Kafa go Seba go Leng Maatla ka Gone
GO IPOLAYA ga lekgarebe leno go ne ga tshosa batho ba toropo ya Baesemane e e iketlileng. Se se neng se tshosa le go feta e ne e le phetso ya setlhopha sa basekaseki ba motlhankedi yo o batlisisang ka dintsho tsa batho e e neng e re: ‘O ne a bolawa ke tshebo e e senang motheo!’ Kwantle ga pelaelo leina la mosadi yono yo mosha, kafa a itsegeng ka teng, mme sa bofelo botshelo jwa gagwe di ne tsa senngwa ke puo e e senang motheo.—Rumor and Gossip—The Social Psychology of Hearsay, ka Ralph L. Rosnow le Gary Alan Fine.
Lefa gone diphelelo gantsi di sa sitlisi pelo go le kalo, ga go na pelaelo ya gore go seba go na le maatla a a boitshegang. Mo letlhakoreng le lengwe, e ka nna ya tlotlomadiwa jaaka sengwe se se tlwaelegileng sa go abalana boikitsiso jo bo mosola. Mo letlhakoreng le lengwe, e ka tsewa e le e e ikarabelang mo dikhuduegong tsa puso, go kgaogana ga malapa, go senyega ga ditiro.
Tshebo e ile ya latofadiwa ka go tlhorisa boroko, go opisa tlhogo, le go sa silegeng sentle ga dijo mo maleng. Mme kwantle ga pelaelo e ile ya baka tlalelo ya botho gangwe le gape. Totatota, mokwadi William M. Jones o tlhagisa gore mo lefatsheng la kgwebo, “o tshwanetse wa itse gore go ka diragala gore fa o ntse o le mo tirong mongwe o ka tla a leka go senya kafa o itsegeng ka teng.”
Tshebo e e sa siamang ga e ratwe ke mo e ka nnang gongwe le gongwe. Gareng ga Maindia a Seminole a United States, “go bua se se bosula kaga yo mongwe” go tsewa fa go tshwana fela le go aka le go utswa. Mo morafeng mongwe wa Afrika Bophirima, basebi ba ne ba itsenya mo kotsing ya go kgaolwa melomo ya bone kana, go feta seo, ba ne ba ipaya mo kotsing ya go bolawa! Eleruri, go ralala hisitori, go ilwe ga tsewa dikgato tsa go thibela tshebo.
Gareng ga lekgolo la bo 15 le la bo 18 la dingwaga, seo se neng se bidiwa setulo sa go nwediwa mo metsing se ne se dirisiwa thata kwa Engelane, Jeremane, mme moragonyana, kwa United States e le go leka go tlhabisa basebi ditlhong gore ba latlhe go balabala ga bone mo go senyang. Motho yo o neng a bonwa molato ka go tlola molao o ne a bofelelwa mo setulong a bo a nwediwa mo metsing gantsinyana.
Lefa setulo sa badiradiphoso se sa tlhole se na le phelelo e e tshwanang jaaka dikgolego tsa thamo le disana, ntwa kgatlhanong le tshebo yone e santse e tsweletsepele le eleng mo metlheng ya segompieno. Ka sekai, mo dingwageng tsa bo 1960, go ne ga tlhomiwa seo se neng se bidiwa mafelo a go thibela magatwe go arabela go magatwe ao a neng a senya ka mo gogolo mo ditirong tsa puso kwa United States. Ditiro tse di tshwanang di ne tsa dirwa kwa Ireland Bokone le kwa Engelane. Go ilwe ga ba ga bewa melao e le go thibela tshebo eo e diretsweng go baka tshenyo ya itsholelo mo mekgatlhong mengwe ya tsa madi.
Go sa kgathalesege maiteko a a ntseng jalo, tshebo e santse e tsweletse pele. Ga e ise e fele ebile e a gola. Ga go na molao kana tsela epe e sele ya motho eo e ileng ya atlega mo go fediseng maatla a yone a a boitshegang. Tshebo e gongwe le gongwe. Go na le tshebo ya baagelani, tshebo ya diofisi, tshebo mo mabenkeleng, tshebo mo meletlong, tshebo mo malapeng. E diragala mo ditsong tsotlhe, merafe, le tlhabololo, mme e ile ya gola mo maemong mangwe le mangwe a morafe. Moitse wa dilo mongwe o ne a bolela jaana: “Tshebo e tlwaelegile thata go tshwana fela le go hema.” O ne a bolela gape jaana: ‘Ke karolo nngwe e e boteng ya popego ya motho.’
Ke boammaaruri, tshebo gantsi e senola boemo jo bo bosula jwa popego ya motho, boemo jwa go itumelela go senya maina a batho, go sokamisa boammaaruri, le go senya matshelo. Lefa go ntse jalo, tshebo ga se bosula jo motho a tsetsweng ka jone. Go na le sengwe se se siameng ka go itlotlela fela. Mme go itse gore tshebo e e senyang le e e sa senyeng di farologana jang ke yone tharabololo ya go tila go gobatsa ba bangwe—le go ikgobatsa ka bowena.
[Setshwantsho mo go tsebe 4]
Go dirisa setulo sa go nwediwa mo metsing e ne e le tsela nngwe e dipuso tsa selegae di neng tsa e leka go atlhola basebi
[Motswedi wa Setshwantsho]
Historical Pictures Service