LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g91 6/8 ts. 14-16
  • A ke Tshwanetse go Fetoga Leloko la Segongwana sa Dijammogo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A ke Tshwanetse go Fetoga Leloko la Segongwana sa Dijammogo?
  • Tsogang!—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Engwa Nokeng le Botsala
  • O Se Ka Wa “Ya le Mouduudu”
  • Go Tshela ka Tšhaka
  • Go Bona Boikutlo jwa Nnete jwa go Ikutlwa O na le Kamano E E Gaufi le Mongwe
  • Se re Tshwanetseng go se Itse ka Digopa
    Tsogang!—1998
  • Ke Ka Itshireletsa Jang Gore Ke Se Tlhaselwe ke Digongwana tsa Dijammogo
    Tsogang!—1991
  • Go Sireletsa Bana ba Rona mo Digopeng
    Tsogang!—1998
  • Sebetso se a Anama
    Tsogang!—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1991
g91 6/8 ts. 14-16

A ke Tshwanetse go Fetoga Leloko la Segongwana sa Dijammogo?

“E ne ya re ke ntse ke ntse mo phaposing eo re bayang dilwana mo go yone kwa sekolong, bone basimane bano ba ne ba tla kwa go nna ba bo ba simolola go ntshwenya. Mongwe wa bone o ne a nkitla mo sehubeng. Ka yone nako eo mongwe yo ke neng ke mo itse wa segongwana sa dijammogo se se go bapa le gae o ne a tla mme a nthusa. Ke ne ka ithaya ka re, ‘Fa ke ka fetoga leloko la segongwana sengwe sa dijammogo, gongwe ke ka sireletsega ka one mokgwa ono.’”—Greg.

DIGONGWANA tsa dijammogo ke dilo tseo di ntseng di oketsega tseo di leng gone mo dikolong di le dintsi le mo bathong bao ba agelaneng mmogo. Ka 1989 mapodise a ne a fopholetsa gore kwa Los Angeles County, U.S.A., fela go ne go na le digongwana tsa dijammogo di le 600, tse di nang le maloko a a ka nnang 70 000. Lefa go ntse jalo, digongwana tsa dijammogo ga di kwa United States fela. Ka sekai, makasine wa Maclean’s o ne wa bega gore kwa motsengmogolo wa Vancouver, kwa Canada, go na le digongwana tsa dijammogo di ka nna 13, tseo di nang le maloko a a fetang 600.

Jaaka Greg, ba le bantsi ba fetoga maloko a digongwana tsa dijammogo gore ba sireletsege mo bothubaking jo bo diregang kwa dikolong, mme mo metlheng eno e e tletseng bothubaki, go bonolo go tlhaloganya lebaka la go bo basha bangwe ba ka ikutlwa ba tlhoka tshireletso eno. Re bona ‘go ntsifala ga boikepo’ go go diregang lefatshe ka bophara. (Mathaio 24:12) Lefa go ntse jalo, go na le mabaka a mangwe gape a go bo digongwana tsa dijammogo tse di sasankang mo mebileng di gogela basha bangwe thata jaana.

Go Engwa Nokeng le Botsala

“Totatota ke ne ke batla go nna le ditsala, boikutlo jwa go nna le kamano e e gaufi le mongwe kana le setlhopha sengwe, mongwe yo o ka mo tlhokomelang,” go tlhalosa jalo Bernard, mongwe yo o kileng ya ne e le leloko la segongwana sengwe sa dijammogo. Marianne, yoo o neng a fetoga leloko la segongwana sengwe sa dijammogo sa basetsana, o bolela gore o ne a dira jalo “ka ntlha ya boikutlo [jwa gagwe] jwa gore o tlhoka gore a nne le sengwe seo a se laolang”, le ka ntlha ya “boemo jwa go nna ekete lo lelapa” jo bo neng bo le mo segongwaneng seo sa dijammogo.

Lemororo go le boammaaruri gore basha bangwe ba fetoga maloko a digongwana tsa dijammogo gore di ba thuse go intsha bodutu kana ba fetoga maloko a tsone ka ntlha ya menate eo ba ka e bonang mo go tsone, go bonala gore bontsintsi jwa bone ba fetoga maloko a tsone gore ba ikutlwe ba na le kamano e e gaufi le mongwe, gore ba engwe nokeng mo maikutlong, gore ba nne le ditsala tseo ba tshwanang le tsone mo dilong dingwe. Gantsi seno se dirwa go emisetsa seemo se se sa itumediseng sa kwa lapeng.

Bernard o bolela jaana kaga gagwe le maloko ka ene a segongwana sa dijammogo: “Ba le bantsi mo go rona ba ne ba tswa mo magaeng a a thubegileng. Ba le bantsi ba ne ba tswa mo malapeng a magolo mme ba godisiwa ke motsadi yo o senang molekane, gantsi e le mmè. Ka jalo go ne go sena ope yo o neng a ka ipha nako ya go buisana le bone. Ba le bantsi ba ne ba tswa mo malapeng ao mo go one ba neng ba sotliwa gape go buiwa nabo ka tsela e e sa tshwanelang mme ebile go sena ope yo o kgathalelang maikutlo a bone. Ka jalo, jaaka nna, ba ne ba itumela fa go na le mongwe yo ba ka buang nae mmogo le yoo a ka ba reetsang.”

Mogakolodi mongwe wa basha wa Canada ebong Lew Golding le ene o ntsha ntlha eno. O ne a re: “Bana bao ba nang le mathata kwa gae ba itshwarelela ka segongwana sa dijammogo gore se ba eme nokeng mo maikutlong.”

Kwa United States, digongwana tsa dijammogo di le dintsi di bopiwa go lebilwe bomorafe kana setso. Ka jalo digongwana tsa dijammogo tsa naga eo di gogela ka mo go oketsegileng ka gonne go kopanwa le batho bao ba nang le maikutlo a a tshwanang malebana le dijo, mmino, puo, le dilo tse dingwe tse dintsintsi. Mo basheng le mo bagolong ka go tshwana, keletso ya gore o ikutlwe gore ba bangwe ba a go tlhoka ebile ba a go amogela ke ya tlholego. Mme lefa go ntse jalo a maikutlo ano le ditlhokafalo tseno tota di ka kgotsofadiwa ka go fetoga leloko la segongwana sa dijammogo?

Diane 17:17 e a re: “Tsala [“ya boammaaruri,” NW] e rata motho ka metlha eotlhe.” A maloko a digongwana tsa dijammogo tota a na le boikanyegi le botsala jo bo ntseng jalo jwa boammaaruri? Mo boemong jwa seo, diphapaano le eleng dintwa fa gare ga maloko a segongwana sa dijammogo se le sengwe di dintsi fela thata. Eleruri, ereka digongwana tsa dijammogo di dira tlase ga kgatelelo e kgolo, go tshwara ba bangwe ka pelo go gola motlhofo fela. Go se tshwane ga megopolo go ka lejwa e le go sa ikanyege. Bernard o bolela jaana: “Fa re ne re ganetsana ka sengwe, ke ne ke tshwanetse go nna ke itisitse ka gonne thipa kana tlhobolo e ne e ka ntshiwa ka ponyo ya leitlho fela. Mme fa go ithewa ga twe ke bone ditsala tsa me! Botshelo jwa go nna leloko la segongwana sa dijammogo bo ne jwa ntshulafalela ka gonne ke ne ke sena ditsala dipe tsa mmatota.”

Jaaka fa leloko lengwe la segongwana sa dijammogo le le nang le dingwaga tse 18 le oketsa jaana: ‘Ga o nne le ditsala dipe, lefa e le mo segongwaneng seo o leng mo go sone sa dijammogo. O esi fela.’

O Se Ka Wa “Ya le Mouduudu”

“U se ka ua sala bontsi moragō [“wa ya le mouduudu,” NW] mo go diheñ boshula.” (Ekesodo 23:2) Seno se ne sa bolelelwa batho ba Modimo mo metlheng ya bogologolo tala, mme gape molaomotheo wa seno o dira sentle mo mosheng mongwe le mongwe yo o akanyang go fetoga leloko la segongwana sa dijammogo. O ka nna wa akanya gore segongwana sa dijammogo ke sengwe seo o ka itshireletsang ka sone kana ke gone kwa o ka bonang ditsala gone. Lefa go ntse jalo, totatota leloko la segongwana sa dijammogo le patelesega gore le tsenelele “mo go diheñ boshula” mme le ka se ke le go tile.

The Globe and Mail e bolela jaana malebana le seno: ‘Segongwana sa dijammogo e nna sone lelapa. Seo gape se raya gore segongwana sa dijammogo ke sone se dirang phetso ya gore boitshwaro jo bo siameng ke bofe. Mo bana ba dingwaga tsa bolesome ba nnang ba sa bewa leitlho gone, bogodu, dititeo, le dipetelelo e ka nna “tsone” dilo tse di tshwanetseng go dirwa.’

Ka 1989 fela, digongwana tsa dijammogo tsa kwa Los Angeles County di ne tsa nna le seabe mo ditiragalong di ka nna 570 tseo mo go tsone go neng ga bolawa batho. Mme mo e batlang e le gongwe le gongwe koo digongwana tsa dijammogo di fitlhelwang gone, go na le bothubaki. Maiteko lefa e ka nna afe a go gana go tsaya karolo kwantle ga pelaelo a tla lejwa e le go se eme segongwana sa dijammogo nokeng kana, se se maswe le go feta, a tla lejwa e le bogatlapa. Lefa o ka lejwa jang kana jang, go motlhofo fela gore o iphitlhele e le wena o tlhaselwang. Fela jaaka fa go ne ga bolela jaana leloko lengwe la segongwana sa dijammogo: “O ka se ke o gane seo se bolelwang ke [segongwana sa dijammogo] se o leng mo go sone.” A go na le mosola gore o nne mo kgatelelong e e ntseng jaana e le fela gore o tle o ikutlwe o na le kamano e e gaufi le mongwe kana o sireletsegile?

Mokwadi wa Diane 1:10-15 o araba jaana: “Morwaaka, ha baleohi ba gu hèpa, u se ka ua dumèla. Ha ba re, A re tsamaeè mmōgō, re eè go lalèla go cholola madi, a re bobèlè ba ba senañ molato ka boomo; . . . U tla tlhakanèla kgetse le rona; . . . Morwaaka, u se ka ua tsamaea nabō mo tseleñ.”

Go Tshela ka Tšhaka

Gape, akanya ka diphelelo tse di ka nnang tsa go tlela mo pholong ya gago le mo botswelelongpele jwa gago. Leloko lengwe la segongwana sa dijammogo le ne la re ‘o tshwanetse gore o bo o iketleeleditse go swela maloko ka wena a segongwana sa dijammogo’ mme ebile gantsi go direga fela jalo.

Phapaanong le seo, ela tlhoko thuto eo Jesu a neng a e ruta balatedi ba gagwe mo bosigong joo a neng a tshwarwa ka jone. Jesu o ne a sa tshola ditlhabano dipe mme a lebagane le segopa se se galefileng sa batho. A Jesu o ne a batla gore barutwa ba gagwe ba kopane ba bo ba mo sireletsa ka go lwa? Petere o ne a akanya jalo. O ne a somola tšhaka ya gagwe mme a tlhasela mongwe wa banna ba ba neng ba le mo segopeng seo, a mo kgaola tsebe. Lefa go ntse jalo, Petere o tshwanetse a bo a ile a jesiwa kgakge ke tsela eo Jesu a neng a itshwara ka yone malebana le seo. Jesu o ne a fodisa tsebe ya monna yoo ka kgakgamatso a bo a raya Petere a re: “Ba u shomèlè chaka ea gago mo bonnoñ yoa eōna: gonne botlhe ba ba tsaeañ chaka ba tla nyèlèla ka chaka.”—Mathaio 26:52.

Seno se re ruta eng? Gore go tshola ditlhabano go itshireletsa ka tsone ga se fela gore ga se ga Dikwalo mme ebile ke boeleele, ga go na mosola. Seane sengwe se tlhalosa seno jaana: “Me eo o senkañ bosenyi, bo tla tla mo go èna.”—Diane 11:27.

Go Bona Boikutlo jwa Nnete jwa go Ikutlwa O na le Kamano E E Gaufi le Mongwe

Dingwaga di ka nna 50 tse di fetileng, go ne ga dirwa patlisiso nngwe eo e neng ya tlhagisa mabaka a a farologaneng ao eleng one a dirang gore go tlhomiwe digongwana tsa dijammogo. Mangwe a mathata ao a neng a thathamisiwa e ne e le botshelo jo bo sa kgotsofatseng jwa lelapa, lehuma, baagelani ba ba nnelang bosula go ya pele, le go sa rutega. Go ipopa digongwana tsa bajammogo ga go a ka ga thusa mo maemong ano le eseng, lefa e le gone go thusa basha ba ba jewang ke bodutu gore ba bone ditsala tsa mmatota. Lefa go ntse jalo, mo phuthegong ya Bokeresete o ka kopanela le batho bao maikaelelo a bone totatota eleng go go tswa thuso. Ke eng o sa dire ditsala gone koo?

Lefa go ntse jalo, o ka itshireletsa jang fa e le gore o nna mo tulong eo digongwana tsa dijammogo di leng dintsi mo go yone? Setlhogo sengwe sa mo isagweng se tla tlotla ka seno.

[Lebokoso mo go tsebe 16]

‘Ke Ne Ka Fetoga Leloko la Segongwana Sengwe sa Dijammogo Se se Sasankang mo Mmileng’

“Ke ne ke na le dingwaga tse 17. Nna le ditsala tsa me re ne re lapile ke go tlhola re bona batho mo tikologong ya rona ba hulwa ka di ditlhobolo, ba thukhuthiwa, le go betelelwa. Re ne ra akanya gore fa re ne re ka itshimololela segongwana sa rona sa dijammogo, gongwe re ne re ka kgona go emisa dilo tseno. Mo godimo ga moo, ke ne ke batla go ikutlwa ke na le kamano e e gaufi le setlhopha sengwe. Ka jalo re ne ra bopa segongwana sa dijammogo.

“Re ne ra simolola go disa mo tikologong ya rona, mme ya re go ise go ye kae digongwana dingwe tsa dijammogo tsa re kgotla go bona gore re nonofile go le kae. Maloko a segongwana sa rona sa dijammogo a le mabedi a ne a tlhaselwa ke segongwana sengwe sa dijammogo se se kgatlhanong le rona. Yo mongwe o ne a itewa mo sefatlhegong ka selo sengwe se se dirisediwang go tshameka bolo ya sephailane; yo mongwe ene o ne a tlhabiwa ka thipa. Re ne ra ipusolosetsa mo tirong eno e e bosula mme ra tloga ra nna segongwana sa dijammogo se se tshabegang thata go feta tse dingwe tsotlhe mo tikologong eo.

“Lefa go ntse jalo, ke ne ka fitlhela gore maloko a segongwana sa dijammogo ga se ditsala tsa mmatota. O ne o ka se ke o ikanye mongwe le mongwe wa bone. Ba bangwe ba ne ba ka se ke ba go eme nokeng fa o le mo mathateng. Mme ba bangwe ba ne ba sa dumelane le nna ka mogopolo—ba ne ba simolola go thukhutha batho le eleng go ba bolaya kwantle ga lebaka lepe. Ka jalo ke ne ka simolola go tlhoa seo botshelo bo nteretseng sone. Ke ne ke akanya gore Modimo o teng mme lefa go ntse jalo ke ipotsa gore ke ka ntlha yang fa a letlelela ditiro tse dintsi jaana tse di sa siamang. Gape ke ne ka ithuta kwa sekolong gore kereke ke yone e ileng ya dira Dikgotlatshekelo tsa go Lwantsha Boikeodi ya bo ya senya ditso tsa batho jaaka di ntse e dira jalo ka leina la Modimo. Ke ne ke dumela gore bodumedi ke seipato sa go bapala madi.

“Letsatsi lengwe ke ne ka rapela Modimo gore o nthuse go bona phuthego eo a e dirisang. Ke ne ka phutholola Bibela eo malome a neng a e mphile mme ka bala mo go Ditihō 20:20. E ne e bua kaga go tsamaya ka ntlo le ntlo. Batho bao ke neng ke ba itse ba dira jalo e ne e le Basupi ba ga Jehofa fela. Ka jalo ke ne ka batlisisa koo Holo ya Bogosi e neng e le gone mme ka ya gone letsatsi le le latelang. Ke ne ka buisana le mongwe wa Basupi matlho a me a itshekile dikeledi mme ka mo sebela ke re, ‘Ke batla go ithuta.’ Ke ne ke bone batho ba Modimo. Ke ne ke sa tlhole ke le leloko la segongwana sa dijammogo.”—Mokwadi, yo o tlhophileng gore a se ka a umakwa ka leina, jaanong o direla jaaka molebedi yo o okamelang wa phuthego nngwe ya Basupi ba ga Jehofa.

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Ke ka ntlha yang fa o sa dire ditsala le batho bao totatota ba nang le maikaelelo a go go tswa thuso?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela