Basha ba Botsa Jaana . . .
Ke Ka Itshireletsa Jang Gore Ke Se Tlhaselwe ke Digongwana tsa Dijammogo
E NE ya re maitseboa mangwe ka letlhabula go le tsiditsana, Tom wa dingwaga tse 12 a ya kwa lebenkeleng le le fa gaufi go ya go reka dilwananyana di sekae. Tom o ne a tshogile ka gonne o ne a le mo lefelong leo le laolwang ke segongwana sengwe sa dijammogo se se sasankang mo mebileng ya lefelo leo, mme e ne ya re go ise go ye kae ga bonala gore o ne a sa boifele lesidi. Kwantle ga tlhagiso efe, maloko a le mantsinyana a segongwana seo sa dijammogo a ne a mo wela godimo, a mo kitla ka mabole gore a bo a wele fa fatshe.
Batho ba le bantsi ba nna mo ditikologong tse di tletseng bothubaki mo eleng gore le babusi ga ba kgone go bo laola, seno e le ka ntlha ya ‘go ntsifala ga boikepo’ go go sa leng go boleletswe pele. (Mathaio 24:12) Mme fa e le gore o nna mo lefelong leo le tletseng digongwana tsa dijammogo, o ka nna wa bo o tlwaelane thata le seo se diragaletseng Tom. Ka sekai, elatlhoko seemo sa kwa Los Angeles County, kwa U.S.A. Go ya ka makasine wa Maclean’s, mo dintshong tse 257 tseo di bakilweng ke digongwana tsa dijammogo tse di diragetseng koo ka 1988, sephatlo sa tsone se ne se bakilwe ke digongwana tsa dijammogo di bolaya batho bao eseng maloko a tsone lemororo ba sa ba rumola! Ka jalo, basha bao ba nnang mo mafelong ao a nang le digongwana tsa dijammogo ba lebagane le kgwetlho ya mmatota: eleng ya go itshireletsa.
Setlhogo sengwe se se fetileng se ne sa bontsha kafa e leng boeleele ka gone gore o fetoge leloko la segongwana sa dijammogo.a Go ne ga tlhalosiwa gore go nna leloko la segongwana sa dijammogo totatota go dira gore o nne mo kotsing le go gaisa ya gore o gobadiwe, o tshwarwe, kana le eleng go bolawa. Mme fa e le ka ga go tsamaya o tshotse thipa, tlhobolo, kana mofuta ope fela wa sebetsa, seno se tla bo se le kgatlhanong le kgakololo ya Bibela e e mo go Isaia 2:4 le Mathaio 26:52. Mo godimo ga moo, seno se ka gotetsa kgotlhang go na le go e fedisa. Seno gape se ka bolelwa malebana le go ithuta mefuta e e rileng ya go lwa, e e jaaka judo kana karate, o go ithutela gore o itshireletse ka gone. Ka jalo, go botlhokwa gore selo sa ntlha o tile go tlhaselwa ke digongwana tsa dijammogo. Mme lefa go ntse jalo seno se ka dirwa jang?
Digongwana tsa Dijammogo le Mebala ya Tsone
Selo sa ntlha, ela tlhoko kafa o aparang ka gone, kafa o ipaakanyang ka gone mo mmeleng, le kafa o tsamayang ka gone. Digongwana di le dintsi tsa dijammogo di apara diaparo tseo di di tlhaolang, mebala, kana dilo tse di tshesanyane tseo di di farologanyang le digongwana tse dingwe tsa dijammogo. Sakatuku e kgolo kana le eleng tsela eo tlhoro e rwelweng ka yone di ka supa gore motho ke leloko la segongwana sengwe sa dijammogo. Gantsi digongwana tsa dijammogo di dirisa tsela e e rileng ya go dirisa diatla fa ba bua le puo ya bone fela le tsela ya bone ya go ema.
Bothata ke gore mebala ya digongwana tsa dijammogo le dilo tse dingwe tse di ntseng jalo tse di ba tlhaolang gantsi di a ata mo basheng ka kakaretso—go akaretsa le bao eseng maloko a digongwana tsa dijammogo. Pampiri nngwe ya dikgang ya kwa Canada e go tweng The Globe and Mail e ne ya re: “Basha bangwe ba dingwaga tsa bolesome ba apara kapari e e tshwanang thata le karolo nngwe ya diaparo tsa digongwana dingwe tsa dijammogo lemororo e se maloko a tsone . . . Ba ka nna ba bo ba leka go kgatlha basha ba bangwe ba dingwaga tsa bolesome.”
Go lebega gore basha bangwe ba akanya gore kapari eno e e kgethegileng e tla dira gore ba lebege ba nonofile. Ba bangwe ba gopola gore fa ba apere mebala ya digongwana tsa dijammogo seno se ka ba sireletsa go ya bokgakaleng jo bo rileng. Ba akanya gore ba bangwe ga ba ketla ba nna le sebete sa go ba rumola, ka kgopolo ya gore ke ba segongwana sengwe sa dijammogo. A eno ke kakanyo e e utlwalang? Le eseng. The Globe and Mail e ne ya bolela jaana puophaa: “Ba mo kotsing ya gore ba ka itewa fa ba ka bonwa ke bao ba leng maloko a mmatota a segongwana sa dijammogo.”
Bernard, yo o kileng a nna leloko la segongwana sengwe sa dijammogo mme jaanong e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o tshegetsa phetso eno. Fa a gakologelwa malatsi a maloba, o bolela jaana: “Fa mongwe a ne a ka apara jaaka mongwe wa rona mme e se mongwe wa rona, go ne go ka kgonega thata gore re itebaganye le ene. O ne a ka tshwanelwa ke gore a nne leloko la segongwana sa rona sa dijammogo kana eseng jalo a tswe a gobetse.”
Go Nna Yo O Farologaneng Go A Thusa!
Kitso eno e tshwanetse ya go kaela fa o tlhopha diaparo. Kana gone, a tsela eo re aparang ka yone ga e bolele sengwe ka ga rona—le eleng go re tlhaola gore re bomang? Seno se ne se le boammaaruri dikete tsa dingwaga tse di fetileng ka nako ya fa Bibela e ne e kwalwa. Mo bukeng ya 2 Dikgosi, re bala ka barongwa bangwe bao ba ileng ba isa pego ka go Kgosi Ahasia wa Iseraele. Ba ne ba bolela fa ba ne ba kopane le monna mongwe yo o neng a ba neela molaetsa mongwe o o rileng. Kgosi e ne ya botsa jaana, “E ne e le monna eo o ntseñ yañ?” E ne ya re fa ba tlhalosa diaparo tsa gagwe, kgosi ka bonako e ne ya re, ‘e ne e le Elija wa moperofeti!’ O ne a itse jang? Ka gonne Elija o ne a apere seaparo sa moperofeti seo se ba farologanyang mo bathong ba bangwe. (2 Dikgosi 1:5-8) Fela jaaka ka nako eo, gompieno tsela eo re aparang ka yone e ka dira gore batho ba re amanye le setlhopha se se rileng sa batho, lemororo re ka tswa re sa dire seo ba se dirang kana re sa dumele seo ba se dumelang. Ba bangwe gantsi ba tla tseela gore bobotlana re dumalana le dilo tseo setlhopha seno se se aparang jalo se di dirang.
Michael, yo o kileng a nna leloko la segongwana sa dijammogo o ne a tsopolwa mo go Sports Illustrated, a bolela jaana: “Ditlhako, dibaki le ditlhoro ke matshwao fela . . . Ke ka kgona gore e re ke ntse ke kgweetsa mo mmileng ke go supetse leloko la segongwana sa dijammogo e le fela ka ntlha ya tsela eo a apereng ka yone.”
He, a bo go tla bo go se botlhale jang ne gore mosha wa Mokeresete a ipaakanye, a apare, a tsamaye, a bue, kana le eleng go ema ka tsela eo e tshwanang le eo maloko a segongwana sengwe sa dijammogo seo se sasankang mo mmileng se emang ka yone! Kgakololo ya ga Jesu ya gore re ‘se nne karolo ya lefatshe’ e ka dira mo go seno segolobogolo. (Yohane 17:16) Eleruri, gantsi maloko a ditlhopha tsa dijammogo ga a nne le bothata bope jo bo kalo gore ba bone bao e seng ba mofuta wa bone. Michael o gakologelwa jaana: “Re ka bona lekau le apere borukgwe jo bo tshwanetseng tiragalo nngwe e kgethegileng, sekipa se sentle se se logilweng, ditlhako tsa letlalo tse di sa kopelweng. Ke ka se ka ka dumela gore motho yoo ke leloko la segongwana sengwe sa dijammogo.”
Bernard, yo o neng a tsopolwa pelenyana, o oketsa ka go re: “Maloko a digongwana tsa dijammogo gantsi a atisa go apara diaparo tse di mo fesheneng.” Ka jalo, o tshwanetse wa nna kelotlhoko le go itisa pele ga fa o ka apara kana wa ipaakanya ka ditsela tseo di ka tswang di atile kwa sekolong kana mo tikologong ya lona mme lefa go ntse jalo e le tseo di ka dirang gore ga motlhofo fela e nne wena o tlhaselwang fa go na le bothubaki jo bo dirwang ke digongwana tsa dijammogo e le ka ntlha ya go bo ba akantse gore motho yo tota o seng ene. Go apara ka tekatekanyo go ka itshupa e le tshireletso.—Bapisa 1 Timotheo 2:9.
Gape, nna kelotlhoko malebana le mofuta wa puo le mafoko ao o a dirisang. Fa o leka go itshupa gore ga o kwa morago ka go dirisa mafoko a a sa tlwaelesegang mme a atile mo malokong a segongwana sengwe sa dijammogo, ka go dira jalo o ka nna wa bo o ipiletsa maloko a segongwana sa dijammogo. Tila go leka go ipontsha o le lekau le le maatla. Gakologelwa: “Nca e e tshedileñ e molemō bogolo go tau e e shuleñ.”—Moreri 9:4.
Se sengwe gape seo o ka itshireletsang ka sone ke gore fa go tla mo go tlhopheng batho bao o itsalanyang le bone o tile “botsalanō yoa lehatshe.” (Yakobe 4:4) O ka nna wa akanya gore go nna le ditsala tse di “nonofileng” di sekaenyana go ka go solegela molemo. Mme lefa go ntse jalo Bernard o bolela jaana, a theile seno mo boitemogelong o a nnileng le jone le segongwana sa dijammogo: “Fa o na le ditsala tseo e leng maloko a segongwana seo sa dijammogo, kwantle ga pelaelo o tla thotlheletsega gore le wena o nne leloko la segongwana sa dijammogo.” Le eleng maiteko a go kaela maloko a segongwana sa dijammogo kwa tseleng e e isang kwa botshelong a tshwanetse a dirwa ka boitiso jo bo tlhokafalang.—Mathaio 28:19, 20.
Ee, tsela e e molemo ya go itshireletsa e ka nna gore o itsege jaaka Mokeresete yo o tlhomang sekao. Ke boammaaruri, ka gonne o sa ‘sianele nabo mo tlhapelong eo e e feteletseng, ba ka nna ba bua bosula ka ga gago.’ (1 Petere 4:4) Mme lefa go ntse jalo gape ba ka nna ba go tlotla ka go ipateletsa. Lefa go ntse jalo, gongwe ba tla go leba jaaka mongwe yo o kgakala le go ka nna leloko la segongwana sa dijammogo.
Go Tila Kotsi
Lefa go ntse jalo, go itsege o le motho yo o siameng ga se ka metlha go a bong go lekane go dira gore o se ka wa tsena mo kotsing. Diane 27:12 e fa kgakololo eno e e molemo: “Motho eo o bonokopela o bōna yōna boshula, me a iphitlhe: me ba ba sa tlhalehañ ba hete hèla ba utlwe botlhoko ka gōna.” Kgakololo eno e e utlwalang e gatelela gore fa o lebagane le maemo ao a ka nnang kotsi go tlhokafala temogo le go ntsha matlho dinameng. Ka sekai, fa o lalediwa gore o ye kwa lefelong lengwe kana kwa tiragalong nngwe ipotse jaana, Go tla bo go na le bomang? A ke lefelo leo go itsegeng gore digongwana tsa dijammogo di atisa go emaema mo go lone?
Mongwe yo o kileng ya ne e le leloko la segongwana sengwe sa dijammogo o fa kgakololo e e tshwanang le eo: “Tila mafelo ao digongwana tsa dijammogo di ratang go emaema mo go one. Fa go kgonega tsaya tsela e sele.” Ee, tila go tsamaela kwa mafelong ao go itsegeng a le kotsi go sa tlhokafale. Mme fa go tsoga tirisadikgoka, o se ka wa iteseletsa go bolawa fela ka ntlha ya go rata dilo. Diane 17:14, (NW) e re: “Tshimologo ya komano e tshwana le fa motho a kabolola metsi; ka jalo pele ga fa tatalano e simologa, tswa o tsamaye.”
Mme lefa go ntse jalo a re re go direga gore go sa kgathalesege maiteko a gago otlhe go tila mathata, batho bangwe ba tla kwa go wena ba batla gore o fetoge leloko la segongwana sa bone sa dijammogo. Ka moya o o ritibetseng ba bolelele gore o ka se ke o fetoge leloko la bone. Basha bao eleng Basupi ba ga Jehofa gantsi ba oketsa ka go re ba dirisa nako le maiteko a bone mo bodiheding jwa Bokeresete. Lefa e ka nna eng seo o se bolelang, tila go nna lenyatso kana go bontsha letlhoo. Mo go Mathaio 10:16 Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Lo nneñ botlhale yaka dinōga, le buri yaka maphoi.” Mo godimo ga moo, kafa o itshwarang ka gone, kafa o aparang ka gone, le kafa o ipaakanyang ka gone go tshwanetse ga dumalana le kemo eo o e tsereng.
Lefa go ntse jalo, lemoga gore le eleng dikgato tse di gagametseng tsa go itshireletsa di ka se ke di tlhomamise gore o tla sireletsega gotlhegotlhe. (Moreri 9:11) Mme lefa go ntse jalo fa o dira boiteko jo bo bonalang, go ka kgonega gore o tile go akarediwa mo bothubaking jo bo dirwang ke digongwana tsa dijammogo.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona setlhogo se se reng “A Ke Tshwanetse go Fetoga Leloko la Segongwana sa Dijammogo?” seo se leng go tokololo ya June 8, 1991 ya Tsogang!
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Tshaba mafelo ao go lowang mo go one. O seka wa iteseletsa go bolawa ka ntlha ya go rata dilo