LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g91 12/8 ts. 3-5
  • “Gopolang Pearl Harbor!”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Gopolang Pearl Harbor!”
  • Tsogang!—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Tora, Tora, Tora”
  • Tlhaselo ya Go Sa Itebetswe E Diragaditswe
  • A Tlhaselo Eo ya Go Sa Itebetswe E Ne E le Ntateng ya go Lere Kagiso ya Lefatshe?
  • “Fa E le ka Bo-Hiroshima Gape, Gone Nnyaa!”
    Tsogang!—1991
  • Japane e Newa Mpho E e Sa e Lebelelang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Nako ya Fa Dipelo Tse Di Gamuketseng Botlhoko Di Fola
    Tsogang!—1991
  • Go Tlogela Ntwa le go Latelela Kagiso
    Tsogang!—2003
Tsogang!—1991
g91 12/8 ts. 3-5

“Gopolang Pearl Harbor!”

BO NE bo sele sentle mosong oo wa Sontaga kwa Setlhaketlhakeng sa Oahu. Mosetsana yo batsadi ba gagwe yo mongwe wa bone eleng Mojapane mme yo mongwe e le Mo-Hawaii ebong Adeline, yo o neng a le mo mophatong wa borataro kwa sekolong se sepotlana, o ne a ntse a tsamayatsamaya mo jarateng ya bone e e kafa ntlheng ya tlase kwa Honolulu. O ne a bona difofane di fofa a bo a bona le mosi go ela ntlheng ya Pearl Harbor. A e ne e le ithutuntsho e nngwe ya masole?

Batho ba Oahu ba ne ba tlwaetse go bona masole a ntse a ithutuntsha le go utlwa ditlhobolo tse di thunyang go sa re sepe, mo eleng gore le Mothusaramasole a lewatle ebong William S. Pye wa U.S. Pacific Fleet, e ne ya re a sena go okomela kwa ntle ka fensetere ya gagwe a bo a raya mosadi wa gagwe a re: “Go a gakgamatsa go bo Masole a ka bo a ithapisetsa go hula mo mosong wa Sontaga.” E ne e le moso wa Sontaga ka December 7, 1941.

Erile mosimanyana wa dingwaga tse 13 a utlwa modumo wa difofane o ntse o atamela, a ntsha tlhogo ka fensetere go okomela. O ne a begela rraagwe, yoo e neng e le mookamedi wa Kaneohe Naval Air Station jaana, “ntate difofane tsele di tshwantshitswe masakana a mahibidu.” Go gaodisa kapetlana e khibidu e e tshwantshitsweng, ya letsatsi le tlhaba, mo difofaneng tsa Japanese Imperial Navy, go ne go lekane go tlhalosa seo se neng se diragala—tlhaselo ya go sa itebetswe!

Rramasole H. E. Kimmel, yo e neng e le mookamedi wa U.S. Pacific Fleet kwa Pearl Harbor, ene o ne a amogela pego ka mogala ya gore go tlhasetswe. Sefatlhego sa gagwe sa sala “se le sesweu jaaka jinifomo e a neng a e apere,” fa a ntse a lebeletse difofane tsa mmaba ka kgakgamalo di gwasa jaaka meruthwane, di rothotha didirisiwa tsa gagwe tsa ntwa. Fa a gopola ka nako eo a re, “erile di tloga fela ka lemoga gore golo fa ga e ntšha e kgologolo, gore e ne e se tlhaselonyana fela ya difofane di sekae tse di timetseng. Mmaba o ne a ipusa go rata le go bona mo loaping.”

“Tora, Tora, Tora”

Metsotsonyana pele ga go thunya ga ditopito le dibomo tse di neng tsa senya tshisibalo eo e neng e rena kwa Pearl Harbor, lesole le le neng le palame sefofane sa Japane se se latlhelang dibomo o ne a bona setlhaketlhake sa Oahu se senoga. Ka mogopolo fela o ne a re, “go lebega go rena kagiso mo setlhaketlhakeng se mo eleng gore go se tlhasela ke kgang fela e sele tota.”

Lefa go le jalo, go apoga ga maru mo go neng ga diragala go ne ga ama Mookamedi Mitsuo Fuchida, yo o neng a eteletse pele setlhopha se se neng se fofela go ya go tlhasela, ka tsela e e farologaneng gotlhelele. Ka mogopolo o ne a re, “Modimo o tshwanetse wa bo o re eme nokeng. E tshwanetse ya bo e le seatla sa Modimo se se ileng sa sirosa maru mo godimo ga Pearl Harbor.”

Erile ka nako ya 7:49 a.m, Fuchida a bo a letsa lonaka lwa ntwa, “To, To, To,” mo go rayang gore “Tlhaselang!” ka Sejapane. Ereka a ne a kgotsofetse gore ba kapile masole a Maamerika a santse a itebetse gone go itebala, o ne a ntsha taelo ya gore go romelwe molaetsa wa gore tlhaselo ya go sa itebetswe e dirilwe—ka mafoko a sekgantshwane a a reng, “Tora, Tora, Tora” (“Nkwe, Nkwe, Nkwe”).

Tlhaselo ya Go Sa Itebetswe E Diragaditswe

Go diragetse jang gore mophato o mogolo o o neng o akaretsa dikepe di le thataro tse di pegang difofane, o ratele go baa o tla go fitlha dikhilometara di le 370 go tswa Oahu le gore o bo o kgone go tlhasela tlhaselo ya ntlha ka difofane di le 183, tse di ileng tsa kgona go tila mafaratlhatlha a radar, mme tsa direla U.S. Pacific Fleet ntshenatshe e e kalo? Mabaka e ne e le gore, mophato oo wa Majapane o ne o ile wa tsaya tsela e e yang ntlheng ya bokone, lemororo lewatle le sa iketla ntlheng eo mariga. Go itetla ka mmele ga U.S. go ne go le motlhofo thata kafa bokone jwa Pearl Harbor. Gape dikepe tse di rwalang difofane tsa Japane di ne di sa dirise diradio gotlhelele.

Lefa go le jalo, radar e ne e ntse e disitse setlhaketlhake seo se se neng se le botlhokwa, go kapa sefofane sepe fela se se atamelang. Nako e ne e ka nna ya bosupa mo mosong oo wa makgaolakgang, fa masole a mabedi a maemo a poraebete a a neng a theogetse kwa Opana Mobile Radar Station mo Setlhaketlhakeng sa Oahu a ne a bona ditshwantsho tse di neng di le bogolo jo bo neng bo sa tlwaelesega mo galaseng ya oscilloscope, tse di neng di emela difofane “tse gongwe di ka fetang 50 ka palo.” Mme lefa go ntse jalo erile fa ba tlhagisa Information Center ka seo, ba tewa ga twe ba se ka ba tshwenyega ka tsone. Lesole le le neng le theogetse kwa Information Center le ne la ithaya la re ke difofane tsa Amerika tsa B-17 tse di latlhelang dibomo, tse di neng di tshwanetse go goroga di tswa United States.

A mme gone, mmuso wa U.S. o ne o sa lemoga gore go lo fa go tla nkga go sa bola, jaaka fa go ka tualo? Mmuso wa Japane o ne o romeletse baemedi ba one ba ba kwa Washington, D.C. molaetsa o o dikarolo di 14, go o isa kwa go mokwaledi wa naga ebong Cordell Hull, ka nako ya 1:00 p.m. fela mo phatleng fa go dirisiwa Nako jaaka fa e balwa kwa Botlhaba ka December 7, 1941. Mme kwa Pearl Harbor e ne e tla bo e le moso wa December 7. Molaetsa oo o ne o na le ntlha e e reng Japane e kgaosetsa dipuisano dipe fela tsa dikgang tsa konokono tsa sepolotiki le United States. Ereka ba ne ba kgonne go utswa molaetsa oo, mmuso wa U.S. o ne wa kgona go lemoga kafa seemo se neng se ile masweng ka teng. Bosigo pele ga letsatsi leo la ditiragalo, Franklin D. Roosevelt, yo ka nako eo e neng e le tautona ya United States, o ne a setse a amogetse dikarolo tsa ntlha tse 13 tsa pego eo e e neng e utswilwe. Morago ga go e bala, o ne a re, se se raya gore, “Lerumo le mo tootsong.”

The New Encyclopædia Britannica ya re, lemororo basimegi ba U.S. ba ne ba lemoga gore tlhaselo ya Japane ga e kgakala: “Ba ne ba sa itse nako lefa e le lefelo le e neng e tla diragala kwa go lone.” Bangwe ba ne ba bile ba ithaya ba re e tla diragala golo gongwe kwa Botlhaba Jo Bo Kgakala, gongwe kwa Thailand.

Go ne ga se ka ga kgonega gore ba kopane ka nako e ba neng ba e beile ya 1:00 p.m. ka ntata ya gore bakwaledi ba boemedi jwa Japane ba ne ba le bonya go kwala molaetsa ka Seesemane. Fa moemedi wa Japane a ne a neela Hull pego, e ne e setse e le 2:20 p.m. kwa Washington. Ka nako eo, ke fa Pearl Harbor e setse e rothothwa ka marumo, mme ebile e setse e gomagomelwa ke tlhaselo ya bobedi. Hull o ne a setse a utlwile ka tlhaselo eo. Le eseng go raya barongwa bao a re ditilo ke tseo; o ne a bala pego eo mme go tsweng foo ke fa a ba kaela kgorwana a kgobegile marapo.

Go diega ga go isiwa ga molaetsa o o neng o bua ka boikaelelo jwa makgaolakgang go ne ga dira gore Maamerika a jele Majapane magala le go feta. Tota le eleng Majapane mangwe a ile a ikutlwa gore tiragalo eno e ile ya dira gore tlhaselo ya Pearl Harbor e se ka ya lebega jaaka tlhaselo e e neng e rulagantswe sentle e bile e sa solofelwa go na le moo e ile jaanong ya lebega jaaka ya bonweenwee. Mitsuo Fuchida, yo o neng a okametse tlhaselo ya ntlha ya difofane, o ne a kwala jaana, “mafoko a a reng ‘GOPOLANG PEARL HARBOR’ e ile ya nna one kano ya go dira gore batho ba Amerika ba gakalele ntwa.” O ne a dumela gore: “Tlhaselo eo e ile ya leretse Japane kgobo e e ileng ya pala go tswa le morago ga gore e fenngwe mo ntweng.”

Franklin D. Roosevelt o ne a re December 7 “ke letsatsi le le tla nnang le gopolwa ka bosetlhogo.” Ka lone letsatsi leo kwa Pearl Harbor, dikepe tsa ntwa di robabobedi tsa U.S. le dikepe tse dingwe di le lesome mo go tsone dingwe di ne tsa nwediwa fa tse dingwe tsone di ne tsa senngwa fela thata, gape go ne ga senngwa le difofane di feta 140. Mo godimo ga dikepe tsa dinwedi tse dinnyennyane tse tlhano, Japane e ile ya latlhegelwa gape ke difofane di le 29 mo go tse 360 tsa ntwa le tse di latlhelang dibomo tse di neng tsa tlhasela di le makgamu mabedi. Go ne ga swa batho ba Amerika ba feta 2 330, fa ba ba 1 140 bone ba ile ba gobala.

Ka go khutsa ka mafoko a a reng “Gopolang Pearl Harbor!” boikutlo jwa batho ba Amerika bo ne jwa nna seoposengwe kgatlhanong le Japane. Buka ya Pearl Harbor as History—Japanese-American Relations 1931-1941, ya re, “kwantle ga go a le mongwe felafela mo Lephateng la Puso la Boemedi, Palamente ya Amerika (fela jaaka batho ba koo) e ne ya ema Tautona Roosevelt nokeng e le seoposengwe mo maikaelelong a go fenya mmaba.” Go batla go ipusolosetsa tlhaselo eo e ne e le lebaka le le tiileng la go tlhasela Naga ya Botlhabatsatsi.

A Tlhaselo Eo ya Go Sa Itebetswe E Ne E le Ntateng ya go Lere Kagiso ya Lefatshe?

Babusi ba Japane ba ne ba leka go tlhatswa tlhaselo eo ya bone leina jang? Lefa go lebega e le selo se se gakgamatsang, ba ne ba re tlhaselo eo e ne e direlwa go tlhomamisa kagiso ya lefatshe ka go kopanya ‘lefatshe lotlhe go le dira lelapa le legolo,’ ke gore hakkō ichiu. Eno e ne ya nna kgoeletso e e ileng ya kgotletsa Majapane gore ba tsholole madi. Khuduthamaga ya mmuso wa Japane ka 1940 e ne ya re, “boikaelelo jwa konokono jwa maikemisetso a bosetšhaba a Japane bo ikaegile ka go tlhomamisa ka nitamo gore go nne le kagiso mo lefatsheng lotlhe go dumalana le boikutlo jwa serena jwa hakkō ichiu jo naga eno e thailweng mo go jone, le gore go bopiwe, e le kgato ya ntlha, thulaganyo e ntšha mo Asia Botlhaba E Kgolwane.”

Mo godimo ga kgoeletso ya hakkō ichiu, go gololwa ga Asia mo mafatsheng a Bophirima e ne ya nna mokgele o mongwe o mogolo wa Japane mo ntweng eo. Maikaelelo a mabedi ano a ne a kaiwa e le thato ya mmusimogolo wa teng. E le gore ba tle ba kgone go fitlhelela phenyo eno ya lefatshe lotlhe, borantwadumela ba ne ba dira gore setšhaba se felele se le mo ntweng kgatlhanong le China go tsweng foo mo ntweng kgatlhanong le mafatshe a Bophirima, go kopanyeletsa le United States.

Rramasole yo o okametseng masole a Japane a Combined Fleet ebong Isoroku Yamamoto, gone o ne a lebagane le nnete mme a swetsa ka gore ga go na gore masole a Japane a ka fekeetsa United States jang. O ne a bona sebaka se le sengwe fela se ka sone Japane a ka tswelelang e ntse e le nkwenkgoga kwa Asia. O ne a akantse gore, Imperial Navy e tshwanetse “go tlhasela ka mašetla le go kgautlhanya dibetsa tsa konokono tsa U.S. fela fa ntwa e tlhagoga, e le gore U.S. Navy le batho ba koo ba kgobege marapo go ya bokgakaleng jwa gore ba seka ba bo ba rula.” Ka jalo he, mogopolo wa go tlhasela Pearl Harbor go sa itebetswe o ne wa thaega fa.

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Pearl Harbor e tlhasetswe

[Motswedi Setshwantsho]

U.S. Navy/U.S. National Archives photo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela