Basha ba Botsa Jaana . . .
Ke Eng Se Se Phoso ka go Dirisa Puo ya Tshotlo?
‘O buile ka botlhale . . . lefa gone o le sematla!’
‘Mosese oo wa gago o montle tota. Mme sebe sa phiri ke gore wena ga o na saese ya gago ya one!’
‘Ke sale ke feleletsa go bona makeup e e tshwanang le eo kwa diserekising.’
MAFOKO a a bogale, go sa kgathalesege gore a ne a buiwa ka boikaelelo bofe, a ka ntsha motho seriti mo go botlhoko. Tota le eleng lefa e le a a buelwang go tshegisa fela, mafoko a tshotlo a ka felela ka gore batho ba fetoge baba, a ka felela ka go utlwisa maikutlo a ba bangwe botlhoko, ebile a ka felela ka go kgaoganya ditsala.
Lefa go ntse jalo, o ka nna wa tswa o le “setswerere” mo go diriseng puo ya tshotlo. Ditsala tsa gago di tshega gore di bo di ntshe leino la motlhagare jaaka fa o ntse o dira metlae e mekhutshwane le dikakgelo tse di kgalang batho ba bangwe. Ba go tlhotlheletsa le go go kgothaletsa gore o bue metlae e mengwe gape eo o e akanyeditseng ka botlhale. Kana e ka nna ya tswa e le gore puo ya tshotlo e fetogile go nna sedirisiwa se segolo seo o iphemelang ka sone. Ereka o tlhomeletse ka mafoko a sekadibetsa jaana, o gobatsa le go golafatsa motho ope fela yo o tshosetsang kagiso eo o nang le yone—kana yo o tshosetsang seriti sa gago ka tsela epe fela. O ka nna wa iphitlhela gangwe le gape o dirisa mafoko a a makgwakgwa le eleng le fa o bua le batsadi ba gago kana bomonnao.
Go na le nako eo puo ya tshotlo e ka dirisiwang ka yone. E ka nna e e ntshang bodutu, fa e sa dirisiwe go utlwisa ba bangwe botlhoko. Ebile ka dinako tse dingwe puo ya tshotlo e ka ntsha se se mo mafatlheng a gago. Aitsane, Bibela e bontsha gore moaposetoloi Paulo, Jobe, le eleng Modimo ka boone o ne a dirisa puo ya tshotlo go tlhalosa bogale jwa gagwe jo bo siameng. (Yobe 12:2; Sekaria 11:13; 2 Bakorintha 12:13) Lefa go ntse jalo, go dirisa puo e e utlwisang botlhoko ya tshotlo kana e e seng ya bopelonomi ga se sepe fela fa e se go itshwara ka tsela e e makgwakgwa, ya go rumolana. Jaaka fa mokwadi Mary Susan Miller a tlhalosa mo bukeng ya gagwe ya Childstress!, ke mokgwa wa “go thukutha le go tlhaba ka thipa,” mme e le fela ka go dirisa “dibetsa tseo setšhaba se seng kgatlhanong le tsone” go tshwana le ditlhobolo kana dithipa.
Mme lefa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba santse ba leba go bua ka tsela e e utlwisang botlhoko ya go sotla jaaka tsela e nngwe fela ya go dira motlae. Ka gone, ke eng se se phoso ka go dira jalo?
A Ke go Dira Motlae O O Itshiametseng Fela?
“Kwa ke berekang teng,” go bolela jalo Eric, “mongwe le mongwe o dirisa puo ya tshotlo. Ebile gantsi e lejwa fela jaaka motlae.” Se se kgatlhisang ke gore, The New York Times e bega jaana: “Gangwe le gape baithutatlhaloganyo ba bolela . . . gore banna ba kgatlhegela thata metlae ya ‘go rumolana’ go feta basadi.” Ka gone, basimane bao ba santseng ba le basha ba ka nna ba kgatlhiwa ke go nna ba ntse ba rumola ba bangwe, ba ba tshwenya le go ba tlhaba ka mafoko.
Gone ke boammaaruri gore fa puo ya tshotlo e se e e utlwisang ba bangwe botlhoko, e ka nna selo se se tshegisang. Mme lefa go ntse jalo fa puo ya tshotlo e buiwa ka moya wa go utlwisa ba bangwe botlhoko, kutlobotlhoko e e bakiwang ke kakgelo eo e e utlwisang botlhoko e ka nna ya tsaya lobaka lo loleele morago ga fa setshego se sena go fela. (Bapisa Diane 14:13.) Gantsi metlae e yo mongwe a e dirang mo go yo mongwe le yo mongwe fela jalo e le go itshamekela fela e felela ka go jana ka meno. Jaaka fa lekawana lengwe le tlhalosa jaana: “Fa o utlwisitswe botlhoko thata ke sengwe seo mongwe a se buileng, o ka nna wa tsibogela seo ka go ipusolosetsa ka selo seo o ka akanyang ka sone seo se utlwisang botlhoko le go feta. Ka gone ga e sa tlhole e le go dira motlae fela; o a bo tota o leka go utlwisa motho yo mongwe botlhoko. Ebile puo ya tshotlo e ka nna sebetsa se se ka go thusang thata mo go seno.”
Totatota, lefoko la Seesemane e leng “sarcasm” (puo ya tshotlo) le tswa mo lediring la Segerika leo totatota le kayang “go kgakgautla nama jaaka dintša.” (Bapisa Bagalatia 5:15.) Fela jaaka fa ntša e dirisa meno a yone a a bogale go kgakgautla nama mo lerapong, motho yo o dirisang puo eno ya tshotlo a ka ntsha yo mongwe seriti. Jaaka fa Journal of Contemporary Ethnography e bolela jaana: “Lebaka la konokono la gore motho a dirise puo ya tshotlo . . . ga se sepe fela fa e se go nna le maikutlo a bobaba kana go tlhaetsa batho ba bangwe matlho.” Ga e tshwenye go le go kalo fa e le gore motho o go sotla kwantle ga go iphitlha, o go nyatsa a sa itemotshe, kana e le fela go relela ga loleme lwa gagwe. Kakgelo e e sotlang, eo e seng ya bopelonomi e dira gore motho a jewe ditshego—a boge.
Ka diphelelo dife? Jaaka fa Josh yo o nang le dingwaga di le 19 a tlhalosa: “Puo ya tshotlo e ka dira motho gore tota a ikutlwe e le seeleele.” Lefa go ntse jalo, diphelelo tsa yone di ka nna tsa nna ka lobaka lo loleele thata. Mo bukeng ya gagwe ya Toxic Parents, Dr. Susan Forward o akgela jaana ka diphelelo tseo go kgala go go dirwang ke batsadi go nnang le tsone: “Ke bone balwetsi ba le diketekete [bao] ba neng ba ikutlwa ba sena mosola ka go bo motsadi a ile . . . ‘a dira motlae’ kaga ka fa ba leng dieleele ka gone kana kafa ba leng maswe ka gone kana kafa eseng batho ba sepe ka gone.” Ka jalo, a o ke o akanye fela gore go ne go ka felela ka eng fa o ne o ka sotla tsala ya gago setlhogo, mongwe yo o tlwaelaneng nae, kana monnao. Dr. Forward o konela jaana: “Motlae o o nyatsang ba bangwe o ka utlwisa botlhoko go feta selekanyo.”—Bapisa Diane 26:18, 19.
Ga go gakgamatse, he, go bo buka e e malebana le go godisiwa ga bana e konela ka go re: “Puo ya tshotlo . . . e tshwanetse gore e phimolelwe ruri mo motlotlong wa batho. Gantsi e a kgopisa, ebile e utlwisa botlhoko thata, ebile gantsi e felela ka motlotlo o o senang mosola.”
Se Potlakele go Bua
Lefa go ntse jalo, go tweng fa e le gore mo go wena go dirisa puo ya tshotlo go fetogile go nna mokgwagale? He ke nako jaanong ya gore o ithute go akanya pele ga o bua. Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a bolela jaana: “A u bōna motho eo o bonakō mo puoñ ea gagwè? go ka sholohèlwa seeleele bogolo go èna.”—Diane 29:20.
Go potlakela go bua go ka senya dilo segolobogolo mo malokong a lelapa. Ka ntlha yang? “Ka gonne dikakanyo tsa bone ke tsone tse di botlhokwa thata mo go wena,” go tlhalosa jalo Penny yo o nang le dingwaga di le 16. Lefa go ntse jalo, buka ya Raising Good Children e tsopola motlhatlheledi John Holt jaaka fa a ne a re: “Gangwe le gape maloko a lelapa a tšhesetsa pelo mo malokong a mangwe a lelapa ka ntlha ya go utlwa botlhoko le ka ntlha ya go tlhakana tlhogo mo matshelong a bone eleng seo ba ka se kakeng ba bo ba leka go se dira mo go ope o sele.” Maloko a lelapa a tlhaloganyana sentle thata moo eleng gore ga ba rate go itshokelelana makoa a bone; ba betwa ke pelo fela go sa twe sepe, mme morago ga moo ba sotlane ka mafoko.
Go na le lebaka le le molemo la go bo Bibela e tlhagisa jaana: “Mo bontsiñ yoa mahoko ga go ko go tlhōkahala tlolō: me eo o thibañ dipounama tsa gagwè o botlhale.” (Diane 10:19) Jaaka fa Joanne yo o nang le dingwaga di le 18 a lemogile: “Motho o tshwanetse go akanya gore kana o bua le mang le go akanya pele a bua gore o tlile go reng.” Fa o iphitlhela o utlwile botlhoko thata, se potlakele go ntsha se se mo mafatlheng a gago. Go na le moo, ema ka motsotswana mme o ipotse jaana: ‘A mafoko ao ke batlang go a bua ke a bopelonomi? Gone a go a tlhokega gore ke a bue? A e tla re kwa morago ke ikwatlhaele seo ke se buileng?’
O ka kgona go tila go utlwisa ba bangwe botlhoko, ka go tlhopha mafoko a gago ka kelotlhoko, ebile o tila go itlhabisa ditlhong le eleng go itsenya matlho a batho go sa tlhokege ka go dira jalo.
Ka Nako ya Fa go Sotlwa ka Wena
Lefa go ntse jalo, go tweng fa e le gore gongwe ditsala tsa gago kana bao o tsenang sekolo nabo ba sotla ka wena? Pele o ineela mo tlhotlheletsong ya gore o ipusolosetse, lemoga gore kana re tshela mo nakong ya “dipaka tse di tlhokohatsañ.” (2 Timotheo 3:1-5) Basha ba lebane le ditlhotlheletso tse di maatla thata. Buka ya The Loneliness of Children e akgela jaana: “Bana . . . ba tla mo dikolong tsa bone ba na le maikutlo a a sa siamang ka ba bangwe, letlhoo, go rumolana, le bobaba jo bo jaleletsweng mo go bone joo ba bo rutilweng kwa gae.” Gantsi ba kgwela ba bangwe bobaba jo bo ntseng jalo ka go ba tlhaba ka mafoko.
Go itse selo seno go ka kgona go go thusa gore o tile mokgwa wa go ipusolosetsa ka nako ya fa go sotlwa ka wena. (Bapisa Diane 19:11.) Gape go a thusa go gakologelwa mafoko a ga moaposetoloi Paulo a a reng: “Se dueleñ boshula yoa ga opè ka boshula.” (Baroma 12:17) Ruri go batlega go ikgapa ga mmatota ‘gore o retolosetse lerama le lengwe’ kwa go mongwe yo o go faphotseng ka mafoko. (Mathaio 5:39) Le gale ga go reye gore ga o a tshwanela go tsaya kgato lefa e ka nna efe fa go sotlwa ka mafoko go gola go fetoga kgobo—kana go fetoga matshosetsi mo go wena. Buka ya Violence, e e kwadilweng ke mokwadi Irwin Kutash yo o neng a e tlhakanetse le yo mongwe, e bolela jaana: “Dikgopiso tsa ka boomo tseo di sa lwantshiwang ka katlego di ka nna le diphelelo tse di botlhoko thata mo go bao ba kgopisiwang ka tsone . . . Batho bano ba ba kgopisiwang ba tla fetoga go nna bao go tla tlholwang go tshameketswe fela mo go bone.”
Ka gone, ka dinako tse dingwe maemo a ka nna a go gapeletsa gore o lwantshe go tlhaselwa ka mafoko, eseng ka go ipusolosetsa ka mafoko a a botlhoko, mme go na le moo ka go bua le mosotli yoo kwa thoko o digile moya ebile o le bonolo.a (Diane 15:1) Joanne o ile a dira seno, ka go bolelela yo mongwe yo a neng a tsena le ene mo tlelaseng jaana: “Ga ke a ka ka itumelela seo o se buileng fa pele ga bana botlhe mo tlelaseng. Se nkutlwisitse botlhoko eletota.” Matswela a seno e ne ya nna eng? Joanne o bolela jaana: “Fa esale go tloga ka yone nako eo o a ntlotla ebile ga a ise a bue sepe se sengwe gape.”
Lefa go ntse jalo, David yo o nang le dingwaga di le masome a le mabedi o tlhalosa batho ba bangwe gape bao le bone ba a tleng ba bue ka tsela e e utlwisang botlhoko, o bolela jaana: “Ka tshwanelo batsadi ba gago ke bone ba tshwanetseng go go rata segolo; mme lefa go ntse jalo, ke bone bao ka dinako tse dingwe ba a tleng ba bue mafoko a a tlhabang botlhoko le go feta.” Gone ke boammaaruri gore, gantsi seno ba se dira e se ka maikaelelo ape a a bosula; ba go utlwisa botlhoko thata ba sa ikaelela, bone ba ne ba re ba leka go go bontsha phoso fela. Ke ka ntlha yang fa o sa leke go buisana le batsadi ba gago ka seno, o ba itsise kafa o ikutlwang ka gone? Gongwe mo nakong e e tlang ba tla tlhokomela thata gore ba se ka ba boa ba go utlwisa botlhoko gape.
Sa bofelo, go a thusa fa wena o sa amege go feta selekanyo ka maikutlo a gago. Mokwadi Donald W. Ball o bolela jaana: “Matswela ao puo ya tshotlo e nang nao . . . a ikaegile ka diphelelo tsa yone tseo motho a ka akanyang gore e na le tsone.” Ee, o se ka wa feteletsa dilo ka go akanya gore o wetswe ke kgobalo eo e se kakeng ya tlhola e fola ka ntlha ya lefokonyana le le lengwe fela leo le sa go dulang sentle. Itshegele fela!
Lefa go ntse jalo, tsela e e molemo bogolo ya go tila go sotlwa ka mafoko, ke gore wena ka bowena o tile go sotla ba bangwe ka mafoko. Molao wa Sekagauta o a re: “Ke gōna, cotlhe tse lo ratañ batho ba di lo dihèla, le lona lo ba diheleñ hèla yalo.” (Mathaio 7:12) Fa o dirisa molao ono, o ka kgona go tila go nna motho yo o dirisang puo e e utlwisang ba bangwe botlhoko, ya tshotlo—gongwe le eleng go tila gore e dirisiwe mo go wena.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona setlhogo se se reng “Young People Ask . . . What Can I Do About School Bullies?” se se tlhagang mo tokololong ya Awake! ya August 8, 1989.
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Puo ya tshotlo e ka utlwisa ba bangwe botlhoko