Basha ba Botsa Jaana . . .
Ke Eng se se Maswemaswe Jalo ka go Seba?
“Kwa sekolong sa rona se segolwane, go tshwana le bolwetse jwa leroborobo. Ga re na bothata ka diokobatsi, kana ditlhobolo, kana ntwa—re na le bothata ka go seba. Ke jone bothata jo bogolo.”—Michelle wa dingwaga tse 16.a
BA BANGWE ba re go monate. Ba bangwe ba re go kotsi. Gantsi go bonala thata mo dimakasineng, mo dikwalodikgannyeng le mo dithulaganyong tsa thelebishene. Gape go tswaisiwa ka gone mo metlotlong e le mentsi. Ke eng gone goo? Go ipuela fela ka batho le ka dikgang tsa bone tsa botho, go gape go itsiweng e le go seba.
Gongwe ga go na selo se se re gapang ka bonako go feta fa re utlwa mafoko a a reng, “A o utlwile tse disha?” Se se buiwang morago ga mafoko ao e ka nna boammaaruri kana se se itlhametsweng fela—kana gongwe e le bonyenyane jwa tsone ka bobedi. Le fa e ka tswa e le eng, motho a ka raelesega tota go seba. Lori wa dingwaga tse 17 o bolela jaana: “Go thata gore o se ka wa kgatlhegela dikgang tsa batho ba bangwe. Go nna le tumalano e lo sa buisanang ka yone wena le ditsala tsa gago ya gore fa o utlwile sengwe se se kgatlhang, o tshwanetse go ba bolelela.”
Lebaka La go Bo re Dira Jalo
Ke ka ntlha yang fa re fitlhela go seba go kgatlha thata jaana? Lebakalegolo ke gore batho ke dibopiwa tse di ratang batho ba bangwe. Ka mafoko a mangwe, batho ba kgatlhegela batho ba bangwe. Ka jalo go itlela fela gore moragonyana motlotlo wa rona o bo o setse o fetela mo dilong tse di diragalang mo matshelong a ditsala tsa rona le ba re ba tlwaetseng.
A seo se maswe? E seng ka dinako tsotlhe. Gantsi go itlotlela fela go re neela tshedimosetso nngwe e e botlhokwa, e e jaaka gore ke mang yo o nyalang, ke mang yo o sa tswang go nna le ngwana, le gore ke mang yo o lwalang. Tota le Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba tlotla ka ditiragalo tse di neng di sa tswa go direga mo matshelong a badumedikabone. (Baefeso 6:21, 22; Bakolosa 4:8, 9) Tota, go ipuela fela ka ditsala le ba re ba tlwaetseng ke karolo e e botlhokwa ya tsela e re buisanang ka yone le ya go boloka dikamano tse di siameng.
Mamena a go Seba mo go Kotsi
Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe go tlotla ka matshelo a batho ba bangwe ga go tlhotlhelediwe ke go bo o amega ka bone. Ka sekai, Deidra wa dingwaga di le 18 o bolela jaana: “Batho ba a seba e le fela gore ba ratiwe. Ba akanya gore ba tla [ratiwa] fa ba itse kgang nngwe e e botoka go gaisa e ba sa tswang go e bolelelwa.” Go rata go kgatlha ba bangwe go ka nna ga ba ga tlhotlheletsa mosebi gore a fetole dintlha dingwe. “Fa o itse kgang nngwe, o ka kgona go e fetola,” go tlhalosa jalo Rachel wa dingwaga di le 17. “Go tshwana le seting, mme o ka kgona go itirela kgang ka tsela e o batlang ka yone.”
Ka dinako tse dingwe, go seba mo go maaka go ka dirisiwa e le tsela ya go ipusolosetsa. “Ke kile ka anamisa magatwe a a maaka ka tsala ya me nako nngwe,” go bolela jalo Amy wa dingwaga tse 12. “Ke ne ke dira jalo ka gonne a kile a bua sengwe ka nna.” Go ne ga felela ka eng? “La ntlha ke ne ka akanya ka re, Tota ke mo tshwere.” Le fa go ntse jalo, Amy o tswelela pele a tlhalosa jaana: “Go ise go ye kae ke fa kgang eno e sa laolesege mme e ne ya nkutlwisa botlhoko go feta fa ke ne ke ka bo ke itidimaletse.”
Go motlhofo go bona gore go tla jang gore tshebo e “tshwane le kgabo ya molelo e go diregang ka bonako fela gore e se ka ya laolega,” jaaka fa moitse mongwe wa malwetse a tlhaloganyo a bolela. (Bapisa Jakobe 3:5, 6.) Fa seno se diragala, diphelelo tsa gone di ka nna botlhoko thata. Ka sekai, go tweng fa go anamisitswe sengwe se se neng se tshwanetse go tsewa e le sephiri? Kana go tweng fa tshebo eo e le maaka mme ka go e anamisa o senya leina la motho yo mongwe? “Mongwe wa ditsala tsa me o ne a simolola go anamisa magatwe a gore ke dirisa diokobatsi, mme e se boammaaruri,” go bolela jalo Bill wa dingwaga tse 12. “Seo se ne sa nkutlwisa botlhoko tota.”
Go Fedisa Tshebo e e Senyang
Go a utlwala go bo Baebele e bolela gore “loso le botshelo di mo thateng ya loleme.” (Diane 18:21) Ee, mafoko a rona a ka tshwantshiwa le didirisiwa tsa go aga kana dibetsa tsa go senya. Ka maswabi, batho ba le bantsi gompieno ba dirisa loleme ka boikaelelo jwa go senya. Ba tshwana le bangwe ba ba neng ba tlhalosiwa ke mopesalema Dafide jaaka ba ba “looditseng loleme lwa bone jaaka tšhaka, ba kaile metswi ya bone e e leng mafoko a a galakang; gore e tle e re ba le mo maipobong ba hule yo o itekanetseng.”—Pesalema 64:2-4.
Batho ba ba batlang go itumedisa Modimo ga ba a tshwanela go anamisa dikgang tsa maaka, ka gonne Baebele e bolela gore “dipounama tse di akang ke sefedisa pelo mo go Jehofa.” (Diane 12:22) Go simolola magatwe ka boomo kana go a anamisa o ntse o itse gore ga se boammaaruri ke go aka, mme Baebele e bolela gore Bakeresete ba tshwanetse go ‘latlha kako’ le gore ba “bue boammaaruri le moagelani wa gagwe.”—Baefeso 4:25.
Ka jalo pele o bua sengwe ka motho yo mongwe, ipotse jaana: ‘A tota ke itse dintlha tsotlhe tsa sone? A se ke se buang se tla dira gore yo o ntheeditseng a nyatse motho yo ke buang ka ene? Fa go le jalo, ke se buela eng?’ Gakologelwa seno: Le fa gone sengwe se le boammaaruri ga se re neele tetla ya gore re se anamise—segolobogolo fa tshedimosetso eo e ka senya leina la motho yo mongwe.
Potso e nngwe e motho a ka ipotsang yone ke gore, ‘Ke tla itsege ke le motho yo o ntseng jang fa ke seba?’ Ee, fa o seba o bua sengwe ka wena. Ka sekai, Kristen o bolela jaana: “Fa o kgona go senya nako e ntsi jaana o bua ka batho ba bangwe, go raya gore botshelo jwa gago bo tshwanetse jwa bo bo sa itumedise.” Lisa o ne a lemoga gore go itsege ga gagwe e le motho yo o sebang go ne ga dira gore tsala e e gaufi thata le ene e se ka ya tlhola e mo tshepa. O bolela jaana: “Go ne ga fitlha mo ntlheng e a neng a ipotsa gore a ke ka ikanngwa. Go ne go sa tlhole go le monate—ke ne ka tshwanelwa ke go supa gore a ka ntshepa.”
Fa o itsiwe o le mosebi, batho ba ka nna ba go tsaya jaaka motho yo o ka ba utlwisang botlhoko, mme ba ka nna ba se ka ba batla gore o nne tsala ya bone. Seane sa Baebele se bolela jaana: “Mosebi o a tsamayatsamaya mme a bolela diphiri; o se ka wa dirisana ka gope le motho yo molomo wa gagwe o nnang o atlhame ka dinako tsotlhe.” (Diane 20:19, Beck) A mme o ne o itse gore o ka tsenya letsogo mo tshebong e e kotsi o ntse o sa bua sepe?
Go Reetsa—Karolo e Nngwe ya go Seba
Bobotlana go tlhokega batho ba babedi gore go nne le tshebo—sebui le moreetsi. Le mororo moreetsi a ka nna a lebega a se molato jaaka sebui, Baebele e bontsha ntlha e e farologaneng mo kgannyeng eno. Mo go Diane 17:4 re bala jaana: “Modirabosula o ela dipounama tsa boikepo tlhoko, le moaki o sekegela loleme lwa basenyi tsebe.” Ka jalo moreetsi wa tshebo o na le molato o mogolo. “Ka ditsela dingwe go maswe le go feta go reetsa tshebo go na le go e bua,” go bolela jalo mokwadi e bong Stephen M. Wylen. Ke ka ntlha yang fa seno se ntse jalo? Wylen o tswelela pele jaana: “Fa o reetsa ka kelotlhoko, o kgothaletsa sebui gore se tswelele pele.”
Ke eng se o ka se dirang he fa tshebo e e kotsi e tsena mo ditsebeng tsa gago? Kwantle ga gore o itshupe o siame thata, o ka nna wa re: ‘A re bue ka sengwe se sele’ kana, ‘Tota ga ke a phuthologa go bua ka kgang eno. E bile, ga a yo fano gore a ipuelele.’
Mme go tweng fa batho ba ikgoga mo go wena ka gonne o gana go kopanela mo metlotlong ya bone? Ka tsela nngwe seno se ka go sireletsa. Jang? Ebu, gakologelwa gore motho yo o sebang ba bangwe mo go wena o ka tswa a go seba mo go ba bangwe. Ka gone, o ka itshireletsa mo kutlobotlhokong e kgolo fa o atamela basha kana bagolo ba ba sa senyeng ba bangwe maina ka dipuo tsa bone. Wylen o bolela jaana: “Go sa kgathalesege gore o latlhegelwa ke eng ka go bo o sa sebe, go ise go ye kae o tla lemoga gore ga o a latlhegelwa ke sepe fa e se fela gore o itshireleditse mo go ngomogeng pelo. Kgabagare o tla solegelwa molemo ka gonne o na le leina le lentle la gore o motho yo o ka ikanngwang.”
Se se botlhokwa ke gore o tla itirela leina le lentle le Modimo. O kgatlhegela thata tsela e re buang ka ba bangwe ka yone, ka gonne Jesu Keresete o ne a tlhagisa jaana: “Lefoko lengwe le lengwe le le se nang poelo le batho ba le buang, ba tla ikarabela malebang le lone ka Letsatsi la Katlholo; gonne ka mafoko a gago o tla bolelwa o le yo o siameng, e bile ka mafoko a gago o tla bonwa molato.”—Mathaio 12:36, 37.
Ke tsela e e botlhale he go latela tlhagiso eno ya ga moaposetoloi Paulo: “Le go [dire] boikaelelo jwa lona go tshela ka tidimalo le go tlhokomela dilo tsa lona.” (1 Bathesalonika 4:11) Go dira jalo go tla lo thusa go nna le botsalano jo bo molemo le ba bangwe le go nna le boemo jo bo siameng le Modimo.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Maina mangwe mo setlhogong seno a fetotswe.
[Lebokoso mo go tsebe 25]
“Sedirisiwa sa go Seba se Segolo go di Feta Tsotlhe mo Lefatsheng”
A o utlwile tsa bosheng jaana? Fa e sa le go simologa mokgwa wa go romela melaetsa go dirisiwa dikhomputara, e leng E-mail, jaanong go seba go setse go dirwa mo boranyaneng jwa maemo a a kwa godimo. Tota e bile, mokwadi e bong Seth Godin o bitsa E-mail a re ke “sedirisiwa sa go seba se segolo go di feta tsotlhe mo lefatsheng.” Le mororo gone a dumela gore e na le melemo ya yone, o tlhagisa jaana: “Motho mongwe o ka simolola a bua ka sengwe se se diragetseng kana e le maaka, mme ka bonako fela diketekete tsa batho di bo di setse di se itse.”
E-mail e kgona go fitlha kwa bathong ba le bantsi—mme e fitlha kwa go bone ka bonako. Godin o bolela jaana: “Ke mofuta wa ntlha o mosha wa tlhaeletsano, o molaetsa wa yone o nang le kgopolo e e kwadilweng e e utlwalang sentle le e e akanyeditsweng ka kelotlhoko mme gape o kgona go tsamaya ka lobelo lo logolo, e bile o batla go newa tlhokomelo ya ka bonakonako jaaka wa thelefoune.” Se se botlhale ke gore fa o romela E-mail, tlhomamisa gore molaetsa wa gago o utlwala sentle. Mme le ka motlha, o se ka wa romelela ditsala tsa gago tshedimosetso e o sa tlhomamisang ka yone.
[Ditshwantsho mo go tsebe 24]
Motho yo o sebang ba bangwe mo go wena . . . a ka tswa a go seba mo go ba bangwe