“Ke Ka Ntlha Yang Fa Ke Sa Kgone go Fetsa Se Ke Se Simololang?”
“Fa tiro e se monate ebile e lapisa, ke palelwa ke go itshoka.”
“Dilo tse di itayang tsebe. Seo ke bothata jwa me. Thelebishene, ditsala.”
“Ka dinako tse dingwe ke imelwa ka ntlha ya dilo di le dintsi thata tseo ke tshwanelang go di dira!”
“Ka metlha go lebega ke tlogela dilo fela mme ke di dire ka motsotso wa bofelo. Go tswa foo, go setse go le thari.”
“Se ke se simololang ke kgona go se fetsa. Mme lefa go ntse jalo ga go na le ka motlha ope se kgotsofatsang batsadi ba me!”
BASHA bano ba tlhalosa ka bothata jo bo tlwaelegileng ka nako ya bosha: jwa go sa fetse se ba se simololang. Ga go reye gore basha botlhe ba ditshwakga kana gore ba na le boikutlo jo bo bosula malebana le maikarabelo. Eleruri, ka nako ya fa setlhopha sengwe sa basha se ne se bodiwa jaana: “Lo akanya gore ke ditiro dife tse basha ba tshwanetseng go di dira mo lelapeng?” bontsi jwa bone bo ne jwa umaka ditiro tse di jaaka go phepafatsa dikamore tsa bone, go alola malao a bone, le go tsholola matlakala.
Go sa kgathalesege go bo seno se ka tswa se dirwa ka maikaelelo a a molemo, gantsi ditiro tse di botlhokwa di tlogelwa fela di sa fediwa, go felele ka gore batsadi, barutabana, le ba bangwe ba ngongoregele ruri ba sa fetse. Ka jalo ipotse jaana: ‘Ke thibelwa ke eng go fetsa se ke se simololang?’ Fa o ka batlisisa ka botlalo gore ke eng seo se bakang seno seo se tla go thusa gore o baakanye bothata jono.
Go Batlisisa ka Botlalo Gore Ke Eng Seo Se Bakang Seno
Buka ya I Hate School—How to Hang In and When to Drop Out e re naya ntlha e e molemo ya seo se itayang basha ba le bantsi tsebe gore ba se ka ba fetsa tiro ya bone ya sekolo ya kwa gae. “Fa re re re dula fa fatshe gore re kwale, re fitlhela gore re nnela go nna re emelelaemelela go batla sengwe se re ka se jang kana go ya go lootsa dipensele. Go tswa foo re letsa mogala kana gongwe re lebelele lenaneo lengwe mo thelebisheneng le re neng re ntse re le emetse. Go tloga foo e setse e le nako ya gore re neele katse dijo mme ga go na sepe seo re se dirileng.”
Babatlisisi ebong Claudine G. Wirths le Mary Bowman-Kruhm ba bontshitse gore “go lebelela thelebishene ka nako e telele go dira gore batho ba bangwe ba se ka ba kgona gotlhelele gore morago ga seo ba bale le go ithuta ka tlhagafalo. Thelebishene e na le sengwe seo eketeng se a tshereanya se se dirang gore o ikutlwe o tsewa ke sedidi ebile o otsela. Wa itse ka namana gore ka dinako tse dingwe o iphitlhela o tlhomile matlho mo thelebisheneng jaaka ekete o ngapareditswe mo go yone diura di le dintsinyana fa tota o ne o ikaeletse gore o lebe lenaneo le le lengwe fela.” Gape Wirths le Bowman-Kruhm ba ne ba fitlhela gore baithuti ba bangwe ba nna le mekgwa e e bokoa ya go ithuta fa ba santse ba le mo dingwageng tsa bone tse di simololang tsa sekolo, lemororo ba santse ba ka kgona go bona maduo a a siameng ka lobakanyana. Lefa go ntse jalo, “ka nako ya fa ba setse ba le kwa sekolong se segolwane le kwa go se segolo, ga ba sa tlhole ba itse tota gore ba ka itirang gore ba dule fa fatshe, ba tsene mo tirong, le go ithuta sengwe se se boima kana se se lapisang.”
Bothata jono ga bo kake jwa nyelela ka bojone, go sa kgathalesege lebaka la gago la go sa fetse seo o se simololang. Fa e le gore eletota o batla go fetsa seo o se simololang, he laola botshelo jwa gago ka tsela ya segolo mme o dire diphetogo tse di tlhokafalang.
Rulaganya Dilo Esale Gale!
Fa e le gore o mosha wa Mokeresete, kwantle ga pelaelo o tshwaregile. (1 Bakorintha 15:58) Ka dinako tse dingwe o ka ikutlwa o imelwa ke maikarabelo a Bokeresete, tiro ya sekolo ya kwa gae, ditiro tsa mo lelapeng, le ditiro tsa gago ka namana. Ke boammaaruri gore ga go na ope yo o nang le mo gontsi go go dira go gaisa Mmopi wa rona. Lefa go ntse jalo, ka metlha o swetsa ditiro tseo a di dirang. Seno ga se ka go bo fela a re feta kgakala thata ka maatla le botlhale mme go na le moo ke ka go bo gape e se “Modimo oa tlhakatlhakanyō, ha e se oa kagishō hèla.” Le wena ka mo go tshwanang o ka swetsa ditiro tseo o di dirang ka go dira gore “dilō cotlhe di dihwè sentlè hèla, le ka thulaganyō.”—1 Bakorintha 14:33, 40.
Jesu o kile a bolela jaana: “Ke ohe oa lona eo e ka reñ ha a rata go aga kagō e e godileñ, me a se ke a dula pele, a bala madi a eōna, gore a tlè a itse ha a na le a a lekanyeñ go e shwetsa. E se re kgotsa a sena go e thaea, a retelèlwe ke go e shwetsa; me botlhe ba ba e bōnañ ba simolole go mo shotla, Ba re, Monna eo, o simolotse go aga, me a bo a sa nonoha go shwetsa.”—Luke 14:28-30.
Se re se ithutang fano ke gore re rulaganye dilo esale gale. Dr. Janet G. Woititz o ne a kwala jaana: “Batho ba ba dirang ditiro go fitlhelela ba di fetsa ga ba di dire botlhaswa fela. Ba na le seo re se bitsang gore ke ‘thulaganyo ya kafa tiro e dirwang ka gone.’” Ka jalo leka go lebisisa ditiro tsa gago sentle e le gore o ke o bone gore tota go tlhokafala eng gore o di fetse. A o tlhoka gore o dire thulaganyo e e tla latelwang kgato ka kgato? A go ka nna mosola gore o kgaoganye tiro ka dikarolwanakarolwana? E tla tsaya lobaka lo lo kae gore e fele?
Batho ba bangwe ba rata go nna le lenaane la “dilo tse ba tshwanetseng go di dira,” ditiro tse di botlhokwa e le tsone di kwalwang pele mo go lone. Morago ga moo ditiro di nna di phimolwa mo lenaaneng fa di sena go fediwa. Ithute go rulaganya nako ya gago e le gore o ke o kgone go lwantshana le tshekamelo ya go diegisa tiro o sa e dire. Fa e le gore tiro eo o e dirang e tshwanetse ya fediwa ka letsatsi le le rileng, tlhomamisega gore o beye ditiro tseno kwa tshimologong ya lenaane la gago go ya ka matlha ao di tshwanetseng tsa bo di fedile ka one.
Go botlhokwa go dirisa nako ka botlhale. Mo letlhakoreng le lengwe, o batla gore ditiro tse di seng botlhokwa thata o di lekanyetse nako, tse di ntseng jaaka go lebelela thelebishene. Mo letlhakoreng le lengwe, o tshwanetse wa tlhokomela gore o se ka wa kgaola nako ya dilo tsa botlhokwa, tse di ntseng jaaka go robala mo go lekaneng. Buka ya I Hate School e bontsha gore batho “ba a farologana mabapi le selekanyo sa boroko se ba se tlhokang, mme lefa go ntse jalo batho ba le bantsi ga ba kgotsofale fa ba robetse diura di le nnè kana di le tlhano bosigo. . . . Go thata gore o tlhome mogopolo mo dilong tse di tlhokang gore o akanye thata fa o tshwerwe ke boroko ebile o lapile.” Fa o setse o ithutile go dirisa nako ya gago ka botlhale seo se tla go tswela molemo mo dingwageng tse di tlang.
Nna O Ntse O Batlela Ba Bangwe Molemo
Lefa go ntse jalo, basha ba bangwe ba ka iphaka gore fa ditiro tse ba di dirang di sa itumedise ebile di lapisa go rulaganya nako sentle le go rulaganya dilo ka namana go ka lebega e se selo sa botlhokwa go le kalo. Go dirisa kgakololo ya Bibela e e mo go 1 Bakorintha 10:24 e ka go thusa go tlhagolela boikutlo jo bo tlhokafalang. E a re: “A go se nne motho opè eo o ipatlèlañ molemō hèla, me a moñwe le moñwe a batlèlè oa ga gabō molemō.” Gongwe ke ditiro di sekaenyana fela mo lelapeng tse di gwetlhang kana tse di kgotsofatsang. Mme lefa go ntse jalo fa o di dira ka boikaelelo jwa go thusa motho yo o mo ratang kana go mo itumedisa, he o tla di fetsa ebile o tla nna le keletso ya go di dira sentle. Ka jalo mo nakong e e latelang fa o iphitlhela o le gaufi le go tlogela tiro nngwe o sa e fetsa, akanya ka bao ba solegelwang molemo ke seo o se dirang, mme o ipelele go dira tiro e e duleng diatla.
Gantsi le wena o solegelwa molemo mo ditirong tseo go lebegang di sa itumedise tseo. Ka sekai, akanya ka tiro nngwe e gantsi o e tlogelang e sa fela. A ke ya go tlhatswa dijana? Kana ya go phepafatsa kamore ya gago? Jaanong ipotse gore, ‘Gone tota ke dijana tsa ga mang?’ A dijana tseo ga se tsa gago le wena? A ga se kamore ya gago le legae la gago? Fa o amogela maikarabelo ano ka go rata le go a dira ka botlalo seo gape se tla go solegela molemo mo isagweng. Buka ya Simply Organized! e bolela jaana e lebisitse go batsadi: “Fa re sa rute bana ba rona go nna batlhokomedi ba malapa, ba tlile go tshwaragana le bothata fa ba tswa mo gae.”
Buisanang!
Lefa go le jalo, go tweng fa e le gore o dira ka natla yotlhe go fetsa tiro nngwe, mme lefa go ntse jalo batsadi ba gago ba bo ba santse ba ngongorega gore ga o a e fetsa? Gantsi bothata jwa seno ke jwa go buisana. Ka sekai, a re re o abetswe tiro ya go tsholola matlakala. Seo se utlwala se le motlhofo tota. Lefa go ntse jalo, go botlhale gore o bone ditaelo tse di rileng. Tlhomamisega gore o itse gore o dira seno jang, leng, le gone kae. A tiro eno e akaretsa go baya matlakala ka ditlhopha tsa one? A e akaretsa go tlhatswiwa ga diolelamatlakala?
Gape go buisana sentle go tla thusa batsadi ba gago gore ba tlhaloganye tsela eo o ikutlwang ka yone. A o akanya gore ditiro tsa mo lelapeng ga di abiwe ka tsela e e itumedisang? A o iphitlhela e le gore batsadi ba gago ba lebeletse sengwe le sengwe mo go wena? He batla nako e e tshwanetseng, mme o bolelele batsadi ba gago kafa o ikutlwang ka gone.
Batsadi ba bangwe ba laletsa bana ba bone gore ba ntshe maikutlo a bone ka nako ya fa go abiwa ditiro tsa lelapa. Dr. Jeffrey Rubin le Dr. Carol Rubin, bakwadi ba buka ya When Families Fight, e gakolola batsadi gore ba tswelele pele ba tlotla ka ditiro tsa mo gae tsa lelapa, ba kgaoganye maikarabelo ano, le go letla bana gore ba itlhophele ditiro tsa bone tsa mo lelapeng. Fa o rata mokgwa ono wa go dira dilo, ke ka ntlha yang fa o sa akantshane ka one le batsadi ba gago?
Mokwadi mongwe o akantsha gore o dule fatshe le batsadi ba gago mme lo “dire thulaganyo eo e tla go kgonisang go dira tiro ya gago ya sekolo ya kwa gae ka nako eo o ka kgonang ka yone go tlhoma mogopolo botoka mo go seo o se dirang. Mongwe le mongwe o na le nako nngwe motshegare kana mantsiboa e a tlhomang mogopolo botoka mo go seo a se dirang ka yone. . . . Dira gore batho ba itse gore eo ke nako ya gago ebile ba tshwanetse go kgaogana le wena ka yone. Ba tla itse gore ga o tshameke, fa o sa dirisetse nako eo go lebelela thelebishene kana go bua mo mogaleng.” Fa o tlotla ka dilo tseno o digile moya le batsadi ba gago o sa tshwaye ope phoso, o ka nna wa kgona go dira thulaganyo eo e ka dumalanwang ke botlhe.
Mme lefa go ntse jalo gakologelwa, ke keletso ya gago gore e re kgabagare o itumedise Mmopi, Jehofa Modimo, eleng seo se tla go tlisetsang boitumelo le leina le lentle. Bibela e a re: “Leha e ka bo e le eñ se lo se dihañ, lo se dihè ka pelo eotlhe, yaka e ka bo e le go dihèla Morèna, e señ batho; Lo nntse lo itse ha tuèlō ea boshwa lo tla e amogèla.” (Bakolosa 3:23, 24) Latela kgakololo eno mme o ipelele go nna le leina le lentle la gore o motho yo o dirang ka natla, yo o dirang dilo segolo ka gonne o fetsa se o se simololang!
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Go simolola tiro ke kgang e nngwe mme go e fetsa ke kgang e nngwe gape