wa boikokobetso ke selo sa botlhokwa ka go bo sedirisiwa se segolo thata se bahepisi ba se dirisang ke mafoko a a borethe. Moshulama o ne a le bori thata mo a neng a sa kake a tsiediwa ke gone. Mme fa “bomorwadia Yerusalema” ba ne ba dirisa kgatelelo ya ditsala go leka go mo tsietsa gore a dumele Solomone, o ne a ba ikanisa gore ‘ba seka ba tlhotlheletsa kana go tsosa lorato mo go ene go tlo go tsamaye lo itsosa ka bolone.’ (Sehela sa Dihela 3:5) Go letla ditsala tsa gago go itse boemo jwa gago ka mo go tshwanang go ka fedisa nngwe ya kgatelelo ya bone.
Se se botlhokwa go feta, mosetsana wa Moshulama o ne a ikemiseditse go gana boiteko bope jo kgosi a neng a bo dira go fetola mogopolo wa gagwe. “Nna ke lorakō,” o ne a itsise jalo ka go kgana. (Sehela sa Dihela 8:10) O tshwanetse go itshupa o tlhomame ka tsela e e tshwanang fa go tla mo maitekong a a sa siamang. Fela jaaka Moshulama, o tshwanetse wa ithuta go kgona go gana sentle. Fa e le gore go dira jalo go a go thatafalela, itlwaetse go gana mo maemong a a seng masisi thata. Itlwaetse go emela se o se dumelang. He fa maemo a a masisi a tla, o tla bo o ipaakanyeditse sentle go emelana le one.
Tila go Thetha Kana go Bua mo go Tsosang Keletso ya Tlhakanelodikobo!
Jaanong a re sekasekeng dingwe tsa dikgogedi tse di tlwaelegileng tse basimane ba di dirisang le kafa o tshwanetseng go di leba ka teng:
‘Mongwe le mongwe o dira jalo.’ O seka wa dumela seo! Patlisiso nngwe go ya ka lekgotla la Planned Parenthood le ne la senola gore 53 lekgolong ya basetsana ba dingwaga tse 17 kwa United States ba tseneletse mo boitsholong jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. Lefa go ntse jalo, seo se santse se tlogela 47 lekgolong ya bao ba sa tsenelelang mo go jone—go akaretsa le wena! Mo godimo ga moo, Bakeresete ga ba ‘ye le mogoro’ fa melaometheo ya Bibela e robiwa.—Ekesodo 23:2.
‘O itshwara jaaka ngwana fela.’ Legoka! Batho ba ba godileng sentle ba tlhalosiwa mo Bibeleng jaaka “bōnè ba ea reñ ka ba nntse ba diha, maikutlō a bōnè a tlwaediwe go lemoga molemō le boshula.”—Bahebera 5:14.
‘O tshwanetse wa ntetlelela.’ Ga o kolote ope tlhakanelodikobo—lefa e le molekane wa sekolo, mothapi, tsala, kana ope fela o sele! Ebile ga go na ope yo o nang le tshwanelo ya go go kgoromeletsa gore o dire jalo.
‘Ao tlhe, dira se o se ratang o santse o tshela. Re ka nna ra tsoga re sule!’ Jaaka Bakeresete, re lebile pele kwa botshelong jo bo sa khutleng. Re ka se letlelele nakwana fela ya kgatelelo ya boitsholo jo eseng jwa kafa molaong jwa tlhakanelodikobo go senya boitumelo jo bo sa khutleng.—1 Bakorintha 15:32-34.
Mafoko a a ntseng jalo a boferefere a tlhoka dikarabo tse di tlhamaletseng—ka dinako tse dingwe e le tse di opang kgomo lonaka. Mme fa gongwe a tswelelapele go go tshwenya, o ka nna wa tlhoka go e akanyetsa gore o tla araba motho yono jang ka go mo kgona. (Diane 15:28) Sengwe le sengwe se o se buang, bontsha gore o tlhoafetse ka go gana maiteko a gagwe; o seka wa kgatlhega kana wa tlhabiwa ke ditlhong.
Mokwadi Joyce Jillson o akantsha jaana gape: “Fa totatota o batla go fedisa kgang gotlhelele, simolola puisano ya bodumedi.” Basha ba le bantsi ba Bakeresete ba ne ba bona seno se le boammaaruri. Mosetsanyana mongwe o bolela jaana: “Fa mongwe fela a leka go tsosa keletso ya tlhakanelodikobo mo go nna, ke ntsha Tora ya Tebelo.” Ee, sengwe sa dilo tse di molemo thata tse o ka iphemelang ka tsone ke go phepafatsa ka ditumelo tsa gago. Letla gore motho a itse gore ke ka ntlhayang o gana phereo ya gagwe. Ga o mo gane jaaka motho fela o gana tsela e a batlang go e tsaya. Tsela e e ntseng jalo ya go akanya e thusa segolobogolo fa motho yono e le yo o kopanang le ene letsatsi le letsatsi. Fa a bontsha kgatlhego epe fela mo molaetseng wa Bibela, leloko la monna la phuthego ya Bokeresete le ka latedisa mo go seo.
Ka maswabi, go na le ba bangwe ba ba ka sekang ba ntshediwa mabaka. Sotlhe se o ka se dirang ke go bontsha boemo jwa gago ka phepafalo, o sa nyenye—go tswa foo o bo o tsamaya. Fa a ntse a tswelela pele a go tshwenya kana boemo bo le thata go ka dirisana le jone, buisana ka kgang eno le batsadi ba gago. Ba ka nna ba ntsha dikakantsho dingwe—kana ba batla go tsena gare. Mo mabakeng a mangwe, o ka nna wa ba wa tshwanelwa ke go tshaba boemo jo bo ntseng jalo!—Bapisa Genesise 39:12.
Jaanong, o ka nna wa lebana le go gobololwa ka molomo kana ga tshamekiwa ka wena ka ntlha ya boemo jwa gago, mme o seka wa kgobega marapo. Go tshwana le Moshulama, o tla ipelela boiketlo jwa mogopolo joo bo tswang mo go direng se se siameng. (Sehela sa Dihela 8:10) Mo godimo ga moo, ga se gore ke basimane botlhe ba ba tla sekeng ba itshware sentle. Kgosi Solomone, lefa gone a ne a gannwe ke morweetsana yoo, ga a ise a akanye go mo direla bosula. Ebile tota, o ne a kwala nngwe ya dipina tse di monate tota tsa lorato tse di iseng di tlhamiwe gope, a mo galaletsa! Ka mo go tshwanang, basimane ba le bantsi ba ka tlotla boemo jwa gago jwa bopelokgale. Mme go tweng fa ba sa dire jalo? Tswelelapele fela o tlhomame jaaka Moshulama. Nna “lorakō” mme eseng “secwalō” se se bulwang motlhofo fela. (Sehela sa Dihela 8:9) Gakologelwa: Letlhogonolo la gago la go bona botshelo jo bo sa khutleng le go itlotla di mo kotsing!
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
O ka dirisana jang le basimane ba ba sa dumalaneng le karabo ya nnyaa?