LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g91 7/8 ts. 28-30
  • Go Tswa mo Metlhagareng—Motsietsi Yo Mogolo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Tswa mo Metlhagareng—Motsietsi Yo Mogolo
  • Tsogang!—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Motsietsi Yono O Senotswe
  • Ke Eng Se Se Bakang Malwetsi A TMJ?
  • Se Wena O Ka Se Dirang
  • Seo Ngaka ya Gago ya Meno E Ka Se Dirang
  • Ke Eng fa o Tshwanetse go Etela Ngaka ya Meno?
    Tsogang!—2007
  • Mafoko a Builwe ka Tsela e e Utlwalang
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Go Opa ga Leino—Botlhoko Jo bo Sa bolong go Nna Teng
    Tsogang!—2007
  • Ditlhabi Tse Di Tlileng go Nyelediwa
    Tsogang!—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1991
g91 7/8 ts. 28-30

Go Tswa mo Metlhagareng—Motsietsi Yo Mogolo

LARRY o ne a akanya gore o latlhegelwa ke tlhaloganyo. Mo dikgweding tse supa o ne a ntse a utlwa medumo e megolo ya metsirinyo le mesumo. O ne a ya kwa ngakeng nngwe ya tsa kalafi gape o ne a ya kwa ngakeng ya ditsebe. Ga go na ope wa bone yo o neng a lemoga se se bakang bothata jwa gagwe.

Robert o ne a senya madi a a fetang R7 500 ka go leka go fodisa tlhogo ya gagwe e e opang botlhoko. “Ke ne ka ya kwa dingakeng tsa bomankge, kwa dikokelong tsotlhe tsa lefelo leno lotlhe . . . ke ne ka tlhatlhobiwa ka ditsela tsotlhe,” o ne a bolela jalo. Dingaka di ne tsa mo naya diokobatsi tse di bolayang botlhoko le tse di phuthololang mesifa, mme tlhogo e ne ya tswelela e ntse e opa fela.

Ka dingwagangwaga Pauline o ne a tshwenngwa ke go opa ga leino. Ngaka ya gagwe ya meno e ne ya se ka ya bona sepe se se phoso ka meno a gagwe mme e ne ya mo laela gore a ye go bona ngaka. Ngaka eno e ne ya mmusetsa gape kwa ngakeng ya meno, eo e neng ya fitlha ya mo ntsha leino. Fa ngaka eno ya meno e ntse e tshwere leino leo ka ditang e le bonesa, ngaka eno ya meno e ne ya bolela jaana: “Leino leno le siame ga go na molato ope mo go lone.” Fa sengwe seo a neng a se filwe go okobatsa botlhoko se fela, botlhoko bo ne jwa simologa gape.

Lefa gone bolwetsi jwa bone bo ne bo itshupa ka ditsela tse di sa tshwaneng, batho bano ba bararo ba ne ba na le bolwetsi jo bo tshwanang. Ke bolwetsi jo bo tshwarang batho ba ba fetang dimilione di le lesome kwa United States fela. Ereka bo tshwana le malwetsi a mangwe a mantsi, bo ile jwa fiwa leina la gore ke “Motsietsi Yo Mogolo.” Batho ba le bantsi ba bo ba tshwereng ga ba itse gore ba na le jone. Ba le bantsi ba ka nna ba bo ba ise ba ko ba tsamaye ba utlwe sepe ka jone.

Bolwetsi jono bo bidiwa bolwetsi jwa TMJ (temporomandibular joint).a Mo godimo ga mathata a a umakilweng fa godimo, bolwetsi jwa TMJ bo kgona go baka gore mesifa ya metlhagare e nne botlhoko, sefatlhego gore se nne botlhoko, bo kgona go baka setlhabi sa molala le magetla, go baka gore matlho a nne botlhoko, mantshwatshwa a nne botlhoko, go tsewa ke sedidi, le eleng go sa tlhole o utlwa. Ka ntlha ya ditshupo tseno tse di farologaneng, malwetsi a TMJ gantsi ga a kgone go lemogiwa fa motho a tlhatlhobiwa kana ga a kgone go tlhatlhobelwa gotlhelele. Ka ntlha ya seo, batho ba le bantsi ba ya kwa dingakeng ka go farologana ga tsone, kwa go bomankge ba tsa kalafi bao ba ithutetseng malwetsi a a rileng, ba sa kgone go bona kalafi ya botlhoko jwa bone. Ba bangwe, ka go felelwa ke tshepo, ba retologela go dingaka tsa malwetsi a tlhaloganyo, fa ba bangwe bone ba metsa diokobatsi tse di bolayang ditlhabi. Mme lefa go ntse jalo go botoka thata go dira taletsa le ngaka nngwe e e itsegeng ya meno. Gongwe a ka go tswa thuso—a go tswa thuso ka tsela eo gantsi e seng botlhoko ebile e le e e nnelang ruri.

Motsietsi Yono O Senotswe

A o ke o akanye ka boemo jwa mofuta ono. Malokololo a ditlhaa (mongwe le mongwe wa rona o na le a le mabedi a one) o kopanya motlhagare o o kwa tlase, kana mandible, le logata. Malokololo ano a re kgonisa go tsamaisetsa motlhagare wa rona kwa godimo le kwa tlase, mo teng le kafa ntle, le eleng le kafa matlhakoreng. Fa fela re bua, re tlhafuna, re edimola, re metsa, kana re nyenya, a a dira. Malokololong ano a ditlhaa a dirisana le mafaratlhatlha a a raraaneng ebile a dirisana mmogo a dintha, marapo, mesifa, ditshika, le ditshika tsa madi. Mo bathong ba le bantsi dilo tseno tsotlhe di dirisana mmogo ka kutlwano di sa bake bothata bope.

Lefa go ntse jalo, go ka felela ka go uba mo go botlhoko thata fa motlhagare o dule mo makololong ano. Boemo jono bo ile jwa tshwantshanngwa le fa o pateletsa motho yo o boleele jwa disentimetara di le 180 gore a eme mo phaposing ya bogodimo jwa disentimetara di le 175 fela. A ka nna a kobile tlhogo ka lobakanyana a sa lape, mme morago ga sebakanyana botlhoko bo ka simolola go gola ka iketlo. Ka mo go tshwanang, fa motlhagare o sa kgone go nna mo boemong jwa one jo bo tshwanetseng mo letlhotlhong la mmele, mesifa e tshwanetse ya o tshegetsa ka dinako tsotlhe. Phelelo e tshwana fela le ya monna yo motelele yo a leng kafa tlase ga siling e e kwa tlase—e leng go utlwa botlhoko.

American Equilibration Society e bontsha gore fa malokololo a ditlhaa a dule mo maemong a a tshwanetseng a one, seo se ka tlisa “kgatelelo e kgolo mo mmeleng ka go bo go sena tsela epe e mmele o ka bonang boiketlo ka yone.” Go farologana le fa tokololo nngwe e gobetse, eo o ka kgonang go dira gore e ikhutse, malokololo a ditlhaa le mesifa ya teng a tshwaregile ka dinako tsotlhe, motshegare le bosigo.

Fa ngaka ya meno ebong Harold Gelb, wa New York, mankge mo mathateng a a amanang le TMJ, a ne a akgela malebana le diphelelo tseo kgatelelo e e ntseng jalo e e tswelang pele mo malokololong ano mmogo le mo mesifeng e nnang le yone o kwala jaana: “Kgatelelo e dira gore mesifa e e setseng e gagametse e e mo tlhogong, mo molaleng, le mo magetleng e gonyele ka bonako. Go elela ga madi mo mesifeng eno e a fokotsega ka ntlha ya go gagamala ga yone, mme koo go elela ga madi go sa diragaleng ka tshwanelo gone, dikotla tse di sa tlholeng di dirisiwa ke mmele di a kgobokana mme di dire dikarolo tsa mmele tse di bosisi mo togweng. Dikarolo tsa mmele tse di bosisi di ka isa botlhoko gongwe le gongwe mo mmeleng; e e mo magetleng e ka baka botlhoko jo bogolo mo letlhakoreng la tlhogo, go etsa ekete ke go opiwa ke tlhogo mo go botlhoko. . . . Ereka bontsi jwa kgatelelo eo e bakiwang ke go tswa mo malokololong ga motlhagare e ikgarela mo togweng ya tlhogo, ya molala le ya magetla, bontsi jwa ditshupo tsa bolwetsi di diragala mo karolong eo.”

Ke Eng Se Se Bakang Malwetsi A TMJ?

Mme tota go a bo go tlile jang gore malokololo ano a se ka a lekalekana? Ka dinako tse dingwe go bakiwa ke go itewa mo tlhogong, mo molaleng, kana mo motlhagareng. Go nna le mekgwa e e sa siamang ya go tlhafuna kana ya go metsa le gone go ka nna ga baka seno. Lefa go ntse jalo, selo se se tlwaelegileng thata se se bakang seno ke malocclusion, boemo joo meno a a kwa godimo le a a kwa tlase a sa kopaneng sentle mo go jone.

Gantsi go tswa mo malokololong ga ditlhaa go etegediwa ke mekgwa e e gobatsang ya go ja, e e ntseng jaaka go sila kana go phuranya meno, go tlamparela mometso, go tshotlha dipensele kana dipene. Kana go tswa mo malokololong gono go ka nna ga etegediwa ke go itlwaetsa go ema ka tsela e e sa siamang, jaaka fa o nna mo tafoleng o itirile lekhutlo kana o tlwaetse go itshwara lehuma.

American Dental Association e tlhalosa gore fa mesifa ya motlhagare le malokololo e sa kgone go dira mmogo sentle, gantsi go felela ka go gonyela ga mesifa. Go gonyela ga mesifa go baka gore motho a utlwe botlhoko, a nne bokoa, le go gobala ga ditogwa. Morago ga sebakanyana malokololo le mesifa di a senyega ka botsone, le kgono ya tsone ya go dira sentle e kgorelediwa le go feta. Seno se felela ka go gonyela ga mesifa le go utlwa botlhoko, le go gobala thata ga mesifa.

Se Wena O Ka Se Dirang

Botlhoko jo bo bakiwang ke TMJ bo ka emisiwa jang? Ka dinako tse dingwe go aramela metsi a a molelo ka sefatlhego go ka emisa botlhoko joo. Mo mabakeng a mangwe diokobatsi dingwe le tsone di ka thusa, mme seno ke kalafi e e sa tseyeng lobaka lo lo kalo. Gore o bone kalafi e e nnelang ruri ka kakaretso go kopanyeletsa gore o siamise mekgwa e e sa siamang eo e bakang gore go nne le kgatelelo mo malokololong a ditlhaa le mo dintheng tsa one, mo mesifeng ya one, mo ditshikeng tsa one, jalo le jalo. Gape se se ka kopanyeletsa gore motlhagare o busediwe mo mannong a one.

Tlwaelo e e bakang kgobalo thata ke go kitlanya meno thata kana go a phuranya. Ka tlwaelo fela, meno a motho a tshwanetse go nna a lomologane go se go nene kwantle fela ga fa a tlhafuna kana a metsa. Lefa go ntse jalo, mo e ka nnang 40 lekgolong ya batho bao ba bolawang ke bolwetsi jwa TMJ ka tlwaelo fela ba kitlanya meno a bone ka nako eo tota a tshwanetseng a bo a lomologane ka yone, segolobogolo bosigo ka nako ya fa ba robetse. Gantsi, tlwaelo eno ya go kitlanya meno e nna gone ka ntlha ya kgatelelo ya maikutlo kana ka ntlha ya meno a a sa lebaganang.

Ka jalo, ke eng se se ka dirwang ka go a kitlanya jalo? Ba bangwe ba ile ba kgona go tlogela tlwaelo eno ka go fokotsa kgatelelo ya maikutlo eo e bakang seo kana ba e fedisa gotlhelele. Dingaka tsa meno di ile tsa thusa ba bangwe ka go tsenya poleiti e e lomiwang e e seng botlhoko mo menong (occlusal splint), eo e lwantshang diphelelo tse di gobatsang tsa go kitlanya meno. Sedirisiwa seno sa polasetiki, seo gantsi se tsenngwang bosigo, se thibela meno gore a seka a kopana ka tsela e e sa tshwanelang. Gantsi, go tsenya sedirisiwa seno, go fodisa ka bonako.

Go na le dilo tse dingwe tse o ka di dirang go fokotsa kgatelelo mo metlhagareng. Tila go itshwara lehuma. O se ka wa dula o le lekhutlo mo tafoleng ya gago, le gone o se ka wa tshwarela mogala mo legetleng la gago ka seledu sa gago. Tlhagolela mokgwa wa go tsamaisa metlhagare o digile moya le ka tsela eo o ka kgonang go e laola. Mme o se ka wa loma dipene kana dipensele.

Seo Ngaka ya Gago ya Meno E Ka Se Dirang

Fa o setse o bolawa ke bolwetsi jwa TMJ, gongwe o tla tshwanelwa ke gore o bone kalafi go tswa mo ngakeng ya meno. Ereka moo meno a emang teng fa molomo o tswetswe go tlhomamisa tsela eo motlhagare o emang ka yone, ngaka ya meno e ka fetsa ka gore e fetole tsela eo meno a kopanang ka yone. O dira seno ka go gotlha meno a a rileng mme ka gongwe a tlatse a mangwe—eleng mokgwa o o bidiwang wa go lekalekanya meno. Seno se letla motlhagare gore o eme ka tsela e e tshwanetseng ebile o sa go utlwise botlhoko. Mokgwa ono wa go lekalekanya meno o tlhoka gore ngaka ya meno e iphe nako le gore e bo e na le kitso ya tiro eno, mme gantsi molwetsi ga a utlwe botlhoko mo go seno.

Gantsi diphelelo tsa seno ke tse di gakgamatsang. Robert, yo o neng a umakiwa kwa tshimologong, meno a gagwe a ne a baakanngwa ka tsela eno. “Ka bofefo fela go ne go utlwala ekete ke ne ke na le meno otlhe a masha mo ganong la me,” o ne a bolela jalo. “Mme go di gaisa tsotlhe, tlhogo e ne e sa tlhole e nkopa.” Yo mongwe gape o ne a akgela jaana ka boitumelo: “Go utlwala ekete legano la me le lesha!”

Lefa go ntse jalo, go sa kgathalesege katlego eo eleng teng mo go alafeng bao ba nang le bolwetsi jwa TMJ, go santse go le kgakala gore bo tlhaloganngwe ka botlalo. Ka sekai, totatota ke eng se se bakang ditshupo tsa bolwetsi jono? Mme ke ka ntlha yang fa bangwe bao motlhagare wa bone o duleng mo go maswe mo malokololong ba sa utlwe botlhoko gotlhelele fa ba bangwe bone ba motlhagare wa bone o duleng go sekae fela mo malokololong ba utlwa botlhoko jo bo feteletseng jaana? A go ikaegile ka botho jwa motho? Gape, totatota botlhoko bo tsamaya jang go tswa mo karolong e nngwe ya mmele go ya kwa go e nngwe?

Dikarabo tsa dipotso tseno le tse dingwe di santse di batlisisiwa ke dingaka tsa meno ebile ba santse ba ganetsana ka tsone. Lefa go ntse jalo, go na le Motho mongwe yo o tlhaloganyang ka botlalo kafa mmele wa motho o dirang ka gone mmogo le dilo tse di raraaneng tsa one. Motho yono o solofeditse go fedisa bosaitekanelang jotlhe jo bo bakang botlhoko le go boga ga setho.—Tshenolō 21:4.

Legale gone jaanong, fa o belaela gore o na le bolwetsi jwa TMJ ke ka ntlha yang fa o sa etele ngaka nngwe ya meno eo e itseng ka motsietsi yono yo mogolo? A ka nna a kgona go go thusa.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Gape bo bidiwa “go dira ka tsela e e sa tlwaelegang ga TMJ.”

[Lebokoso mo go tsebe 30]

A Motlhagare wa Gago O Dule mo Malokololong a One?

Fa o araba dipotso tse di latelang ka ee, e ka tswa e le gore go ntse jalo.

1. Baya menwana mo matlhakoreng a sefatlhego sa gago fa pele fela ga tsebe nngwe le nngwe, koo o ka kgonang go utlwa malokololo a gago a ditlhaa gone. Jaanong bula molomo wa gago o bo o o tswala ka makgetlo a le mmalwa. A o lemoga modumo o o thwanyang, o o thwathwanyang, kana o o thunyang mo molokololong?

2. Morago ga moo baya dintlha tsa menwana e menyenyane ka go e neneketsa mo go nngwe le nngwe ya ditsebe, o e gatelela kwa pele go ela kwa pele ga tsebe. Gape bula molomo wa gago o bo o o tswale. O tshwanetse wa utlwa lerapo la gago la motlhagare le kgorometsa menwana ya gago. A seno se lemotshega mo letlhakoreng le lengwe go feta kafa se lemotshegang ka gone mo go le lengwe? A o utlwa botlhoko fa o dira seno?

3. A ka dinako tse dingwe o nna le bothata fa o atlhamisa molomo wa gago, kana o utlwa botlhoko fa o o atlhamisa thata?

4. A o na le bokoa kana botlhoko mo motlhagareng wa gago kana mo sefatlhegong kana go dikologa ditsebe?

5. A o utlwa botlhoko fa o tlhafuna kana o edimola?

6. A o kitlanya meno a gago kana o a phura fa o robetse? (Sengwe seo se ka go bontshang gore o dira seno ke fa o utlwa metlhagare e le botlhoko kana e lapile fa o tsoga.)

7. A metlhagare ya gago e a tswalega mo o ka se keng wa kgona go bula molomo wa gago kana go o tswala?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela