Go Seba Kafa—O Ka Tilang go Ikutlwisa Botlhoko le Ba Bangwe ka Gone
FA FELA go santse go na le batho, tshebo e tla nna e ntse e le teng. Le eleng mo lefatsheng le lesha le le itekanetseng le go neng ga bolelelwa pele ka lone mo Bibeleng ekete go tla nna go ntse go na le tshebo.a (2 Petere 3:13) Puo e e sa ikaelelwang, ya go ipuela fela kaga ditsala le bao re ba tlwaetseng ke karolo nngwe e e botlhokwa ya tsela e re buisanang mmogo ka yone le go boloka botsalano jo bo molemo.
Lefa go ntse jalo, ga go na seipato sa go bo motho a ka seba ba bangwe ka tsela e e utlwisang botlhoko, e e senyang, kana go senya batho maina! Mofuta oo wa kgang o a gobatsa ebile o a golafatsa; o ka nna wa ba wa senya le matshelo, botsalano, le batho ba ba itsegeng ba siame. Jalo he ke jang o ka tilang go tlolela ka kwa ga mola wa seo se sa tshwanelang mme wa tsenelela mo tshebong e e senyang? O ka kgona go ithiba jang mo go yone? Nngwe ya kgakololo e e molemolemo e e kileng ya neelwa mo kgannyeng eno e kwadilwe mo Bibeleng. A re boneng kgakololo nngwe ya seno.
Tswala Molomo: Go kile ga bolelwa ga twe “fa motho a tlotla o a bo a dirisa mogopolo, mme fa a seba gone, o a bo a dirisa loleme.” Eleruri, puo e e gobatsang go gaisa e supa, eseng tshenyo fela, mme go palelwa ke go akanya pele o ka bua. Ba bangwe ba upolola ditiro tsa ba bangwe; ba a di natetsha, ba di feteletse, ba bo ba di sokamise ba sa akanye diphelelo tsa gone. Ba bolelela ba bangwe diphoso tsa ditsala tsa bone, balekane ba bone, le bana kwantle ga go akanya le eleng tshenyo e ba ka e lereng.
Ka gone Bibela e fa kgakololo eno: “Mo bontsiñ yoa mafoko ga go ko go tlhōkahala tlolō: me eo o thibañ dipounama tsa gagwè o botlhale.” (Diane 10:19) Ka mafoko a mangwe, akanya pele o ka bua. Akanya pele o ka bua sengwe kaga motho yo mongwe. Ipotse jaana: ‘A ke ka bua seno gape le fa pele ga motho yono? Ke ne ke ka ikutlwa jang fa seno se ne se buiwa ka nna? (Mathaio 7:12) Pesalema 39:1 e bolela jaana: “Ke tla tlhōkōmèla ditsela tsa me, gore ke se ka ka leoha ka loleme loa me: ke tla kganèla molomo oa me ka mogala.”
Ke boammaaruri, go ka nna le maemo a mo go one go didimala go ka nnang ga lebega go le thata. Ka sekai, o ka nna wa nna le dipelaelo tse di nonofileng tsa gore o diretswe phoso e e masisi kana lelapa la gaeno. O ka tswa o sena bosupi bope, mme o bona go tlhokafala gore o dire sengwe ka gone. A e tla bo e le go senya leina go bua kaga gone le tsala nngwe e o e ikanyang kana mongwe yo o ikarabelang? A o mosebi yo o senyang fa o atamela mongwe go batla kgakololo? Eleruri nnyaa. Bibela e dumelana gore go bua sephiri le motho mongwe ke selo sa botlhale. Legale, go leba dilo sentle le ka tekatekanyo go botlhokwa fa o dirisana le maemo a a ntseng jalo a a masisi.—Diane 15:22.
O Se Ka Wa Reetsa Tshebo E E Utlwisang Botlhoko: Go ne go ka diragalang ka ‘babalabadi,’ fa go ne go sena ‘bareetsi ba bone’? Bao ka nako tsotlhe ba buang dilo tsa boeleele ke karolo ya bothata jono fela; bao ba natefelelwang ke go reetsa le bone ba na le molato. Go reetsa fela go ka bontsha gore o a dumalana mme ga tlatseletsa mo go anamiseng tshebo e e utlwisang botlhoko. Diane 17:4 e bolela jaana: “Modiha boshula o èla dipounama tsa boikèpō tlhōkō, le moaki o sekègèla loleme loa basenyi tsèbè.”
Ka jalo fa go bua ka yo mongwe go sa laolesege, o ka nna wa bontsha bopelokgale mme wa re, ‘A re bueng ka se sele.’ Mme fa setlhopha sa ditsala tse o nang natso jaanong di sa fetoge di sekametse mo tshebong e e utlwisang botlhoko, o ka nna wa akanya le eleng go batla ditsala tse disha. Bibela e bolela jaana: “Mosebi ga a ke a boloka sephiri gope. Ikgaoganye le batho ba ba buang bobe.” (Diane 20:19, Today’s English Version) Go bonala go ikaegile fela ka nako pele ga le wena o nna setlhogo sa motlotlo.
O Se Ka Wa Kgopisiwa Thata ke Tshebo: Batho ba le bantsi ba itumelela tshebo fa fela go sa sebiwe ka bone. Mo letlhakoreng le lengwe, gongwe go buiwa bosula kaga gago kana polelo ya maaka. Ka dinako tse dingwe go a kgonega gore o latedise motswedi wa kgang eno mme o tlhamalatse dilo ga bonolo. Mme go tweng fa o sa kgone?
Go kgopisega ga gago go ka se thuse sepe. Eleruri, “motenegi mo peduñ o tla kgora ditsela tsa gagwè ka esi,” go bolela jalo Bibela. (Diane 14:17) Ka gone Solomone o naya kgakololo eno: “U se ka ua tlhōkōmèla mafoko aotlhe a a buiwañ . . . Gonne le eōna pelo ya gago ea itse ha le wèna ka wesi u rogile batho ba bañwe gantsi.” (Moreri 7:21, 22) Tshebo ke selo se tota se diragalang mo botshelong, mme ka nako nngwe, le wena gongwe o ile wa nna le seabe ka tlhoafalo mo go yone. A tota kgang eno ke e o ka e tenegelang? A go ka nna ga diragala gore e fele morago ga sebakanyana? Go na le “motlha oa go tshèga,” mme ka gongwe go bontsha gore o motho yo o itshegelang fela, go e tsaya jaaka selo se se tshegisang ke tsela e e molemolemo ya go fedisa magatwe.—Moreri 3:4.
O Seka Wa Kgotetsa Molelo O Ntse O Tuka: Fa kgang eno e sa fele gotlhelele, ipotse jaana: ‘A e ka tswa e le gore ke naya ba bangwe lebaka la go seba? A ka gongwe ke itshwara ka tsela e e belaetsang, ke lebega ekete ke dirile phoso nngwe? Akanyetsa maemo a a latelang:
◻ Badirimmogo le mosadi mongwe ba bua ka ene mo sephiring ba re ke setshwakga ebile ga a ikanyege—lefa gone a dira ditiro tsa gagwe ka mo go kgotsofatsang. Ke ka ntlha yang fa ba mo senya leina jaana? Ntlha ke gore, o bonala a na le boikutlo jwa go latlhelela dilo fela, go tsaya dilo motlhofo mo go tlhalosiwang ka phoso go twe ke botshwakga. Tsela eo a ipaakanyang mo mmeleng ka yone ke e e botlhaswa e e sa tsamaisaneng le seemo sa tiro e a e dirang. Sa bofelo, ga a bue ka botswerere fa a bua mo mogaleng le batho ba a buisanang nabo, o buela kwa godimo thata mo a gapang tlhokomelo ya badirikaene botlhe mo ofising. Ka ntlha ya seo, go tsoge tshebo!
◻ Ralebenkele wa motsana mongwe ke kgang ya letsatsi le letsatsi ya batho ba morafe o mmotlana wa gagabo. Magatwe a re o ile a seka a ikanyega mo mosading wa gagwe. Monna yono o ne a gana ka thata polelo eno ya maaka. Ke eng se se bakileng magatwe ano? Ke ka go bo a itsege thata ka go itlwaelanya le bareki ba basadi.
◻ Mosetsanyana mongwe go bolelwa gore o na le boitsholo jo bo repileng. Ba bangwe ba bolela gore o ratana le makau a le mantsi le gore o dirisa seokobatsi sa cocaine. Dikgang tseno tsotlhe ke tsa maaka. Mme o itsege ka go itsalanya le batho bao e leng karolo ya setlhopha sa bagogi ba diokobatsi. Go apara ga gagwe, go ipaakanya moriri, le makeup ke tse di feteletseng.
Ka gone, fa o sebiwa ka tshebo e e senyang, go ka nna ga thusa go tlhatlhoba gore a boitshwaro jwa gago, tsela e o dirisanang le ba bangwe ka yone, le eleng go apara ga gago le go ipaakanya mo mmeleng, ka tsela nngwe ke tsone di kgotletsang molelo o o ntseng o tuka. Ka gongwe diphetogo dingwe mo botshelong jwa gago di ne di ka didimatsa magatwe ano. “Molelō o tima ka go tlhōka dikgoñ,” Bibela e bolela jalo. (Diane 26:20) Mo godimo ga moo, fa ditiro tsa gago di le gaufi le molelwane o o sa tshwanelang go o tlola, ka metlha go na le kotsi eleruri ya gore o wele mo go direng phoso—o dira seo e kileng ya bo e le magatwe selo sa mmatota.—Bapisa Bagalatia 6:7, 8; 1 Bakorintha 10:12.
‘Dirang E E Leng Tiro ya Lona’
Tshebo ga e kitla e fela. Lefa go ntse jalo, go tshwanetswe go tlhokomelwa maatla a yone a magolo a a senyang. O ka kgona go tila go opiwa ke tlhogo thata le go tlisetsa wena le ba bangwe bohutsana ka go latela fela mafoko ano a a botlhale: “Dilō cotlhe tsa boamarure, dilō cotlhe tse di chwanetseñ go tlotlwa, dilō cotlhe tse di itshekileñ, dilō cotlhe tse di ratègañ, dilō cotlhe tse di bolèlwañ ka molemō; ha go na le molemō moñwe, me ha go na le pakō, lo gopolè dilō tse . . . , me Modimo oa kagishō o tla nna le lona.”—Bafilipi 4:8, 9.
Ee, Modimo ka boene o kgatlhegela tsela e re buang ka ba bangwe ka yone. Jesu Keresete o ne a tlhagisa jaana: “Lehoko leñwe le leñwe ya boithamakō ye batho ba tla le buañ, ba tla le bodiwa mo motlheñ oa tshèkō. Gonne u tla atlholèlwa ka mahoko a gago, le ka mahoko a gago u tla sekisiwa.”—Mathaio 12:36, 37; bapisa Pesalema 52:2-5.
A o batla botsalano jo bo molemo le ba bangwe, go sa tshwenyege mo mogopolong, mme, se se botlhokwatlhokwa go di feta tsotlhe, seemo se se molemo le Modimo? He latela kgakololo e e tlhotlheleditsweng ya Lefoko la Modimo: “Lo lekè go nna mo tidimaloñ, le go diha e e leñ tihō ea lona.” (1 Bathesalonia 4:11) Bontsha kgatlhego mo go ba bangwe, mme ka tsela e e pelonomi, e e nang le seriti. Ka gone o tla nna kgakala thata le tshebo e e senyang, e e gobatsang.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona buka ya O ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc., kgaolo 19.
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
Ikgaoganye le puo e e utlwisang botlhoko
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
A boitshwaro jwa gago jo bo botlhaswa bo naya batho lebaka la go go seba?